LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • A Ruriruri Banna le Basadi ga Ba Bue ka Go Tshwana?
    Tsogang!—1994 | February 8
    • A Ruriruri Banna le Basadi ga Ba Bue ka Go Tshwana?

      ARE re Olebogeng ke yoo o tsena mo ofising ya ga Olebile, a goga dinao tlhogo e kgotšhometse fa gare ga magetla ka ntlha ya matshwenyego. Olebile o leba tsala ya gagwe ka go tlhomoga pelo a bo a mo emela gore a bue. Olebogeng o bolela jaana a fegelwa: “Ga ke itse gore a ke tla kgona go konosetsa tumalano eno ka katlego. Go tlhaga mathata a le mantsi a a neng a sa solofelwa, mme ntlokgolo e ntsentse letsatsi fela thata.” “O tshwentswe ke eng Olebogeng?” Olebile a botsa pelo e le tshweu. “O a itse gore ke wena motho yo o tshwanetsweng ke tiro eo tota, mme le bone ba itse seo sentle. Wena iphe nako fela. A o raya gore go maswe thata? Monna, kana kgwedi e e fetileng . . .” Olebile o ne a lotlega ka menangwana e e bolaisang ditshego ya mathatanyana a gagwe mme go ise go ye kae ke fa tsala ya gagwe e tswa mo ofising e sule ka ditshego e bile e gomotsegile. Olebile o ne a itumelela go thusa.

      Mme tsaya gape gore fa Olebile a tsena kwa gae maitseboa ao, o ne a kgona go lemoga fela mo sefatlhegong sa mosadi wa gagwe e bong Opelo gore le ene ga a itumela. O ne a mo dumedisa a mo itumeletse go gaisa ka dinako tsotlhe go tsweng foo a bo a mo emela gore a bolele se se mo kgopisitseng. Morago ga tshisibalo e kgolo, mosadi a bo a kgomoga a re: “Nna ke lapile jaanong! Mookamedi yo mosha yono ke mokgokgontshi!” Olebile o ne a mmaya fa fatshe, a mo pega letsogo, a bo a re: “Pelo, o se ka wa kgopisega. Tiro e ntse jalo. Baokamedi ba ntse fela jalo. O ne o seyo fa wa me a ne a nkomanya gompieno. Mme le gale, fa e le gore go bokete thata mo go wena, o tlogele tiro.”

      “Ga o na sepe le kafa ke ikutlwang ka teng!” Opelo a fetola ka bofefo jwa legadima. “Ga o ke o bo o ntheetsa! Ga ke ka ke ka e tlogela! Ga o amogele madi a a lekaneng!” A bo a tabogela kwa kamoreng go ya go se kgapha. Olebile o ne a sala a eme ka fa ntle ga mojako a tshogile, a ipotsa gore ga twe go diragetseng. Go tlile jang gore mafoko a ga Olebile a kgothatso a ame batho bano ka tsela e e farologaneng jaana?

      A ke ka Go Bo Banna le Basadi Ba Farologane?

      Bangwe ba ka nna ba re dikai tseno di farologana ka selo se le sengwe fela: Olebogeng ke monna; Opelo ke mosadi. Babatlisisi ba tsa dipuo ba re gantsi mathata a puisano mo lenyalong a bakiwa ke go farologana ka bong. Dibuka tse di tshwanang le You Just Don’t Understand le Men Are From Mars, Women Are From Venus di buelela mogopolo wa gore le mororo banna le basadi ba bua puo e le nngwe fela, ba na le mekgwa e e farologaneng ya puisano.

      Ga go belaetse gore fa Jehofa a ne a bopa mosadi go tswa mo monneng, o ne a se ka a mo dira e le modiro o o fetotsweng go sekaenyana fela. Monna le mosadi ba ne ba dirilwe ka matsetseleko le ka botlhale gore ba thusane—mo mmeleng, mo maikutlong, mo tlhaloganyong, le mo semoyeng. Kopanya dipharologano tseno tse ba tsalwang ka tsone le marara a kafa mongwe le mongwe a godisitsweng ka teng le maitemogelo a botshelo le go tlhotlhelediwa ga batho ke ngwao, tikologo, le kafa setšhaba se lebang dilo tse go tweng ke tsa senna kana tsa sesadi ka teng. Ka ntlha ya go tlhotlhelediwa ke dilo tseno, go ka nna ga kgonega gore o farologanye mekgwa mengwe ya go buisana o re e mengwe ke ya banna mme e mengwe ke ya basadi. Mme le gale “monna tota” kana “mosadi tota” yo o sa bonweng motlhofo o ka nna a bo a le mo dibukeng tsa thutotlhaloganyo fela.

      Basadi ba itsege thata ka go amega maikutlo, mme le gale banna ba le bantsi ba bonolo fa ba dirisana le batho ba bangwe. Gantsi ga twe banna ke bone ba akanyang sentle, mme lefa go ntse jalo gantsi basadi ba kgona go sekaseka dilo ka kelotlhoko. Ka jalo, lefa gone go se motlhofo go bua gore mokgwa o o rileng ke wa senna fela kana wa sesadi fela, gone go na le sengwe se se boammaaruri tota: Go lemoga ka botlalo mokgwa o motho yo mongwe a lebang dilo ka one go ka thusa mo go reng go nne le kutlwano go na le ntwa, bogolo jang mo lenyalong.

      Kgwetlho ya letsatsi le letsatsi ya puisano magareng a monna le mosadi ga se kgetsi e potlana. Banna ba le bantsi ba ba tlhaloganyang ba ka go bolelela gore potso fela e e lebegang e le motlhofo ya gore “Moriri wa me o ntse jang?” e ka nna ya bo e na le dikotsi tse dintsi fela thata. Basadi ba le bantsi ba ba kelotlhoko gore ba bua eng ga ba ke ba nnela go botsa potso ya gore, “Ke eng o sa botse tsela?” fa banna ba bone ba timela fa ba etile. Go na le go nyatsa dilo tse di lebegang di gakgamatsa ka molekane le go ngaparela tsa bone fela thata ka go ipolelela gore “ke ntse fela jalo,” balekane ba ba lorato ba leba dilo ka kelotlhoko. Seno ga se go batla go bona diphoso tsa tsela e yo mongwe a buisanang ka yone mme go na le moo ke go batla go itse pelo le maikutlo a yo mongwe sentle.

      Fela jaaka mongwe le mongwe a sa tshwane le ope, go ntse fela jalo ka go kopana ga batho ba babedi mo lenyalong. Go utlwana ka mogopolo le ka tlhaloganyo ga boammaaruri ga go itlele fela mme go tlhoka maiteko ka ntlha ya go sa itekanelang ga rona re le batho. Ka sekai, go motlhofo fela go akanya gore batho ba bangwe ba leba dilo jaaka re di leba. Fa gongwe re direla batho dilo tse ba di tlhokang ka tsela e re neng re ka rata go di direlwa ka yone, gongwe e le ka ntlha ya go leka go latela Molao ono wa Sekagauta: “Cotlhe tse lo ratañ batho ba di lo dihèla, le lona lo ba diheleñ hèla yalo.” (Mathaio 7:12) Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a sa reye gore se wena o se batlang se siametse ba bangwe. Go na le moo, o eletsa e kete ba bangwe ba ka go fa se wena o se tlhokang kana o se batlang. Ka jalo o tshwanetse go ba neela se bone ba se tlhokang. Seno se botlhokwa segolobogolo mo lenyalong, ka gonne mongwe le mongwe o ikanne gore o tla direla molekane wa gagwe se a se batlang ka mo a ka kgonang ka teng.

      Opelo le Olebile ba ikanne fela jalo le bone. Mme lenyalo la bone la dingwaga tse pedi le ne le itumedisa. Mme lefa gone ba tsaya gore ba itsane go tswa le go tsena, fa gongwe go tlhaga maemo a a bontshang gore mokgwa wa bone wa puisano o farologane fela thata mo e leng gore go nna le maikaelelo a mantle go le gosi fela ga go ka ke ga bipa dipharologano tseo. Diane 16:23 (NW), ya re: “Pelo ya yo o botlhale e dira gore molomo wa gagwe o bontshe temogo.” Ee, go nna le temogo mo puisanong ke sekopololo sa botlhokwa. A re boneng gore e bulela Olebile le Opelo dikgoro dife.

      Kafa Monna Mongwe a Lebang Dilo ka Teng

      Olebile o tshela mo lefatsheng le mo go lone monna mongwe le mongwe a tshwanetseng go ema mo maemong a gagwe mo setšhabeng, ka dinako tsotlhe go sa kgathalesege gore a o kafa tlase ga mongwe kana ke ene a okametseng. Puisano e dirisediwa go tlhomamisa maemo a motho, bokgoni, boitseanape, kana mosola wa gagwe. Go ikemela ka nosi ke selo sa botlhokwa mo go ene. Ka jalo, fa Olebile a neelwa ditaelo ka tsela ya kgobelelo ga a kgone go di amogela. Melaetsanyana e e tshwanang le “Ga o dire tiro ya gago” e mo dira gore a ngaloge, lefa gongwe kopo e le e e utlwalang.

      Olebile fa a tlotla selo se segolo e a bo e le gore a abelane le ba bangwe tshedimosetso. O rata go bua ka ditiragalo, megopolo, le dilo tse disha tse a di ithutileng.

      Fa a reeditse, ga se gantsi Olebile a tsenang sebui ganong, tota le ka go dumelanyana mo go sa reng sepe, jaaka bo “uhu, hei,” ka gore o a bo a anya kitso. Mme fa a sa dumalane, o ka nna a se ka a okaoka go bolela seo, bogolo jang fa a bua le tsala ya gagwe. Go bontsha gore o kgatlhegela se tsala ya gagwe e se bolelang, a sekaseka mabaka otlhe.

      Fa Olebile a nna le mathata, o bona go le botoka go a rarabolola a le nosi. Ka jalo o ka nna a ikgogona mo go sengwe le sengwe le mo go botlhe. Kana o ka nna a tlhopha go iketla a dira sengwe gore a tle a lebale mathata a gagwe ka lobakanyana. O bua ka one fela fa e le gore o batla kgakololo.

      Fa monna yo mongwe a tla kwa go Olebile ka mathata a gagwe jaaka Olebogeng a ile a dira, Olebile o tsaya gore ke tiro ya gagwe go thusa, a le kelotlhoko gore a se ka a dira gore tsala ya gagwe e ikutlwe e tlhaela. Ka tlwaelo o bolelela tsala ya gagwe matshwenyego a gagwe fa a ntse a mo fa kgakololo gore tsala ya gagwe e se ka ya ikutlwa e le mo sebakeng fela.

      Olebile o rata go dira dilo le ditsala tsa gagwe. Mo go ene botsala bo raya go dira dilo mmogo.

      Mo go Olebile legae ke botshabelo jwa botshelo jwa semphete ke go fete, lefelo le mo go lone go sa tlhokegeng gore a bue gore a itshupe, koo a amogelwang teng, a ikanngwa, a ratiwa, le go anaanelwa. Lefa go ntse jalo, Olebile o lemoga gore ka dinako tse dingwe o tlhoka go nna a le nosi. Go ka nna ga bo go sa dirwe ke Opelo kana sepe se a se dirileng. O a bo a tlhoka nako ya go nna a le esi fela. Olebile o palelwa ke go itsise mosadi wa gagwe ka dilo tse di mo tshwenyang, ditlhobaelo, le mahutsana a gagwe. Ga a batle gore mosadi wa gagwe a tloge a tshwenyege. Maikarabelo a gagwe ke go mo tlhokomela le go mo sireletsa, mme o batla gore Opelo a tshepe gore o tla dira fela jalo. Lefa gone Olebile a tlhoka kemonokeng, ga a batle go utlwelwa botlhoko. Go mo dira gore a ikutlwe a tlhaela kana a se na mosola.

      Kafa Mosadi Mongwe a Lebang Dilo ka Teng

      Opelo o itsaya e le karolo ya batho ba a tshelang le bone mo lefatsheng. Go ya ka ene go botlhokwa go dira le go nonotsha dibofo tsa dikamano tseno. Go bua ke tsela ya botlhokwa ya go dira le go tlhomamisa katamalano.

      Ka tlholego Opelo ke motho yo o ikaegang ka batho ba bangwe. O ikutlwa a ratiwa fa Olebile a kopa maikutlo a gagwe pele ga a dira ditshwetso, lefa gone a mmatla gore a etelele pele. Fa a tshwanela go dira ditshwetso, o rata go itsise monna wa gagwe, e seng ka maikaelelo a gore monna a mmolelele se a tshwanetseng go se dira, mme e le fela go bontsha katamalano le go mo ikanya.

      Go ketefalela Opelo go bolela se a se batlang ka tlhamalalo fa a batla sengwe. Ga a batle go tsenya Olebile lesukuro kana go mo dira gore a tseye gore ga a itumele. Go na le moo, o emela pele gore a lemogiwe kana o dira ditshupo tse di rileng.

      Fa Opelo a tlotla, o rata thata go itse menangwana ya kgang mme o botsa dipotso tse dintsi. Seno ke sa tlholego fela ka gore ke motho yo o amegang e bile a kgatlhegela batho ba bangwe fela thata le botsalano le bone.

      Fa Opelo a reeditse, o nna a ntse a re ee, mm, le go tshikhinya tlhogo, ka go latlhela potsonyana go bontsha gore o kgona go latela kgang mme o kgatlhegela thata se motho yo mongwe a se mmolelelang.

      O dira ka thata go ithuta gore fela fa a bona motho a bo a setse a kgona go lemoga gore o tlhoka eng. Go thusa lefa a sa kopiwa ke tsela e e molemo ya go bontsha lorato. Mme segolobogolo o rata go thusa monna wa gagwe go gola le go tokafala.

      Fa Opelo a na le mathata, o ka nna a ikutlwa a fekeediwa fela thata. O tshwanetse go a bolela, e seng ka go bo a batla tharabololo, mme e le fela gore a ntshe maikutlo a gagwe. O tlhoka go itse gore mongwe o a mo tlhaloganya e bile o a amega. Fa Opelo a gogomogile maikutlo, o bua mafoko a matona, le gone a a bua fela. Tota o a bo a sa reye gore go ntse jalo fa a re: “Ga o ke o reetsa!”

      Tsala ya ga Opelo fa a ne a santse a le mmotlana e ne e se e a neng a dira dilo le yone mme e ne e le e a neng a bua sengwe le sengwe le yone. Ka jalo mo lenyalong ga a kgatlhegele ditiro tse di rileng thata jaaka fa a dira ka moreetsi yo o pelotlhomogi yo a ka mmolelelang maikutlo a gagwe.

      Legae ke lefelo le Opelo a ka buang a sa atlholwe. Ga a tshabe go bolelela Olebile matshwenyego le mathata a gagwe. Ga a tlhabisiwe ditlhong ke go kopa thuso fa a e tlhoka, ka gore o tshepa gore monna wa gagwe o teng mme e bile o tla mo reetsa.

      Ka tlwaelo, Opelo o ikutlwa a ratiwa e bile a babalesegile mo lenyalong la gagwe. Mme ka dinako tse dingwe o ikutlwa a sa babalesega kana a sa ratiwe, ka mabaka a a sa tlhalosegeng, mme a batla go tlhomamisediwa seo le go bontshiwa botsalano ka potlako.

      Ee, Olebile le Opelo, bathusanyi, ke batho ba ba farologaneng ruri. Dipharologano tsa bone di ka nna tsa tsala mathata a magolo a go sa tlhaloganyane, lefa boobabedi ba ka nna ba nna le maikaelelo a a molemo a go bontsha lorato le go emana nokeng. Fa re ne re ka reetsa maikutlo a mongwe le mongwe wa bone ka seemo se se fa godimo, ba ne batla reng?

      Se Ba Ileng Ba Se Bona go Ya Kafa ba Lebang Dilo ka Teng

      Olebile o ne a ka nna a re: “E rile fela fa ke tsena ka kgoro, ke ne ka lemoga gore Opelo o kgopisegile. Ke ne ka tsaya gore o tla mpolelela se se mo kgopisitseng fa a ikutlwa a siame. Nna ke ne ke sa tseye gore go na le mathata a matona go le kalo. Ke ne ke akanya gore fa ke ne ke ka mo thusa go lemoga gore ga go tlhokege gore a kgopisege le gore tharabololo e ne e le motlhofo, o ne a tla gomotsega. Go ne ga nkutlwisa botlhoko tota, fa ke sena go mo utlwa a re, ‘Ga o ke o ntheetsa!’ Ke ne ke ikutlwa o kare o mpega molato ka ntlha ya mathata a a nang le one!”

      Opelo o ka nna a tlhalosa jaana: “Letsatsi leo lotlhe e ne e le mathata fela. Ke ne ke itse gore Olebile o ne a se na molato. Mme fa a tla a thamile, ke ne ka tsaya gore o itlhokomolosa lebaka la go bo ke kgopisegile. Ke eng a ne a sa mpotse gore mathata ke eng? Fa ke sena go mmolelela bothata, se tota a neng a se mpolelela ke gore ke seeleele, gore tota e ne e se bothata jwa sepe. Go na le go mpolelela gore o tlhaloganya kafa ke ikutlwang ka teng, Olebile, wa mmaakanyi, o ne a mpolelela kafa ke ka baakanyang bothata jwa me ka teng. Ke ne ke sa batle ditharabololo, ke ne ke batla kutlwelobotlhoko!”

      Go sa kgathalesege bogolo jwa kgotlhang eno ya nakwana, Olebile le Opelo ba ratana lwa ‘fa o sa je ga ke je.’ Ke dilo dife tse ba tshwanetseng go di lemoga tse di ka ba thusang go bontsha lorato leo sentle?

      Go Leba Dilo ka Tsela ya Yo Mongwe

      Olebile o ne a tsaya gore e ne e tla bo e le go iphaga dikoro fa a ne a ka botsa Opelo gore mathata ke eng, ka jalo o ne a direla Opelo se a neng a ka batla gore ba bangwe ba se mo direle. O ne a mo emela gore a ntshe mafatlha a gagwe. Opelo o ne a sa tlhole a kgopisitswe fela ke bothata jwa gagwe mme gape le ke go bo Olebile a ne a lebega a itlhokomolosa kopo ya gagwe ya go batla thuso. O ne a sa tseye go didimala ga gagwe e le go supa tlotlo—o go tsere e le go mo itlhokomolosa. Fa Opelo a simolola go bua, Olebile o ne a reetsa a sa mo tsene ganong. Mme Opelo o ne a tsaya gore o ne a sa tlhaloganye kafa a ikutlwang ka teng. Go tsweng foo Olebile a bo a mo fa tharabololo, e seng kutlwelobotlhoko. Seno se ne sa mmolelela gore: ‘Maikutlo a gago ga a reye sepe; a gogomogile go feta selekanyo. Bona fela kafa go leng motlhofo ka teng go rarabolola bothatanyana jono?’

      A bo dilo di ka bo di ile tsa nna ka tsela e e farologaneng jang ne fa ba ka bo ba ile ba leba dilo go ya kafa yo mongwe a di lebang ka teng! Go ka bo go ile ga felela jaana:

      Olebile o goroga mo gae a fitlhela Opelo a kgopisegile. O botsa jaana ka bonolo: “Pelo go rileng?” Dikeledi di simolola go fologa le marama, mme a bo a tswa ka bothata. Opelo ga a re: “Mme ke wena o dirileng!” kana a supa ka tsela nngwe gore Olebile ga a dire bojotlhe jwa gagwe. Olebile o a mo tlamparela a bo a mo reetsa ka bopelotelele. Fa a fetsa a bo a mo raya a re: “Go a nkama tota go bo o hutsafetse. Jaanong ke lemoga gore ke eng fa o kgopisegile jaana.” Opelo o fetola jaana: “Ke lebogela go bo o ile wa ntheetsa. Ke ikutlwa botoka ka ntlha ya go itse gore o a tlhaloganya.”

      Ka maswabi, go na le go fedisa diphapang tsa bone, banyalani ba le bantsi ba tlhopha ka bofefo fela go fedisa lenyalo la bone ka tlhalo. Go tlhoka puisano ke senokwane se se thubang magae a le mantsi. Dikomang tse di thubaganyang metheo ya malapa a le mantsi di a tsoga. Go direga jang? Setlhogo se se latelang se tla re bolelela kafa go diregang ka teng le kafa go ka tilwang ka teng.

      ◊

  • Tshekatsheko Ya Se Se Tsalang Dikomang
    Tsogang!—1994 | February 8
    • Tshekatsheko Ya Se Se Tsalang Dikomang

      MOSADI o tlhoka go ntsha maikutlo. Monna ene o batla go ntsha ditharabololo. Dikomang di le dimilione tsa lenyalo go tswa fela koo di ka nna tsa bo di ne di na le melodi e e farologaneng, mme fela gantsi di a bo di ageletswe mo ditlhogong di sekae tse di tshwanang. Go tlhaloganya tsela e e farologaneng e molekane wa gago a lebang dilo ka yone kana a buisanang ka yone go ka thusa go fokotsa dikgabo tsa molelo ono o o ka jang sekgwa sotlhe go nna magala mo leisong la lelapa le le itumetseng.

      “O Se Ka Wa Ntaolela Botshelo!”

      Banna ba le bantsi ba ka nna ba iphitlhela ba tshela le mofuta wa mosadi yo o ratang go laola, yo o ba gakololang sengwe le sengwe, a ba kopa, le go ba nyatsa ka dinako tsotlhe. Bibela e dumelana sentle gore boikutlo joo bo teng, ka go bolela jaana: “Ditatalalo tsa mosadi wa motho di tshwana le marulelo a a nang a a ka kobang motho.” (Diane 19:13, NW) Mosadi o ka nna a kopa monna wa gagwe sengwe mme a bo a se gana a didimetse ka mabaka a mosadi a sa a itseng. Ka ntlha ya go akanya gore ga a a utlwa, jaanong o mmolelela gore a direng. Monna a bo a gana le go feta. A ke mosadi yo o letshwenyo le monna yo o arametseng lesukuro leo? Kana ke batho ba babedi ba ba sa buisanang ka tsela e e phepafetseng?

      Go ya ka mosadi, o a bo a bontsha monna wa gagwe lorato tota ka go mo fa dikgakololo tse di ka mo thusang. Go ya ka monna wa gagwe, go dira jalo e a bo e le go mo laola le go mmolelela gore o a palelwa. Go ya ka mosadi mafoko a a reng “O se ka wa lebala kgetsi ya gago” ke mafoko a go mo tlhokomela, a go tlhomamisa gore o tsere sengwe le sengwe se a se tlhokang. Mme go gakolola monna ka mmaagwe yo o neng a tle a mo goe a le fa kgorwaneng a re, “A o tsere jesi?”

      Mosadi yo o lapileng o ka nna a raya monna ka bonolo a re, “A o batla go ja kwa resetšhurenteng maitseboeng ano?” totatota a raya gore, “A ga o ka ke wa ya go nthekela dijo kwa resetšhurenteng? Ke lapile mo ke sa ikutlweng go apaya.” Mme monna wa gagwe yo o lorato o ka nna a dirisa sebaka seo go mo galaletsa kafa a itseng go apaya ka teng le gore o rata dijo tse di apeilweng ke ene go gaisa dipe fela. Kana o ka nna a akanya jaana, ‘Mosadi yo o ithaya a re o botlhale!’ Mme mosadi ene o ka nna a ipolelela jaana ka go tenega, ‘Ke eng fa ke tshwanetse gore ke mo kope?’

      “Ga O Nthate!”

      Monna mongwe o bua jaana a tlaletswe e bile a gakgametse, “O dirwa ke eng gore a akanye jalo? Ke a bereka, ke duelela ditshenyegelo tsa rona, le dithunya tota ke a di mo tlisetsa ka dinako tse dingwe!”

      Lefa gone batho botlhe ba batla go ratiwa, mosadi ene o na le keletso e e kgethegileng ya go batla go tlhomamisediwa seo ka metlha. O ka nna a se ka a go bua, mme mo teng gone a ikutlwa jaaka mokgweleo o o sa batliweng, bogolo jang fa go bona kgwedi ga gagwe go mo dira gore a kgobege maikutlo ka nako e e rileng. Ka dinako tse di tshwanang le tseo monna wa gagwe o ka nna a ikgogona, a akanya gore gongwe o tlhoka nako ya gagwe a le nosi. Mosadi ene o ka nna a tsaya gore go bo a ikgogona jaana go tlhomamisa se totatota a ntseng a se boifa—monna wa gagwe ga a sa tlhole a mo rata. O ka nna a bua ka bogale, a batla go mo patelela gore a mo rate le go mo tshegetsa.

      “Mathata Ke Eng Ne Moratiwa?”

      Tsela e monna a dirisanang le maemo a a bokete e ka nna ka go batla lefelo le go senang modumo mo go lone a bo a a jela tlhogo. Mosadi o ka nna a lemoga ka tlholego fela gore go na le mathata mangwe mme a bo a re o leka go mo dira gore a bue ka one. Le ntswa maiteko ano a ka bo a dirwa ka boikaelelo jo bo molemo go le kana kang, monna o ka nna a a tsaya e le go itshunya nko le lonyatso. Fa a leka go nna fa fatshe gore a sekaseke bothata jwa gagwe, fa a gadima kwa morago mosadi wa gagwe yo o boikanngo ke yo o mo setse morago ka tlhoafalo. O tswelela ka go utlwa lentswe le le sa kgaotseng le le supang lorato le ntse le re: “O ikutlwa jang moratiwa? Bothata ke eng? A re bue ka jone.”

      Fa go se na karabo mosadi o ka nna a utlwa botlhoko. Fa a na le bothata, o batla go bo bua le monna. Mme monna yo a mo ratang ga a batle go mmolelela maikutlo a gagwe. O ka nna a swetsa ka gore, “Go raya gore lorato le fedile.” Jaanong fa monna yo o sa belaeleng sepe a tswa kwa a ntseng a itshubile teng, a kgotsofaditswe ke tharabololo e a e boneng, ga a fitlhele molekane yo o tshwenyegileng yo o lorato yo a mo itlhokomolositseng fa a ne a rarabolola bothata, mme o fitlhela mosadi yo o kgopisegileng yo o ipaakanyeditseng go mo gwetlha gore ke eng fa a ne a mo itlhokomolosa.

      “Ga O Ke O Ntheetsa!”

      Go pegwa molato jalo go a gakgamatsa. Monna ene o tsaya gore o mo reetsa ka metlha. Mme fa mosadi wa gagwe a bua, o ikutlwa gore monna wa gagwe o tseneletse mafoko a gagwe o a a tlhaola le go a sekaseka jaaka khomputara e dira dipalo. Dipelaelo tsa gagwe di a tlhomamisiwa, fa e re a ntse a tsweletse a bua monna a bo a re: “Eeem, ke eng o sa . . . ?”

      Gantsi fa mosadi a itsise monna wa gagwe bothata, ga se gore o a bo a mo pega molato kana gone go batla gore a mo fe tharabololo. Se a se batlang ke tsebe e e kutlwelobotlhoko e e tla se keng e utlwe mabaka fela, mme gape le maikutlo a gagwe ka bothata joo. Mme go tsweng foo se a se batlang ga se kgakololo, fa e se go tlhomamisediwa gore ga a phoso go bo a ikutlwa kafa a ikutlwang ka teng. Ke sone se banna ba le bantsi ba ileng ba ikgoletsa molelo mo tlhogong ba sa lemoge ka go bolela fela jaana: “Moratiwa, o se ka wa e tsaya jalo. Ga go maswe go le kalo.”

      Ka dinako tse dintsi, batho ba solofela gore balekane ba bone ba bo ba kgona go bala mogopolo. Monna mongwe o ne a re: “Re sale re nyalane dingwaga tse 25 tse di fetileng. Fa e le gore le jaanong ga a itse se ke se batlang, go raya gore ga a na sepe kana ga a kelotlhoko.” Mokwadi mongwe o bolela jaana mo bukeng ya gagwe ka dikamano tsa lenyalo: “Fa balekane ba sa bolelelane se ba se batlang mme ka metlha ba nyatsana ka go sa dire dilo ka nako e e tshwanetseng, ga go gakgamatse go bo lorato le tirisanommogo di nyelela. Mo boemong jwa tsone go tsena . . . kgaisano, e mo go yone molekane a batlang go patelela yo mongwe go dira se ene a se batlang.”

      “O Palelwa Ke go Sikara Maikarabelo!”

      Mosadi o ka nna a se ka a bolelela monna wa gagwe mafoko ao ka tlhamalalo, mme o ka nna a go bontsha ka phepafalo ka tsela e a buang ka yone. Potso e e reng “Ke eng fa o tla thari jaana?” e ka tsewa e le kopo ya go batla tshedimosetso. Mme lefa go ntse jalo, tsela e a mo lebang ka yone a itshwere dinoka e ka nna ya bolelela monna wa gagwe gore: “Ke ntse ke tlhobaela ka wena mosimanyana ke wena wa seeleele. Ke eng fa o ne o sa letse mogala? Ga o na kakanyetso! Go ne gompieno jaana o sentse thulaganyo ya dijo!”

      Ee gone mosadi o bua boammaaruri ka dijo. Mme fa go ka tsoga komang, a kamano ya bone ga e kitla e amega? Dr. John Gray a re: “Gantsi batho ga ba omane ka go bo ba sa dumalane, mme ke ka go bo gongwe monna a tsaya gore mosadi ga a dumalane le ene kana mosadi a tsaya gore monna ga a mmuise sentle.”

      Bangwe ba na le boikutlo jwa gore legae ke lefelo le mo go lone motho a tshwanetseng go ntsha maikutlo a gagwe a sa kgorelediwe ke sepe. Mme lefa go ntse jalo motho yo o itseng go bua o dira tumalano e bile o dira kagiso, a tsaya tsia maikutlo a moreetsi. Re ka nna ra tshwantsha go bua mo go ntseng jalo le go neela molekane wa gago galase ya metsi go na le go mo tshela ka one mo sefatlhegong. Re ka re se se dirang pharologano ke gore mafoko a buiwa jang.

      Go dirisa mafoko a a mo go Bakolosa 3:12-14 go tla fokotsa dikomang le go dira legae go nna le le itumedisang: “Lo aparè pelotlhomogi, le pelonomi, le boikokobeco, le bonōlō, le bopelotelele; Lo iphapaanyanè moñwe le eo moñwe, lo ichwarèlanè, ha motho moñwe a na le ñoñorègō kaga eo moñwe; hèla yaka Morèna a lo ichwaretse, le lona lo dihè hèla yalo: Mme mo godimo ga dilō cotlhe tse lo aparè loratō, lo e leñ lōna sebōhō sa boitekanèlō.”

      [Setshwantsho mo go tsebe 25]

      Monna o buelela mabaka, mosadi o buelela maikutlo

  • Legae Le Le Itumedisang—Koo Bobedi Bo Utlwanang Teng
    Tsogang!—1994 | February 8
    • Legae Le Le Itumedisang—Koo Bobedi Bo Utlwanang Teng

      FA E le gore o ne o batla go aga legae le le nonofileng, le le sereletsegileng, o ne o tla dirisa eng? Logong? Setena? Letlapa? Buka ya Bibela ya ga Diane e kgothaletsa seno: “Ntlo e tle e agiwe ka botlhale, e ba e nitamisiwa ka tlhaloganyō: Le matlwana a eōna a tla a tladiwe dikhumō tse di tlhokègañ le tse dintlè, ka kicō.” (Diane 24:3, 4) Ee, go tlhokega botlhale, tlhaloganyo, le kitso go aga lelapa le le itumetseng.

      Moagi ke mang? “Mosadi moñwe le moñwe eo o tlhalehileñ o aga ntlo ea gagwè: me eo o seeleele o e rutlolola ka diatla tsa gagwè.” (Diane 14:1) Go ntse fela jalo le ka monna yo o botlhale yo o bonang gore go mo thateng ya gagwe go nonotsha lenyalo la gagwe le go dira gore le itumedise kana go le koafatsa le go dira gore le tlale mahutsana. Ke mabaka afe a a dirang gore go nne le pharologano? A bo go kgatlha jang ne go lemoga gore dikgakololo tsa bagakolodi bangwe ba manyalo ba gompieno di tshwana le botlhale jo bo thusang ka metlha jwa Lefoko la Modimo, le le kwadileng dingwaga tse di dikete tse di fetileng.

      Go reetsa: Buka nngwe ya lenyalo ya re: “Go reetsa ka mmatota ke nngwe ya ditsela tse dikgolo tsa go bontshana bopelonomi mme e bile go botlhokwa thata mo go ageng le mo go dibeleng kamano e e atamalaneng.” Seane sengwe sa re: “Tsèbè ea eo o tlhalehileñ e batla kicō.” (Diane 18:15) E re ka fa ditsebe di bulegile di sa itshupe jaaka matlho kana molomo, o ka bontsha jang molekane wa gago gore ruri o reeditse? Tsela e nngwe ke ka go mo etsa, kana go reetsa o na le seabe.—Bona lebokose mo tsebeng ya 27.

      Go bulelana mafatlha le go atamalana: Buka e go tweng One to One—Understanding Personal Relationships ya re: “Ngwao ya rona e kgoreletsa go bulelana mafatlha. Re rutiwa go tswa bonyaneng gore re se ka ra kgatlhegela ba bangwe go feta selekanyo—go loba dikgang tse di amang madi, megopolo, maikutlo, . . . sengwe le sengwe se se re amang ka namana. Thuto eno ga e tswe motlhofo fela, lefa re setse re ‘ratana.’ Kwantle ga go tlhabana ka thata go bulelana mafatlha, ga lo ka ke lwa atamalana.” Diane ya re: “Kwa go senañ kgakololō gōna, maikaèlèlō a tla a tlhaèle,” ‘mme ba ba gakololanang ba nna botlhale.’—Diane 13:10; 15:22.

      Boikanyego le tshepo: Monna le mosadi ba ikana fa pele ga Modimo gore ba tla ikanyega. Fa balekane ba lenyalo ba tshepa gore mongwe le mongwe wa bone o ikanyega ka botlalo mo go yo mongwe, lorato ga lo kgorelediwe ke dipelaelo, boikgodiso, mowa wa kgaisano, go amega thata ka go batla se motho a akanyang gore ke ditshwanelo tsa gagwe.

      Go abelana: Kamano e nonotshiwa ke dilo tse le di dirang mmogo. Fa nako e ntse e ya banyalani ba ka loga mologo o o tlhwatlhwakgolo wa ditiragalo o boobabedi ba ka o ratang fela thata. Go akanya go gagola sebofo seo sa botsala ke selo se se se keng se ba tlela. “Go na le tsala e e kgomarèlañ motho bogolo go ñwana oa ga rragwè.”—Diane 18:24.

      Bopelonomi le neneketso: Ditiro tsa bopelonomi di fokotsa dikgotlhang mo botshelong e bile di fokotsa le boikgodiso. Mekgwa ya bopelonomi, fa e setse e nwetse, ga e tshikhinyege le fa maikutlo a ka gotela ka dinako tsa go omanwa, mme ka go dira jalo go fokotse kutlobotlhoko. Neneketso e dira gore go nne le bothitho jo bo ka dirang gore lorato lo gole. Le mororo go nna bonolo e ka nna selo se se ka se kang sa nna motlhofo bogolo mo monneng go se dira, Bibela ya re: ‘Selo se se eletsegang mo mothong ke bopelonomi jwa gagwe.’ (Diane 19:22) Fa e le ka mosadi yo o siameng gone, “molaō oa bopelonomi o bo o le mo lolemeñ loa gagwè.”—Diane 31:26.

      Boikobo: Boikobo, ke molemo o o bolayang botlhole jwa boikgodiso e bile bo dira gore motho a kope maitshwarelo ka bofefo a bo a leboge ka metlha. Mme go tweng fa e le gore ruri ga o na molato wa se go tweng o se dirile? Ke eng o sa bue fela jaana ka bonolo, “Ke utlwisiwa botlhoko ke go bo o kgopisegile”? Supa gore o amega ka dilo tse di tshwenyang molekane wa gago, mme lo bo lo batla kafa lo ka rarabololang bothata mmogo ka teng. “Ke tlotlō mo mothuñ go iphapha mo kgañeñ.”—Diane 20:3.

      Tlotlo: “Lefoko la konokono mo go lemogeng dipharologano tsa lona le go di rarabolola ke tlotlo. Selo se se leng botlhokwa mo molekaneng yo mongwe se ka nna sa bo se se botlhokwa mo go yo mongwe ka tsela e e tshwanang. Lefa go ntse jalo, molekane yo mongwe o ka tlotla maikutlo a yo mongwe.” (Keeping Your Family Together When the World Is Falling Apart) “Go tla kōmanō hèla ka boikgodishō: mo go eo o amogetseñ kgakololō sentlè go na le botlhale.”—Diane 13:10.

      Go itshega: Maru a mantsho a mathata a ka kgona go kaololwa ke go tshega mmogo. Se ralala dibofo tsa lorato mme se fokotsa dikgatelelo tse gantsi di kgoreletsang go akanya sentle. “Pelo e e nntseñ mokete e sesa sehatlhōgō.”—Diane 15:13.

      Go aba: Batla ka boitumelo dilo tse di molemo ka molekane wa gago mme o mo akgole fela thata. Dilonyana tseno tse di eletsegang di ka nna tsa lere boitumelo jo bogolo go gaisa mpho ya thai kana ya dithunya. Le gale, lo santse lo ka rekelana kana lwa direlana dilo tse dintle. Mme “dimpho tse dikgolo tse o ka di abang,” go bolela jalo buka e go tweng Lifeskills for Adult Children, “ga di ka ke tsa tshwarwa ka seatla. Ke go bontsha ga gago lorato, kgothatso ya gago, le thuso ya gago.” “Lehoko ye le buiwañ ka tebañ ea yeōna, le chwana yaka boapole ba gouda mo dirotuñ tsa selefera.”—Diane 25:11.

      Fa e le gore dinonofo tseno di ka tsewa jaaka ditena tsa kamano ya lenyalo, he go raya gore puisano ke semente se se tlhokegang go di tshwaraganya. Ka jalo ke eng se banyalani ba ka se dirang fa go tsoga tlhokakutlwisisano? Buka ya Getting the Love You Want ya re: “Go na le go tsaya gore maikutlo a molekane wa gago ke o ne motswedi wa kgotlhang, . . . a tseye jaaka motswedi wa kitso. . . . Menangwana ya ditiragalo tsa letsatsi le letsatsi e nna motswedi o mogolo wa tshedimosetso.”

      Tsaya pharologano nngwe le nngwe jaaka sebaka se se molemo sa go itse motho yono yo o mo ratang e seng jaaka sengwe se se gwetlhang ntwa. Loobabedi lo tshwanetse go amogela maikarabelo a go rarabolola dipharologano mme le kgone go tswelela lo tshela mmogo ka kutlwano, mme ka jalo lo nonotsha dibofo, lo godisa lorato lo lo dirang gore bobedi bo nne bongwe.

      Jehofa Modimo o itse gore tirisanommogo e na le mosola fela thata mme ka jalo o ne a e tsenya mo popong ya gagwe—mo modikologong wa go aba le go tsaya wa dimela le diphologolo wa okesejene, go dikologa ga dipopo tsa legodimo, go thusana ga ditsiane le dithunya. Go ntse fela jalo, le mo kgolaganong ya lenyalo, go ka nna le modikologo o o bothitho o mo go one rre, a dirisa lefoko kana ditiro, a ka tlhomamisetsang mosadi wa gagwe gore ruri o a mo rata mme mosadi yo o boikanngo, yo o lorato a ineela go mo sala morago a kgotsofetse. Ka go dira jalo, bobedi bo bo bo nna bongwe ka boammaaruri, bo itumedisanya le go itumedisa Motlhodi wa lenyalo e bong Jehofa Modimo.

      [Lebokoso mo go tsebe 27]

      “Itiseñ Kaha Lo Utlwañ ka Gōna”—Luke 8:18

      Go reetsa ka go nna le seabe ke mokgwa wa go tlhomamisa gore sebui le moreetsi ba a tlhaloganyana ka boammaaruri. Fa gongwe go bidiwa go etsa, ka gore moreetsi o leka go etsa mafoko a a a utlwang le kafa a a tlhaloganyang ka teng. Tseno ke dikgato tsa konokono:

      1. Reetsa ka kelotlhoko; tlhwaela tsebe melaetsa ya botlhokwa.

      2. Reetsa maikutlo a a bontshiwang ke mafoko.

      3. Boeletsa se o se utlwang sebui se go utlwa. O se ka wa atlhola, wa nyatsa, kana wa ganetsa. Sa gago ke go dira gore motho a itse gore o tlhalogantse molaetsa. Bontsha gore o tlhaloganya gore ke eng fa a ikutlwa kafa a ikutlwang ka teng.

      4. Gongwe sebui se ka nna sa tlhomamisa kana sa baakanya se o se buang mme gongwe sa ba sa oketsa mo kgannyeng eo.

      5. Fa e le gore ga o a mo utlwa sentle, leka gape.

      Go reetsa ka go nna le seabe go mosola le go feta mo go fokotseng botlhoko jwa go kgalwa. Itse gore fa gongwe o kgalwa ka mabaka a a boammaaruri. Go ka nna ga dirwa ka tsela e e utlwisang botlhoko, mme ke eng o sa dirise go reetsa ka go nna le seabe go ritibatsa seemo go na le go iphemela ka go utlwisa motho yo o go kgalang botlhoko? Dumela gore o tlhaloganya go tlhoka go itumela gope mo go tweng o go bakile, mme o batle ditsela tsa kafa seemo se ka baakanngwang ka gone.

      [Lebokoso mo go tsebe 28]

      “Ha Motho Moñwe a Na le Ñōñōrègō.”—Bakolosa 3:13

      Fa o na le ngongorego, ke tsela efe e e siameng e o ka e ntshang ka yone kwantle ga gore o simolole ntwa? Sa ntlha, itsise molekane wa gago gore o ne a sa dire ka bomo. O ka nna wa tsaya gore o ne a se na kakanyetso, a sa akanya sentle, a se kelotlhoko, a se botlhale—mme fela, gone maikaelelo e ne e se go utlwisa ope botlhoko. Mo itsise maikutlo a gago o sa mo pege molato: “Fa o ne o dira jaana, ke ne ka ikutlwa . . .” Seno ga se kake sa kuketsa kgotlhang. Se bolela fela kafa o ikutlwang ka teng. E re ka motho a ne a se na maikaelelo a go go kgopisa, o ka nna a itatola kana a leka go itlhatswa leina. Lefa go ntse jalo, bua fela ka mathata, o bo o ipaakanyetse go batla tharabololo.

      [Setshwantsho mo go tsebe 26]

      Go reetsa ka mmatota ke nngwe ya ditsela tse dikgolo tse o supang tlotlo mo mothong yo mongwe ka tsone

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela