Ntlha e e Kwa Tlase
a Polelwana “fa e sale lefatshe le thaiwa” e akaretsa kgopolo ya go latlhela peo fa fatshe, e leng go tsholwa ga batho, go amana le batho ba ntlha ba ba neng ba tsholwa. Mme gone, ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a bua ka Abele e le motho yo o neng a tshela ka nako ya “fa e sa le lefatshe le thaiwa” mme a sa bua jalo ka Kaine, yo e neng e le motho wa ntlha go tsholwa? Ditshwetso tse Kaine a neng a di dira le ditiro tsa gagwe di ne di bontsha gore o ne a tsuologela Jehofa Modimo ka boomo. Jaaka batsadi ba gagwe, Kaine ga a tlhage mo lenaaneng la batho ba ba tla tsosiwang le ba ba tla gololwang.