Ntlha e e Kwa Tlase
a Ka dinako dingwe bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ga ba kgone go tswelela mo tirelong ya nako e e tletseng ka ntlha ya maemo mangwe a a rileng. Mme ka dinako tse dingwe, ba newa kabelo e ntšha. Mo setlhogong seno, re tlile go tlotla ka dikgwetlho dingwe tse ba lebanang le tsone le go bona gore ke eng se se ka ba thusang go tlwaela kabelo ya bone e ntšha. Gape re tla bona gore re ka ba thusa le go ba kgothatsa jang. Mo godimo ga moo, re tla bona gore Baebele e ka re thusa jang fa maemo a rona a fetoga.