Ntlha e e Kwa Tlase
a Go na le bolwetse jwa tlhaloganyo jo bo tshwarang basadi bangwe ba ba sa tswang go belega. Bolwetse jono bo dira gore go nne thata gore bommê ba rate masea a bone. Basadi ba ba tshwerweng ke bolwetse joo ga ba a tshwanela go ipona molato. Go ya ka mokgatlho wa kwa Amerika o o dirang ka malwetse a tlhaloganyo, bolwetse jono “bo ka tswa bo bakwa ke dilo dingwe tse di mo mmeleng kgotsa tsela e motho a ikutlwang ka yone . . . mme e seng dilo tse motsadi a di dirang kgotsa tse a sa di direng.” Fa o batla go itse mo go oketsegileng ka bolwetse jono, bala setlhogo se se reng “Understanding Postpartum Depression” mo makasineng wa Tsogang! ya Seesemane ya June 8, 2003.