LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Ke Direng Ka Tiro E E Kanakana Ya Sekolo ya Kwa Gae?
    Tsogang!—1993 | April 8
    • Go Baya Tiro Ya Sekolo mo Maemong a Yone

      Sa ntlha o tshwanetse wa baya tiro ya gago ya sekolo mo maemong a yone. Bibela e re bolelela gore “re ele tlhoko dilo tse di botlhokwa.” (Bafilipi 1:10, NW) Mme fa o akanya ka seo, tota ke eng se se botlhokwa thata mo botshelong jwa gago? A ga e a tshwanela go nna maikarabelo a gago a semoya? Ka ebile jaana, Jesu a ile a bolelela balatedi ba gagwe jaana: “Me batlañ pele bogosi yoa gagwè, le tshiamō ea gagwè.” (Mathaio 6:33) Seno se raya go baya kwa pele dipokano tsa Bokeresete, thapelo, go ithuta, le tiro ya go rerela ba bangwe.

      A seno se raya gore tiro ya sekolo ga e botlhokwa? Nnyaa le eseng. Mme jaaka Mokeresete, mokgele wa gago wa go ithuta ga e a tshwanela go ipaakanyetsa tiro nngwe ya boitshidiso. Go na le moo, e tshwanetse ya nna go ithutela ditiro tse di tla go thusang mo tirong ya gago ya go nna modihedi wa Modimo. Fa kafa letlhakoreng le lengwe, o ipaakanyetsa go bereka gore o tle o itlhokomele, gongwe le go tlhokomela lelapa nako nngwe. (1 Bathesalonia 4:11, 12; 1 Timotheo 5:8) Go itse seno go tshwanetse ga go dira gore o leke ka natla go dira bojotlhe jwa gago kwa sekolong. Fa kafa letlhakoreng le lengwe o tshwanetse go dira maiteko a a rileng go ipoloka o nonofile semoyeng.

      “Go shwèla lobaka molèmō” go dira maikarabelo a semoya, ditiro tsa mo lapeng, boitlosobodutu, le tiro ya sekolo, e ka nna kgwetlho eleruri, le fa go le jalo go ka dirwa.—Baefesia 5:15, 16.

      Mosola wa go Sala Morago Mokgwa o o Rileng wa go Dira Dilo

      Tsela e nngwe ya go sola nako molemo ke ka go nna matsetseleko ka tsela e o ithutang ka yone. Kgaolo 18 ya buka ya Dipotso tse Basha ba di Botsang—Dikarabo tse di Nang le Tharabololo e fa dikgakololo di le mmalwa tse di nang le mosola.a Ka sekai, a o kile wa leka go dira lenaane kana wa tlhoma mokgwa wa go dira tiro ya gago ya sekolo?—Bapisa Bafilipi 3:16.

      Harry Maddox o kwadile jaana mo bukeng ya gagwe e go tweng How to Study, “Kwa ntle ga pelaelo mathata a magolo mo go ithuteng, ke go palelwa ke go nna fa fatshe le go simolola go ithuta ka tlhoafalo ka metlha.” Go tweng ka wena? A o seegela fa thoko go dira tiro ya sekolo e e direlwang kwa gae go fitlhelela maikutlo a gago a re o e dire—kana fa go lebega maemo a go letla? Moreri 11:4 e tlhagisa jaana: “Èna eo o tlhokometseñ phehō ga a ketla a yala; le eo o gopolañ maru ga a ketla a rōba.”

      Harry Maddox o tswelela ka go bolela gore: “Go motlhofo fela thata go senya nako e ntsi. Fa o sa ipeele nako o ka nna wa fitlhela o diriseditse nako e o ka bong o ne o e ithuta ka yone go lebelela [thelebishene], go bala makasine, . . . ka na go dira sengwe sa dilo tse dintsi tse baithuti ba ba sa kgoneng ba ka kgatlhegelang thata go di dira go na le go dira tiro ya bone. Fa o na le lenaane mme o ikaeletse go le latela, le nna jaaka molao o o sa tshwanelang go tlolwa, mme kwa morago go le latela go nna motlhofo, mme o bo o simolola go le tsaya fela jaaka karolo ya tlholego ya botshelo jwa gago.”

      Fa o dira tiro ya gago ya sekolo ka thulaganyo le ka mokgwa o o tshwanetseng, go ka nna ga direga gore o nne le nako e ntsi. Go rulaganya dilo sentle ga gago gape go tla thusa go kgoreletsa go thulana gope magareng a go fetsa tiro ya gago ya sekolo le go dira maikarabelo a gago a Bokeresete, jaaka go ya dipokanong tsa phuthego.

      Rulaganya Nako ya Gago!

      Go tweng ka dilo tse dingwe tse o batlang le tse o tlhokang go di dira, jaaka ditiro tsa mo ntlong? Mo ntlheng eno le gone, go rulaganya dilo ke gone konokono. Leka go dirisa dikakantsho tse di latelang:

      Nna le lenaane la dilo tse o tshwanetseng go dira. Mogakalodi mongwe wa tiriso ya nako ebong Stephanie Winston o gakolola gore motho a tsamaye ka bukana ya go kwalela ya mo kgetsaneng ka nako tsotlhe. E dirise go kwala “mogopolo mongwe le mongwe, kabelo, mogala, tiro, kana mokgaphi—o monnye kana o motona, e e botlhokwa kana e e seng botlhokwa—fa e tlhaga.” Fa o leba kwa tshimologong, lenaane la gago le ka nna la lebega le le thata go ka le sala morago, mme ka go dirisa dikakantsho tse di latelang, o ka kgona go le fokotsa gore le tle mo selekanyong se se ka kgonegang go ka dirwa.

      Baya dilo go ya ka botlhokwa jwa tsone. Seno se ka go thusa go lebagana thata le dilo tse tota o tlhokang go di dira. Kafa letlhakoreng le lengwe o ka ntsha dilo tse di ka nnang tsa nama di eme pele kana tse tota o senang nako ya go di dira.

      Dira lenaane. Ee, latela lenaane la gago go dira ditiro—le kwale fa fatshe. Khalentara e nnye, kana diary, di ka nna tsa go thusa thata mo ntlheng eno. Go na le go go khina, lenaane le le rulagantsweng sentle le tla go thusa go laola nako ya gago botoka thata.

      O seka wa ikaketsa. Ka go nna o lekeletsa, bona gore ke nako efe e e siametseng go dirang eng. Ka sekai, o ka nna wa fitlhela go le botoka go baya nako ya go dira tiro ya gago ya sekolo mo mesong ka mo o ka kgonang ka teng, fa mogopolo wa gago o santse o thantse sentle.

      Legale, ela tlhoko gore, ga go reye gore o rulaganye motsotso mongwe le mongwe wa botshelo jwa gago. Dira gore go kgonege gore lenaane la gago le fetolwe, o bulele phatlha maemo a a sa solofelwang le a tshoganetso. Dira diphetogo fa go tlhokega, mme o leke go ngaparela lenaane la gago ka mo o ka kgonang ka teng. Tlhokomela: Gantsi go siame thata go beela nako e fetang selekanyo se o tla se tlhokang go dira tiro nngwe. O ka nna wa baakanya fa o ka fetsa go santse go setse nako.

      Ipeele Mekgele. Seno se thusa gore o seka wa ema go fitlhelela motsotso wa bofelo pele ga o dira sengwe. Fa e le gore o na le tiro ya sekolo, leka go ipeela letlha la go e fetsa le le kwa pele thata ga letlha le e tshwanetseng go isiwa ka lone.

      Ithute go ngaparela lenaane la gago. O ka raelesega go ya kwa gaabo tsala ya gago fa gone o tshwanetse gore o ka bo o ithutela ditlhatlhobo tsa makgaolakgang. Mme fa o ka jala ka boutsana mo go ithuteng ga gago, o ka nna ya re kwa morago wa roba maduo a a maswe. (Bapisa 2 Bakorintha 9:6.) Mo godimo ga moo, gantsi o itumelela nako ya fa o sa dire sepe fa e le gore o feditse tiro ya gago. Molaomotheo o o thusang ke o, Dilo tsa botlhokwa pele, monate kwa morago.

      Go baakanya le go rulaganya dilo tsa gago go tla tlhoka nako, bopelotelele, le go ipaya mo taolong mo go golo, mme lefa go le jalo, Bakeresete ba bolelelwa gore ba nne boikgapo mo dilong tsotlhe. (1 Bakorintha 9:25) Go ithuta go ngaparela lenaane ke selo se se molemo sa go dirisa molaomotheo ono. Go ka felela ka gore o itumelele dilo tse o di kgonneng, o laole botshelo jwa gago, le go nna le nako e ntsi ya go dira dilo tse o di batlang le tse o tlhokang go di dira.

  • Babini ba ba Tlolakang Ba Losika Lootsiane
    Tsogang!—1993 | April 8
    • Babini ba ba Tlolakang Ba Losika Lootsiane

      RE A dumela gore re dibopiwa tse di jang bobe. Ee, go ja ga rona go ka kgopisa balemi ba ba re tsayang jaaka diji tse di senyang dijalo tsa bone. Lefa go le jalo, rona botsiakgope re na le mekgwa e e kgatlhang—kafa re tlolang ka teng, kafa re fofang ka teng, kafa re palamang ka teng, le kafa re “opelang” ka teng.

      Ka sekai, a o ne o itse gore re na le matlho a matlhano? Go na le go nna le digalase tse di lebelang gaufi le kgakala jaaka go ntse ka batho ba le bantsi, re na le matlhonyana a le mararo fa pele ga tlhogo ya rona go lebela gaufi. A mangwe a mabedi a matona mme a beetswe kwa moragonyana mo tlhogong ya rona, gore re kgone go bona sengwe le sengwe se se mo tikologong ya rona. Ke sone se re kgonang go tlola o ise o re tshware. A o ne o ka seka wa rata go nna le matlho a a nang le bokgoni jo bo ntseng jalo?

      Re ditswerere go le kana kang mo go tloleng? Re ka kgona go tlola bogodimo jo bo re fetang ga lesome mme re ye go tlhoma bokgala jwa dimitara di le 0,9. Gore motho a kgone go dira seo, o tla tshwanelwa ke go tlola bogodimo jo bo ka nang ka ntlo ya matlhatlaganyane a marataro. Sephiri sa rona se mo dinameng tsa rona tse di nonofileng tsa maoto a rona a kwa morago. Di re neela maatla a go raga a a dirang gore re kgone seo.

      Le morago ga go tlola ga rona ga ntlha re thiboga fa o leng teng, re ka dira gore go go thatafalele le go feta go re tshwara ka go dirisa dipara tse pedi tsa diphuka tse rotlhe re nang le tsone. Diphuka tse di kwa godimo tse di thata di dira tiro e e tshwanang le ya diphuka tsa sefofane, fa tse di boletanyana tse di kafa tlase tsone re di dirisetsa go oketsa maatla a go fofa. Ka jalo, ka go dirisa bokgoni jwa rona jwa go tlola le go fofa, gantsi re ka fofela kgakala mo go tla go kgobang marapo go re lelekisa.

      A go thata mo go wena go palama kota e e nang le mafura? Mo go rona ga se bothata. Tota ebile, re ka taboga mo godimo ga mogwang wa bojang o o borethe re sa relele gotlhelele ka ntlha ya kafa Mmopi a dirileng maoto a rona a marataro ka teng. Dikgatonyana tse dinnye tse di mo leotong lengwe le lengwe di na le meririyana e mennye e e nyang seedi se se bongapa, se se re thusang go ingaparela ka dilo. Gape, leoto lengwe le lengwe le na le dikepela di le pedi tse di thata tse di konegileng dintlha, tse di dirang gore re seka ra relelela kwa morago fa go palamela thata. Ee, bogologolo pelepele ga fa batho ba akanya sepe ka go palama dithaba re ne re eme sentle go ka palama.

      Banna mo lotsong lwa rona ke bone baopedi. Mme bahumagadi ba botsiakgope ba kgatlhega fela thata mme ba tsaya banna ba le ditswerere thata. Ee, re ka kgona go utlwa le go ya le medumo e e farologaneng. Ditsebe tsa rona di mo matlhakoreng oomabedi a mafatlha. Ka jalo, fa a rata, monna a ka tsamaisa leoto la gagwe la kwa morago le le magwata ka bonolo fa godimo ga ditshika tsa lefuka le le tsholeditsweng ka tsela e e tshwanang le e moletsi wa segaba a tsamaisang bora mo godimo ga thapo ya segaba. Abo go lapolosa jang ne go patsama ka letsatsi la bogare jwa selemo le le bothito mo tlhageng o bo o reetsa melodi ya botsiakgope ba le diketekete le dinyetse. Ee, modumo wa selemo!

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela