Ntlha e e Kwa Tlase
a Go tweng fa e le gore ngwana yo o golang mo popelong o lebega a sa itekanela kgotsa mae a le mmalwa a kgomarela mo popelong? Fa mosadi a ka fedisa go ima moo ka boomo, seno e tla bo e le go senya mpa. Gantsi fa go dirisiwa mokgwa ono wa IVF, go ka direga gore mosadi a ime mafatlha (a le mabedi, a le mararo kgotsa go feta) mme seno se ka dira gore ngwana a tsholwe pele ga nako kgotsa mosadi a ka dutlela madi ka fa teng ka nako ya fa a imile. Mosadi yo o imileng bana ba ba fetang a le mongwe a ka nna a kgothalediwa gore a bolaye a le mongwe kgotsa ba le mmalwa. Seno e tla bo e le go senya mpa ka boomo, e leng se se tshwanang fela le go bolaya.—Ekes. 21:22, 23; Pes. 139:16.