Go Isiwa Botshwarwa Kwa Siberia!
JAAKA GO BOLETSE VASILY KALIN
Fa o ne o ka bona motho a ituletse a ipalela Baebele mo gare ga leratla le legolo la dikanono, a ga o kitla o batla go itse gore ke ka ntlha yang a ituletse jalo a sa boife sepe? Rre o ne a bona sone fela seo dingwaga di feta di le 56 tse di fetileng.
E NE e le ka July 1942, fa Ntwa ya Lefatshe II e ne e le mo setlhoeng sa yone. Fa masole a Jeremane a kgabaganya mo motsaneng mongwe o borre ba neng ba nna mo go one wa Vilshanitsa, kwa Ukraine, rre o ne a tsena kwa legaeng lengwe la batho bangwe ba ba neng ba godile. Dikanono di ne di thuntsha mo karolong yotlhe, mme monna mongwe o ne a ntse gaufi le setofo a besitse mmidi e bile a bala Baebele.
Ke ne ka tsalwa dingwaga di le tlhano morago ga moo, gaufi le motse mongwe o montle o o mo bophirima jwa Ukraine wa Ivano-Frankivs’k, o ka nako eo e neng e le karolo ya Soviet Union. Moragonyana rre o ne a mpolelela ka nako eo e a sa e lebaleng ya fa a ne a kopane le monna yoo, mongwe wa Basupi ba ga Jehofa le ka masetlapelo a dingwaga tseo tsa ntwa. Batho ba ne ba lapile e bile ba sa itse gore ba direng ka boemo jono jotlhe e bile ba le bantsi ba ne ba ipotsa gore, ‘Ke ka ntlha yang fa go na le tshiamololo e e kana kana? Ke ka ntlha yang fa diketekete tsa batho ba ba se nang molato di swa jaana? Ke ka ntlha yang fa Modimo o letlelela dilo tseno? Goreng? Goreng? Goreng?’
Rre o ne a tshwara motlotlo o moleele, o o tlhamaletseng ka dipotso tse di ntseng jalo le monnamogolo yono. Monna yono o ne a bula ditemana ka go latelana ga tsone mo Baebeleng ya gagwe, a bontsha Rre dikarabo tsa dipotso tse di sa bolong go mo tlhakanya tlhogo. O ne a tlhalosa gore Modimo o ikaeletse go fedisa dintwa tsotlhe ka nako ya gagwe e a e tlhomileng le gore lefatshe le tla nna paradaise e ntle.—Pesalema 46:9; Isaia 2:4; Tshenolo 21:3, 4.
Rre o ne a itlhaganelela kwa gae mme a re: “A tota o ka dumela? Morago ga go bua le Basupi ba ga Jehofa ka lekgetlho le le lengwe fela, ke bulegile matlho! Ke bone boammaaruri!” Rre o ne a bolela gore le fa gone a ne a nna teng kwa Kerekeng ya Katoliki ka metlha, baruti ga ba ise ba ko ba kgone go arabela dipotso tsa gagwe. Ka jalo Rre o ne a simolola go ithuta Baebele mme mmè o ne a ithuta mmogo le ene. Gape ba ne ba simolola go ruta bana ba bone ba bararo—kgaitsadiake, yo o neng a na le dingwaga di le 2 fela le bomorwarre, yo mongwe o ne a na le dingwaga di le 7 le yo mongwe a na le dingwaga di le 11. Moragonyana fela ga moo, legae la bone le ne la senngwa ka bomo, ba sala fela ka phaposi e le nngwe e ba neng ba nna mo go yone.
Mmè o ne a tswa kwa lelapeng le legolo la basetsana ba le barataro le mosimane a le mongwe. Rraagwe e ne e le mongwe wa batho ba ba neng ba humile mo lefelong leo, e bile o ne a rata thata taolo e a neng a na le yone le maemo a gagwe moo. Ka jalo, kwa tshimologong, ba losika ba ne ba ganetsa tumelo e ntšha e ba lelapa la gaetsho ba sa tswang go e bona. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya baganetsi bano ba ne ba latlha ditiro tsa bodumedi tse di seng kafa Dikwalong, tse di jaaka go dirisa medingwana mme ba kopanela le batsadi ba me mo kobamelong ya boammaaruri.
Baruti ba ne ba tlhotlheletsa batho phatlalatsa gore ba nne kgatlhanong le Basupi. Ka ntlha ya seo, batho ba mo lefelong leo ba ne ba ba thubela difensetere le go ba tshosetsa. Lefa go ntse jalo, batsadi ba me ba ne ba tswelela go ithuta Baebele. Ka jalo, ka nako ya fa ke tsalwa ka 1947, lelapa la rona le ne le obamela Jehofa ka moya le ka boammaaruri.—Johane 4:24.
Go Isiwa Botshwarwa
Ke sa ntse ke gakologelwa sentle se se neng sa direga mo mosong wa April 8, 1951, le fa ke ne ke na le dingwaga di le nnè fela ka nako eo. Masole a ne a tsena kwa gae a tsamaya le dintša. Ba ne ba re bontsha lekwalo le le neng le ba laela gore ba re tlose mo lefelong leno mme ba simolola go phuruphutsha. Masole a a neng a tshotse ditlhobolo tsa metšhinikane le dintša a ne a eme fa kgorong, le banna ba ba neng ba apere diaparo tsa sesole ba ne ba ntse mo tafoleng ya rona, ba re letetse fa re ntse re phutha ka bonako gore re tsamaye mo diureng tse pedi tse re neng re di neilwe. Ke ne ke sa tlhaloganye gore go diragalang, mme ke ne ka lela.
Batsadi ba me ba ne ba laelwa go saena setlankana se ba bolelang ka sone gore ga e tlhole e le Basupi ba ga Jehofa le gore ba ne ba se kitla ba tlhola ba dirisana ka gope le bone. Fa ba ne ba ka e saena, ba ne ba tla tlogelwa go nna mo legaeng la bone le mo nageng ya bone. Mme Rre o ne a bolela jaana a nitame: “Ga ke na pelaelo epe gore gongwe le gongwe kwa lo re isang teng, Modimo wa rona e bong Jehofa, o tla nna le rona.”
Lepodise lengwe le ne la mo kopa jaana: “Akanya ka lelapa la gago, ka bana ba gago. O gakologelwe gore ga lo isiwe kwa lefelong la boitapoloso. Lo isiwa kwa bokone jo bo kwa kgakala, kwa go nnang go na le semathane ka dinako tsotlhe le kwa dibera tse ditshweu di itsamatsamaelang fela mo mebileng gone.”
Ka nako eo lefoko “Siberia” e ne e le selo se se sa tlwaelegang le se se sa itsiweng ke mongwe le mongwe. Le fa go ntse jalo, tumelo le go rata Jehofa thata di ne tsa nna maatla go feta go boifa selo se re sa se itseng. Dilwana tsa rona di ne tsa pegwa mo koloing, mme ra isiwa kwa toropong mme ra tsenngwa mo materokong a dithoto mmogo le malapa a mangwe a a ka nnang 20 go ya go 30. Ka jalo re ne ra simolola loeto lwa rona go ya kwa sekgweng se se kwa kgakala, kana kwa nageng ya Siberia.
Mo diteisheneng tsa terena tse re neng re ntse re feta mo go tsone, re ne re kopana le diterena tse dingwe tse di neng di rwele ba ba neng ba fudusiwa mme re ne ra bona matshwao a a neng a pegilwe mo materokong a terena: “Basupi ba ga Jehofa mo Teng.” Seno e ne e le tsela e nngwe ya go neela bosupi, ka go bo ka tsela eno ba le bantsi ba ne ba itse gore diketekete tsa Basupi le ba malapa a bone ba rometswe kwa mafelong a a farologaneng a a kwa bokone le kwa botlhaba jo bo kwa kgakala.
Go kwadilwe ditlhogo di le dintsi kaga tiragalo eno ya go tshwara le go isa Basupi ba ga Jehofa botshwarwa ka April 1951. Rahisitori e bong Walter Kolarz o ne a kwala jaana ka gone mo bukeng ya gagwe ya Religion in the Soviet Union: “Seno e ne e se bokhutlo jwa ‘Basupi’ kwa Russia, go na le moo e ne e le tshimologo fela ya ditiragalo tse disha mo tirong ya bone ya go rera. E bile ba ne ba leka go anamisa tumelo ya bone kwa diteisheneng tse ba neng ba ema mo go tsone fa ba le mo tseleng go ya kwa botshwarwa. Puso ya Soviet e ne ya ba thusa fela thata go anamisa tumelo ya bone fa e ne e ba fudusa mo mafelong a bone. ‘Basupi’ ba ne ba tlosiwa kwa metsaneng ya bone koo ba neng ba nna ba le kgakala thata le ba bangwe mme ba tlisiwa mo lefatsheng le le bulegileng, le fa gone leno e ne e le lefatshe fela le le maswe la dikampa tsa pogisetso le go dirisiwa jaaka makgoba.”
Lelapa la gaetsho le ne la nna lesego tota ka gonne re ne ra letlelelwa go tsaya dijo—folouru, mabele le dinawa. Rremogolo o ne a bo a letlelelwa go tlhaba kolobe mme re ne ra e ja mmogo le Basupi ba bangwe. Mo tseleng go ne go utlwala dipina tse di amang maikutlo tse di tswang mo materokong a terena. Jehofa o ne a re nonotsha gore re itshoke.—Diane 18:10.
Re ne ra kgabaganya Russia ka dibeke tse di ka nnang tharo mme kgabagare ra goroga kwa Siberia e e tsididi, e e bodutu, e e kwa kgakalakgakala. Re ne ra isiwa kwa seteisheneng sa Toreya kwa nageng ya Chunsk mo kgaolong ya Irkutsk. Go tswa moo, re ne ra isiwa kwa garegare ga sekgwa kwa motsaneng mongwe, lefelo le ditlankana tsa rona di neng di re ke “boago jwa rona jwa bosakhutleng.” Dilwana tsa malapa a le 15 di ne tsa felela motlhofo fela mo seleing, mme sa gogwa ke terekere mo seretseng sa dikgakologo. Malapa a ka nna 20 a ne a nna mo matlong a masole, a a neng a na le diphashiti tse di telele tse di sa kgaoganngwang. Balaodi ba ne ba tlhagisa batho ba mo mafelong ao go sa le gale gore Basupi ba ga Jehofa e ne e le batho ba ba maswe thata. Ka jalo fa re goroga moo, batho ba ne ba re tshaba mme ba ne ba sa batle le go leka fela gore ba re itse botoka.
Tiro Kwa Botshwarwa
Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bereka go rema ditlhare, mme ba ne ba dira seno mo maemong a a thata go gaisa. Tiro yotlhe e ne e dirwa ka diatla—re saga disema, re di rema, re di pega mo kolotsaneng e e gogwang ke dipitse mme morago ga moo re di pege mo materokong a terena. Boemo bo ne bo dirwa maswe le go feta ke metshitshi ya mentsana e o neng o sa kgone go e iphitlhela. Rre o ne a lwala thata. Mmele wa gagwe o ne wa ruruga otlhe mme o ne a rapela Jehofa thata gore a mo thuse a itshoke. Mme le fa go ne go na le mathata ano otlhe, tumelo ya Basupi ba ga Jehofa ba le bantsi e ne ya nna e nonofile.
Moragonyana ga moo re ne ra isiwa kwa motseng wa Irkutsk, koo lelapa la rona le neng la nna mo kampeng e e kileng ya bo e le kgolegelo pele gone mme re ne re bereka mo madirelong a ditene. Ditene di ne di ntshiwa ka tlhamalalo ka diatla mo bobesetsong jo bogolo, jo bo fisang mme le palo ya ditene tse di tlhokegang e ne e nna e oketsega ka metlha, mo e leng gore le bana ba ne tshwanelwa ke go thusa batsadi ba bone gore ba kgone go fetsa tiro eno. Re ne ra gakololwa ka tiro ya bokgoba ya Baiseraele kwa Egepeto wa bogologolo.—Ekesodo 5:9-16.
Go ne ga bonala sentle gore Basupi e ne e le dinatla mo tirong e bile ba ikanyega, e seng “baba ba batho,” jaaka go ne go bolelwa. Go ne ga lemogiwa gore ga go na Mosupi ope yo o neng a roga balaodi e bile Basupi ba ne ba se ke ba lwantshana le ditshwetso tsa ba ba laolang. Kgabagare ba le bantsi ba ne ba rata le tumelo ya bone.
Botshelo Jwa Rona Jwa Semoya
Le fa gone Basupi ba ne ba phuruphudiwa gantsintsi—pele ga ba romelwa kwa botshwarwa, fa ba le mo tseleng le fa ba le kwa mafelong a botshwarwa—ba le bantsi ba ne ba kgona go fitlha dimakasine tsa Tora ya Tebelo le e leng Dibaebele. Moragonyana go ne ga dirwa tse dingwe ka letsogo le ka mekgwa e mengwe. Dipokano tsa Bokeresete di ne di tshwarwa ka metlha mo matlong ano a masole. Fa molaodi wa mo lefelong leo a ne a tla mme a fitlhela setlhopha sa rona se opela pina, o ne a laela gore re didimale. Re ne re didimala. Mme fa a tswa a ya kwa kampeng e e latelang, re ne re simolola go opela gape. Go ne go sa kgonege go re didimatsa.
Le yone tiro ya rona ya go rera ga ya ka ya emisa. Basupi ba ne ba bua le mongwe le mongwe, gongwe le gongwe. Bonkgonne le batsadi ba me gantsi ba ne ba mpolelela kafa ba neng ba kgona ka teng go bolelela ba bangwe boammaaruri jwa Baebele. Ka ntlha ya seno, boammaaruri jwa Baebele bo ne jwa nna jwa simolola go kgatlha batho ba ba dipelo di ikanyegang. Ka jalo, mo masimologong a bo1950, Bogosi jwa ga Jehofa bo ne bo itsisitswe mo Irkutsk yotlhe.
Sa ntlha Basupi ba ne ba tsewa e le baba ba dipolotiki mme moragonyana go ne ga lemogiwa semolao gore mokgatlho wa rona e ne e le wa bodumedi fela. Le fa go ntse jalo, puso e ne ya leka go emisa tiro ya rona. Ka jalo re ne re kopana go tla go ithuta Baebele re le ditlhopha tse dinnye tsa malapa a ka nna mabedi kana a mararo go leka go dira gore re se ke ra lemogiwa. Mo mosong mongwe wa February ka 1952 go ne ga phuruphudiwa ka kelotlhoko. Morago ga moo, Basupi ba le lesome ba ne ba tshwarwa mme rona ba bangwe ra isiwa kwa mafelong a a farologaneng. Lelapa la gaetsho le ne la isiwa kwa motseng wa Iskra, o o neng o na le baagi ba ba ka nnang lekgolo mme o ne o tlhomilwe dikilometara di ka nna 30 go tswa kwa motseng wa Irkutsk.
Go Itshoka fa Maemo a Fetoga
Balaodi ba motse oo ba ne ba re amogela sentle ka tsela e re neng re sa e solofela. Batho ba teng ba ne ba le boikokobetso e bile ba le botsalano—ba le mmalwa ba bone ba ne ba bo ba tswa mo magaeng a bone go tla go re thusa. Lelapa la rona e ne e le la boraro go bewa mo kamoreng yone eo e nnye e e ka nnang disekweremetara di le 17. Go ne go dirisiwa mabone a parafini fela.
Mo mosong o o latelang go ne go na le ditlhopho. Batsadi ba me ba ne ba bolela fa ba setse ba tlhophile Bogosi jwa Modimo, e leng se batho ba neng ba sa se tlhaloganye. Ka jalo batho ba bagolo mo lelapeng la rona ba ne ba fetsa motshegare otlhe ba tshwerwe. Morago ga moo, batho ba le mmalwa ba ne ba ba botsa kaga se ba se dumelang, mme seno se ne sa neela sebaka se se siameng sa gore ba lelapa la gaetsho ba bue ka Bogosi jwa Modimo e le jone fela jo batho ba ka solofelang mo go jone.
Mo dingwageng di le nnè tse re di ntseng kwa motseng wa Iskra, go ne go se na Basupi gaufi le rona ba re neng re ka kopanela le bone. Gore re tswe mo motseng, re ne re tshwanetse go bona tetla e e kgethegileng mo molaoding wa masole mme o ne a re neela yone sewelo fela ka go bo lebaka la konokono la gore re fudisiwe e ne e le go re tlosa mo bathong ba bangwe. Le fa go ntse jalo, ka gale Basupi ba ne ba leka go kopana gore ba abelane dijo dipe fela tsa semoya tse ba sa tswang go di bona.
Morago ga loso lwa ga Stalin ka 1953, Basupi botlhe ba ba neng ba bonwe molato ba ne ba fokolediwa dikatlholo tsa bone go tswa go dingwaga di le 25 go ya go dingwaga di le 10. Go ne go sa tlhole go tlhokega lekwalo le le kgethegileng mo go ba ba neng ba le kwa Siberia, gore ba ye kwa lefelong le lengwe. Le fa go ntse jalo, balaodi ba ne ba simolola go dira diphuruphutso le go tshwara Basupi fa ba fitlhela ba na le Dibaebele kana dibuka tsa Baebele. Go ne ga tlhomiwa dikampa tse di kgethegileng tsa Basupi mme bakaulengwe ba ka nna 400 le bokgaitsadi ba ka nna 200 ba ne ba tsenngwa mo go tsone mo lefelong le le gaufi le Irkutsk.
Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba ne ba utlwa ka go bogisiwa ga rona mo Soviet Union. Ka jalo, magareng a 1956 le February wa 1957, go ne ga dirwa kopo mo boemong jwa rona kwa dikopanong di le 199 tsa kgaolo tse di neng di tshwerwe mo lefatsheng lotlhe. Palogotlhe ya batho ba le 462 936 ba ba neng ba tlile mo go tsone ba ne ba dumalana le kopo eno e e neng ya isiwa kwa go tonakgolo ya ka nako eo ya Soviet e bong Nikolay A. Bulganin. Gareng ga dilo tse dingwe, go ne go kopiwa gore re gololwe le gore re “letlelelwe go amogela le go tsamaisa makasine wa Tora ya Tebelo ka Se-Russia, Se-Ukraine le ka dipuo tse dingwe tse go ka nnang ga bonala di tlhokega, mmogo le dikgatiso tse dingwe tsa Baebele tse di dirisiwang ke basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe.”
Mo nakong eo, lelapa la rona le ne le rometswe kwa motseng mongwe o o kwa kgakala wa Khudyakovo, mo e ka nnang dikilometara di le 20 go tswa kwa Irkutsk. Re ne ra nna koo dingwaga di le supa. Ka 1960 morwarre e bong Fyodor o ne a tloga mme a ya go nna kwa Irkutsk mme mo ngwageng o o latelang morwarre yo mogolo o ne a nyala mme kgaitsadiake le ene o ne a fuduga. Mme ka 1962 Fyodor o ne a tshwarwa le go tsenngwa kwa kgolegelong ka go bo a ne a rera.
Kgolo Ya me Ya Semoya
Go tswa kwa motseng wa rona wa Khudyakovo, re ne re tsaya loeto lwa dikilometara di ka nna 20 ka dinao kana ka baesekele gore re kopane le ba bangwe go ithuta Baebele. Ka jalo re ne ra leka go fudugela kwa Irkutsk gore re kgone go kopana le Basupi ba bangwe. Le fa go ntse jalo, molaodi wa mo lefelong le re neng re nna mo go lone o ne a sa batle gore re fuduge, mme o ne a dira sengwe le sengwe se a ka se kgonang go re thibela. Le fa go ntse jalo, morago ga nakonyana, monna yono o ne a simolola go re tshwara sentle mme re ne ra kgona go fudugela kwa motseng wa Pivovarikha, o o ka nnang dikilometara di le lesome go tswa kwa Irkutsk. Go ne go na le phuthego ya Basupi ba ga Jehofa koo mme ka simolola botshelo jo bosha. Kwa Pivovarikha go ne go na le ditlhopha tsa Thuto ya Buka ya Phuthego le bakaulengwe ba ba neng ba tlhokometse ditiro tsa semoya. A bo ke ne ke itumetse jang ne!
Mo nakong eno ke ne ke setse ke rata boammaaruri jwa Baebele thata e bile ke ne ke batla go kolobediwa. Ka August 1965 keletso ya me e ne ya diragadiwa fa ke ne ke kolobediwa mo Nokeng e nnye ya Olkhe, koo go neng ga kolobediwa le Basupi ba bangwe ba bantsi ba basha ka nako eo. Mo mothong yo o neng a ka bo a re lebeletse fela, go ne go bonala e kete re mo pikiniking e bile re a ithumela fela mo nokeng. Ka bonako fela morago ga moo ke ne ka amogela kabelo ya me ya ntlha ya go nna molebedi wa Sekolo sa Bodihedi sa Puso ya Modimo. Mme ka November 1965, re ne ra nna le lebaka le lengwe la go itumela fa Fyodor a ne a gololwa mo kgolegelong.
Kafa Tiro e Neng ya Gola ka Teng
Ka 1965 batshwarwa botlhe ba ne ba phuthwa mme ra itsisiwe gore re na le tshwanelo ya go ya gongwe le gongwe kwa re batlang go ya teng, ka tsela eo re sa tlhole re na le “boago jwa bosakhutleng.” A o ka akanya fela ka moo re neng ra itumela ka teng? Le fa ba le bantsi ba ile ba tsamaya go ya kwa dikarolong tse dingwe tsa naga, ba bangwe ba ne ba swetsa go sala mo Jehofa a re segofaditseng teng le go re ema nokeng mo kgolong ya rona ya semoya le mo tirelong. Ba le bantsi ba bano ba ne ba godisitse bana, ditlogolo le ditlogolwana kwa Siberia, e jaanong e neng e sa tlhole e boifisa le e seng.
Ka 1967 ke ne ka kopana le Maria, mosetsana yo lelapa la gaabo le lone le neng le isitswe botshwarwa kwa Siberia go tswa kwa Ukraine. Fa re sa ntse re le bannye, re ne re nna kwa motseng mongwe wa Vilshanitsa wa kwa Ukraine. Re ne ra nyalana ka 1968 mme kgabagare ra segofadiwa ka morwa e bong Yaroslav mme moragonyana ka mosetsana e bong Oksana.
Re ne ra tswelela go dirisa diphitlho le manyalo go kopana re le bantsi ka dilo tsa semoya. Gape re ne re dirisa dibaka tseno go tlhalosetsa ba losika le ditsala ba ba tlileng ba e seng Basupi boammaaruri jwa Baebele. Gantsi badiredibagolo ba mapodisi ba ne ba nna teng mo ditiragalong tseno, koo re neng re rera phatlalatsa ka Baebele re bua ka tsholofelo ya rona ya tsogo kana malebana le thulaganyo e Jehofa a e dirileng ya lenyalo le ka masego a nako e e tlang mo lefatsheng la gagwe le lesha.
Ka nako nngwe fa ke ne ke konela puo kwa phitlhong, go ne ga ema koloi, ditswalo tsa bulega mme mongwe wa banna ba ba neng ba le mo teng a tswa mme a ntaela gore ke tsene mo koloing. Ke ne ke sa tshoga. Mo godimo ga moo re ne re se dikebekwa, re ne re dumela fela mo Modimong. Le fa go ntse jalo, mo potleng ya me ke ne ke na le dipego tsa bodiredi tsa batho ba ba neng ba le mo phuthegong ya rona. Nka bo ke ile ka tshwarwa ka ntlha ya tsone. Ka jalo, ke ne ka botsa gore a nka naya mogatsake madi pele ga ke tsamaya le bone. Ka go dira jalo, fa pele ga bone, ke ne ka mo neela sepatšhe mmogo le dipego tsa phuthego.
Go tloga ka 1974, nna le Maria re ne ra simolola go rulaganya dibuka tsa Baebele ka sephiri mo legaeng la rona. E re ka re ne re na le morwa yo monnye, re ne re dira seno bosigo thata gore a se ke a itse ka gone. Le fa go ntse jalo, ka go bo a ne a batla go bona gore re dirang, o ne a itira e kete o thulametse mme a okomele go bona gore re dirang. Morago o ne a re: “Ke a itse gore ke mang yo o dirang dimakasine tse di buang ka Modimo.” Re ne ra tshoga go sekae mme ka metlha re ne re kopa Jehofa gore a sireletse lelapa la rona mo tirong eno e e botlhokwa.
Kgabagare balaodi ba ne ba simolola go tshwara Basupi ba ga Jehofa sentle, ka jalo re ne ra dira dithulaganyo tsa go tshwara dikokoano tse dikgolo kwa holong ya botaki le boitapoloso ya Mir kwa toropong ya Usol’ye-Sibirskoye. Re ne ra tlhomamisetsa balaodibagolo ba toropo gore dipokano tsa rona di ne di tshwarwa fela go ithuta Baebele le go nna mmogo le Bakeresete ba bangwe. Ba ba fetang 700 ba ne ba kokoana ka January 1990, ba tlatsa holo le go gapa tlhokomelo ya batho ba le bantsi.
Morago ga pokano eno mmegadikgang mongwe o ne a botsa gore, “Lo kgonne leng go thapisa bana ba lona?” Ene le baeng ba bangwe ba ne ba gakgamaditswe ke gore ba ne ba nna ba reeditse ka kelotlhoko ka diura di le nnè tsa pokano eno ya ntlha ya phatlalatsa. Ka bonako fela go ne ga tswa setlhogo sengwe se bua bontle ka Basupi ba ga Jehofa mo lokwalodikgannyeng la mo motseng oo. Le ne la bolela jaana: “Motho a ka ithuta sengwe go tswa go [Basupi ba ga Jehofa].”
Go Ipelela Koketsego e Kgolo
Ka 1991 re ne ra nna le dikopano di le supa mo Soviet Union, mme ga tla batho ba le 74 252 mo go tsone. Moragonyana, fa direpaboliki tse e kileng ya bo e le tsa Soviet Union di sena go bona boipuso, ke ne ka bona kabelo e ntšha go tswa go Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa gore ke ye kwa Moscow. Koo ke ne ka bodiwa gore a nka kgona go atolosa seabe sa me mo tirong ya Bogosi. Ka nako eo Yaroslav o ne a setse a nyetse e bile a na le ngwana mme Oksana ene e ne e le mosha wa dingwaga tsa bolesome. Ka jalo ka 1993, nna le Maria re ne ra simolola bodiredi jwa rona jwa nako e e tletseng kwa Moscow. Mo go one ngwaga oo, ke ne ka tlhomiwa go nna mookamedi wa Tsamaiso ya Mekgatlho ya Bodumedi Jwa Basupi ba ga Jehofa mo Russia.
Gone jaanong nna le Maria re nna le go bereka kwa dikagong tsa lekala la rona le lesha le le leng kwa ntle ga St. Petersburg. Ke go tsaya e le tlotlo gore ke bo ke kgona go abalana le bakaulengwe ba bangwe ba ba ikanyegang mo go tlhokomeleng palo e e golang ka bonako ya baboledi ba Bogosi mo Russia. Gompieno go na le Basupi ba ba fetang 260 000 mo go tse e kileng ya bo e le direpaboliki tsa Soviet Union, ba ba fetang 100 000 ba mo Russia fela!
Gantsi nna le Maria re akanya ka ba losika le ditsala ba re ba ratang thata ba ba ntseng ba tswelela ka boikanyegi mo tirelong ya Bogosi kwa Siberia, lefelo le le neng la nna legae la rona le re le ratang. Gompieno go tshwarwa dikopano tse dikgolo ka metlha teng, mme Basupi ba ba ka nnang 2 000 ba tlhagafetse mo Irkutsk le mo tikologong. Eleruri, boporofeti jo bo mo go Isaia 60:22 bo a diragala gape le mo karolong eo ya lefatshe: “Yo monnye o tlaa tla a nna sekete, le yo mmotlana a nna morafe o o thata.”
[Setshwantsho mo go tsebe 20]
Ke na le rre, lelapa la rona le batshwarwa ba bangwe kwa Irkutsk ka 1959
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Bana kwa botshwarwa kwa Iskra
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Ngwaga o re nyalaneng ka one
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Ke na le Maria gompieno