Ntlha e e Kwa Tlase
a Baithuti bangwe ba Baebele ba re Jude o ne a nopola mafoko a buka nngwe ya ditlhamane e e bidiwang Book of Enoch. Le fa go sa itsiwe gore buka eo e tswa kae, bangwe ba re e kwadilwe ke Enoke. Buka eno e umaka boporofeti jwa ga Enoke jaaka bo ntse mme gone e ka tswa e bo tsere mo motsweding mongwe o o sa tlholeng o le teng gompieno, e ka tswa e le mekwalo ya bogologolo kgotsa ba utlwile mo bathong ba bogologolo. Jude a ka tswa a ile a dirisa one motswedi oo wa bogologolo kgotsa a ka tswa a ile a utlwa Jesu a bua ka Enoke e re ka Jesu a ne a le kwa legodimong fa Enoke a tshela.