Ntlha e e Kwa Tlase
b Setlhogo seno se bua ka maemo a mo go one molekane wa lenyalo a nang le bolwetse jo bo sa foleng. Le fa go ntse jalo, banyalani ba ba lebaneng le mathata ka gonne molekane yo mongwe a ile a amega mo kotsing kgotsa a na le mathata a maikutlo a a jaaka go tshwenyega thata mo maikutlong le bone ba ka thusiwa ke go dirisa kgakololo e e mo setlhogong seno.