Ntlha e e Kwa Tlase
a Ela tlhoko pharologanyo e e leng teng ya polelo eno le tlhaloso ya mosepele o o nnileng gone pele ga ono: “Marea a nanoga . . . a ya” go etela Elisabetha. (Luke 1:39) Ka nako eo, e re ka Marea a ne a beeleditswe mme a ise a nyalwe a ka tswa a ile a tsamaya a sa buisana le Josefa. Fa ba sena go nyalana, le fa gone ba ne ba tsere mosepele mmogo, Baebele e tlhalosa fa Josefa e le ene a neng a tsaya mosepele, e seng Marea.