Ntlha e e Kwa Tlase
a Go ja bobe go amana le boikutlo jwa motho, mme seo se bonala ka go ja ka bogagaru kana go ja mo go feteletseng. Ga go lemogiwe ka boima jwa mmele wa motho mme go lemogiwa mo tseleng e a ikutlwang ka yone ka dijo. Motho a ka tswa a na le mmele o o lekanetseng kgotsa e bile a le mosesane, mme a a ja bobe. Mme kafa letlhakoreng le lengwe, ka dinako tse dingwe bokima jo bo feteletseng bo ka tswa bo bakwa ke bolwetse, kgotsa lefutso. Sa botlhokwa ke gore a motho o ja ka bogagaru, go sa kgathalesege gore o na le mmele o o kana kang.—Bona “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa November 1, 2004.