Ntlha e e Kwa Tlase
a Re kgatlhiwa ke tatelano ya ditiragalo e Jesu a neng a e tlhalosa fa a ne a bua ka ditshwantsho tse e leng karolo ya sesupo sa go nna gone ga gagwe. Sa ntlha, o ne a bua ka “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale,” e leng setlhotswana sa bakaulengwe ba ba tloditsweng ba ba re etelelang pele. (Math. 24:45-47) Go tswa foo, o ne a umaka setshwantsho se mo go sone a neng a bua le botlhe ba ba nang le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong. (Math. 25:1-30) Kwa bofelong, o ne a bua ka botlhe ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng ba ba emang bomorwarraagwe Keresete nokeng. (Math. 25:31-46) Ka tsela e e tshwanang, mo motlheng wa rona, boporofeti jono jwa ga Esekiele bo bua pele ka se se tla diragalelang batho ba ba nang le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong. Le fa bogosi jwa ditso tse di lesome e se ka metlha bo emelang batho ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng, go nna seoposengwe go go tlhalosiwang mo boporofeting jono go re gopotsa kutlwano e e leng teng fa gare ga ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng le ba ba nang le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong.