LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Go Dumedisa Folaga, go Tsenela Ditlhopho le Tirelo e e Seng ya Bosole
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
    • Fa Mokeresete a dirisa segakolodi go dira tshwetso ya gore a ka dira tirelo e e seng ya bosole go na le go ya kgolegelong, Bakeresete ka ene ba tshwanetse go tlotla tshwetso ya gagwe. (Baroma 14:10) Le fa go ntse jalo, fa a akanya gore a ka se kgone go dira tirelo e e ntseng jalo, ba bangwe ba tshwanetse go tlotla tshwetso eo.—1 Bakorintha 10:29; 2 Bakorintha 1:24.

  • Dikarolwana Tsa Madi le Mekgwa ya Karo
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
    • DINTLHA TSE DI OKETSEGILENG

      Dikarolwana Tsa Madi le Mekgwa ya Karo

      Dikarolwana tsa madi. Dikarolwana tsa madi di ntshiwa mo dikarolong tse dikgolo tse nnè tsa madi—disele tse dikhibidu, disele tse ditshweu, dipolatelete [platelets] le polasema [plasma]. Ka sekai, disele tse dikhibidu di na le poroteine e e bidiwang hemoglobin. Dilo tse di dirilweng ka hemoglobin e e tserweng mo mading a batho kgotsa a diphologolo di ile tsa dirisiwa go alafa balwetse ba ba tlhaelang madi thata kgotsa ba ba latlhegetsweng ke madi a mantsi thata.

      Polasema—e diperesente tsa yone tse 90 e leng metsi—e na le dihoromone [hormones] di le dintsi, matswai, diensaeme [enzymes], le dikotla, go akaretsa le diminerale le sukiri. Gape polasema e na le dilo tse di gwamisang madi, dilo tse di lwantshang bolwetse le diporoteine tse di jaaka albumin. Fa mongwe a le mo kotsing ya gore a ka tsenwa ke bolwetse jo bo rileng, dingaka di ka nna tsa re a entiwe ka gamma globulin e e tswang mo polasemeng ya madi a batho ba mebele ya bone e kgonang go lwantsha bolwetse joo. Go ka ntshiwa di-interferon le di-interleukin mo diseleng tse ditshweu tsa madi, di bo di dirisediwa go alafa malwetse mangwe a a bakiwang ke megare le go alafa dikankere.

      A Bakeresete ba tshwanetse go amogela mefuta ya kalafi e e dirisang dikarolwana tsa madi? Baebele ga e tlhalose seno ka tlhamalalo, ka jalo mongwe le mongwe o tshwanetse go dirisa segakolodi sa gagwe fa a dira tshwetso fa pele ga Modimo. Bangwe ba ka nna ba gana dikarolwana tsotlhe tsa madi, ba re Molao o Modimo a neng a o neela Baiseraele o ne o ba laela gore madi a a ntshiwang mo setsheding a ‘tshololelwe fa fatshe.’ (Duteronome

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela