-
A Bakeresete ba Boammaaruri ba ka Solofela go Sirelediwa ke Modimo?Tsogang!—1996 | April 8
-
-
Kgopolo E e Mo Baebeleng
A Bakeresete ba Boammaaruri ba ka Solofela go Sirelediwa ke Modimo?
FA BA ne ba isetsa badumedikabone dithuso tsa namolo, Bakeresete bangwe ba ne ba rapela mme morago ba salana morago mo lefelong le le kgautlhantsweng ke ntwa leo ba neng ba ka nna ba bolaelwa mo go lone. Ba ne ba kgona go feta fela ka pabalesego, seo se neng sa gakgamatsa matlhakore a a lwantshanang. A moengele wa Modimo o ne a ba sireletsa?
Monna mongwe wa Mokeresete le mosadi wa gagwe, ba ba neng ba na le dingwaga tse dintsi e le badiredi ba ne ba tlhokafala fa sefofane se ne se phatlakanela fa fatshe kwa ba neng ba rera ka ntlo le ntlo teng. Ke eng fa moengele wa Modimo a ile a se ka a ba dira gore ba ye kwa lefelong lengwe le sele ka yone nako eo kana sefofane seo se ye go sele?—Bapisa Ditiro 8:26.
Re ka nna ra ipotsa jaana fa re bapisa ditiragalo tseno: Ke eng fa Bakeresete ba bangwe ba swa fa ba dira thato ya Modimo fa ba bangwe ba tshela, gantsi e bile ba le mo maemong a a kotsi thata? A Bakeresete ba ka solofela gore Modimo o tla ba sireletsa segolobogolo mo ‘metlheng eno ya bofelo’ e e bokete?—2 Timotheo 3:1.
Boikaelelo Jwa Tshireletso ya Modimo
Jehofa Modimo o solofeditse gore o tlile go segofatsa le go sireletsa batho ba gagwe. (Ekesodo 19:3-6; Isaia 54:17) Seno o ne a se dira ka phepafalo mo lekgolong la ntlha la dingwaga fa phuthego ya Bokeresete e ne e le gone e tlhongwang. Go ne go diragala dikgakgamatso tsa mefuta yotlhe. Jesu o ne a ntsifatsa dijo go fepa diketekete tsa batho; ene le balatedi ba gagwe ba ne ba fodisa malwetse le makoa otlhe, ba leleka meya e e nang le maatla a a fetang a batho mo bathong ba ba tsenweng ke badimona le go tsosa baswi. Phuthego e e neng e santse e le ntšha eno, e ne ya gola ya bo ya nonofa gonne e ne e kaelwa ke Modimo. Lefa go ntse jalo, le mororo go ne go bonala sentle gore Modimo o ne a e eme nokeng, bontsi jwa Bakeresete ba ba ikanyegang bo ne jwa swa loso lo re ka reng lo tlile pele ga nako.—Bapisa Pesalema 90:10.
Akanya ka kgang ya ga Jakobe le ya ga Johane, bomorwa Sebete. Ba ne ba tlhophiwa jaaka baaposetoloi, e bile bone mmogo le Petere e ne e le ditsala tse di atamalaneng thata le Keresete.a Lefa go ntse jalo, Jakobe o ne a bolaelwa tumelo ya gagwe ka ngwaga wa 44 C.E., fa morwarraagwe Johane ene a ne a tshela go fitlha kwa bokhutlong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga. Go phepafetse gore botlhe ba ne ba dira thato ya Modimo. Ke eng fa Jakobe ene a ne a lesiwa gore a swe, fa Johane ene a ne a tshela?
Tota Modimo Mothatayotlhe o ne a na le maatla a go boloka botshelo jwa ga Jakobe. Ee ruri, e ne ya re ka bonakonyana fela fa Jakobe a sena go bolaelwa tumelo, Petere o ne a falodiwa loso ke moengele wa ga Jehofa. Ke eng fa moengele a ile a se ka a falotsa Jakobe?—Ditiro 12:1-11.
Go Direlwa go Diragatsa Boikaelelo jwa Modimo
Gore re tlhaloganye lebaka la go bo Modimo o sireletsa batho, re tshwanetse go tlhaloganya gore ga go direlwe fela gore batho ba tshele lobakanyana mme ba sirelediwa ka lebaka la botlhokwa, gore boikaelelo jwa Modimo bo diragadiwe. Ka sekai, ga go na pelaelo gore phuthego yotlhe ya Bokeresete e tla falola ka gonne e diragatsa boikaelelo joo. Lefa go ntse jalo, Keresete o ne a bolelela barutwa ba gagwe ka tlhamalalo gore motho ka nosi o ne a ka nna a bolaelwa tumelo ya gagwe. Fa a sena go bolela seno, Jesu o ne a gatelela gore ba ‘itshoke go fitlha kwa bokhutlong’ e seng gore ba tla gololwa ka kgakgamatso. (Mathaio 24:9, 13) Ntlha ya gore batho bangwe ba ne ba sirelediwa mme ba bangwe ba lesitswe, ga e reye gore Modimo o tlhaola batho. Modimo o ne a dirisa fela motho yo a neng a le mo boemong jo bo molemo thata go diragatsa boikaelelo jwa gagwe, joo kgabagare bo tla solegelang batho botlhe molemo.
E re ka gone motho a ka nna a swa a direla Modimo, Bakeresete ba tshwanetse go nna le boikutlo jo bo lekalekaneng jo bo tshwanang le jwa Bahebera ba bararo ba ba ikanyegang ba ba neng ba atlholelwa loso ka ntlha ya go obamela Modimo. Ba ne ba raya kgosi ya Babilone ba re: “Fa go ka nna jalo, Modimo wa rona o re o direlang, o nonofile go re golola mo bokepisong jo bo molelo, jo bo tukang; mme o tlaa re golola mo seatleng sa gago, kgosi. Fa go sa nna jalo, o tle o itse kgosi, fa re gana go direla medimo ya gago, le go obamela setshwantsho sa gouta se o se tlhomileng.”—Daniele 3:17, 18.
Jehofa o ne a boloka botshelo jwa ga Petere le Johane ka ntlha ya seabe sa bone se segolo mo go diragadiweng ga boikaelelo jwa gagwe. Petere o ne a dirisiwa go ‘thatafatsa’ phuthego ka tiro ya bodisa, eo e neng e akaretsa go kwala dibuka tse pedi tsa Baebele tse di tlhotlheleditsweng. (Luke 22:32) Johane o ne a kwala dibuka tse tlhano tsa Baebele e bile e ne e le ‘leotwana’ la phuthego ya pele.—Bagalatia 2:9; Johane 21:15-23.
Ga go na motho ope yo o ka itseng go le gale gore Jehofa o tla tsaya kgato leng le gone jang fa go tla mo matshelong a batlhanka ba gagwe. Seo re ka se bolelang re tlhomame fela ke gore Keresete o ne a solofetsa gore o tla nna le balatedi ba gagwe “ka metlha yotlhe, go ya bokhutlong jwa metlha.” (Mathaio 28:20) O tla ‘nna le rona’ segolobogolo ka go re kaela ka baengele mo tirong ya go rera. (Mathaio 13:36-43; Tshenolo 14:6) Kwa ntle ga ditiragalo tseno tse di akaretsang fela, ga re kake ra itse ka tlhamalalo gore tota Modimo o tla thusa ka tsela efe kana ke mang yo o tla sirelediwang ke Modimo. Go tweng fa Mokeresete mongwe a ikutlwa gore Modimo o mo sireleditse le go mo kaela? E re ka go se ope yo o ka tlhomamisang kana a supa gore ga go a nna jalo, ga go na ope yo o tshwanetseng go atlhola kgang eo fa motho a e bua a tlhoafetse.
A Modimo o Peloethata?
A lebaka la go bo Modimo o letla gore Bakeresete ba swe le supa gore o peloethata ka tsela nngwe? Ruri ga go a nna jalo. (Moreri 9:11) Jehofa o tsaya matsapa a go boloka botshelo jwa rona e seng ka dingwaga di le mmalwa kana masome a le mmalwa mme ka bosakhutleng. A ntse a le mo boemong jwa gagwe jo bo kwa godimo, o laola ditiragalo ka tsela e e solegelang mongwe le mongwe yo a mo ratang kana yo o tlang mo go ene molemo ka bosakhutleng. (Bapisa Mathaio 18:14.) Fa a diragatsa boikaelelo jwa gagwe o tla tlosa sengwe le sengwe se se sa bolong go re bogisa mo tsamaisong eno ya dilo—le e leng lone loso. Ditiro tsa Modimo di raraane e bile di itekanetse mo moaposetoloi Paulo a neng a tlhotlheletsega go tlhaeletsa jaana: “A boteng jwa khumo, le jwa botlhale, le jwa kitso ya Modimo! Dikatlholo tsa one ga di fopholesege jang, le ditsela tsa one ga di tlhotlhomisege jang!”—Baroma 11:33.
E re ka go sena sepe se se ka re kgaoganyang le lorato lwa Modimo, Mokeresete mongwe le mongwe ga a tshwanela go ipotsa potso ya gore ‘A Modimo o tla ntshireletsa?’ mme o tshwanetse go ipotsa e e reng, ‘A Jehofa o a nkamogela?’ Fa re dira jalo, o tla re naya botshelo jo bo sa khutleng—le fa re ka diragalelwa ke eng mo tsamaisong eno ya dilo. Fa go bapisiwa le botshelo jo bo itekanetseng jo bo sa khutleng, go boga ka tsela epe fela—le e leng go swa—mo tsamaisong eno go tla lebega ‘go nnile lobakanyana fela.’—2 Bakorinthe 4:17.
-
-
Botsogo le TikologoTsogang!—1996 | April 8
-
-
Botsogo le Tikologo
Ka mmegadikgang wa Tsogang! kwa Nigeria
Ngwaga le ngwaga go dikologa lefatshe go swa batho ba le dimilione tse 49. Mo e ka nnang diperesente tse 75 tsa dintsho tseno ke tsa batho ba ba tlhokafalang pele ga nako, mo go bakiwang ke tikologo e e leswe le mekgwa ya go tshela e e seng phepa, go ya ka pego ya World Health Organization (WHO). Tlhokomela dikai tse dingwe:
◼ Kankere e bolaya batho ba le dimilione tse tlhano ngwaga le ngwaga. WHO e bega gore bontsi jwa yone “bo bakwa ka tlhamalalo ke go bo go goga motsoko go ile ga oketsega mo dingwageng tse 30 tse di fetileng.”
◼ Malwetse a letshololo, a a bolayang bana ba ba fetang dimilione tse tharo ngwaga le ngwaga, gantsi a bakwa ke dijo le metsi a a seng phepa, mmogo le go tlhoka mokgwa o o siameng wa go latlha leswe le matlakala.
◼ Thiibi, mmolai wa batho ba le dimilione tse tharo ngwaga le ngwaga, e ntsifala mo maemong a go leng lehuma le a batho ba pitlaganeng mo go one, segolobogolo fa go senang mokgwa o o siameng wa go latlha leswe le matlakala.
◼ Malwetse a go hema, segolobogolo nyumonia, a bolaya bana ba ba ka fa tlase ga dingwaga tse tlhano ba le dimilione tse tharo le sephatlo ngwaga le ngwaga. Bontsi jwa bone ke ba ba nnang mo ditoropong ba e leng gore ba hema moya o o kgotletsweng thata.
Kwantle ga dintsho tseno, ngwaga le ngwaga batho ba le dimilione di le 2500—mo e ka nnang halofo ya batho ba ba mo lefatsheng—ba tshwarwa ke malwetse a a bakwang ke go bo ba sa nwe metsi a a lekaneng kgotsa ba nwa a a kgotletsweng e bile go sena thulaganyo e e siameng ya go latlha leswe le matlakala. Mo godimo ga moo, WHO e bolela gore bosheng jaana dilo tse di tshwenyang batho jaaka pula ya asiti, boalo jwa ozone jo bo senyegileng le go gotela ga atemosefere ke tsone tse di koafatsang botsogo jwa batho ba bantsi. Ka kakaretso, pego ya WHO e ne ya bolela gore, batho ba ba fetang dimilione di le dikete tse pedi ba tshela mo ditikologong tse di kotsi mo matshelong kgotsa mo botsogong jwa bone.
Dr. Hiroshi Nakajima, mokaedimogolo wa WHO, o tlhagisa jaana: “Fa re sa tseye kgato gone jaanong, masetlapelo a Lefatshe le banni ba lone a tla nna maswe ka tsela e e ka se kang ya itshokelwa, e bile le tla nna le tikologo e e ka se kang ya tlhola e kgona go ba tlamela ka tsela epe.”
Baebele e solofetsa gore go tla nna le nako e ‘monni wa gone a se ketlang a re: “Ke a bobola.”’ (Isaia 33:24) Seno se tla nna jaana, e seng ka matsapa a batho, mme ka Bogosi jwa Modimo, jo bo tla fedisang malwetse le se se a bakang.—Tshenolo 21:3, 4.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 18]
Godo-Foto
-
-
A ke Tshwanetse go Tsena mo Setlhopheng Sa Metshameko?Tsogang!—1996 | April 8
-
-
Basha ba Botsa Jaana . . .
A ke Tshwanetse go Tsena mo Setlhopheng Sa Metshameko?
“KE ENG se se botlhokwa jaana ka go nna mo setlhopheng?” go ne ga botsa jalo setlhogo sa kgang nngwe mo makasineng wa Seventeen. Fa e araba, kgang eno e ne ya re: “Lo dira mmogo lo na le mokgele o o tshwanang, ka jalo lo nna ditsala tse di atamalaneng thata. E bile gape lo ithuta go dirisana le go buisana le batho ba bangwe, jaaka gore lo ka rarabolola mathata jang lo le setlhopha, lo ka dira jang gore lo nne batho ba ba fetofetogang le maemo le ba ba akanyetsang ba bangwe, le gore lo ka ineela jang gore lo dumalane le ba bangwe.”
Ka gone, go tshameka metshameko e e rulagantsweng go bonala go na le mesola mengwe, go akaretsa le go ijesa monate le go itshidila mmele.a Ba bangwe e bile ba bolela gore go tshameka mo setlhopheng sa metshameko go thusa motho go bopa botho jwa gagwe. Lekgotla lengwe la basha la beisebolo le bile le na le moano o o reng “Botho, Bopelokgale, Boikanyego.”
Bothata ke gore, metshameko e e rulagantsweng ga se ka metlha e fitlhelelang maikaelelo a a molemo. Buka ya Kidsports ya re: “Mo mabakeng a mangwe basha ba ba kgatlhwang ke sengwe le sengwe ba ithuta ditlhapa, go tsietsa, go lwa, go tshosetsa le go utlwisa ba bangwe botlhoko.”
A o Tshwanetse go Leka go Fenya ka Ditsela Tsotlhe?
Kgang nngwe mo makasineng wa Seventeen e ne ya bolela jaana: “Go na le sengwe se se sa siamang ka metshameko, e leng gore batho ba tsaya go fenya go le botlhokwa fela thata.” Seno ga se dumalane le mafoko ano a a buiwang ke Baebele a a reng: “A re se nneng boipelafatso, [re se ka ra tsosa kgaisano le ba bangwe, NW] ra direlana ka bopelotshetlha.” (Bagalatia 5:26) Le mororo kgaisano e nnye fela ya botsalano e ka dira gore lo kgatlhege lo bo lo itumelele motshameko, moya o o feteletseng wa kgaisano o ka tsala letlhoo—mme wa dira gore motshameko o se ka wa nna monate.
Jon, yo e neng e le motshameki wa kgwele ya dinao wa sekolo se segolo mo nakong e e fetileng, o gakologelwa jaana: “Re ne re na le mokatisi yo o neng a nna a tlhagafetse ka tsela e e sa tlwaelegang; o ne a tlhola a re goa a re omanya . . . ke ne ke boifa le go ya go ikatisa. . . . Ke ne ke ikutlwa e kete ke mo kampeng ya pogisetso.” Lefa gone e se gore bakatisi botlhe ba a bogisa, bontsi jwa bone ba gatelela thata fela gore o tshwanetse go fenya. Mokwadi mongwe o ne a tlhalosa ka gore: “Baatleletiki ba bantsi . . . ba felela e le gore boitumelo jwa go gaisana bo fetoga morwalo o o bokete wa go batla go fenya.” Seno se ka felela ka eng?
Science News e ne ya bega ka patlisiso eo e senotseng gore mo gare ga batshameki ba setlhopha sa kholetšhe sa kgwele ya dinao le sa baseketebolo, “diperesente tse 12 tsa batshameki bano di begile selekanyo sa mathata a a ka nnang a mabedi mo go a le matlhano: go tshwenyega mo tlhaloganyong le mo maikutlong, go lapa thata, go sa kgone go tila go dirisa diokobatsi kana bojalwa, go sotliwa mo tlhaloganyong le mo mmeleng le go sa dire sentle mo dithutong tsa sekolo.” Fa e bua ka dilo tseno, buka ya On the Mark e ne ya bega jaana: “Mo e batlileng e nna mongwe le
-