Ntlha e e Kwa Tlase
a Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, Jehofa o ne a bua a le kwa legodimong makgetlo a le mararo. Mo lekgetlong lengwe, o ne a laela barutwa ba ga Jesu gore ba reetse Morwawe. Gompieno, Jehofa o bua le rona a dirisa Baebele e e nang le dithuto tsa ga Jesu gape o bua le rona a dirisa phuthego ya gagwe. Mo setlhogong seno, re tla bona gore go reetsa Jehofa le Jesu go re solegela molemo jang.