Ntlha e e Kwa Tlase
a Fela jaaka mopesalema Dafide, rotlhe re rata Jehofa e bile re itumelela go mmaka. Re na le tshiamelo e e kgethegileng ya go bontsha gore re rata Modimo ka go arabela kwa dipokanong. Le fa go ntse jalo, bangwe ba rona ba go fitlhela go le thata go arabela kwa dipokanong. Fa e le gore o na le bothata joo, setlhogo seno se tla go thusa go lemoga gore ke eng se se dirang gore go nne thata go arabela le gore o ka fenya jang bothata joo.