Ntlha e e Kwa Tlase
a O ikutlwa jang ka batho ba ba mo tshimong ya lona? Seo se ka ama jang tsela e o rerang le e o rutang ka yone? Mo setlhogong seno, re tla bona gore Jesu le moaposetoloi Paulo ba ne ba ikutlwa jang ka batho ba ba neng ba ba rerela. Re tla bona gore re ka ba etsa jang ka go akanyetsa dilo tse batho ba ba mo tshimong ya rona ba di dumelang, tse ba di ratang le ka go tlhaloganya gore batho ba re kopang le bone mo bodireding le bone ba ka kgona go nna barutwa ba ga Jesu.