Ntlha e e Kwa Tlase
a Fa Tyndale a ne a ranola dibuka tsa ntlha tse tlhano tsa Baebele o ne a dirisa leina “Iehouah.” Fa nako e ntse e ya, puo ya Seesemane e ne ya fetoga, ka jalo tsela e leina leno le peletiwang ka yone le yone e ne ya fetoga go tsamaisana le tsela e puo eno e neng e buiwa ka yone. Ka sekai, ka 1612 Henry Ainsworth o ne a dirisa leina “Iehovah” mo thanolong ya gagwe ya buka ya Dipesalema. Ka 1639 fa a ne a e tlhabolola o ne a dirisa leina “Jehovah.” Baranodi ba Baebele ya American Standard Version ya 1901, ba ne ba dira se se tshwanang ka go dirisa leina “Jehovah” gongwe le gongwe mo leina la Modimo le neng le tlhaga teng mo mokwalong wa Sehebera.