Ntlha e e Kwa Tlase
f Serapa 16: Daniele 12:3 e tlhalosa gore “ba ba nang le temogo [Bakeresete ba ba tloditsweng] ba tla phatsima jaaka phatsimo ya phuthologo.” Fa ba sa ntse ba le mo lefatsheng ba dira seno ka go nna le seabe mo tirong ya go rera. Le fa go ntse jalo, Mathaio 13:43 e tlhalosa nako e ka yone ba tla bong ba phatsima thata mo Bogosing jwa legodimo. Mo nakong e e fetileng, re ne re akanya gore ditemana tseno tsoopedi di bua ka tiragalo e le nngwe—tiro ya go rera.