Ntlha e e Kwa Tlase
a Morago ga go tlhagelela mo kgannyeng e e neng ya diragala fa Jesu a ne a le dingwaga di le 12, ga go na mo Josefa a tlhagelelang gone mo pegong ya Diefangele. Morago ga moo, go tlotliwa ka mmaagwe Jesu mmogo le bana ba bangwe ba gagwe mme e seng ka Josefa. Ke gangwe fela mo Jesu a bidiwang “morwa wa ga Maria” go sa umakiwe sepe ka Josefa.—Mareko 6:3.