LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Baebele—A Tota e “Tlhotlheleditswe ke Modimo”?
    Tsogang!—2017 | No. 3
    • Rrakgwebo a bolelela mokwaledi wa gagwe gore a kwale eng mo lekwalong

      SETLHOGO SA KA FA NTLE | A TOTA BAEBELE E TSWA KWA MODIMONG?

      Baebele—A Tota e “Tlhotlheleditswe ke Modimo”?

      A O DUMELA gore Baebele e tswa kwa Modimong? Kgotsa a o akanya gore ke buka e batho ba e ikwaletseng?

      Tota le batho ba ba ipitsang Bakeresete ba sa ntse ba ngangisana ka kgang eno. Ka sekai, patlisiso e e dirilweng ka 2014 ke mokgatlho wa Gallup kwa United States ya re batho ba le bantsi ba ba ipitsang Bakeresete ba dumela gore “Baebele e amana le Modimo ka tsela nngwe.” Mme motho a le mongwe mo go ba le batlhano ba ba botsoloditsweng a re Baebele ke buka ya “ditlhamane tsa bogologolo, bagaka, hisitori le melao e e kwadilweng ke batho.” Go sa dumalane gono go dira gore re batle go itse gore lefoko “tlhotlheleditswe” le le dirisitsweng mo Baebeleng, le kaya eng.—2 Timotheo 3:16.

      LEFOKO “TLHOTLHELEDITSWE” LE KAYA ENG?

      Baebele e dirilwe ka dibukana di le 66 tse di kwadilweng ke banna ba le 40 ka dingwaga di feta 1 600. Fa e le gore Baebele e kwadilwe ke batho, goreng go twe “e tlhotlheleditswe ke Modimo”? Mafoko a a reng e “tlhotlheleditswe ke Modimo” a kaya gore Modimo ke Motswedi wa tshedimosetso e e mo Baebeleng. Baebele ya re: “Batho ba ne ba bua se se tswang kwa Modimong e re ka ba ne ba tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo.” (2 Petere 1:21) Seno se kaya gore Modimo o dirisitse moya wa gagwe o o sa bonaleng o o nayang maatla, o o bidiwang moya o o boitshepo, go fetisetsa molaetsa wa gagwe mo bakwading ba dibuka tsa Baebele. Seno se ka tshwantshanngwa le fa rrakgwebo a bolelela mokwaledi wa gagwe gore a kwale eng mo lekwalong. Mokwadi wa lekwalo leo ke rrakgwebo, e seng mokwaledi.

      Bakwadi bangwe ba Baebele ba ne ba bolelelwa molaetsa wa Modimo ka tlhamalalo ke baengele. Ba bangwe ba ne ba bona dipono. Ka dinako dingwe Modimo o ne a ba bolelela molaetsa wa gagwe a dirisa ditoro. Le fa Modimo a ne a letla bakwadi ba Baebele go dirisa mafoko a bone go kwala molaetsa wa gagwe, ka dinako dingwe o ne a ba bolelela mafoko a ba tshwanetseng go a kwala jaaka a ntse. Ka metlha bakwadi ba Baebele ba ne ba kwala se se tswang kwa Modimong, e seng mo go bone.

      Re ka tlhomamisega jang gore Modimo ke ene a tlhotlheleditseng bakwadi ba Baebele? Ela tlhoko mabaka a mararo a a ntshang bosupi jwa gore ruri Baebele e tlhotlheleditswe ke Modimo.

  • Baebele—E Nepile mo Dilong Tsotlhe
    Tsogang!—2017 | No. 3
    • Monna a akanyetsa kwa teng fa a sena go bala Baebele

      SETLHOGO SA KA FA NTLE | A TOTA BAEBELE E TSWA KWA MODIMONG?

      Baebele—E Nepile mo Dilong Tsotlhe

      E Nepile fa e Bua ka Saense

      LE FA Baebele e se buka ya saense, e nepile fa e bua ka dilo tsa tlhago. Ela tlhoko dikai tse di buang ka maemo a bosa le tsela e motho a bopilweng ka yone.

      GO TLA JANG GORE PULA E NE?

      Modikologo wa metsi ke fa metsi a fetoga mouwane a bo a tlhatlogela kwa loaping, mouwane o fetoga marothodi a metsi a bo a aesa e nna maru go bo go na pula, sefako kgotsa kapoko

      MODIKOLOGO WA METSI

      Baebele ya re: “[Modimo] o gogela marothodi a metsi kwa godimo; a tlhotlhelwa pula gore a nne mouwane wa gagwe, mo e leng gore maru a a rotha.”—Jobe 36:27, 28.

      Mo lekwalong leno Baebele e tlhalosa dikgato tse tharo tsa modikologo wa metsi. Modimo, yo e leng Motswedi wa mogote wa letsatsi, “o gogela marothodi a metsi kwa godimo” ka (1) go dira gore metsi a fetoge mouwane a bo a tlhatlogela kwa loaping (evaporation). Go tswa foo, (2) fa mouwane oo o ntse o tlhatloga, o fetoga marothodi a metsi a bo a aesa e nna maru (condensation). Seo se dira gore go nne le (3) pula, sefako kgotsa kapoko (precipitation). Tota le gompieno baitse ba maemo a bosa ba sa ntse ba sa itse dintlha tsotlhe ka tsela e e gakgamatsang ya gore go tla jang gore go nne le pula. Se se kgatlhang ke gore Baebele ya re: “[Ke] mang yo o ka tlhaloganyang go thiba ga maru?” (Jobe 36:29, Tswana Central) Le fa go ntse jalo, Mmopi o tlhaloganya modikologo wa metsi e bile o ne a dira gore mokwadi mongwe a kwale dintlha tseo ka nepo mo Baebeleng. O ne a dira jalo bogologolo pele batho ba kgona go tlhalosa dintlha tseo ka saense ba okola fa godimo.

      POPEGO YA LESEA

      Popego ya lesea

      DIJINI

      Mokwadi mongwe wa Baebele e bong Kgosi Dafide o ne a raya Modimo a re: “Matlho a gago a ne a mpona ke le losea lo lo mo popelong, mme dikarolo tsotlhe tsa lone di ne di kwadilwe mo bukeng ya gago.” (Pesalema 139:16) Dafide o dirisa mafoko a poko go tlhalosa tsela e lesea le bopegang ka yone go ya ka thulaganyo ya Modimo kgotsa se se kwadilweng mo bukeng e e sa bolong go nna gone. Se se gakgamatsang ke gore dilo tseno di kwadilwe dingwaga di ka nna 3 000 tse di fetileng!

      Le fa go ntse jalo, ke fela mo magareng a dingwaga tsa bo1800 moithutadimela wa kwa Austria e bong Gregor Mendel a neng a nna le tshedimosetso e nnye ya gore motho o bopega jang. Mme ke fela ka April 2003 babatlisisi ba ileng ba kgona go itse dijini tsotlhe tse di nang le tshedimosetso e e feletseng tse di tlhokegang go bopa motho. Baitsesaense ba ne ba tlhalosa gore tshedimosetso e e mo dijining tsa rona e rulagantswe sentle fela jaaka mafoko a a mo dikishinareng a rulagantswe ka tatelano. Tshedimosetso eo e dira gore dikarolo tsa lesea—jaaka boboko, pelo, makgwafo, matsogo le maoto—di bopege ka tatelano le ka nako e e siameng. Seo se dumalana le se baitsesaense ba se buang fa ba re tshedimosetso e e mo dijining ke “buka ya botshelo.” Ke eng se se thusitseng Dafide go kwala tshedimosetso eo e e nepileng? O ne a bua jaana: “Moya wa ga Jehofa ke one o neng wa bua ka nna, le lefoko la gagwe le ne le le mo lolemeng lwa me.”a—2 Samuele 23:2.

      E Nepile fa e Bua ka Dilo Tse di Tla Diregang

      GA GO motlhofo go itse gore dipuso le metse di tla nna gone kgotsa di tla fenngwa leng le gore jang. Le fa go ntse jalo, Baebele e ne ya bolelela pele gore metse le dipuso tse dikgolo di tla senngwa leng le gone jang. Ela tlhoko dikai tseno tse pedi.

      GO WA LE GO SENNGWA GA BABELONA

      Babelona ya bogologolo e ne e le puso e e maatla e e neng e tlhotlheletsa dinaga tsa bophirima tsa kwa Asia ka dingwagangwaga. Nako nngwe e kile ya bo e le toropo e kgolo mo lefatsheng lotlhe. Le fa go ntse jalo, dingwaga di ka nna 200 pele ga e senngwa, Modimo o ne a tlhotlheletsa mongwe wa bakwadi ba Baebele e bong Isaia go porofeta gore monna mongwe yo o bidiwang Kurose o tla senya Babelona mme ga e kitla e tlhola e nniwa. (Isaia 13:17-20; 44:27, 28; 45:1, 2) A tota seo se ne sa direga?

      Marope a Babelona wa bogologolo

      HISITORI

      Bosigo bongwe ka October 539 pele Jesu a tla mo lefatsheng, Kurose yo Mogolo o ne a fenya Babelona. Fa nako e ntse e ya, mesele ya metsi e e neng e dikologile motse oo, e ne ya kgala ka gonne e ne e sa tlhokomelwe. Ka ngwaga wa 200 wa motlha wa rona, lefelo leo e ne e le sekaka. Gompieno Babelona ke matlotla. Fela jaaka Baebele e ile ya bolelela pele, Babelona e ‘fetogile sekaka gotlhe.’—Jeremia 50:13, Tswana Central.

      Isaia o ne a tsaya kae tshedimosetso eo e e nepileng ka se se tla diregang? Baebele ya re seno e ne le “polelo kgatlhanong le Babelona e Isaia morwa Amosi a e boneng mo ponatshegelong.”—Isaia 13:1.

      NINIFE—“MAROPE A SEKAKA”

      Ninife e ne e le toropokgolo ya Puso ya Asiria e bile e ne e le ntle thata. E ne e na le mebila e e megolo, diphaka, ditempele le matlo a magolo a dikgosi. Le fa go ntse jalo, moporofeti Sefania o ne a bolelela pele gore motse ono o montle o ne o tla nna “marope a sekaka.”—Sefania 2:13-15, Tswana Central.

      Ninife e ne ya senngwa ke masole a Bababelona le Bameda mo e ka nnang ka ngwaga wa 630 pele Jesu a tla mo lefatsheng. Patlisiso nngwe ya re fa Ninife e sena go fenngwa, “go ne ga feta dingwaga di le 2 500 e lebetswe.” Go ne ga feta lobakanyana batho ba sa dumele gore Ninife e kile ya nna gone. Ke fela mo e ka nnang ka ngwaga wa 1850 baithutamarope ba neng ba epolola marope a Ninife. Gompieno marope a motse oo a a nyelela e bile a a senngwa mme seo se ne sa dira gore mokgatlho wa Global Heritage Fund o ntshe tlhagiso eno: “Marope a Ninife wa bogologolo a ka nna a nyelela gotlhelele.”

      Sefania o bone kae tshedimosetso eno ya dilo tse di neng di tla direga? O ne a tlhalosa gore ‘lefoko la ga Jehofa le ne la tla kwa go ene.’—Sefania 1:1.

      Baebele e Araba Dipotso Tse di Botlhokwa ka Botshelo

      Monna a bala Baebele a bo a akanya ka ditiragalo tsa metlha ya bofelo

      BAEBELE e na le dikarabo tse di kgotsofatsang tsa dipotso tse di botlhokwa ka botshelo. Ela tlhoko dikai tse di latelang.

      GORENG GO DIREGA DILO TSE DI BOTLHOKO LE TSE DI BOSULA?

      Baebele e re naya dintlha tsotlhe ka dilo tse di sa siamang tse di diregang. Ya re:

      1. ‘Motho o laotse motho yo mongwe go mo utlwisa botlhoko.’—Moreri 8:9.

        Ditlamorago tsa go puso ya motho ke dintwa, bokebekwa le tlhaelo ya dijo

        Babusi ba ba palelwang e bile ba tletse boferefere, ba bakela batho dilo tse di utlwisang botlhoko.

      2. “Botlhe ba diragalelwa ke motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele.”—Moreri 9:11.

        Monna a le mo bolaong kwa bookelong

        Dilo tse di sa bonelwang pele tse di jaaka, malwetse a a kotsi, dikotsi kgotsa masetlapelo a tlholego, di ka diragalela mongwe le mongwe, gongwe le gongwe, ka nako nngwe le nngwe.

      3. “Boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe le loso ka boleo.”—Baroma 5:12.

        Boleo le loso di ne di seyo kwa tshimologong fa monna wa ntlha le mosadi ba bopiwa. Boleo “bo ne jwa tsena mo lefatsheng” fa ba ne ba tlola molao wa Mmopi wa bone ka boomo.

      Baebele ga e tlhalose fela gore goreng batho ba diragalelwa ke dilo tse di utlwisang botlhoko. E tlhalosa gore Modimo o tla fedisa dilo tse di bosula mme o “tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.”—Tshenolo 21:3, 4.

      GO DIREGA ENG KA RONA FA RE SWA?

      Batho ba ba hutsafetseng ba le kwa mabitleng

      Baebele ya re fa motho a tlhokafetse ga a utlwe sepe e bile ga a kgone go dira sepe. Moreri 9:5 ya re: “Batshedi ba a itse gore ba tla swa; mme fa e le baswi bone, ga ba itse sepe gotlhelele.” Fa re tlhokafala, ‘dikakanyo tsa rona di a nyelela.’ (Pesalema 146:4) Ka jalo, fa re swa, boboko jwa rona bo a swa mme ga re kgone go dira sepe kgotsa go akanya.

      Le fa go ntse jalo, Baebele ga e tlhalose fela gore go diragalang ka batho ba ba tlhokafetseng. Gape e re naya tsholofelo e e itumedisang ya gore baswi ba tla tsosiwa mo borokong jo bogolo jwa loso.—Hosea 13:14; Johane 11:11-14.

      RE TSHELELA ENG?

      Baebele ya re Jehofa Modimo o bopile monna le mosadi. (Genesise 1:27) Ka ka moo e reng monna wa ntlha e bong Adame ke “morwa Modimo.” (Luke 3:38) Motho o ne a bopetswe gore a nne tsala ya ga Rraagwe yo o kwa legodimong le gore a tshelele ruri a itumetse le go nna le bana. Ka jalo, batho botlhe ba na le keletso ya go batla go ithuta ka Modimo. Ke ka moo Baebele e reng: “Go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng.”—Mathaio 5:3.

      Gape Baebele ya re: “Go itumela ba ba utlwang lefoko la Modimo e bile ba le boloka!” (Luke 11:28) Baebele e re thusa go ithuta ka Modimo, go atamalana le ene, go tshela botshelo jo bo monate gone jaanong le go tshelela ruri mo nakong e e tlang.

      Mokwadi wa Baebele le Wena

      MORAGO ga gore batho ba le dimilionemilione ba tlhatlhobe bosupi jo bo buang ka Baebele, ba ne ba swetsa ka gore Baebele ga se buka fela ya bogologolo. Ba tlhomamisegile gore Baebele ke Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng e bile o le dirisa go bua le batho—go akaretsa le wena! Mo go yone, Modimo o go kopa gore o ithute ka ene le gore o nne tsala ya gagwe. Baebele e re solofetsa jaana: “Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.”—Jakobe 4:8.

      Go ithuta Baebele go dira gore re itumele. Jang? Fela jaaka go bala buka nngwe go dira gore o lemoge gore mokwadi wa yone o akantse eng, go bala Baebele le gone go re thusa go itse dikakanyo le maikutlo a Mokwadi wa yone, e leng Modimo. Seno se ka go thusa go itse se Mmopi wa gago a se akanyang le tsela e a ikutlwang ka yone! Mo godimo ga moo, Baebele e go thusa go itse:

      • Leina la Modimo le gore o ntse jang.

      • Boikaelelo jwa Gagwe ka batho.

      • Gore o ka nna jang tsala ya Modimo.

      A o ka rata go itse mo go oketsegileng? Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go thusa. Ba ka rulaganya go ithuta Baebele le wena mahala. Seno se ka go thusa gore o atamalane le Mokwadi wa Baebele—Jehofa Modimo.

      Setlhogo seno se sekasekile bosupi jwa gore Baebele ke buka ya Modimo e e tlhotlheleditsweng. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 2 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa. E itseele mo www.pr418.com/tn, kgotsa o skene khouto eno

      Gape o ka leba bidio ya Mokwadi wa Baebele ke Mang? E gone mo www.pr418.com/tn

      Leba DIKGATISO > DIBIDIO

      a Baebele ya re leina la Modimo ke Jehofa.—Pesalema 83:18.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela