-
Dilo Tse di Bosula di Tletsetletse!Tora ya Tebelo—2014 | July 1
-
-
SETLHOGO SA KA FA NTLE | GORENG BATHO BA BA MOLEMO BA DIRAGALELWA KE DILO TSE DI BOSULA?
Dilo Tse di Bosula di Tletsetletse!
Smita,a mosadi wa dingwaga di le 35, wa kwa Dhaka, kwa Bangladesh, o ne a itsege e le motho yo o ratang batho e bile a ba kgatlhegela. Batho ba ne ba mo itse e le mosadi yo o dirang ka natla le yo o itumetseng yo o neng a batla go thusa batho ba bangwe gore ba itse se a se ithutileng ka Modimo. A bo lelapa la gagwe le ditsala ba ne ba gamaregile jang ne fa Smita a tshwaediwa ke bolwetse jo bo neng jwa mmolaya mo lobakeng lo lo ka fa tlase ga beke!
James le mosadi wa gagwe ba e leng banyalani ba basha ba ba leng mo dingwageng tsa bo30, le bone ba ne ba rata le go kgatlhegela batho fela jaaka Smita. Nako nngwe ka dikgakologo, ba ne ba ya go etela ditsala tsa bone kwa West Coast kwa United States. Ga ba a ka ba tlhola ba boela kwa legaeng la bone kwa New York. Fa ba le koo, ba ne ba amega mo kotsing e e masisi ya sejanaga, ba tlogela ba losika le badirimmogo le bone ba le mo khutsafalong e e seng kana ka sepe.
Ga o tlhoke go leba kgakala go bona gore bosula le pogo di tletsetletse gompieno. Dintwa di bolaya batho ba ba se nang molato le masole. Bokebekwa le thubakanyo di ama batho ba ba se nang molato. Batho botlhe ba amiwa ke dikotsi tse di masisi le malwetse a a golafatsang, go sa kgathalasege gore ba na le dingwaga di le kae kgotsa gore boemo jwa bone ke bofe mo botshelong. Masetlapelo a tlholego a ganyaola ditšhaba a sa tlhophe. Go tlhaolana mmogo le tshiamololo di aname. Gongwe le wena o kile wa amiwa ke nngwe ya tsone.
Ke ga tlholego fela go botsa dipotso tse di jaaka tseno:
Goreng batho ba ba siameng ba diragalelwa ke dilo tse di bosula?
A Modimo o tshwanetse go pegwa molato ka ntlha ya dilo tseno?
A masetlapelo a itiragalela fela kgotsa a bakwa ke batho?
A gongwe Karma, e leng tumelo ya gore motho o boga ka ntlha ya dilo tse a di dirileng mo nakong e e fetileng, ke yone e e bakang pogo?
Fa e le gore go na le Modimo Mothatayotlhe, goreng a sa sireletse batho ba ba siameng mo dikotsing?
A re tla ke re tshele go se na boikepo le go boga?
Gore re kgone go araba dipotso tseo, re tshwanetse go tlhaloganya dikarabo tsa dipotso tseno tse pedi tsa konokono: Goreng go diragala dilo tse di bosula mme ke eng se Modimo a tla se dirang?
a Maina a fetotswe.
-
-
Goreng fa Dilo Tse di Bosula di Diragalela Batho ba ba Molemo?Tora ya Tebelo—2014 | July 1
-
-
SETLHOGO SA KA FA NTLE | GORENG BATHO BA BA MOLEMO BA DIRAGALELWA KE DILO TSE DI BOSULA?
Goreng Batho ba ba Molemo ba Diragalelwa ke Dilo Tse di Bosula?
E re ka Jehofa Modimoa e le Mmopi wa dilo tsotlhe e bile e le Mothatayotlhe, batho ba le bantsi ba ka mo tshwaya phoso ka sengwe le sengwe se se diregang mo lefatsheng, go akaretsa le bosula jotlhe. Le fa go ntse jalo, ela tlhoko se Baebele e se buang malebana le Modimo wa boammaaruri:
“Jehofa o siame mo ditseleng tsa gagwe tsotlhe.”—Pesalema 145:17.
“Ditsela tsotlhe tsa [Modimo] di tshiamiso. Modimo yo o ikanyegang, yo go se nang botlhoka tshiamiso mo go ene; O siame e bile o thokgame.”—Duteronome 32:4.
“Jehofa o pelonomi tota mo go bontsheng lorato e bile o kutlwelobotlhoko.”—Jakobe 5:11.
Modimo ga se ene a bakang dilo tse di bosula. Le fa go ntse jalo, a o tlhotlheletsa ba bangwe go dira ditiro tse di bosula? Le eseng. Dikwalo tsa re: “Fa mongwe a le mo tekong, a a se ka a re: ‘Ke lekwa ke Modimo.’” Ka ntlha yang? Ka gonne “Modimo ga a ka ke a lekwa ka dilo tse di bosula le gone ene ka boene ga a leke ope.” (Jakobe 1:13) Modimo ga a leke ope ka go mo tlhotlheletsa gore a itshware ka tsela e e sa siamang. Modimo ga a bake dilo tse di bosula gore di direge kgotsa ga a tlhotlheletse batho gore ba dire se se bosula. Ka jalo, ke eng kgotsa ke mang yo re ka mo pegang molato fa dilo tse di bosula di direga?
LEFELO LE LE SA SIAMANG LE NAKO E E SA SIAMANG
Fa Baebele e bua ka lebaka lengwe la go bo batho ba boga, ya re: “Botlhe ba diragalelwa ke motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele.” (Moreri 9:11) Fa ditiragalo tse di sa lebelelwang kgotsa dikotsi di direga, mongwe a ka tswa a amegile kgotsa a sa amega, go ikaegile thata ka gore o a bo a le kae ka nako ya fa di diragala. Mo e ka nnang dingwaga di le 2 000 tse di fetileng, Jesu Keresete o ne a bua ka masetlapelo mangwe a a neng a ama batho ba le 18 ba ba neng ba bolawa ke tora fa e ne e ba wela. (Luke 13:1-5) Ga ba amega mo kotsing eo ka ntlha ya tsela e ba neng ba tshela matshelo a bone ka yone; ke fela gore ba ne ba le ka fa tlase ga tora eo fa e ne e wa. Bosheng jaana thoromo ya lefatshe e e kotsi e ne ya padimola Haiti ka Ferikgong 2010; puso ya Haiti ya re go sule batho ba ba fetang 300 000. Batho bao botlhe ba ne ba swa go sa kgathalasege gore ke bomang. Malwetse le one a ka tlhasela mongwe le mongwe ka nako nngwe le nngwe.
Ke ka ntlha yang fa Modimo a sa sireletse batho ba ba molemo mo masetlapelong?
Bangwe ba ka botsa jaana: ‘A Modimo o ne a ka se thibele matlhotlhapelo ao a a kotsi gore a se ka a direga? A o ne a ka se sireletse batho ba ba siameng gore ba se ka ba welwa ke masetlapelo?’ Gore Modimo a tsereganye mo maemong ao, go tla bo go raya go re o itse ka ga dilo tse di bosula pele di direga. Le fa tota Modimo a na le bokgoni jwa go itse isagwe e sa le gale, re tshwanetse go ipotsa potso eno: A Modimo o tlhopha go dirisa maatla a gagwe ka tsela e kgolo go itse go sa le gale ka dilo tseo?—Isaia 42:9.
Dikwalo tsa re: “Modimo wa rona o kwa magodimong; sengwe le sengwe se a natefeletsweng ke go se dira o se dirile.” (Pesalema 115:3) Jehofa o dira se a bonang se le botlhokwa e seng sengwe le sengwe fela se a kgonang go se dira. Seo se akaretsa le se a swetsang go se bonela pele. Ka sekai, morago ga gore boikepo bo ate mo metseng ya bogologolo ya Sodoma le Gomora, Modimo o ne a bolelela tlhogo ya lotso e bong Aborahame jaana: “Ke ikemiseditse tota go ya teng gore ke tle ke bone gore a ba dira go ya fela kafa selelong se se leng kaga one se se tlileng mo go nna. Fa go sa nna jalo, ke tla itse.” (Genesise 18:20, 21) Jehofa o ne a tlhopha go se itse kafa boikepo bo neng bo atile ka gone mo metseng eo ka lobaka lo lo rileng. Ka tsela e e tshwanang, ga go pelaelo gore Jehofa a ka tlhopha go se itse sengwe le sengwe go sa le gale. (Genesise 22:12) Seno ga se bontshe gore ga a itekanela kgotsa gore o na le bokoa bongwe. E re ka “tiro ya gagwe e itekanetse,” Modimo o kgona go lekalekanya bokgoni jwa gagwe jwa go itse isagwe le maikaelelo a gagwe; ga a ke a pateletsa batho gore ba latele tsela e e rileng.b (Duteronome 32:4) Ka jalo, re ka swetsa ka goreng? Ka gore: Modimo o tlhopha tsela e ka yone a dirisang bokgoni jwa gagwe jwa go bonela dilo pele e bile o dira jalo ka botlhale.
Ke ka ntlha yang fa Modimo a sa sireletse batho ba ba siameng mo dikebekweng?
A BATHO BA NA LE SEABE?
Batho le bone ba na le seabe mo boikepong jo bo diragalang. Ela tlhoko kafa Baebele e tlhalosang ka gone se se ka dirang gore motho a dire ditiro tse di kotsi. “Mongwe le mongwe o lekwa ka go gogelwa a ba a hepisiwa ke keletso ya gagwe. Go tswa foo keletso, fa e sena go emera, e tshola boleo; boleo le jone, fa bo sena go diragadiwa, bo tsala loso.” (Jakobe 1:14, 15) Fa batho ba dira go ya ka dikeletso tsa bone tse di sa siamang kgotsa ba ineela mo dikeletsong tsa bone tse di sa siamang ba tla tshwanelwa ke go lebana le diphelelo tse di bosula. (Baroma 7:21-23) Jaaka hisitori e bontsha, batho ba ile ba dira dilo tse di tsitsibanyang mmele tse di ileng tsa baka pogo e e seng kana ka sepe. Mo godimo ga moo, batho ba ba boikepo ba ka tlhotlheletsa ba bangwe gore ba nne bosula, ka go dira jalo ba anamisa bosula.—Diane 1:10-16.
Batho ba ile ba dira dilo tse di tsitsibanyang mmele tse di ileng tsa baka pogo e e seng kana ka sepe
A Modimo o tshwanetse go tsereganya mme a thibele batho gore ba se ka ba dira dilo tse di bosula? Ela tlhoko kafa motho a bopilweng ka gone. Dikwalo tsa re Modimo o bopile motho mo setshwanong sa Gagwe. Ke gone ka moo, batho ba kgonang go bontsha dinonofo tsa Modimo. (Genesise 1:26) Batho ba neilwe mpho ya go itlhophela e bile ba ka tlhopha go rata Modimo le go ikanyega mo go ene ka go dira se se siameng mo matlhong a gagwe. (Duteronome 30:19, 20) Fa Modimo a pateletsa batho gore ba dire dilo ka tsela e e rileng, a tota o tla bo a sa ba tseele mpho eno e a ba neileng yone ya go itlhophela? Fa a dira jalo, batho ba ne ba tla ba tshwana fela le metšhini, e e berekang ka tsela e e rulagantsweng ka yone! Seo se ne se tla tshwana le fa tlholelo kgotsa Kismet, e ne e laola se re se dirang le sengwe le sengwe se se re diragalelang. Ruri re ka itumelela gore Modimo o re naya seriti ka go re letlelela gore re itlhophele se re batlang go se dira! Le fa go ntse jalo, seo ga se reye gore tshenyo e e bakilweng ke diphoso tsa batho le ditshwetso tse ba di dirang tse di sa siamang di tla tshwenya batho ka bosakhutleng.
GO TWENG KA THUTO YA KARMA?
Fa o ne o ka botsa Mohindu kgotsa Mobuda potso e e mo khabareng ya makasine ono, gongwe o ne a tla go araba jaana: “Dilo tse di bosula di diragalela batho ba ba molemo ka ntlha ya molao wa Karma. Ba roba ditlamorago tsa se ba se dirileng mo tseleng e ba neng ba tshela ka yone pele.”c
Malebana le thuto ya Karma, go a thusa go ela tlhoko se Baebele e se buang ka loso. Mo tshimong ya Edene, mo motho a simologileng teng, Mmopi o ne a raya monna wa ntlha e bong Adame a re: “O ka nna wa ja mo setlhareng sengwe le sengwe sa tshingwana gore o bo o kgotsofale. Mme fa e le setlhare sa kitso ya molemo le bosula sone o se ka wa ja mo go sone, gonne ka letsatsi le o jang mo go sone ruri o tla swa.” (Genesise 2:16, 17) Fa Adame a ka bo a ile a se ka a leofa ka go se ikobele Modimo, a ka bo a ile a tshela ka bosakhutleng. Loso e ne ya nna kotlhao ya go sa ikobele taolo ya Modimo. Go tswa foo, fa bana ba tsholwa, “loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe.” (Baroma 5:12) Ka jalo, go ka twe “dituelo tse boleo bo di duelang ke loso.” (Baroma 6:23) Gape Baebele e tlhalosa jaana: “Yo o suleng o golotswe mo boleong.” (Baroma 6:7) Ka mafoko a mangwe, batho ga ba nne ba duela maleo a bone morago ga loso.
Gompieno dimilione tsa batho di tlhalosa gore go boga ga batho go akaretsa thuto ya Karma. Gantsi motho yo o bogang o amogela pogo ya gagwe le ya batho ba bangwe, a sa ngongorege. Mme ntlha ke gore kgopolo eno ga e neye tsholofelo ya gore dilo tse di bosula di tla fela. Go dumelwa gore go re motho a gololwe mo bosuleng o tshwanetse go nna a tsalwa sesha gantsintsi e le ka tsela e e amogelwang ke batho le go nna le kitso e e kgethegileng. Ke boammaaruri gore dikgopolo tseno di farologane thata le se Baebele e se buang.d
LEBAKA LA KONOKONO!
A o ne o itse gore selo se segolo se se bakang pogo ke “mmusi wa lefatshe”—Satane Diabolo?—Johane 14:30
Le fa go ntse jalo, selo sa konokono se se bakang boikepo, ga se batho. Satane Diabolo, yo kwa tshimologong e neng e le moengele yo o ikanyegang wa Modimo, “o ne a se ka a itsetsepela mo boammaaruring,” mme a tlisa boleo mo lefatsheng. (Johane 8:44) O ne a tlhotlheletsa botsuolodi kwa tshimong ya Edene. (Genesise 3:1-5) Jesu Keresete o ne a re Satane ke“yo o boikepo” le “mmusi wa lefatshe.” (Mathaio 6:13; Johane 14:30) Batho ka kakaretso ba latela Satane yo o ba tlhotlheletsang gore ba itlhokomolose ditsela tse di siameng tsa ga Jehofa. (1 Johane 2:15, 16) Mo go 1 Johane 5:19 re bala jaana: “Lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.” Go na le dibopiwa tse dingwe tsa semoya tse di neng tsa fetoga go nna boikepo mme tsa dirisana le Satane. Baebele e bontsha gore Satane le madimona a gagwe ba ‘tsietsa lefatshe lotlhe le le nang le banni,’ mme seo se dira gore ‘lefatshe le latlhege.’ (Tshenolo 12:9, 12) Ka jalo, motho wa konokono yo o tshwaiwang phoso ka boikepo e tshwanetse ya nna Satane Diabolo.
Kwantle ga pelaelo, Modimo ga se ene a bakang dilo tse di bosula tse di diragalelang batho; e bile ga se ene a dirang gore ba boge. Go farologana le seo, o solofeditse gore o tla fedisa bosula jotlhe, jaaka setlhogo se se latelang se tla bontsha.
a Jehofa ke leina la Modimo le le umakilweng mo Baebeleng.
b Go ithuta gore ke ka ntlha yang fa Modimo a letleletse boikepo, bona kgaolo 11 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.
c Go ithuta ka tshimologo ya se go tweng ke molao wa Karma, bona tsebe 8-12 ya boroutšhara jwa Go Diragalang ka Rona fa re Swa? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.
d Go utlwa se Baebele e se rutang ka boemo jwa baswi le tsholofelo ka batho ba ba suleng, bona kgaolo 6 le 7 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng?
-
-
Se Modimo a Tla se Dirang—Kafa Modimo a Tla re Thusang ka GoneTora ya Tebelo—2014 | July 1
-
-
SETLHOGO SA KA FA NTLE | GORENG BATHO BA BA MOLEMO BA DIRAGALELWA KE DILO TSE DI BOSULA?
Se Modimo a Tla se Dirang ka Bosula
Baebele e re bolelela ka tsela e e utlwalang ka se Jehofa le Morwaawe e bong Jesu Keresete ba tla se dirang ka pogo e e bakilweng ke Satane Diabolo. Baebele ya re: “Morwa Modimo [Jesu] o ne a bonadiwa ka boikaelelo jono, e leng, go senya ditiro tsa ga Diabolo.” (1 Johane 3:8) Tsamaiso eno ya dilo e e tletseng bogagapa, letlhoo le ditiro tse di boikepo e tla fedisiwa. Jesu o solofetsa gore “mmusi wa lefatshe leno” e bong Satane Diabolo, “o tla latlhelwa kwa ntle.” (Johane 12:31) E re ka tlhotlheletso ya ga Satane e tla bo e seyo, lefatshe le lesha la tshiamo le tla nna gone mme lefatshe leno le tla nna lefelo le le nang le kagiso.—2 Petere 3:13.
Go tweng ka batho ba ba ditlhogo di thata ba ba ganang go fetola ditsela tsa bone e bile ba tatalalela go dira dilo tse di bosula? Akanya ka tsholofetso eno e e utlwalang: “Bathokgami ke bone ba ba tla agang mo lefatsheng, mme ba ba se nang molato ke bone ba ba tla salang mo go lone. Fa e le baikepi bone, ba tla kgaolwa mo lefatsheng; mme maferefere one, a tla kumolwa mo go lone.” (Diane 2:21, 22) Go tla bo go se na tlhotlheletso ya batho ba ba boikepo. Mo maemong ao a a nang le kagiso, batho ba ba boikobo ba tla gololwa ka bonya ka bonya mo bosaitekanelang jo ba bo ruileng.—Baroma 6:17, 18; 8:21.
Modimo o tla fedisa jang bosula mo lefatsheng leo le lesha? Ka go se tseele batho mpho ya kgololesego ya go itlhophela le go dira gore batho ba bereke jaaka diroboto. Go na le moo, o tla ruta batho ba ba boikobo ditsela tsa gagwe, a ba thusa gore ba tlogele dikakanyo le ditiro tsa bone tse di kotsi.
Modimo o tla fedisa dilo tsotlhe tse di bakang pogo
Modimo o tla dira eng ka masetlapelo a a sa lebelelwang? O solofeditse gore go ise go ye kae Bogosi jwa gagwe bo tla laola lefatshe. Kgosi ya Bogosi joo e Modimo a e tlhomileng ke Jesu Keresete, yo o nang le maatla a go fodisa balwetse. (Mathaio 14:14) Gape Jesu o na le maatla a go laola maatla a tlholego. (Mareko 4:35-41) Ka jalo, go tla bo go sa tlhole go na le pogo e e bakiwang ke “motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele.” (Moreri 9:11) Mo pusong ya ga Keresete, batho ga ba kitla ba welwa ke masetlapelo.—Diane 1:33.
Go tweng ka batho ba le dimilione ba ba se nang molato ba ba suleng setlhogo? Nakwana pele ga Jesu a sena go tsosa tsala ya gagwe e bong Lasaro, o ne a re: “Ke nna tsogo le botshelo.” (Johane 11:25) Eleruri, Jesu o na le maatla a go tsosa baswi kgotsa go dira gore batho ba ba suleng ba tshele gape!
Fa e le gore o kgatlhegela go tshela mo lefatsheng le dilo tse di bosula di ka se diragaleleng batho ba ba molemo, ke ka ntlha yang fa o sa go dire maikaelelo a gago go ithuta mo go oketsegileng ka Modimo wa boammaaruri le ka maikaelelo a gagwe ka go ithuta Baebele? Basupi ba ga Jehofa ba ba mo lefelong la lona ba tla itumelela go go thusa gore o nne le kitso eo. Re itumelela go go laletsa gore o ikgolaganye le bone kgotsa o kwalele bagatisi ba makasine ono.
-