Ntlha e e Kwa Tlase
c Mo motlheng wa ga Jesu Keresete le baaposetoloi ba gagwe, dibuka tsotlhe tsa Dikwalo Tsa Sehebera di ne di ka balwa ka Segerika. Thanolo eno e ne ya bidiwa Septuagint mme e ne ya dirisiwa thata ke Bajuda ba ba buang Segerika. Bontsi jwa mafoko a a nopotsweng ka tlhamalalo mo Dikwalong Tsa Sehebera a a fitlhelwang mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika a tswa mo Septuagint.