-
Fa Tirisodikgoka E Diragala mo LelapengTsogang!—1993 | February 8
-
-
Fa Tirisodikgoka E Diragala mo Lelapeng
“Tirisodikgoka e e dirwang ke batho—e ka tswa e le go phanya ka legofi kgotsa go kgarametsana, go tlhaba ka thipa kgotsa go hula—e dirisiwa thata mo lelapeng go na le gope fela mo setšhabeng sa rona.”—Behind Closed Doors.
TSAMAYA le mmila mongwe mo Amerika. Mo lelapeng lengwe le lengwe mo go a le mabedi, gangwe felafela gone go tla dirisiwa mokgwa mongwe wa tirisodikgoka mo lelapeng mo ngwageng eno. Mme mo lelapeng le le 1 mo go a le 4, e tla dirisiwa gantsintsi. Se se gakgamatsang ke gore, bontsi jwa bao ba tshabang go tsamaya bosigo ba nna mo kotsing le go feta kwa gae.
Mme legale ga se gore tirisodikgoka ke selo sa Amerika fela. E diragala go dikologa lefatshe lotlhe. Ka sekai, kwa Denmark dipolao tse 2 mo go tse 3 di diragala mo lelapeng. Patlisiso e e dirilweng mo Afrika e bontsha gore mo dipolaong tsotlhe, tse di diragalang mo lelapeng di tsaya 22 go ya go 63 lekgolong, go ya ka mafatshe ka go farologana ga one. Mme kwa Latin America batho ba le bantsi, bogolo jang basadi, ba a tlontlololwa, ba a teketwa, kgotsa ba bolawa ke banna bao go nna banna go ba ileng kwa tlhogong.
Kwa Canada basadi ba ba ka tshwarang lekgolo ba swa ngwaga le ngwaga ba bolawa ke banna ba bone ba ba ba nyetseng kgotsa ba ba nnang le bone kwantle ga lenyalo. Kwa United States, e e nang le batho ba ba fetang ba Canada ga makgetlo a le some, ngwaga le ngwaga basadi ba ba ka nnang 4 000 ba bolawa ke banna ba bone kgotsa ke ditsala tsa bone tsa basimane ba ba sa ba tshwareng sentle. Mo godimo ga moo, bana ba ka nna 2 000 ba swa ngwaga le ngwaga ba bolawa ke batsadi ba bone, mme le palo e e kalo ya batsadi ba bolawa ke bana ba bone.
Ka jalo, mo lefatsheng lotlhe, banna ba teketa basadi, basadi ba ngata banna, batsadi ba betsa bana, bana ba tlhasela batsadi, mme bana gape ba thubakanya ba bangwe. Buka e go tweng When Families Fight, ya re, “Mo botshelong jwa bone bagolo ba galefa kgotsa ba galefelwa le go dirisa kgotsa go direlwa dikgoka thatathata ke balosika, mme kgalefo eo e gaisa epe fela ya dikamano tse dingwe tsa batho.”
Ntwa ya mo Lelapeng
Go gobolola molekane: Gantsi banna ba tsaya gore setlankana sa lenyalo ke tetla ya go teketa mosadi. Lefa gone basadi ba ngata banna, ga ba ba gobatse jaaka fa go dira banna fa ba teketa balekane ba bone ba lenyalo. Makasine wa Parents o bega jaana: “Go feta 95 lekgolong ya ditiragalo tse di begilweng tsa kgobololo [e e maswe] ya molekane wa lenyalo ke tsa monna a teketa mosadi.”
Mmamelao wa kgaolo ya New York a re: “Mo bathong ba Amerika tirisodikgoka kgatlhanong le basadi e kgolo fela thata. FBI e ile ya fopholetsa gore . . . basadi ba ba ka tshwarang dimilione di le 6 ba teketwa ngwaga le ngwaga.” Lefa gone dipalo tsa ditiragalo di farologana go ya ka mafatshe, dipego di bontsha gore go teketwa ga basadi ke banna mo dinageng di le dintsi ke leroborobo.
Kwa United States, go fopholediwa gore “mosadi a le mongwe mo go ba le 10 o tlile go tlhaselwa mo go botlhoko (a itewa, a ragakwa, a longwa kgotsa a dirwa sengwe fela se se maswe le fo feta) ke banna ba bone fa ba ntse ba le mo lenyalong.” Fa go tsenngwa le ditiragalo tse di seng maswe thata, makasine wa Family Relations wa re, “mosadi a le mongwe mo go ba le babedi kwa United States o tlile go direlwa ka dikgoka mo lelapeng.”
Tota ebile, mmamelao wa kgaolo ya New York a re go setse go itsege gore “go betsa basadi go gobatsa basadi dikgobalo tse dintsi tse di tlhokang gore ba robadiwe kwa kokelong go gaisa dipetelelo tsotlhe, go kgothosa le dikotsi tsa dikoloi di kopantswe.”
Dr. Lois G. Livezey a re: “Go phepafetse gore tirisodikgoka kgatlhanong le basadi le tirisodikgoka mo lelapeng ke selo se se anameng, le gore batho ba ba go dirang . . . ke ba re ba itseng. . . . Ke bothata jo bogolo mo bathong ba maemo a a farologaneng le ba ditso tsotlhe mo setšhabeng.”
Fa gongwe batho ba ba gobololwang ba ipega molato, mme seo se bo se felela ka gore ba inyatse. Makasine wa Parents o tlhalosa jaana: “Mosadi yo o itseelang kwa tlase a sa itlotle o ipiletsa go gobololwa. . . . Mokgwa o o fitlhelwang mo basading ba ba gobololwang ke go boifa go rulaganya le go dira dilo ka bobone.”
Tirisodikgoka mo lenyalong gape e ama bana ka tsela e e maswe thata. Ba ithuta gore dikgoka di ka dirisiwa go fenya ba bangwe. Bommè bangwe ba bile ba bolela gore bana ba bone ba ba tshosetsa ka matshosetsi a a etsang, “Ke tla raya ntate gore a go betse,” e le gore ba tle ba bone se ba se batlang.
Go gobolola bana: Ngwaga le ngwaga bana ba le dimilione ba amogela dipaputla tse di botlhoko tse di ka nnang tsa ba gobatsa, tsa ba golafatsa, kgotsa le gone go ba bolaya tota. Go fopholediwa gore mo kgannyeng nngwe le nngwe e e begilweng ya kgobololo, di le 200 ga di begwe. Buka e go tweng Sociology of Marriage and the Family ya re, “Mo baneng, fa gongwe legae e nna lefelo le le diphatsa go a gaisa go nna mo go lone.”
Porofesara ya yunibesithi ebong John E. Bates a re go gobolola bana mo lelapeng ke sone selo se se tlhotlheletsang thata go gaisa gore bana ba tla tsoga ba itshwara ka tsela efe mo botshelong. Dr. Susan Forward a re: “Ga go na sepe se ke se itseng se se gobatsang go itlotla ga batho kgotsa se se dirang gore ba tshabelelwe ke go tobekana maikutlo fa ba setse ba godile go e gaisa.” Go galefa fa motho a le mo seemong se se pitlaganyang go itshupa le mo baneng ba dingwaga tse nnè go ya go tse tlhano. Fa ba setse ba gola, gantsi bana bao ba tshabelelwa ke go sa dirise diokobatsi sentle, go sa dirise bojalwa sentle, go nna le mekgwanyana ya bonokwane, go phailega tlhaloganyo, le go tlhalefela thateng.
Ka mo go utlwalang, bontsi jwa bana ba ba neng ba sa tshwarwe sentle ba tshwara motsadi yo o neng a ba gobolola ka pelo, mme gantsi ba tenegela le yo o neng a sa ba gobolole ka ntlha ya go bo a ile a letlelela gore tirisodikgoka e tswelele. Mo mogopolong wa ngwana, mosupi yo o nnang teng fa sengwe se diragala mme a bo a sa tseye kgato o ka nna a tsaya gore le ene o ne a rata.
Go gobolola batsofe: Go fopholediwa gore 15 lekgolong ya batsofe ba kwa Canada ba gobololwa mmele le maikutlo ke bana ba bone ba ba godileng. Ngaka nngwe e bolelela pele gore “seemo se tlile go bifela pele fa jaaka bontsi jwa batho ba ntse ba tsofala, mme le mekgweleo ya madi le ya maikutlo ya bana ba bone e ntse e gola.” Ditebelelo tse di ntseng jalo tse di tshosang di teng mo lefatsheng lotlhe.
Gantsi, batsofe ga ba rate go bega ka kgobololo. Ba ka nna ba bo ba tshela ka mogobolodi mme ka jalo ba bo ba tlhopha go tshela kafa tlase ga maemo a a maswe ao. Erile mmemogolo mongwe a botswa gore o ya go bolelela balaodi bothata leng ka ga morwawe le ngwetsi ya gagwe o ne a re “Nako e e tlang.” Ba ne ba mo iteile mo go botlhoko mo eleng gore o ne a bo a robadiwa mo kokelong kgwedi yotlhe.
Go gobololwa ga bana ke bana ba bangwe: Ono ke mokgwa o o tlwaelegileng wa tirisodikgoka mo lelapeng. Bangwe ba go dira ekete ga se selo sa sepe, ka go bolela jaana, “Basimane ba ntse jalo.” Lefa go le jalo, palo e e fetang sephatlo ya bana e ne e dirile dilo tse ba neng ba ka di sekesediwa fa ba ne ba di diretse motho o sele yo eseng leloko la lelapa.
Bontsi bo na le boikutlo jwa gore go gobololwa ga bana ke bana ba bangwe go ruta mekgwa e motho a golang ka yone. Mo go ba bangwe go ka ba a ga nna sone selo se segolo mo go direng gore motho a gobolole molekane wa lenyalo go na le fa a bone tirisodikgoka fa gare ga batsadi.
Botlhabanelo jo bo Diphatsa
Mmatlisisi mongwe mo go tsa molao o kile nako nngwe a fopholetsa gore mapodisi a biletswa go tla go tshereganya dikgotlhang tsa lelapa gantsi go gaisa ditiragalo tse dingwe tsotlhe tsa tlolomolao di kopantswe. O ne a re mapodisi a bolailwe a le mantsi thata fa ba ile go dirisana le dikgoberego mo lelapeng go na le fa ba ile go dirisana le sepe se sele. Lepodisi lengwe le ne la re, “Fa e le kgang ya go thukutha o a bo o itse gore go ka nna ga diragala eng. Mme fa o tsena mo ntlong ya motho . . . Ga o nke o itse gore go tla diragala eng.”
Morago ga go ithuta ka tirisodikgoka mo lelapeng, setlhopha sengwe sa patlisiso kwa Amerika se ne sa swetsa ka gore, kwantle ga masole ka nako ya ntwa, lelapa ke lone thulaganyo ya loago e e tletseng tirisodikgoka go di gaisa tsotlhe.
Ke eng se se tsalang tirisodikgoka mo lelapeng? A e tla fela? A tota go na le mabaka a e ka buelelwang ka one a a utlwalang? Setlhogo se se latelang se tla sekaseka dipotso tseno.
-
-
Tirisodikgoka mo Lelapeng E Tsalwa Ke Eng?Tsogang!—1993 | February 8
-
-
Tirisodikgoka mo Lelapeng E Tsalwa Ke Eng?
a“Go na le go nna botshabelo jwa dingalo, le go opisa tlhogo ga boitsholo jo bo ka kwantle, gantsi lelapa le lebega le tsala kgotsa gone go godisa dingalo tseno.”—The Intimate Environment—Exploring Marriage and the Family.
GO BATLISISA ka tirisodikgoka mo lelapeng ke selo se se sa tswang go simololwa bosheng jaana. Ditshekatsheko tse di duleng diatla di dirilwe mo masomeng a dingwaga a a sa tswang go feta. Se se ileng sa lemogiwa ka dipatlisiso tseo ga se ka metlha se tlhomameng, mme lefa go le jalo dilo tsa konokono tse di bakang tirisodikgoka mo lelapeng di bonwe. A re sekasekeng dingwe tsa tsone.
Seemo sa mo Lelapeng Sena le Seabe Sefe?
Babatlisisi ba le bantsi ba ne ba bolela jaana ka se ba ileng ba se lemoga: “Go ya ka gore banyalani ba re neng re ba botsolotsa ba dirisa dikgoka go le kana kang, le bana ba bone ba ne ba ntse fela jalo mo gare ga bone, le mo batsading ba bone.”
Ka go bogela tirisodikgoka mo lelapeng fela ngwana o amega fela thata. Ngaka e e alafang kwantle ga tiriso ya melemo ebong John Bradshaw a re, “Ngwana yo o bonang mmaagwe a teketwa o tshwana fela le ngwana yo o teketwang.” Mosha mongwe yo o bidiwang Ed o ne a sa rate go bona rraagwe a betsa mmaagwe. Lefa go le jalo, le mororo a ne a sa lemoge, o ne a rutiwa go dumela gore banna ba tshwanetse go laola basadi mme gore ba kgone go dira seo, banna ba tshwanetse go ba tshosa, go ba utlwisa botlhoko, le go ba nyenyefatsa. Fa a sena go gola, Ed o ne a dirisa mekgwa eno e e gobololang, ya dikgoka mo mosading wa gagwe.
Batsadi bangwe ba kelotlhoko gore bana ba bone ba seka ba bogela tirisodikgoka mo thelebisheneng, mme seo ke selo se se molemo thata. Mme lefa go le jalo batsadi ba tshwanetse go nna keletlhoko le go feta ka boitshwaro jwa bone jaaka fa e le bone dikao tsa bana ba bone ba go leng motlhofo ka bone go anywa dilo.
Go Wela Dingalo go na le Seabe Sefe?
Go ima, go tlhoka tiro, go swelwa ke motsadi, go fuduga, bolwetse, le mathata a tsa madi di wetsa dingalo, fela jaaka go ntse ka dilo tse dingwe. Bontsi jwa batho bo dirisana le go wela dingalo ba sa dirise dikgoka. Lefa go le jalo, mo go ba bangwe, go wela dingalo go ka tsala tirisodikgoka, bogolo jang fa go kopane le mabaka a mangwe gape. Ka sekai, go tlhokomela batsadi ba ba tsofetseng—fa motsadi a lwala—gantsi go ile ga tsala kgobololo fa motlhokomedi a imelwa ke maikarabelo a mangwe gape a lelapa.
Go godisa bana go wetsa dingalo. Ka lebaka leo, gore bana ba seka ba tshwarwa sentle go ka nna ga oketsega fa lelapa le ntse le oketsega. Gape bana ba ka nna ba oketsa go gobololwa ga molekane wa lenyalo, ka gore “ke go omanela bana mo gantsi go ka nnang ga dira gore banyalani ba neelane mabole,” go bega jalo Behind Closed Doors.
Go sa Lebe ba Bong jo Bongwe ka Tshwanelo
Dan Bajorek, yo o nang le setlhopha se se gakololang kwa Canada, a re banna ba ba gobololang ba na le pono e phoso ka basadi: “Go sa kgathalesege setso sa bone, bagodisitswe ka tsela e e dirileng gore ba dumele gore banna ke bone ke bone.” Hamish Sinclair, yo e leng tlhogo ya thulaganyo e e diretsweng go thusa banna ba ba gobololang, a re banna ba dirilwe gore ba dumele gore ba feta basadi le gore ke tshwanelo ya bone “go ba otlhaya, go ba tlhamalatsa kgotsa go ba tshosa.”
Mo dinageng di le dintsi go tsewa gore monna o na le tshwanelo ya go tshwara mosadi wa gagwe jaaka sengwe fela se e seng motho, jaaka sengwe sa dithoto tsa gagwe. Go laola ga gagwe mosadi wa gagwe go tsewa gore o supa gore ke monna tota yo o tlotlegang. Gantsi basadi ba betswa mo go botlhoko mme eseng jalo baa gobololwa, mme le molao ga o thuse ka sepe mo ntlheng eno ka gore ke mokgwa mo dinageng tseo. Monna o mogolo, mosadi o kwa tlase; mosadi o tshwanetse a mo ikobela ka botlalo go sa kgathalesege gore ga a na tlotlo, o dikgoka, o bosula, kgotsa o pelotshetlha go le kana kang.
Mmegadikgang wa thelebishene ya CBS o ne a bega jaana ka lefatshe lengwe la Amerika Borwa: “Ga go na gope mo Latin America koo go nna monna go obamelwang thata go gaisa mono . . . Go itshupa gongwe le gongwe mo bathong, le kwa ntlong ya tshekelo tota kwa monna a ka kgonang go femela go tshwanelwa ke tlotlo ga gagwe mme a bo a sa otlhaelwe polao, bogolo jang fa go balailwe mosadi.” O ne a bolela gore “ga go na lefelo lepe mo lefatsheng le le nyenyefatsang basadi” jaaka lefatshe leo le dira. Mme legale go gatelela basadi le go ba nyatsa mo go dirwang ke banna go aname. Ga go bonwe mo lefatsheng le le lengwe fela fela, lefa e le gore gongwe koo go ka tswa go le maswe thata.
Minna Schulman, yo e leng mookamedi wa lephata le le itebagantseng le tirisodikgoka mo lelapeng le go tlhomamisa gore batho ga ba tlole molao kwa New York, a re dikgoka ke sedirisiwa seo banna ba se dirisang go laola le go bontsha nonofo ya bone mo basading. O ne a tlatsa ka gore: “Re tsaya tirisodikgoka mo lelapeng e le go sa diriseng thata le taolo ka tshwanelo.”
Bangwe ba banna ba ba itayang basadi ba bolawa ke go inyatsa, e leng jone boikutlo jo ba bo tsenyang mo bathong ba ba ba betsang. Fa ba ka dira jalo, seriti sa bone sa a bo se noseditswe, mme jaanong ba bo ba ikutlwa ba le botoka le go nna le taolo mo mothong yo mongwe. Ba nna le boikutlo jwa gore ba supa fa e le banna tota ka go dira jalo. A mme gone go ntse jalo? Ereka ba dirisa dikgoka mo basading ba ba senang mashetla jaaka bone, a seo se supa gore tota ka boammaaruri ke banna ba ba nang le thata, kana go na le moo, go supa gore ga ba na tlhaloganyo? A mme ke jone bonna gore monna yo o nonofileng a betsake mosadi yo bokoa, yo o senang boitiro? Monna yo o nang le botho jwa setho sentle o tla akanyetsa le go utlwela botlhoko ba ba bokoa le ba ba senang boitiro, e seng go ba sotla.
Sengwe se gape se bontshang go sa akanye sentle ga mogobolodi ke gore gantsi o pega mosadi wa gagwe molato wa gore ke ene a dirang gore a felele a mmeditse. O ka nna a supa, gongwe a bo a mmolela dilo tse di tshwanang le: ‘Ga o a ka wa dira selo seno sentle. Ke sone seo o bonang ke go betsa.’ Kgotsa: ‘Re jele dijo thari, ka jalo o amogela se se go tshwanetseng.’ Mo mogopolong wa mogobolodi, ke mathata a mosadi. Lefa go le jalo, ga go na phoso epe e e ka dirwang ke molekane wa lenyalo e e ka dirang gore a teketwe.
A Bojalwa bo Tsenya Letsogo?
Ereka bojalwa bo oketsa le go godisa maemo a go dira dilo motho a sa akanya, ga go gakgamatse fa bangwe ba ikutlwa gore bo ka tsala kgobololo. Gantsi motho o kgona go laola maikutlo a bothubaki fa a sa nwa, mme morago ga go nwa bojalwa go sekae, o nna mogobolodi. Bojalwa bo dirile gore a latlhegelwe ke go akanya sentle gape bo fokoditse bokgoni jwa gagwe jwa go laola maikutlo a gagwe.
Lefa go le jalo, bangwe ba re tota mathata a bakiwa ke dingalo go na le bojalwa ka bojone. Ba re motho yo o dirisang bojalwa go lwa le letsapa o tshwana le motho yo o dirisang dikgoka go le fenya. Seno se raya gore monwi o ka nna a gobolola fela ka tsela e e tshwanang go sa kgathalesege gore a o nole kgotsa nnyaa. Lefa go le jalo, go sa kgathalesege gore mabaka ke afe mo kgannyeng eno, kwantle ga pelaelo bojalwa ga bo tsamaelane le go laola maikutlo mme ebile ka tlwaelo bo kgoreletsa go dira seo.
Kafa Bobega Dikgang bo Tlhotlheletsang Boitshwaro jwa Batho ka Teng
Bangwe ba re, thelebishene, yone le dibaesekopo, di kgothaletsa banna go iwa ke bonna kwa tlhogong le go ruta gore dikgoka ke tsela e e siameng ya go itebaganya le dikgotlhang le bogale. Mogakolodi mongwe wa tsa lelapa o dumela jaana, “Ke ne ka gakgamadiwa ke tsela eo ke neng ke rata baesekopo ya Rambo ka yone. Fa mogolo yo o utlwang molao [mo go nna] a tshosiwa ke dipolao tse dintsi tsa ga Rambo, ngwana [yo o mo go nna] e ne o mo opela legofi.”
Ereka bana ba le bantsi ba lebelela thelebishene ka diura di le dintsi ba lebile ditiro tse di senang palo tsa tirisodikgoka, petelelo, le go nyenyefadiwa ga batho ba bangwe, bogolo jang basadi, ga go gakgamatse bontsi jwa bone bo dira mekgwa eno e e seng ya setho mo bathong ba bangwe fa ba gola. Mme ga se bana fela ba ba amegang le bagolo tota.
Gape, bogolo jang mo dingwageng tsa bosheng jaana, selekanyo sa tirisodikgoka e e feteletseng, boitsholo jo bo sa siamang, le go nyenyefadiwa ga basadi jaaka go bontshiwa mo thelebisheneng le mo dibaesekopong go oketsegile fela thata. Seno kwantle ga pelaelo se tla oketsa tirisodikgoka mo lelapeng. Fela jaaka setlhopha sengwe se se batlisisang se ile sa lemoga, go na le “kamano e e papametseng . . . gareng ga go bogela tirisodikgoka le go nna bogale.”
Kafa go Lomologa go Nnang le Seabe ka Teng
Dikamano tsa setho ga di sa tlhole di le teng mo bathong ba le bantsi gompieno. Dishopo tse ditona di emiseditse dishopo tse dinnye tsa lefelo. Go shafadiwa ga ditoropo, mathata a tsa itsholelo, le go tlhoka ditiro go ile ga patelela malapa gore a tlhome a tlhomolola. Bao ba senang dikamano tse di nonofileng tsa loago ke bone bao go fitlhetsweng tirisodikgoka e le ntsi thata mo go bone.
Mo bukeng ya gagwe e go tweng Intimate Relationships, Marriage, and the Family, James C. Coleman, o tlhalosa gore ke eng fa a akanya gore go ntse jalo. Boikutlo jwa gagwe ke gore go itomolola go dira gore motho a seka a nna le sebaka sa go tlotla ka dilo tse di nang le mosola mme gape go dira gore mogobolodi a seka a kgona go leba seemo se a mo go sone sentle le go batla thuso mo tsaleng e ba ntshanang seinong. Go sa nneng le ditsala le balosika ba ba atamelang le motho bao ba ka mo kgoreletsang go dira gore motho a diragatse boithatelo ka tshosologo, ereka go akanya ga gagwe mo go phoso go sa kgalemelwe ke ba bangwe ba ba gaufi le ene. Go ntse fela jaaka Diane 18:1 e tlhalosa: “Eo o itomololañ o batla keleco ea gagwè ka esi, me a shakgalèle botlhale yotlhe yo bo itekanetseñ.”
Go Thusa Lelapa le go Nang le Tirisodikgoka mo go Lone
Re tlotlile fela ka karolwana ya seo go tlhalosiwang se baka tirisodikgoka mo lelapeng. Go na le mo gontsi. Ereka jaanong re bone kwa bothata bo tswang teng, re tlhoka he jaanong go tlhatlhoba ditharabololo. Fa e le gore motho o mo lelapeng le le nang le tirisodikgoka, mokgwa oo wa kgobololo o ka emisiwa jang? Bibela yone ya reng? A go dirisa dikgoka mo lelapeng go tla tsamaya go fela? Setlhogo se se mo tsebeng ya 10 se tla araba dipotso tseno.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 9]
Go Gobolola mo Maikutlong—Go Tlhaba ka Mafoko
FA E le kgobololo ya mmele go dirisiwa mabole; fa e le kgobololo ya maikutlo go tlhaselwa ka mafoko. Pharologano e e teng ke ya dibetsa tse di dirisiwang fela. Go ntse fela jaaka Diane 12:18 e bolela: “Go na le go bua ka kgakgabuèlō yaka ditlhabō tsa putlèla: me loleme loa motho eo o botlhale ke phodishō.”
Kgobololo ya maikutlo e kotsi go le kana kang, go kopanyeletsa le “ditlhabō [tseno] tsa putlèla”? Dr. Susan Forward o kwala jaana: “Diphelelo di tshwana fela [le tsa kgobololo ya mmele].” Fa go buiwa ka seemo sa maikutlo, “O gobetse, o ikutlwa o sena boitiro, le go utlwa botlhoko ka tsela e e tshwanang.”
Go gobolola maikutlo a molekane: “Tirisodikgoka mo lelapeng ga e felele fela ka dipaputla. Karolo e kgolo, e gongwe e ebileng e le kgolo go di gaisa, e dirwa ka mafoko le maikutlo,” go ne ga bolela jalo mongwe yo o saleng a ntse a gobadiwa maikutlo ka lobaka lo lo leele. Kgobololo e ka kopanyeletsa go bidiwa ka mainanyana, go goiwa, le go kgalwa ka metlha, matlhapa a a nyenyefatsang, le go solofediwa dipaputla.
Mafokonyana a a sa reng ee a lonyatso, a a kgobang, kgotsa a a tshosang a ka dira tshenyo e e seng kana ka sepe. Fela jaaka metsi a a elelang mo letlapeng, mafoko a lekgobo a a buiwang a ka nna a lebega kwa tshimologong a sa re sepe. Mme e re go ise go ye kae motho a bo a latlhegelwa ke go itlotla. Mosadi mongwe o ne a re, “Fa ke ne ke ka tlhopha gareng ga go itewa le go gobololwa ka mafoko, ke ka ikanya go betswa.” O ne a tlhalosa jaana, “O ka kgona go bona mabadi, mme ka jalo batho ba ka kgona go lela le wena. Fa e le ka go tlhabiwa ka mafoko, go go fedisa pelo. Dintho tsa teng ga o kake wa di bona. Ga go na ope yo o nang le sepe le wena.”
Go gobolola maikutlo a ngwana: Seno se ka kopanyeletsa go kgala le go nyatsa ponalo ya ngwana, botlhale, bokgoni, kgotsa boleng jwa gagwe jaaka motho. Go tshega ka motho ke selo se se gobatsang le go feta. Gantsi bana ba tsaya mafoko jaaka a ntse, ba sa farologanye se se neng se buiwa go tlhoafetswe le se se neng se buiwa go “tshamekwa.” Ngaka ya lelapa e e alafang e sa dirise melemo ebong Sean Hogan-Downey a re: “Ngwana o utlwa botlhoko, mme ba bangwe bone ba a tshega, ka jalo a bo a felela a sa tlhole a tshepha maikutlo a gagwe.”
Ka jalo he, mo mabakeng a le mantsi, go na le boammaaruri mo go seo raditiragalo le mokwadi wa Mosekotšhe ebong Thomas Carlyle a kileng a se bua: “Ka kakaretso ke lemoga gore go ja ditshego, ke puo ya ga Diabolo; ke go ne ka moo, ke saleng ke e latlhile bogologolo.”
Joy Byers, yo e leng mankge mo go tsa kgobololo ya bana, a re: “Go gobolola ngwana mo mmeleng go ka mmolaya, mme gape o ka bolaya botho jwa gagwe, mme seo ke sone se dikakgelo tse di sa siamang tsa ka metlha tsa batsadi di ka se dirang.” Makasine wa FLEducator o akgela jaana: “Go farologana le go ntsha ntho e e bonalang mme go tsweng foo e timele, go gobolola maikutlo go baka diphetogo tse di sa bonaleng mo mogopolong wa ngwana le mo bothong jwa gagwe tse di fetolang gotlhelele botshelo jwa gagwe le tirisano ya gagwe le ba bangwe.”
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Fa ngwana a aramela tirisodikgoka go nna le tlhotlheletso e kgolo mo go ene mo dingwageng tse di tlang
-
-
Go Fela ga Tirisodikgoka ya mo LelapengTsogang!—1993 | February 8
-
-
Go Fela ga Tirisodikgoka ya mo Lelapeng
“Go thibelwa ga thubakanyo mo gae le go fokotsa tirisodikgoka mo lelapeng go tlhoka go fetola tsela ya go dira dilo mo setšhabeng le mo lelapeng.”—Behind Closed Doors.
POLAO ya ntlha mo ditiragalong tsa motho e ne e le ya motho a bolaya morwarraagwe. (Genesise 4:8) Mo diketeketeng tsa dingwaga tse di ileng tsa feta fa e sale go tloga ka nako eo, motho o sale a ntse a le mo nthagarageng ya mekgwa yotlhe ya tirisodikgoka mo lelapeng. Go ile ga ntshiwa megopolo e le mentsi ya kafa bothata bo ka rarabololwang ka teng, mme lefa go le jalo, bontsi jwa yone e na le mathata ka boyone.
Ka sekai, go sokolola go direlwa fela bao ba amogelang gore ba na le bothata. Mongwe yo o kileng a bo a gobolola mosadi o bua jaana ka khutsafalo: “Mo go mongwe le mongwe wa rona [ba re ntse re sokololwa], go na le banna ba le bararo koo ba ba reng, ‘o tshwanetse go tsenya mosadimogolo mo tseleng.’” Ka jalo go raya gore mogobolodi o tshwanetse go dumela gore o na le bothata. Go tlile jang gore a felele e le mogobolodi? Ka go thusiwa go baakanya diphoso tsa gagwe, o ka nna a felela a kgonne bothata jwa gagwe.
Mme kana dithulaganyo tsa loago ga di na badiri ba ba lekaneng. Ka jalo, go fopholediwa gore mo 90 lekgolong ya dipolao tsa bana mo United States, go a bo go ile ga begwa ka seemo se se diphatsa mo lelapeng go le pele. He, dithulaganyo le mekgatlho e e disang e ka kgona fa e kgonang teng mme eseng gotlhe. Go na le sengwe se se tlhokegang thatathata.
“Botho jo Bosha”
Setlhopha sengwe sa patlisiso se ne sa re, “Se se tlhokegang se lekana le go dirwa sesha ga dikamano tsa maloko a lelapa.” Tirisodikgoka mo lelapeng ga se bothata jwa mabole fela; sa ntlhantlha ke bothata jwa mogopolo. Peo ya gone e jalwa ke kafa maloko a lelapa—molekane, ngwana, motsadi, ngwana wa ga mmaago—ba lebanang ka gone. Go dira dikamano tseno sesha go raya go nna le seo Bibela e se bitsang ‘botho jo bosha.’—Baefesia 4:22-24; Bakolosa 3:8-10.
A re sekasekeng mengwe ya melaometheo ka lelapa e e mo Bibeleng e e re thusang go nna le botho jo bo tshwanang le jwa ga Keresete jo bo ka gogelang mo goreng maloko a lelapa a nne le kamano e e botoka.—Bona Mathaio 11:28-30.
Tsela ya go leba bana: Go nna motsadi go raya mo gontsi go na le go tshola ngwana fela. Mme legale, ka maswabi, bontsi gompieno bo tsaya bana ba bone jaaka mokgweleo mme ka jalo ba bo ba sa tseye boikarabelo jwa bone jaaka batsadi ka tlhoafalo. Bano ke bone ba ka nnang ba felela e le bagobolodi.
Bibela ya re bana ke “boshwa yoa ga Yehofa” le “tuèlō.” (Pesalema 127:3) Batsadi ba ikarabela fa pele ga Mmopi mabapi le go tlhokomela boswa joo. Bao ba tsayang gore bana ke mokgweleo ba tlhoka go tlhagolela botho jo bosha mo ntlheng eno.a
Go sa solofele go feta selekanyo mo baneng: Patlisiso nngwe e bontshitse gore bontsi jwa bommabana ba ba gobololang ba solofela gore maseanyana a ngwaga e le nngwe ba bo ba setse ba itse go farologanya molemo le bosula. Nngwetharong ya bao ba ileng ba botsolotswa bone ba ile ba re fa a le dikgwedi di le thataro.
Bibela e bontsha gore mongwe le mongwe o tsholwa a sa itekanela. (Pesalema 51:5; Baroma 5:12) Ga e re go nna le temogo ke selo se motho a tsalwang ka sone. Go na le moo, ya re “ka go dirisiwa” dinonofo tsa motho tsa temogo di “rutiwa go farologanya molemo le bosula.” (Bahebera 5:14, NW) Mo godimo ga moo, Bibela e bua ka “dilō tsa bonyana,” “boeleele” jwa bosimane, le “boithamako” jwa bosha. (1 Bakorintha 13:11; Diane 22:15; Moreri 11:10) Batsadi ba tshwanetse go tlhaloganyo ditlhaelo tseno, ba seka ba solofela dilo tse di sa tshwaneleng dingwaga le bokgoni jwa ngwana.
Go otlhoya bana: Mo Bibeleng lefoko la Segerika le le ranotsweng go twe “otlhaya” le raya “ruta.” Ka jalo, boikaelelo jwa konokono jwa go otlhaya, ga se go utlwisa botlhoko, mme ke go ruta. Bogolo jwa tiro eo bo ka dirwa kwantle ga go mo phanya marago, lefa gone fa gongwe go ka nna ga tlhokega. (Diane 13:24) Bibela ya re: “utlwañ thutō, lo tlhalehè.” (Diane 8:33) Ka tsela e e tshwanang, Paulo le ene o ne a re motho o tshwanetse go nna “boiphaanyō,” a fe kgalemo ka “bopelotelele.” (2 Timotheo 2:24; 4:2) Seno se raya gore ga go kitla go nna le go kgomoga ka bogale le go dirisa mashetla mo go feteletseng lefa e leng gore go mo phanya marago go a tlhokega.
A ko e re o akantse ka melaometheo eno ya Bibela o ipotse jaana: ‘A kotlhao ya me e a ruta, kgotsa e laola ka go utlwisa botlhoko? A kotlhao ya me e nwetsa melaometheo e e siameng kgotsa letshogo fela?’
Ditlhaelo tsa boitshwaro tsa bagolo: Mogobolodi mongwe o bolela gore o ne a “palelwa ke go itshwara” mme a betsa mosadi wa gagwe. Mogakolodi o ne a botsa rre yoo gore a o kile a tlhaba mosadi wa gagwe. Rre yoo o ne a araba ka gore, “Moo ga se mo nka go dirang!” Rre yoo o ne a thusiwa gore a bone gore o ne a direla dilo mo selekanyong, mme fela mathata ke gore e ne e se selekanyo se se tshwanetseng.
Selekanyo sa gago ke sefe? A o ema pele ga fa dipharologanyo di tsala kgobololo? Kana o tenega mo e leng gore o felela o goa, o rogana, o kgarametsa, o latlhaganya dilo, kgotsa o teketa?
Botho jo bosha bo na le melelwane e e gagametseng, e e kgakala thata le go ka letla go gobolola maikutlo kgotsa mmele. Baefesia 4:29 ya re, “A go se cwe puō epè e e bodisañ mo melomuñ ea lona.” Temana 31 e tlatsa jaana: “A go latlhwè mañadiñadi, le kgakalō, le bogale, le kōmañ, le go kgala, le kilō eotlhe.” Lefoko la Segerika le le ranotsweng “bogale” le kaya “go kgomoga.” Se se kgatlhang ke gore, buka e go tweng Toxic Parents ya re selo se se tshwaegang ka bagobolodi ba bana ke “go palelwa ke go laola maikutlo mo go maswe fela thata.” Botho jo bosha bo laola go dira ka go kgomoga, e ka tswa e le ga sebele kgotsa ga puo.
Ee gone, botho jo bosha bo akaretsa monna le mosadi ka bobedi. Mosadi o tshwanetse go ikela tlhoko gore a seka a rumola molekane wa gagwe, a anaanele maiteko a gagwe a go tlhokomela lelapa, a dirisane le ene. Mme go se nne ope wa bone yo tla batlang se ope wa bone a ka sekang a se kgona—go itekanela. Go na le moo, boobabedi ba tshwanetse go dirisa 1 Petere 4:8: “Me bogolo go dilō cotlhe, a go ratana ga lona go tukè; gonne loratō lo tlo lo bipe bontsi yoa dibe.”
Go tlotla batsofe: Lefitiko 19:32 ya re, “Tlotla batsofe.” (Today’s English Version) Seno e ka nna kgwetlho fa e le gore motsadi yo o tsofetseng o a lwala kgotsa o batla sele le sele. Timotheo wa Ntlha 5:3, 4 e bua ka go “tlotla” le go “leboga” batsadi. Seno se ka kopanyeletsa go ba tlamela ka tsa madi mo godimo ga go ba tlotla. Fa re akanya ka se batsadi ba rona ba se re diretseng fa re santse re le maseanyana a a senang boitiro, re tshwanetse ra ba tsaya ka tsela e e tshwanang fa go tlhokegang teng.
Fenya go lwa ga bana mo lapeng: Pele ga fa go galefa ga ga Kaine go mo dira gore a bolaye monnawe ebong Abele, o ne a gokololwa jaana: “Sebe se kokota fa mojakong wa gago. Se batla go go laola, mme o se fenye.” (Genesise 4:7, TEV) Maikutlo a ka laolwa. Ithuteng go itshokelana, “lo itshokelana ka bopelotelele ka lo ratana.”—Baefesia 4:2, Phillips.
Ithute go Ntsha Maoma a Pelo
Bontsi jwa batho ba ba bogang ka ntlha ya tirisodikgoka mo lelapeng ga ba ke ba go bolelela ope. Mme lefa go le jalo Dr. John Wright o kgothatsa jaana: “Basadi ba ba teketwang ba tshwanetse go batla tshireletso ya maikutlo le mmele ya mongwe o sele yo o ka kgonang.” Seo se raya le mongwe le mongwe fela mo lelapeng yo o gobololwang.
Ka dinako tse dingwe motho yo o bogang o go fitlhela go le thata go bulela motho yo mongwe mafatlha a gagwe. Ka tota gone, go nna boikanyego mo kamanong e e atamalaneng thata ya motho—eleng lelapa—go tsetse mahutsana. Lefa go le jalo, Diane 18:24 ya re, “go na le tsala e e kgomarèlañ motho bogolo go ñwana oa ga rragwè.” Go bona tsala e e ntseng jalo le go ithuta go mmolelela ka boikanyego ke kgato ya botlhokwa ya go bona thuso e e tlhokegang. Ee gone, mogobolodi le ene o tlhoka go thusiwa.
Ngwaga le ngwaga diketekete tse di makgolokgolo di fetoga bangwe ba Basupi ba ga Jehofa. Bano ba itebaganya le kgwetlho ya go nna le botho jo bosha. Mo go bone go na le ba ba kileng ba bo ba dirisa dikgoka mo lelapeng. Go lwa le tshekamelo epe ya go boela mo seemong seo gape, ba tshwanetse gore ka metlha ba letle Bibela go nna “molemō go ruta, le go kgalemèla, le go shokolola.”—2 Timotheo 3:16.
Mo Basuping bano ba basha, go nna le botho jo bosha ke selo se se tswelelang pele, ka gore Bakolosa 3:10 ya re ke ‘jo bo ntseng bo shafadiwa.’ Ka jalo go iteka o sa kgaotse ke selo se se tlhokegang. Se se itumedisang ke gore, Basupi ba ga Jehofa ba tshegediwa ke matshutitshuti a “bomorwa rra[abo], le bokgantsadi[abo], le bomma[abo], le bana” ba semoya.—Mareko 10:29, 30; bona gape le Bahebera 10:24, 25.
Gapegape, mo diphuthegong tse di ka tshwarang 70 000 tsa Basupi ba ga Jehofa go dikologa lefatshe, go na le balebedi ba ba lorato ba ba tshwantshiwang le “boitiketso mo phefong le lefelo la go tshabela matsubutsubu mo go lone.” Ba tla “bona le go utlwa se se tlhokwang ke batho.” (Isaia 32:2, 3, TEV) Ka jalo bao ba sa tswang go nna Basupi ba ga Jehofa bosheng, le bao ba setseng ba na le maitamogelo, ba na le lekadiba le mo go lone ba ka bonang thuso mo phuthegong ya Bokeresete jaaka fa ba ntse ba lekela go nna le botho jo bosha.
Balebedi ba ba Pelotlhomogi
Fa batho ba atamela balebedi ba Bakeresete mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa go bona kgakololo, balebedi bano ba rutilwe go reetsa mongwe le mongwe ka go tshwana. Ba kgothalediwa go utlwela botlhoko thata le go tlhaloganya mongwe le mongwe, bogolo jang bao ba ileng ba gobololwa thata.—Bakolosa 3:12; 1 Batheselonia 5:14.
Ka sekai, mosadi yo o teketilweng o ka nna a bo a utlwisitswe botlhoko fela thata. Mo dinageng di le dintsi gompieno, fa go ne go ka bo go teketilwe mongwe o sele yo e seng leloko la lelapa ka mokgwa oo, mogobolodi yoo o ka bo a feletse a le mo kgologelong. Ka jalo bao ba ileng ba utlwisiwa botlhoko ba tshwanetse go tshwarwa ka tsela e e bonolo, fela jaaka go tshwanetse ka botlhe bao ba ileng ba gobololwa ka mekgwa e mengwe ya kgobololo, e etsang ya tlhokanelodikobo.
Mo godimo ga moo, batho bao ba tlolang molao wa Modimo ba tshwanelwa ke go di arabela. Ka tsela eno phuthego e bolokwa e le phepa, mme le batho ba bangwe ba ba senang molato ba a sirelediwa. Mme se se botlhokwa le go feta, go tshololelwa moya wa Modimo ga go kgorelediwe.—1 Bakorintha 5:1-7; Bagalatia 5:9.
Kafa Modimo o Lebang Lenyalo ka Teng
Fa batho e nna bangwe ba Basupi ba ga Jehofa, ba dumelana le go laolwa ke melaometheo ya go tshela Sekeresete e e fitlhelwang mo Lefokong la Modimo. Ba ithuta gore monna o beilwe go nna tlhogo ya lelapa, gore a le kaele mo kobamelong ya boammaaruri. (Baefesia 5:22) Legale botlhogo ga bo neele motho tetla ya go bogisa mosadi, go senya botho jwa gagwe, kgotsa go itlhokomolosa dikeletso tsa gagwe.
Go na le moo, Lefoko la Modimo le papamatsa gore banna ba tshwanetse “go tswelela ba rata basadi ba [bone], fela jaaka Keresete le ene a ratile phuthego mme a e intshetsa . . . Banna ba tshwanetse go rata basadi ba bone jaaka mebele ya bone. Yo o ratang mosadi wa gagwe o a ithata, ka gonne go ise go ko go nne le monna ope yo o kileng a ila nama ya gagwe; mme o a e otla le go e tlhokomela.” (Baefesia 5:25, 28, 29, NW) Tota ebile, Lefoko la Modimo la re basadi ba tshwanetswe ke “tlotlo.”—1 Petere 3:7; bona gape le Baroma 12:3, 10; Bafilipi 2:3, 4.
Ka phepefalo ga go na monna ope wa Mokeresete yo ka boammaaruri a ka reng o rata mosadi wa gagwe tota kgotsa o a mo tlotla fa a mo gobolola ka mafoko kgotsa mo mmeleng. Moo e tla bo e le boitimokanyi, ka gonne Lefoko la Modimo le bolela jaana: “Banna, ratañ basadi ba lona, me lo se ka loa ba ñañalèla.” (Bakolosa 3:19) Mo bogautshwaneng, fa katlholo ya Modimo e tla bo e tlisiwa kgatlhanong le tsamaiso eno e e bosula kwa Hara–Magedona, baitimokanyi ba tla welwa ke seru se se tlileng go wela baganetsi ba puso ya Modimo.—Mathaio 24:51.
Monna yo boifang Modimo o tshwanetse go rata mosadi wa gagwe jaaka a dira ka mmele wa gagwe. A o ka betsa mmele wa gagwe, a ipholea sefatlhogo ka mabole, kgotsa a itsubula moriri? A o ka inyenyefatsa ka lesotlo le go ija ditshego fa pele ga batho? Motho yo o ntseng jalo batho ba ka tsaya gore ga di tseye sentle kwa tlhogong.
Fa monna wa Mokeresete a teketa mosadi wa gagwe, go lo moo go dira gore ditiro tse dingwe tsa gagwe tsa Bokeresete e nne lefela fa pele ga Modimo. Gakologelwa gore, “moitei” ga a tshwanelwe ke ditshiamelo mo phuthegong ya Bokeresete. (1 Timotheo 3:3; 1 Bakorintha 13:1-3) Ee gone, le mosadi ope fela yo o tsayang monna wa gagwe jalo o tlola Molao wa Modimo.
Bagalatia 5:19-21 e akaretsa “dikilanō, le kgañ, . . . le dikgakalō” mo ditirong tse di kgalwang ke Modimo mme e bo e bolela gore “ba ba dihañ dilō tse di nntseñ yalo, ga ba ketla ba rua bogosi yoa Modimo.” Ka jalo, go teketa molekane kgotsa bana ga go kake ga emelwa ka gope. Gantsi ga go kafa molaong wa naga mme ebile kwantle ga pelaelo ga go kafa molaong wa Modimo.
Tora ya Tebelo, e leng makasine o o gatisiwang ke Basupi ba ga Jehofa, o ile wa neela seo Dikwalo di se bolelang mo kgannyeng eo, o bua jaana ka bao ba ipolelang gore ke Bakeresete ntswa e le bateketi: “Mongwe le mongwe yo o ipolelang gore ke Mokeresete mme ka metlha le ka botlhogoethata a tlala bogale o ka nna a kgaolwa,” a tlosiwa.—August 1, 1976, tsebe 190; bapisa 2 Yohane 9, 10.
Se Se Letlelelwang ke Molao wa Modimo
Kgabagare Modimo o tla atlhola ba ba tlolang molao wa gagwe. Mme mo nakong eno, Lefoko la one la reng mabapi le balekane ba Bakeresete bao ba teketiwang fa moteketi a sa fetoge mme a tswelela ka go teketa? A batlhaselwa ba ba senang molato ba patelesega go tsenya botsogo jwa bone jwa senama, jwa tlhaloganyo, le jwa semoya, tota gongwe le matshelo a bone mo kotsing?
Tora ya Tebelo, fa e akgela mabapi le tirisodikgoka mo lelapeng, e tlhalosa se Lefoko la Modimo le se letlelelang. Ya re: “Moaposetoloi Paulo o gakolola jaana: ‘Mosadi gaa tshwanela go tlogela monna wa gagwe; mme fa e le gore o patelesega go mo tlogela, a a se ka a nyalwa gape kgotsa e seng jalo a boe a agisane le monna wa gagwe; mme le monna a se tlogele mosadi wa gagwe.’” Setlhogo seo se tswelela ka go bontsha gore: “Fa e le gore kgobolola e gola mo e ka se kang ya itshokelwa, kgotsa le jone botshelo bo nna mo kotsing, molekane yo o dumelang o ka nna a tlhopha go ‘tsamaya.’ Mme legale maikaelelo e tshwanetse a go boa go ‘agisanwa gape’ mo nakong e e tlang. (1 Bakorintha 7:10-16) Lefa go le jalo, ‘go tsamaya’ ka bo gone ga se mabaka a Dikwalo a go tlhala le go nyalwa/nyala gape; tlhalano ya kafa molaong kgotsa kgaogano ya kafa molaong e santse e ka sireletsa kgatlhanong le kgobololo e e oketsegileng.”—September 1, 1983, ditsebe 28-9; bona gape le tokololo ya November 1, 1988, ditsebe 22-3.
Seo motho yo o gobololwang a se tlhophang mo maemong a a ntseng jalo e tshwanetse ya nna tshwetso ya gagwe. “Moñwe le moñwe o tla ithwalèla morwalō oa gagwè.” (Bagalatia 6:5) Ga go na ope yo o ka mo direlang tshwetso eo. Mme ebile ope a seka a leka go mo patelela go boela kwa monneng wa gagwe yo o mo gobololang koo botsogo jwa gagwe, botshelo, le bomoya jwa gagwe bo leng mo kotsing. Seo e tshwanetse go nna tlhopho ya gagwe ka namana, e a e itiretseng ka go rata, e seng ka go bo bangwe ba batla go mo patelela maikutlo a bone.—Bona Filemone 14.
Go Fela Ga Tirisodikgoka mo Lelapeng
Basupi ba ga Jehofa ba ithutile gore tirisodikgoka mo lelapeng e tsamaelana le se Bibela e neng ya se bolelela pele mabapi le metlha eno ya bofelo, e mo go yone bontsi bo tla “gobololang,” ba sena “lorato lwa tlholego,” le “go nna bogale.” (2 Timotheo 3:2, 3, The New English Bible) Modimo o solofetsa gore morago ga metlha eno ya bofelo, o tla tlisa lefatshe le lesha la kagiso le mo go lone batho “ba tla aga[ng] ka thagamō, me opè ga a ketla a ba boihisa.”—Esekiele 34:28.
Mo lefatsheng leo le le molemolemo, tirisodikgoka e tla nna selo sa maloba ka bosakutleng. “Me bapelonomi ba tla rua lehatshe; ba tla inatehisa mo letlotloñ ya kagishō.”—Pesalema 37:11.
Re go kgothaletsa gore o ithute mo gontsi ka ditsholofetso tsa Bibela ka isagwe. Tota ebile, o ka solegelwa molemo ke go dirisa melaometheo ya Bibela mo lelapeng la gago gone jaanong.
-