LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • “Tlotla Rrago le Mmago”
    Tsogang!—1991 | April 8
    • “Tlotla Rrago le Mmago”

      MAFOKO ao a tla mo go rona e le a bogologolo tala, dingwaga di le makgolokgolo pele ga motlha wa ga Keresete. Go ne ga tliwa le one go tswa kwa godimo ga thaba, a kwadilwe mo letlapeng ke monwana wa Modimo. Moshe o ne a ile a dirisiwa go etelela batshwarwa ba Iseraele pele go tswa mo bokgobeng jwa Egepeto, go ralala Lewatle Le Lehibidu, le go tsena mo bothibelelong fa tlase ga Thaba ya Sinai e e makekete. Morago ga gore a nne le Jehofa mo Thabeng ya Sinai malatsi a le somamanè le masigo a le somamanè, Moshe o ne a fologa a tshotse matlapa a le mabedi ao mo go one go neng go kwadilwe Melao E E Lesome.—Ekesodo 34:1, 27, 28.

      Mo go lengwe la matlapa ano go ne go kwadilwe molao wa botlhano, o jaanong o leng mo Bibeleng mo go Ekesodo kgaolo 20, temana 12. O balega jaana: “Tlotla rrago le mmago: gore malatsi a gago a nnè malele mo lehatshiñ ye Yehofa Modimo oa gago o le gu naeañ.” Go ya ka moaposetoloi Paulo, ke yone “taolō ea ntlha e e nañ le polèlō ea choloheco,” tsholofetso eo e leng: “Gore u tshelè ka bolele mo lehatshiñ.”—Baefesia 6:1-3.

      Dipontsho tse di boifisang tsa molelo le mosi le go roroma mo go tshosang ga Thaba ya Sinai tseo di neng di diragala fa Melao E E Lesome e ntse e neelwa go ne go itsise ka tsela e e gakgamatsang kafa melao eno e leng botlhokwa ka gone, go kopanyeletsa le wa botlhano, wa go neela rrago le mmago tlotlo. Go bontsha tlotlo eno go kopanyeletsa eng? Ga go kopanyeletse fela go ba tlhompha le go ba utlwa mme go kopanyeletsa gape le go ba tlhokomela le go ba tlamela ka dilo tse di bonalang fa go tlhokafala.

      Seno se ne sa tlhalosiwa ka phepafalo makgolokgolo a dingwaga moragonyana fa Jesu a ne a fapaana le bakwadi le Bafarasai malebana le dingwao tsa bone tse di sa kwalwang. Jesu o ne a bontsha gore fa ba ne ba sa tshegetse batsadi ba bone ba ba tlhokang ka dilo tse di bonalang, ba ne ba sa tlotle rraabone kana mmaabone. Jaaka fa go kwadilwe mo go Mathaio 15:3-6, o ne a ba raya a re: “Modimo o rile, Tlotla rrago le mmago: gapè, Eo o buañ boshula kaga rragwè, leha e le mmagwè, a a shwè rure. Me lona loa re, Leha e le mañ eo o tla raeañ rragwè leha e le mmagwè, a re, Se u ka boñ u thusiwa ke nna ka shōna, se abecwe Modimo; A a se tlotle rragwè leha e le mmagwè. Me lo bo lo diholotse lehoko ya Modimo ka ntlha ea mekgwa ea lona.”

      Malebana le Jesu ka boene, o ne a utlwa batsadi ba gagwe, a ba ikobela. (Luke 2:51) Dingwaga morago ga foo, fa a ne a swa mo mokgorong wa tlhokofatso, o ne a bontsha mmaagwe tlotlo ka go dira paakanyetso e e lorato ya gore a tlhokomelwe mme a tlamelwe.—Yohane 19:25-27.

      Moaposetoloi Paulo o ne a itse sentle fela gore e ne e le se Modimo a se batlang gore bana, e sita le ditlogolwana, ba tlhokomele batsadi ba bone ba ba tlhokang. Mme, se se kgatlhang ke gore, o ne a nyalanya thuso e e ntseng jalo ya dilo tse di bonalang le go bontsha tlotlo: “Tlotla basadi ba ba batlhōlagadi ba e leñ batlhōlagadi rure. Me ha mosadi moñwe [wa] motlhōlagadi a na le bana, kgotsa ditlogolo, a bauō ba ithutè pele go ichupa bopelonomi mo go ba ga bōnè, le go leboga batsadi ba bonè: gonne mo, go lebosèga mo matlhoñ a Modimo.” (1 Timotheo 5:3, 4) Batsadi ba gago ba ne ba go tlhokomela fa o ne o le losea le fa o ne o le ngwana o sa kgone go itirela sepe; fa ba tsofetse, ke sebaka sa gago sa gore o ba thuse mo go se ba se tlhokang.

  • Go Tlhokomela Batsofe—Bothata Jo Bo Golelang Pele
    Tsogang!—1991 | April 8
    • Go Tlhokomela Batsofe—Bothata Jo Bo Golelang Pele

      GO NA le polelo nngwe e e buang kaga mosetsanyana mongwe yo o neng a botsa mmaagwe jaana: “Ke ka ntlha yang fa Mmèmogolo a jela mo mogotswaneng mme rona rotlhe re jela mo dijaneng tsa rona tse dintle?” Mmaagwe o ne a tlhalosa ka go re: “Diatla tsa ga Mama di a roroma, mme a ka nna a diga dijana tsa rona tse dintle mme a di thuba, ka jalo o dirisa mogotswana mo boemong jwa tsone.” Fa a sena go akanya ka seno ka nakwana, mosetsanyana o ne a botsa a re: “Jalo a o tla mpeela mogotswana ono gore ke go tsholele mo go one fa ke sena go gola?” Go akanya ka dilo tse di tla diragalang gono go ka nna ga bo go ile ga dira gore mmè yono a gamarege, le eleng go tenega go sekae. Mme lefa go ntse jalo fa a sena go akanya ka seno, gape go ka nna ga bo go ile ga mo dira gore a nne le tsholofelo—eleng ya gore mosetsanyana wa gagwe o ne a rulaganyetsa go mo tlhokomela!

      Ditebelelo tsa batsofe ba le bantsi di ka nna tsa bo di sa kgatlhise thata jalo. Mo dikarolong di le dintsi tsa lefatshe jaanong ke bone karolo e e golang ka bofefo go di feta tsotlhe ya baagi. World Press Review ya August 1987 e ne ya bega gore batho ba ka nna dimilione tse 600, eo e neng e le 12 lekgolong ya palo ya batho mo polaneteng eno yotlhe ka nako eo, ba ne ba na le dingwaga tse di fetang 60 ka nako eo.

      Kwa United States, palo ya batsofe e gola ka bofefo thata go feta ya basha ba dingwaga tsa bolesome e le lantlhantlha go diragala jalo. Mokwaladikgang wa saense wa pampiri nngwe ya dikgang ya kwa New York City o ne a bega jaana: “Baamerika ba le dimilione di le somamararo jaanong ba na le dingwaga tse 65 kana go feta—a le mongwe mo go bangwe le bangwe ba rona ba le robedi, eleng palo e e fetang eo e kileng ya nna teng pele, mme: Palo ya batho ba ba godileng e gola ka bofefo go menagane gabedi go feta ya baagi botlhe. . . . Ka 1786 Baamerika ka kakaretso ba ne ba lebelela go tshela dingwaga tse 35. Ngwana wa Moamerika yo o tshotsweng ka 1989, o na le tebelelo ya go tshela dingwaga tse 75.”

      Kwa Canada palo ya batho ba ba tsofetseng thata, ba dingwaga tse 85 go ya kwa godimo, go solofelwa gore e tla oketsega go menagane gararo kwa bokhutlong jwa lekgolo leno la dingwaga.

      Dingwaga di le lekgolo tse di fetileng kwa Yuropa, palo ya batsofe e ne e le 1 lekgolong fela ya baagi botlhe. Palo ya bone e ile ya gola thata mme gompieno ke 17 lekgolong.

      Pego nngwe ya U.S. Census Bureau eo e neng e bega kaga “Aging in the Third World” (Botsofe mo Mafatsheng A A Tlhabologang) e ne ya re: “Nnètlhanong ya koketsego ya batho ba ba godileng e diragala mo Mafatsheng A A Tlhabologang.”

      Masome a manè a dingwaga a a fetileng Ba-China ba ne ba ka lebelela go tshela dingwaga di ka nna 35. Erile ka 1982 palo eo ya bo e tlhatlogetse kwa go dingwaga tse 68. Gompieno Ba-China ba feta dimilione tse 90 ba balelwa gare ga batsofe, mme go akanngwa gore e tla re kwa bofelong jwa lekgolo leno la dingwaga, palo eo e tla tlhatlogela go dimilione di le 130, kana 11 lekgolong ya baagi botlhe.

      Boiteko Jo Bo Kgethegileng jwa go Tlhokomela Batsofe ba Gago

      Ereka palo ya batho ba ba tsofetseng thata e ntse e gola ka bofefo lefatshe ka bophara jaana, kgang e e akabatsang ya gore ba ka tlhokomelwa jang e nna e e potlakileng le go feta. Mo metlheng ya go kwalwa ga Bibela bothata jono bo ne bo se bokete thata jaana. Ba ne ba na le malapa a magolo, koo bana, batsadi, le borremogolo le bommemogolo ba neng ba nna mmogo teng. Bana le borraabomogolo le bommaabomogolo ba ne ba dirisana ka tsela eo e neng e ba solegela molemo botlhe, mme batsadi ba ne ba kgona go tlamela ka dilo tse di bonalang tse di tlhokafalang mme ba tlhomamisa gore tlhokomelo epe fela e e kgethegileng eo batsofe ba neng ba e tlhoka mo lapeng ba ne ba e neelwa. Malapa a magolo a a ntseng jalo ao a tlhokomelang batsofe a ntse a dira mo dinageng dingwe le gompieno. (Go bona dikai, tsweetswee leba lebokoso le le mo tsebeng 24.) Mme lefa go ntse jalo seo ga se a nna jalo mo merafeng e e itsholetseng koo lelapa e leng batsadi le bana fela. Fa bana ba gola mme ba bo ba nyala ba nna le bana ba bone, gantsi ba lebana le bothata jwa go tlhokomela batsadi ba bone ba ba tsofetseng, ba ba bokoa, mme gantsi ba lwala bolwetsi jo bo ganang go fola.

      Mo tsamaisong eno ya jaanong ya dilo, go dira seno e ka nna bothata jo bo boima eleruri! Go ntse go sa ratege jaana, tlase ga maemo a ga jaanong a tsa itsholelo, go ka nna ga tlhokafala gore batsadi ka bobedi jwa bone ba bereke. Dijo di a tura, dirente di kwa godimo, ditshupamolato le tsone di a tsena. Tota le one madi ao a amogelwang ke batho ba le babedi a ka tswa diphuka ka bonako fela. Fa e le gore mmè wa lelapa ga a bereke, a ka nna a bo a tshwaregile ka go tlhokomela bana, go reka, go phepafatsa—tiro eo ka boyone e leng ya letsatsi lotlhe. Seno ga se reye gore motsadi, kana batsadi, ba ba tsofetseng ga ba a tshwanela go tlhokomelwa mo gae. Seo se se rayang ke gore e ka nna tiro e e bokete tota. Batsofe ba na le go nna le matlhoko le go tshwarwa ke ditlhabi, mme go a utlwala gore ka dinako tse dingwe ba bo ba nnela go ngongorega mme ba kgopisega ka bonako, ba se botsalano mme ba sa bontshe go thama ka metlha. Ga go sepe mo go tseno se se rayang gore ga go a tshwanelwa gore go itekwe ka gotlhe mo go ka kgonegang ka gone gore go tlhokomelwe motsadi yo o tsofetseng mo gae.

      Gantsi, boikarabelo jono bo rwalwa ke bomorwadiabone ba ba santseng ba le teng. Dipatlisiso di le dintsi di ile tsa senola gore lemororo banna ba ka tlamela ka madi, basadi ke bone bao totatota ba ba tlhokomelang ka go ba direla dilo ka namana. Ba apeela batsofe dijo—gantsi ba bo ba ba jesa—ba a ba tlhapisa le go ba apesa, ba a ba apola ba ba apesa diaparo tse dingwe, ba ba isa kwa dingakeng le kwa dikokelong ka dikoloi, ba tlhomamisa gore ba fiwa melemo e ba e tlhokang. Gantsi ke bone matlho, ditsebe, le megopolo ya batsadi ba bone ba ba tsofetseng. Ba dira namane e tona ya tiro, mme go bo ba iketleeleditse go e dira go sa kgathalesege mathata eleruri ke sengwe sa go ka akgolelwa mme go itumedisa Jehofa Modimo.

      Go ya ka Carl Eisdorfer, M.D., Ph.D., eleng mokaedi wa Center on Adult Development and Aging kwa University of Miami, kwa Florida, U.S.A., tumelo ya gore bontsi jwa bana ba ba godileng ba isa batsadi ba bone ba ba tsofetseng kwa legaeng la go tlhokomela batsofe gore ba ye go feleletsa dingwaga tsa bone koo ga e boammaaruri le eseng. “Dipatlisiso di ile tsa bontsha gore tlhokomelo e kgolo e e neelwang batsofe e neelwa ke ba malapa a bone,” o ne a rialo.

      Dipalopalo di supela mafoko a gagwe. Ka sekai, 75 lekgolong ya batho bao ba neng ba botsolodiwa kwa United States ba ne ba bolela gore ba ne ba ka batla gore batsadi ba bone ba nne le bone, fa e le gore ga ba tlhole ba kgona go nna ba le bosi. “Seno se tlhomamisa gore malapa a batla go itlhokomelela batsofe ba one,” go ne ga rialo Dr. Eisdorfer. Mme pego nngwe mo makasineng wa Ms. e ne ya re: “Ke 5 lekgolong fela ya batho ba ba dingwaga di fetang 65 bao ba leng mo magaeng a go tlhokomela batsofe ka gonne batsofe le bontsi jwa ba losika ba rata legae bogolo go go tlhokomelwa ke setheo se se tlhokomelang batsofe.”

      Kgang e e latelang e bontsha kafa bangwe ba

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela