Ntlha e e Kwa Tlase
c Go na le madumedi a a kgothaletsang batho ba one gore ba itime dijo malatsi a le 40 pele ga Sontaga wa Paseka mme buka ya New Catholic Encyclopedia yone ya re: “Ka dingwaga tsa bo300, nako e batho ba neng ba e fetsa ba itima dijo go ipaakanyetsa Paseka, e ne e sa fete beke; e ne e le letsatsi le le lengwe kgotsa a mabedi . . . Lekgetlo la ntlha go buiwa ka malatsi a le 40 ke fa go ne go tshwerwe kopano ya botlhano ya Khansele ya Nicaea (325), mme bakwadi bangwe ga ba dumele gore go ne go buiwa ka malatsi a le 40 pele ga moletlo wa Paseka.”—Second Edition, Volume 8, tsebe 468.