-
Go Lemoga DikgangTora ya Tebelo—1990 | May 15
-
-
Go Lemoga Dikgang
A Di Dule mo Fesheneng?
Go ya ka moruti mongwe wa Anglican wa kwa Adelaide, kwa Australia, ditlhagiso tsa gore go ithibiwe mo go tlhotheletseng kgotelo ya mmele goo go ka gogelang motho mo boakeng le mo kgokafalong di dule mo fesheneng ebile di tswa mo metsweding ya tshedimosetso eo e seng ya Bokeresete. Mo patlisisong ya gagwe ya bosheng jaana e e neng e le malebana le tlhakanelodikobo, o bolela gore banyalani bao ba beeletsaneng gore ba nyalane ga ba leofe tota fa ba tlhakanela dikobo pele ga lenyalo. Patlisiso eo gape e bontsha gore bosodoma bo ka amogelwa mo mabakeng mangwe. Go ya ka Courier Mail ya Brisbane, mmueledi mongwe wa Uniting Church ya kwa Australia “o ne a dumalana le dintlha tsa konokono tsa pego eno.”
Lefa go le jalo, Bibela e bolela ka phepafalo gore Modimo o rata gore botlhe ba “ithibè mo boakeñ” le gore “go le baakahadi, go le baōbamedi ba medimo ea disètwa, go le ba bonyatsi, go le baithati, go le basodoma, . . . ga ba ketla ba rua bogosi yoa Modimo.” (1 Bathesalonia 4:3, 4; 1 Bakorintha 6:9, 10) Eleruri, bao ba amogelang Bibela jaaka Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng ba lemoga gore pono ya yone malebana le tlhakanelodikobo e tswa go Mmopi yo o botlhale go gaisa botlhe. Seo se diragalelang bao ba tshelang ka ditekanyetso tsa Bibela se bontsha gore dikaelo tseno tsa boitshwaro tseo go tweng di dule mo fesheneng di santse di thusa mo go direng gore lelapa e nne le le tlhomameng ebile di sireletsa kgatlhanong le mabadi a a sa phimogeng a go utlwa botlhoko mo maikutlong le malwetsi a a ferosang sebete ao a nnang gone ka ntlha ya boitshwaro jo bo sa siamang.
Selo Se Se Molemolemo Se Se Thibelang
Tiriso e e sa tshwanelang ya diokobatsi e santse e le bothata jo bo masisi. Ka jalo he, tsela e e molemolemo ya go sireletsa basha gore ba se ka ba dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang ke efe? Mo potsolotsong nngwe eo e gatisitsweng mo lekwalodikgannyeng lengwe la Brazil eleng O Estado de S.Paulo, moperofesara wa Mofora ebile e le moithutatlhaloganyo ebong Claude Olievenstein o ne a otlelela kafa go leng botlhokwa ka gone gore go nne le melao eo e kaelang mmogo le tshegetso e e lorato. O ne a bolela jaana: “Gompieno fa batho ba bua ka diokobatsi, go otlelelwa seabe seo mapodise, tsamaiso ya boatlhodi, le sekolo di nang le sone. Lefa go le jalo, se se tlhokafalang thata ke gore lelapa le thibele [tiriso ya diokobatsi]. . . . Bana ba le bantsi ga ba itse gore taolo ya ga rre ke eng. Rre ga a yo; gongwe o itlhobogile.”
Fa Dr. Olievenstein a ne a tlhalosa lebaka la go bo go thibelwa ga tiriso ya diokobatsi go le botlhokwa, o ne a oketsa jaana: “Re tshela mo bathong ba ba batlang morokotso moo batho ba tlhabisiwang ditlhong ke melao ya boitshwaro. Fa, ka ntlha ya diokobatsi, bana ba rona ba simolola go bontsha go itshwara ka tsela nngwe, ke ka ntlha ya gore ga re tlhole re ba itsise melao ya boitshwaro. Batho ba re nnang le bone ke batho ba ba ditlhogo di thata, ba ba sa kgathaleng, ba ba a bong ba ntse ba tshwaregile fela. Batho ba akanya fela ka go kgaratlhela gore ba tshele.”
Go ya ka makasine wa Superinteressante, patlisiso nngwe ya kwa U.S. e gatelela kafa kaelo ya batsadi e leng botlhokwa ka gone. Lekwalopaka leno le tlhalosa jaana: “Basha bao ba santseng ba gola bao ba dirang sentle thata mo ditlhatlhobong tsa sekolo le bao ba tlhomameng mo maikutlong ke bao ba tswang mo malapeng ao mo go one batsadi ba dirisang bolaodi jwa bone go tlhoma melao e e kgonwang go tlhalogangwa sentle ya boitsholo mme ba ba neela kgololesego fa fela ba sa tlole ditekanyetso tse di tlhalogangwang sentle tseo. Ka mo go tshwanang, palonyana ya basha bao ba santseng ba gola bao ba fetogileng makgoba a diokobatsi le a dinotagi e kwa tlase thata mo malapeng a go nna jalo.”
Ka mo go utlwalang, Bibela e tlhagisa batsadi jaana: “Oatlhaea morwao, me o tla gu naea boikhucō; E, o tla yesa mōea oa gago monate.” (Diane 29:17) Ee, kotlhao e e theilweng mo Bibeleng e ka thusa batsadi gore ba thibele go dirisiwa ga diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang le gore ba tokafatse boleng jwa botshelo jwa lelapa lotlhe.
-
-
Dipotso Tse Di Tswang go BabadiTora ya Tebelo—1990 | May 15
-
-
Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
◼ A go siame gore Mokeresete a ka ya go tsoma kana a tshwara ditlhapi?
Ditsela tse go tsoma go lejwang ka tsone di a farologana mme go ama maikutlo a a boteng. Ka gone go molemo thata gore Mokeresete a leke go tlhaloganya le go dirisa tsela eo Modimo o lebang seno ka yone jaaka e fitlhelwa mo Bibeleng.
Modimo o ne wa naya batho taolo mo godimo ga diphologolo tsa “dibatana, [“diphologolo tsa naga,” NW]” le “dikgomo [“diruiwa tsa mo gae,” NW].” Lantlha, batho ba ne ba sa letlelelwa ke Mmopi, kana gongwe mebele ya bone e tlhoka jalo, gore ba bolaye diphologolo go nna dijo tsa bone. (Genesise 1:24, 29, 30) Ke fela morago ga Morwalela Modimo o neng wa naya motho tshiamelo ya go ja nama ya phologolo eo e neng e ntshitswe “botshelō [“moya,” NW] yoa eōna bo e leñ madi a eōna.” (Genesise 9:3, 4) Seo e ne e ka nna nama ya diruiwa tsa mo gae kana tsa naga.
Baiseraele ba ne ba rua diphologolo, jaaka dinku le dikgomo tseo di neng di ka bolawa go jewa fa ba ne ba eletsa nama. Ba ne gape ba tsoma le go tshwara ditlhapi go di ja. (Duteronome 12:20-24; 14:4-20) Seno se dumalana le seo Modimo o neng wa se bua ka tsela ya tshwantshetso fa a re ‘o tla roma batshwari ba ditlhapi go tshwarela batho ba gagwe ditlhapi le batsomi ba le bantsi go ba tsomela.’ (Yeremia 16:16) Moragonyana, Jesu o ne a tlhopha bangwe ba batshwari ba ditlhapi go nna baaposetoloi ba gagwe mme ebile o ne a thusa mo tshwarong ya ditlhapi.—Mathaio 4:18-22; 17:27; Luke 5:2-6; Yohane 21:4-7.
Fa tlhogo ya lotso e e tsofetseng Isake e ne e kopa mogopo wa nama e e monate, morwawe Jakobe o ne a mo apeela dijo ka go mmolaela dipotsane di le pedi. Lefa go le jalo, Esau, o ne a ya go tsoma phologolo ya kwa nageng gore a tle a neye rraagwe nama ya phologolo. Tlhokomela gape gore lefa go ne go na le nama ya diruiwa tsa mo gae, Isake o ne a kopa nama ya phologolo ya kwa nageng. Tlhokomela gape gore barwa boobabedi ba ne ba bolaya diphologolo tseo e neng e tla nna dijo, eseng tsa bone, mme tsa mongwe o sele.—Genesise 27:1-19.
Diphologolo di ka bolaelwa mabaka a mangwe go na le fela go ja nama ya tsone. Matlalo a tsone gape a ka dirisediwa diaparo. (2 Dikgosi 1:8; Mareko 1:6; Bahebera 11:37) Diphate le megopo di ne di dirwa ka matlalo a diphologolo, le eleng lefa diphologolo tseo di ne di sa itsheka go ka jewa ke Baiseraele.—Ekesodo 39:33, 34; Dipalō 24:7; Baatlhodi 4:19; Pesalema 56:8.
Taolo ya Modimo ya gore madi a phologolo e e bolailweng a tshololwe e tshwanetse go gakolola batsomi gore botshelo jwa diphologolo ke jwa gagwe ka jalo bo tshwanetse gore bo tlotliwe, eseng gore ba di tshware ka tsela e e setlhogo. (Lefitiko 17:13) Go lebega Nimerode a ne a bolaya diphologolo mme gape a itlotlomatsa ka botswerere jwa gagwe jwa go tsoma, ka selekanyo kana ka palo ya tseo a di bolaileng, kana ka dijana dingwe tsa go mo tlotlomatsa tseo gonwe a neng a di dirile ka tsone. E ne e le “mocumi eo o nonohileñ ha pele ga Yehofa.”—Genesise 10:9.
Go ikgatlha go go ntseng jalo ka go tsoma kana ka go bolaya diphologolo, kana ka go tshwara ditlhapi tse dintsi, go ka nna ga nna gone mo Mokereseteng. Batsomi ba bantsi kana batshwaraditlhapi bao ba ileng ba sekaseka dipelo tsa bone ba ne ba fitlhela gore ba ne ba tshwaeditswe ke ‘go ipelela se ba se bolaileng.’ Go kgatlhega go go ntseng jalo go amana thata le go sa tlotleng botshelo. Ka jalo lefa go se phoso go tsoma kana go tshwara ditlhapi (fa se se bolailweng kana seo se tshwerweng se tla jewa ke mongwe kana se dirisediwa boikaelelo bope fela jo bongwe jo bo tshwanelang), go tla bo go siame go dira jalo fa Mokeresete a sena moya o o tshwanang le wa ga Nimerode. Mme go na le dikotsi tse dingwe go na le fela go ikgatlha ka seo o se boneng, o se bolaileng, kana sejana seo o tlotlomadiwang ka sone.
Tora ya Tebelo ya January 1, 1984, e ne ya tlhalosa gore ke ka ntlhayang fa Bakeresete ba boammaaruri ba sa tshole kana ba sa nne le ditlhobolo go di dirisa kgatlhanong le batho ba bangwe kana go itshireletsa mo bathong ba bangwe. (Ditsebe 26-30) Go tlhatlhanya ka kgakololo eo go ile ga dira gore Basupi ba le bantsi ba sekaseke go bona gore a go ka ne go siame gore ba nne le ditlhobolo tsa go tsoma. Ba le bantsi ba ile ba tlhopha go latlha ditlhobolo tsa bone gotlhelele kana go tila go di baya jaaka mekgabisa kana foo ba ka kgonang go di tsaya motlhofo fela go di dirisa fa ba di tlhoka ka bonako. Bakeresete bano ka gone ga ba kitla ba itlotlomatsa ka ditlhobolo tsa bone kana ba di ikanya. Mo godimo ga moo, kotsi e ka nna ya tlhaga fa o na le ditlhobolo tsa go tsoma kana o na le tsone fa gaufi. Ka gone bana ga ba kake ba tsaya ditlhobolo tse di bolayang tseno mme ka kotsi fela ba gobatsa kana ba bolaya mongwe, lefa e le gone gore ditlhobolo tseo di ka nna gaufi le motho mongwe yo o boifang thata kana yo o tshwenyegileng thata mo boikutlong.—Bapisa Diane 22:3.
Bakeresete bangwe ba ka eletsa go ja nama nngwe ya phologolo kana tlhapi, mme tsela e e molemo ya go bona dijo tse di ntseng jalo ke ka go di tsoma kana go ya go di tshwara. Bangwe ba ipelela moya o o phepa le itshidilommele eo ba e bonang ka go tsamaya ba tsoma mo nageng, kana ba fitlhela gore dioura tseo ba di senyang ba tshwara ditlhapi di a ritibatsa. Bibela ga e bue kgatlhanong le seno, ka jalo ga go tlhokege gore o atlhole ba bangwe gore a ba ipelela dilo tse di ntseng jalo kana nnyaa. Mme sekai sa ga Isake le bomorwawe se bontsha gore ga go tlhokege gore go tsosiwe kgang ya gore a go tshwanetse ga jewa nama ya phologolo kana ya tlhapi.—Mathaio 7:1-5; Baroma 14:4.
Moaposetoloi Petere go lebega a ne a rata go tshwara ditlhapi thata. Ka go dirisa ditlhapi tseo di neng di le fa go bone, Jesu yo o neng a tsogile mo baswing o ne a mo thusa go sekaseka sentle boikutlo jwa gagwe kaga go tshwara ditlhapi kana kgwebo ya go tshwara ditlhapi. Jesu o ne a mmotsa a re: “Simona, morwa Yohane, a ua nthata bogolo go ba [“tse,” NW]?”—Yohane 21:1-3, 9-15; bona Tora ya Tebelo, November 1, 1988, tsebe 31.
Ka mo go tshwanang, Mokeresete yo o nang le segakolodi se se molemo yo a tswang a ya go tsoma kana a ya go tshwara ditlhapi o tshwanetse go tlhokomela dilo tseo a di tsayang di le botlhokwa thata gore ke dife. Ka sekai, fa e le gore nako ya go tsoma le ya go tshwara ditlhapi e ne e tla simolola ka nako eo dipokano tsa phuthego di neng di rulaganyeditswe ka yone, o ne a tla dira eng? Kana a motlotlo wa gagwe o bontsha gore o ipelafatsa ka botswerere jwa gagwe jwa go tsoma kana jwa go tshwara ditlhapi? Abo go le molemo jang ne fa Mokeresete yo o godileng sentle, yo ka dinako dingwe a rulaganyetsang go ya go tsoma kana go tshwara ditlhapi a ka bua jaana ka go tlhatswega pelo: “E, Morèna, ua itse ha ke gu rata [go gaisa dilo tseno tseo ke di latelelang].”—Yohane 21:16.
-