Ntlha e e Kwa Tlase
d Dipego tse di tswang kwa dinageng tse di farologaneng di bontsha gore fa motho a nna kgakala le molekane kgotsa bana, e le gore a ye go bereka kwa moseja ke nngwe ya dilo tse di bakang mathata a a masisi. Mathata ano a akaretsa go sa ikanyege ga molekane yo mongwe, bosodoma kgotsa gore wa losika a tlhakanele dikobo le bana, go oketsega ga mathata a boitshwaro le go palelwa ke go ithuta kwa sekolong, go nna le dikgoka, go tlalelwa, go tshwenyega thata mo maikutlong kgotsa go batla go ipolaya.