LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • yp1 ts. 289-318
  • Dipotso Tse Batsadi ba di Botsang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse Batsadi ba di Botsang
  • Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo 1
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Fa Ngwana wa Gago Yo o Mo Dingwageng Tsa Bosha a Belaela Bodumedi Jwa Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Go Buisana le Bana ba Dingwaga Tsa Bolesome
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Bosha—Go Ipaakanyetsa go Nna Mogolo
    Tsogang!—2011
  • Go Baakanyetsa Basha ba Dingwaga Tsa Bolesome go Nna Bagolo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo 1
yp1 ts. 289-318

Dintlha Tse di Oketsegileng

Dipotso Tse Batsadi ba di Botsang

“Nka dira jang gore ngwanake a bue le nna?”

“A ke tshwanetse go beela ngwanake nako e ke batlang gore a bo a le mo lapeng ka yone?”

“Nka thusa jang morwadiake gore le fa a leka go fokotsa boima jwa mmele, a je sentle?”

Tseno ke dingwe tsa dipotso di le 17 tse di arabiwang mo tsebeng eno ya Dintlha Tse di Oketsegileng. Dintlha tseno di kgaogantswe ka dikarolo di le thataro mme di go kaela kwa kgaolong e e tlhalosang se go tlotliwang ka sone mo Bolumo 1 le Bolumo 2 ya buka ya Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo.

Bala dintlha tseno. Fa go kgonega, tlotla ka tsone le molekane wa gago. Go tswa foo, o dirise kgakololo eno go thusa bana ba gago. Dikarabo tse o tla di bonang fano di a ikanyega. Ga di a thewa mo botlhaleng jo bo sa itekanelang jwa batho, go na le moo di theilwe mo Lefokong la Modimo, Baebele.—2 Timotheo 3:16, 17.

290 Puisano

297 Melao

302 Kgololesego

307 Tlhakanelodikobo le go Intsha

311 Dikgang Tsa Maikutlo

315 Bomoya

PUISANO

A tota go na le bothata fa ke omana le molekane wa me kgotsa le bongwanake?

Dikgotlhang ga di ke di tlhoka go nna teng mo lenyalong. Le fa go ntse jalo, o ka itlhophela gore o di rarabolola jang. Basha ba amiwa thata ke dikgotlhang tsa batsadi ba bone. Tota kgang eno e masisi ka gonne lenyalo la gago ke sekao se go ka diregang gore bana ba gago ba se latele fa ba ka nyala. Ke eng fa o sa dirise dikgotlhang tse lo a tleng lo nne le tsone e le tshono ya go bontsha ditsela tse di molemo tsa go di rarabolola? Leka go dira dilo tse di latelang:

Reetsa. Baebele ya re re nne “bonako go utlwa, bonya go bua, bonya go shakgala.” (Jakobe 1:19) O se ka wa gakatsa bothata ka go ‘busetsa bosula ka bosula.’ (Baroma 12:17) Tota le fa gone go bonala molekane wa gago a sa batle go reetsa, wena o ka tlhopha go dira jalo.

Leka go tlhalosa go na le go tshwayatshwaya diphoso. Bua le molekane wa gago o digile makgwafo, mo tlhalosetse kafa se a se dirileng se go amileng ka gone. (“O nkutlwisa botlhoko fa o . . . ”) Leka ka natla go ithiba gore o se ka wa mo latofatsa le go mo tshwaya diphoso. (“Ga o nkgathalele.” “Ga o ke o ntheetsa.”)

Buang ka kgotlhang eo ka nako e nngwe. Ka dinako tse dingwe go molemo go tlogela kgang mme lo bue ka yone fa lo setse lo ritibetse maikutlo. Baebele ya re: “Tshimologo ya manganga e tshwana le yo o bulelang metsi; ka jalo pele ga komano e tsoga, tswa o tsamaye.”—Diane 17:14.

Kopanang maitshwarelo—mme fa go tshwanela, lo a kope le mo baneng ba lona. Brianne, wa dingwaga di le 14 a re: “Ka dinako tse dingwe fa batsadi ba me ba sena go omana, ba ikopa maitshwarelo mo go nna le mo go nkgonne ka gonne ba itse kafa seno se re utlwisang botlhoko ka gone.” Nngwe ya dithuto tsa botlhokwatlhokwa e o ka e rutang bana ba gago ke gore ba kgone go bua ka boikokobetso ba re, “Ke kopa maitshwarelo.”

Mme go tweng fa e le gore bothata ke gore o ile wa omana le ngwana wa gago? Ipotse gore a ga se wena o tlhoseditseng molelo o sa lemoge. Ka sekai, ela tlhoko tiragalo e e simololang Kgaolo 2 mo tsebe 15 ya Bolumo eno. A o ka kgona go lemoga dilo dingwe tse mmaagwe Rachel a di dirileng tse di gakaditseng komano? O ka tila jang go omana le ngwana wa gago wa dingwaga tsa bolesome? Leka dikakantsho tse di latelang:

● Tila go bua mafoko a a latofatsang a a jaaka, “Ka metlha o . . . ” kgotsa “Ga o ke o . . . ” Mafoko a a ntseng jalo a dira fela gore a arabe ka go iphemela. Boammaaruri ke gore, gantsi e a bo e le go feteletsa dilo mme ngwana wa gago o itse seo. Gape ngwana wa gago a ka tswa a itse gore tota o bua mafoko a a latofatsang ka gonne o galefisitswe ke sengwe, e seng ka gonne ene a dirile sengwe se se phoso.

● Go na le go bua mafoko a a tlhabang a a simololang ka “o,” leka go tlhalosetsa ngwana wa gago kafa boitshwaro jwa gagwe bo go utlwisang botlhoko ka gone. Ka sekai: “Ke utlwa . . .  fa o . . . ” Le fa o ka tswa o dumela seno kgotsa o sa se dumele, ngwana wa gago o amiwa thata ke tsela e o ikutlwang ka yone. Gantsi fa o mo itsise kafa o utlwang botlhoko ka gone, a ka nna a simolola go dirisana sentle le wena.a

● Le fa go ka tswa go le thata, ithibe go fitlha o wela makgwafo. (Diane 29:22) Fa kgang e lo omanang ka yone e amana le ditiro tsa mo lapeng, buisana le ngwana wa gago ka yone. Kwala fa fatshe se o batlang a se dira, mme fa go tlhokega o tlhalose sentle le ditlamorago tse di tla nnang teng fa a sa dire se a tshwanetseng go se dira. Reetsa ka bopelotelele se ngwana wa gago a se akanyang tota le fa o akanya gore o phoso. Basha ba le bantsi ba ba mo dingwageng tsa bolesome ba rata gore motho a ba reetse go na le gore a nnele go ba rerela.

● Pele ga o itlhaganelela go swetsa ka gore ngwana wa gago yo o mo dingwageng tsa bolesome o tsenwe ke moya wa botsuolodi, lemoga gore bontsi jwa dilo tse o bonang a di dira ke se ka tlholego se diregang fa ngwana a ntse a gola. Ngwana wa gago a ka ganetsana le wena e le fela gonne a batla go go bontsha gore o a gola. Tila go nna o ganetsana le ene. Se lebale gore, tsela e o itshwarang ka yone fa go na le kganetsano, e ruta ngwana wa gago yo o mo dingwageng tsa bolesome sengwe. Fa o tlhomela morwao kgotsa morwadio sekao se se molemo sa go nna pelotelele, gongwe a ka go etsa.—Bagalatia 5:22, 23.

BALA BOLUMO 1, KGAOLO 2 LE BOLUMO 2, KGAOLO 24

Bana ba me ba tshwanetse go itse go le kana kang ka botshelo jwa me jwa mo nakong e e fetileng?

Akanya o le mo seemong seno: O itumelela dijo tsa maitseboa le molekane wa gago, morwadio le ditsala dingwe tsa lelapa. Fa lo ntse lo tlotla, tsala ya gago e umaka mongwe yo o neng o intsha le ene—mme lwa kgaogana—pele o kopana le molekane wa gago. Morwadio o sala a gakgametse. O bua jaana a tshogile: “A o raya gore o kile wa intsha le mongwe o sele?” Ga o ise o tsamaye o bolelele morwadio ka kgang eno. O tla dira eng?

Gantsi go ka nna molemo gore o se ka wa gana fa ngwana wa gago a go botsa dipotso. Aitsane, ka metlha fa a botsa dipotso le fa a reetsa dikarabo tse o mo nayang tsone, lo a bo lo buisana—e leng sengwe se batsadi ba le bantsi ba se eletsang.

Mme gone, o tshwanetse go bolelela morwao kgotsa morwadio go le kana kang ka botshelo jwa gago jwa mo nakong e e fetileng? Ka tlholego fela, o ka nna wa bona go le molemo gore o se ka wa bua ka tshedimosetso e e tlhabisang ditlhong. Le fa go ntse jalo, go bua ka dikgwetlho dingwe tse o kileng wa lebana le tsone go ka thusa bana ba gago. Jang?

Ela tlhoko sekao seno. Moaposetoloi Paulo o kile a tlhalosa bothata bongwe jo a neng a na le jone jaana: “Fa ke eletsa go dira se se siameng, se se bosula se gone mo go nna. . . . A nna motho yo o tlhomolang pelo!” (Baroma 7:21-24) Jehofa Modimo o ne a tlhotlheletsa gore mafoko ao a kwalwe a bo a bolokiwe mo Baebeleng gore a re solegele molemo. Mme ruri a re solegela molemo ka gonne bontsi jwa rona re ikutlwa fela jaaka Paulo a ile a tlhalosa.

Ka tsela e e tshwanang, fa bana ba gago ba utlwa ka dilo tse di molemo tse o ileng wa tlhopha go di dira le ka diphoso tse o ileng wa di dira, ba ka ithuta sengwe mo go wena. Ke boammaaruri gore o godisitswe mo motlheng o o sa tshwaneng le wa bone. Mme gone, le fa metlha e fetogile, tsela e batho ba leng ka yone; tota le melaometheo ya Dikwalo ga ya fetoga. (Pesalema 119:144) Fa o bua ka mathata a o kileng wa lebana le one—le kafa o ileng wa a fenya ka gone—seo se ka thusa bana ba gago gore le bone ba kgone go rarabolola mathata a bone. Lekawana lengwe le le bidiwang Cameron la re: “Fa o lemoga gore batsadi ba gago ba ile ba lebana le mathata a a tshwanang le a o lebaneng le one, seo se dira gore o lemoge gore le bone ke batho, ba kgona go dira diphoso.” O oketsa ka gore: “Mo nakong e e tlang fa o na le bothata, o ipotsa gore a batsadi ba gago le bone ba kile ba lebana le jone.”

Ela tlhoko: Ga se ka metlha go tlhokegang gore o wetse kgang ya lona ka go naya kgalemelo. Gone ke boammaaruri gore o ka tswa o tshwenngwa ke gore ngwana wa gago a ka nna a dira tshwetso e e sa siamang kgotsa a bona go sa re sepe fa le ene a ka dira phoso e e tshwanang le e o e dirileng. Le fa go ntse jalo, go na le gore o sobokanye kgang ka go bolelela ngwana wa gago se a tshwanetseng go ithuta sone mo kgannyeng eo (“Ke gone ka moo le ka motlha o sa tshwanelang go . . . ”), tlhalosa ka bokhutshwane fela kafa wena o ikutlwang ka gone. (“Ke gone ke lemogang gore nkabo ke sa ka ka dira jaana le jaana ka gonne . . . ”) Morwao kgotsa morwadio a ka ithuta thuto ya botlhokwa mo go se se go diragaletseng kwantle ga go nna le maikutlo a gore o newa kgalemelo e a sa e tlhokeng.—Baefeso 6:4.

BALA BOLUMO 1, CHAPTER 1

Nka dira jang gore ngwanake a bue le nna?

Bana ba gago ba ka tswa ba ne ba bua le wena ka sengwe le sengwe fa ba ne ba sa ntse ba le babotlana. Fa o ba botsa potso, ba ne ba araba ba sa okaoke. Tota e bile, gantsi o ne o sa tlhoke le go botsa potso; ba ne ba thathologa fela jaaka toloki. Mme gone jaanong, go dira gore bana ba gago ba ba mo dingwageng tsa bolesome ba bue, go ka tshwana fela le go leka go ga metsi mo mogobeng o o omileng. O ipolelela jaana: ‘Ba tshwanetse ba bo ba bua le ditsala tsa bone. Goreng ba sa bue le nna?’

O se ka wa letla tidimalo ya bone e dira gore o swetse ka gore bana ba gago ba a go tlhokomologa kgotsa ga ba batle gore o itse sepe ka botshelo jwa bone. Boammaaruri ke gore, gone jaanong ba go tlhoka go feta le fa e le leng pele. Mme se se itumedisang ke gore, dipatlisiso di bontsha gore basha ba le bantsi ba sa ntse ba tsaya kgakololo ya batsadi ba bone e le botlhokwa—tota le go feta e ba e newang ke balekane ba bone kgotsa metswedi ya tshedimosetso.

Jaanong, goreng ba okaoka go go bolelela se ba se akanyang? Ela tlhoko gore basha bangwe ba re ke eng se se dirang gore ba palelwe ke go bua le batsadi ba bone. Go tswa foo, o ipotse dipotso tse di tlhagang foo o bo o bale le ditemana tse di umakilweng.

“Ke fitlhela go le thata gore ke buisane le Papa ka gonne o nna fela a tshwaregile, kwa tirong le mo phuthegong. Tota ga go ke go nna le nako e e siametseng go ka buisana le ene.”—Andrew.

‘A gongwe ke ile ka naya bongwanake ke sa lemoge mogopolo wa gore ke tshwaregile thata mo nka se kang ka kgona go bua le bone? Fa go le jalo, nka dira eng gore go nne motlhofo gore ke atamelesege? Nka beela nako leng kwa thoko gore ke kgone go buisana le bongwanake ka metlha?’—Duteronome 6:7.

“Ke ne ka ya kwa go mama ke lela ke batla go mmolelela ka bothata jo ke nnileng le jone kwa sekolong. Ke ne ke batla gore a nkgomotse, mme o ne a nkomanya. Fa e sa le ka nako eo, ga ke ise ke mmolelele sepe gape se se botlhokwa.”—Kenji.

‘Ke itshwara jang fa bongwanake ba tla kwa go nna ba na le bothata? Tota le fa go tshwanela gore ke ba kgaleme, a nka ithuta go ithiba le go reetsa ke ba utlwela botlhoko pele nka ba naya kgakololo?’—Jakobe 1:19.

“E kete ka metlha fa batsadi ba go raya ba re lo ka bua mme ga ba na go galefa, ba feleletsa ba galefile. Mme mosha o ikutlwa a tsieditswe.”—Rachel.

‘Fa ngwanake a mpolelela sengwe se se galefisang, nka laola jang tsela e ke itshwarang ka yone?’—Diane 10:19.

“Gantsi fa ke bulela Mama mafatlha ka dikgang tsa me tsa sephiri, o di bolelela ditsala tsa gagwe. Ga ke sa tlhole ke mo tshepa.”—Chantelle.

‘A ke bontsha go akanyetsa maikutlo a ngwanake ka gore ke se ka ka anamisa dikgang tsa sephiri tse a mpoleletseng tsone?’—Diane 25:9.

“Go na le dilo di le dintsi tse ke batlang go di bolelela batsadi ba me. Ke tlhoka fela gore ba nthuse gore ke simolole motlotlo.”—Courtney.

‘A nka tsaya kgato pele gore ke kgone go bua le bongwanake? Ke nako efe e e siametseng gore re ka buisana?’—Moreri 3:7.

E re ka o le motsadi, o tla solegelwa molemo thata fa o ka leka ka natla gore ka metlha go nne le puisano fa gare ga gago le ngwana wa gago. Akanya ka se se ileng sa diragalela Junko wa dingwaga di le 17 wa kwa Japane. A re: “Nako nngwe ke ne ka bolelela mmè gore ke ikutlwa ke gololesegile fa ke na le bana ba ke tsenang sekolo le bone go feta fa ke na le Bakeresete mmogo le nna. Mo letsatsing le le latelang ke ne ka fitlhela lekwalo le le tswang kwa go Mmè mo desekeng ya me. Mo lekwalong leo o ne a mpolelela gore le ene o kile a ikutlwa a sa kgone go dira ditsala mo phuthegong. O ne a nkgopotsa ka batho bangwe ba go buiwang ka bone mo Baebeleng ba ba neng ba direla Modimo le fa go ne go se ope yo o ba emeng nokeng le go ba gomotsa. Gape o ne a nkakgola go bo ke leka go nna le ditsala tse di molemo. Ke ne ke gamaregile go lemoga gore e ne e se nna fela ke lebaneng le bothata jono. Mmè le ene o ne a kile a lebana le jone, mme ke ne ka itumelela thata go utlwa ka seo mo ke ileng ka lela. Ke ne ka kgothadiwa thata ke se mmè a ileng a mpolelela sone mme ka nna le nonofo ya go dira se se siameng.”

Fela jaaka mmaagwe Junko a ile a lemoga, gantsi basha ba gololesega go bua fa ba tlhomamisediwa gore ga ba na go sotliwa kgotsa go tshwaiwa diphoso ka ntlha ya se ba se akanyang kgotsa tsela e ba ikutlwang ka yone. Le fa go ntse jalo, o ka dira eng fa go bonala ngwana wa gago a tenega kgotsa a galefa fa a bua le wena? Leka gore o se ka wa dira se se tshwanang. (Baroma 12:21; 1 Petere 2:23) Go na le moo, le fa go le thata, bontsha ngwana wa gago ka sekao tsela e o batlang a bua le go itshwara ka yone.

Se lebale: Fa basha ba nna bagolo, ke nako e ba nnang ba fetoga. Baitse ba lemogile gore mo nakong eo, boitsholo jwa basha bo nna bo fetofetoga—nako nngwe ba itshwara ka tsela e e fetang dingwaga tsa bone fa ka dinako tse dingwe ba dira dilo tsa bongwana. Fa ngwana wa gago yo o mo dingwageng tsa bosha a dira se se tshwanang, o ka dira eng—segolobogolo fa a dira dilo tsa bongwana?

Tila go phamoga fela o bo o simolola go mo tshwayatshwaya diphoso kgotsa go itsenya mo dikganetsanong tsa bongwana. Go na le moo, leka go bua le ene jaaka fa o bua le motho yo o godileng. (1 Bakorintha 13:11) Ka sekai, fa ka nako e ngwana wa gago yo o mo dingwageng tsa bosha a dirang dilo tsa bongwana ka yone a go raya a re, ‘Ke eng fa o nnetse go ntshwenya?’ o ka nna wa ikutlwa o batla go mo araba ka bogale. Le fa go ntse jalo, fa o ka dira jalo, ga go pelaelo gore jaanong ga lo tlhole lo tla buisana, lo tlile go simolola go omana. Kafa letlhakoreng le lengwe, o ka nna wa re fela: “O bonala o galefile tota. A ga go molemo gore re tlotle ka kgang eno moragonyana fa o setse o wetse dibete?” Fa o dira jalo, ga o latlhegelwe ke taolo. O setse o baakantse dilo gore lo kgone go buisana, e seng go omana.

BALA BOLUMO 1, KGAOLO 1 LE 2

MELAO

A ke tshwanetse go mmeela nako e ke batlang gore a bo a le mo lapeng ka yone?

Go go thusa go araba potso eo, akanya o le mo seemong se: Nako e o e beetseng morwao gore a bo a le mo lapeng ka yone e setse e fetile ka metsotso e le 30, mme o mo utlwa a tsena ka kgoro a nanabela. O akanya jaana, ‘O tshwanetse a bo a ithaya a re ke robetse.’ Mme gone, ga o ise o robale. Tota e bile, e sa le o ntse fa kgorong go tloga ka nako e o neng o solofetse gore o tla goroga ka yone. Fa a sena go tsena ka kgoro o fitlhela o mo emetse. O tla reng? O tla dira eng?

O ka itlhophela se o batlang go se dira. O ka nna wa tsaya kgang eno motlhofo fela. Gongwe wa re, ‘Ruri basimane ga ba na tsebe.’ Kgotsa o ka nna wa tuka bogale o bo o mo raya o re “Ga o na go tlhola o ya gope!” Go na le go tsewa ke maikutlo, mo reetse pele gore a reng, gonne a ka tswa a na le lebaka le le utlwalang la go bo a gorogile thari. Go tswa foo, o ka dirisa seno e le tshono ya go ruta morwao thuto ya botlhokwa. Jang?

Kakantsho: Bolelela ngwana wa gago gore o tla bua le ene ka kgang eno ka moso. Mme ka nako e e tshwanetseng, nnang fa fatshe mme lo buisane gore lo tla rarabolola kgang eno jang. Batsadi bangwe ba ile ba leka mokgwa ono: Fa morwaabone kgotsa morwadiabone a goroga morago ga nako e ba dumalaneng ka yone, mo nakong e e tlang fa a intsha ba mmeela gore a boe metsotso e le 30 pele ga nako e ba neng ba mmeetse yone pele. Kafa letlhakoreng le lengwe, fa ka metlha mosha a boa ka nako mme a bontsha gore o a ikanyega, o ka nna wa mo naya kgololesego e e oketsegileng—gongwe nako nngwe o mo okeletse nako e a tshwanetseng go bo a le mo lapeng ka yone. Go botlhokwa gore ngwana wa gago a itse sentle nako e o solofetseng gore a bo a le mo gae ka yone le gore o tla bona kotlhao ya mofuta ofe fa a ka se ikobele seo. Mme fa a sa e ikobele, mo otlhaye jaaka o ne o buile.

Le fa go ntse jalo, ela tlhoko gore Baebele ya re: “A go nna tekatekano ga lona go itsiwe.” (Bafilipi 4:5) Ka jalo, pele ga o beela ngwana wa gago nako e a tshwanetseng go bo a le mo gae ka yone, o ka nna wa tlotla le ene ka kgang eo, o mo neye sebaka sa go tlhalosa gore ke nako efe e a bonang e mo siametse, a bo a tlhalose le mabaka a go bo a rialo. Iketleeletse go amogela kopo ya gagwe fa e farologana le ya gago. Fa e le gore ngwana wa gago o bontshitse gore o na le maikarabelo, o ka nna wa amogela se a se buang fa e le gore se a utlwala.

Go tshwara nako ke karolo ya botshelo. Go beela ngwana wa gago nako e a tshwanetseng a bo a le mo gae ka yone, ga se kgang fela ya go dira gore a se ka a tlhagelwa ke mathata. O mo ruta go nna le bokgoni jo bo tla mo solegelang molemo le fa a sa tlhole a nna mo lapeng.—Diane 22:6.

BALA BOLUMO 1, KGAOLO 3, LE BOLUMO 2, KGAOLO 22

Nka rarabolola jang dikgotlhang tse ke nnang le tsone le bongwanake tse di amanang le moaparo?

Ela tlhoko tiragalo e e tlhagang mo tshimologong ya tsebe 77 ya bolumo eno. A re re Heather ke morwadio. O bona a tlhaga a apere seaparo se se bonaletsang e bile se le sekhutshwane thata—go ya ka wena go tshwana fela le fa a sa apara sepe. Ga o senye nako. O mo raya o re: “Mosetsana, ya kwa phaposing ya gago gone jaanong o ye go apara diaparo tse dingwe, go seng jalo ga o ye gope!” Morwadio o ka nna a dira se o se batlang le fa o buile le ene ka tsela eo. Kana gone, ga go se morwadio a ka se dirang, o tshwanetse go reetsa se o se buang. Ka jalo, o ka mo ruta jang gore a se ka fetola fela diaparo tse a di apereng mme a fetole le tsela e a akanyang ka yone?

● Sa ntlha, gakologelwa seno: Ngwana wa gago wa dingwaga tsa bosha o tshwanetse go tshwenyega thata go feta wena ka ditlamorago tsa go apara ka tsela e e sa siamang. Gone boammaaruri ke gore, ga a batle go lebega e le seeleele kgotsa go ngoka kgatlhego e e sa tshwanelang ya ba bong bo sele. Bua le ene ka bopelotelele o mmontshe gore tota go apara ka tsela e e sa siamang ga go kgatlhe, mme o mo tlhalosetse le mabaka a seo.b Akantsha dilo tse dingwe tse a ka di aparang.

● Sa bobedi, nna tekatekano. Ipotse jaana, ‘A seaparo se, se kgatlhanong le melaometheo ya Baebele kgotsa ke fela gore nna ga ke se rate?’ (2 Bakorintha 1:24; 1 Timotheo 2:9, 10) Fa e le gore ke kgang fela ya gore wena ga o se rate, a o ka mo letla gore a se apare?

● Sa boraro, o se ka wa mmolelela fela gore ke diaparo dife tse a sa tshwanelang go di apara. Mo thuse go bona diaparo tse di tshwanetseng. Ke eng o sa dirise kaedi ya moaparo e e mo tsebe 82 le 83 ya bolumo eno go go thusa go buisana le ngwana wa gago? Ruri seo se tla lo solegela molemo fela thata!

BALA BOLUMO 1, KGAOLO 11

A ke tshwanetse go letla ngwanake go tshameka metshameko ya eleketeroniki?

Metshameko ya eleketeroniki e fetogile thata fa e bapisiwa le fa o ne o sa ntse o le mosha. E re ka o le motsadi, o ka thusa jang ngwana wa gago go lemoga dikotsi tsa metshameko eo le go di tila?

Fa o bua gore metshameko eo yotlhe e phoso kgotsa o swetsa ka gore metshameko ya eleketeroniki ke tshenyo ya nako fela, seo ga se ka ke sa solegela ngwana wa gago molemo ka sepe. Se lebale, ga se gore metshameko yotlhe ga e a siama. Le fa go ntse jalo, e ka tshwakgola motho. Ka jalo, ela tlhoko nako e ngwana wa gago a e dirisang a tshameka metshameko eno. Gape ela tlhoko mefuta ya metshameko e ngwana wa gago a e ratang. O ka nna wa bo wa mmotsa dipotso tse di jaaka:

● Ke motshameko ofe o bana ba o tsenang le bone mo tlelaseng ba o ratang thata?

● Go direga eng mo motshamekong oo?

● O akanya gore ke eng fa motshameko oo o ratiwa jaana?

O ka nna wa fitlhela ngwana wa gago a itse go le gontsi ka metshameko ya eleketeroniki go feta kafa o neng o akanya ka gone! Gongwe e bile a ka tswa a kile a tshameka metshameko e o akanyang gore ga e a siama. Fa e le gore go ntse jalo, o se ka wa itlhaganelela go galefa. Eno ke nako ya gore o thuse ngwana wa gago gore a nne le bokgoni jwa go lemoga.—Bahebera 5:14.

Botsa ngwana wa gago dipotso tse di tla mo thusang go lemoga gore ke eng se se dirang gore a kgatlhiwe ke metshameko e e sa siamang. Ka sekai, o ka botsa potso e e jaaka eno:

● A o ikutlwa o le learogi ka gonne o sa letlelelwe go tshameka motshameko mongwe?

Basha bangwe ba ka nna ba tshameka motshameko mongwe fela gore ba nne le se ba ka tlotlang ka sone le balekane ba bone. Fa e le gore go ntse jalo le ka ngwana wa gago, ga o ka ke wa baya kgang eo ka tsela e e tshwanang le fa a ne a kgatlhegela metshameko e e tletseng thubakanyo kgotsa boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo.—Bakolosa 4:6.

Mme go tweng fa e le gore ngwana wa gago o kgatlhiwa ke dilo dingwe tse di tlhagang mo motshamekong tse di sa siamang? Basha bangwe ba ka nna ba tatalala ba re ba ka se amiwe ke tshololo ya madi e e mo metshamekong ya khomputara ka gonne ba re ga se dilo tsa mmatota. Ba re, ‘Fela ka gonne ke tshameka mo khomputareng, ga go reye gore ke tla ya go dira se se dirwang foo.’ Fa e le gore ke tsela e ngwana wa gago a ikutlwang ka yone, mmontshe Pesalema 11:5. Fela jaaka mafoko a temana eo a bontsha, Modimo ga a tlhoa fela batho ba ba dirang thubakanyo mme gape o tlhoile le ba ba e ratang. Go ntse fela jalo le ka boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo kgotsa boitsholo le fa e le bofe jo bo sa siamang jo Lefoko la Modimo le bo kgalang.—Pesalema 97:10.

Fa e le gore ngwana wa gago o na le bothata jwa metshameko ya eleketeroniki, leka dikakantsho tse di latelang:

● O se ka wa letla gore metshameko ya eleketeroniki e tshamekelwe kwa mafelong a a kwa thoko, jaaka kwa kamoreng.

● Tlhoma melao—ka sekai, gore ba se ka ba tshameka metshameko eo ba ise ba dire tiro ya bone ya sekolo e e direlwang kwa gae kgotsa go ise go jewe dijo tsa maitseboa kgotsa go dirwe ditiro dingwe tsa botlhokwa.

● Ba bontshe botlhokwa jwa go tshameka metshameko mengwe e e ka ba thusang go ikatisa mmele.

● Tlhoma bana ba gago leitlho fa ba ntse ba tshameka metshameko ya eleketeroniki—kgotsa o ka nna wa bo wa tshameka le bone ka dinako dingwe.

Ke boammaaruri gore, o tshwanetse wa bo o tlhomela bana ba gago sekao se se molemo gore o kgone go bua le bone o gololesegile ka metshameko e ba e tshamekang. Ka jalo, ipotse, ‘Ke dithulaganyo dife tsa thelebishene le difilimi tse ke di lebang?’ Ga go mmè o rile—fa e le gore se o ba bolelelang sone ga se se o se dirang, bana ba gago ba tla itse seo!

BALA BOLUMO 2, KGAOLO 30

Go tweng fa ngwanake e le lekgoba la founo ya selula, khomputara kgotsa motswedi mongwe wa tshedimosetso wa eleketeroniki?

A ngwana wa gago yo o mo dingwageng tsa bosha o fetsa nako e ntsi a dirisa Internet, a romela kgotsa a romelelwa melaetsa e mentsintsi, kgotsa a o dirisa nako e ntsi thata a reeditse sedirisiwa se se tshamekang MP3, go feta e a e fetsang a bua le wena? Fa e le gore go ntse jalo, o ka dira eng?

O ka nna wa mo tseela sedirisiwa seo. Mme gone, o se ka wa swetsa ka gore didirisiwa tsotlhe tsa metswedi ya tshedimosetso tsa eleketeroniki ga di a siama. Tota e bile, le wena o ka tswa o dirisa mefuta ya metswedi ya tshedimosetso ya eleketeroniki e e neng e seyo fa batsadi ba gago ba gola. Ka jalo, go na le go tseela ngwana wa gago sedirisiwa sa gagwe—kwantle ga fa go na le lebaka le le utlwalang la go dira jalo—ke eng fa o sa dirise tshono eno go ruta morwao kgotsa morwadio go dirisa metswedi ya tshedimosetso ya eleketeroniki ka botlhale le ka tekatekano? O ka dira seo jang?

Nna fa fatshe le ngwana wa gago mme lo tlotle ka kgang eno. Sa ntlha, mo tlhalosetse se o tshwenyegileng ka sone. Sa bobedi, reetsa se a tla se buang. (Diane 18:13) Sa boraro, batlang ditsela tse lo ka rarabololang bothata ka tsone. O se ka wa tshaba go mmeela dithibelo, mme gone o nne tekatekano. Mosha mongwe yo o bidiwang Ellen a re: “Fa ke ne ke na le bothata jwa go nna ke kwala melaetsa ka founo, batsadi ba me ga ba a ka ba ntseela founo; ba ne ba mpeela melao. Tsela e ba ileng ba dirisana le nna ka yone e ile ya nthusa go nna tekatekano fa ke romela melaetsa ka founo, tota le fa batsadi ba me ba ne ba sa mpaya leitlho.”

Mme gone, go tweng fa e le gore morwao kgotsa morwadio o a iphemela fa o bua le ene? O se ka wa swetsa ka gore o itlhokomolosa kgakololo ya gago. Go na le moo, nna pelotelele mme o neye ngwana wa gago wa dingwaga tsa bolesome nako ya go akanya ka kgang eo. Go ka direga gore o dumalana le wena mme o tla dira diphetogo tse di tlhokegang. Basha ba le bantsi ba ikutlwa jaaka mosha mongwe yo o bidiwang Hailey, yo o reng: “Lekgetlo la ntlha fa batsadi ba me ba mpolelela gore ke lekgoba la khomputara, ke ne ka kgopisega. Mme moragonyana fa ke sena go akanya ka gone, ke ne ka lemoga gore tota ba ne ba nepile.”

BALA BOLUMO 1, KGAOLO 36

KGOLOLESEGO

Nka naya ngwanake kgololesego e e kana kang?

Potso eno e ka lebega e le thata fa o akanya ka dikgang tse di amanang le go sa batle go tshwenngwa ka dinako tse dingwe. Ka sekai, go tweng fa e le gore ngwana wa gago o itswaletse mo kamoreng? A o ka tsena fela o sa kokote? Kgotsa go tweng fa morwadio a tlogetse founo ya gagwe ya selula fa a ne a itlhaganelela go ya sekolong? A o tla bala melaetsa e e mo founong ya gagwe?

Ga go motlhofo go araba dipotso tseno. E re ka o le motsadi, o na le tshwanelo ya go itse se se diregang mo botshelong jwa ngwana wa gago wa dingwaga tsa bolesome e bile o na le boikarabelo jwa gore a nne a babalesegile. Gone mme, ga se ka metlha o ka kgonang go itse sengwe le sengwe se ngwana wa gago a se dirang. O ka dira jang gore o nne tekatekano?

Sa ntlha, itse gore fa ngwana wa gago a sa batle go tshwenngwa, ga go reye gore ka metlha o a bo a dira sengwe se se sa siamang. Gantsi go tlwaelegile gore fa motho a gola a dire jalo. Go se batle go tshwenngwa go thusa bana ba dingwaga tsa bosha go ‘thapisa diphuka tsa bone’ fa ba ntse ba dira botsala le go akanya ka mathata a bone ba dirisa ‘maatla a bone a go akanya.’ (Baroma 12:1, 2) Go se batle go tshwenngwa go thusa basha go godisa bokgoni jwa bone jwa go akanya—nonofo e e botlhokwa e e ka ba thusang go nna bagolo ba ba nang le maikarabelo. Gape go ba naya tshono ya go tlhatlhanya pele ga ba dira ditshwetso kgotsa ba araba dipotso tse di thata.—Diane 15:28.

Sa bobedi, itse gore fa o nna o leka go batlisisa sengwe le sengwe se ngwana wa gago a se dirang, seo se ka nna sa dira gore a boloke sekgopi a bo a tsuologe. (Baefeso 6:4; Bakolosa 3:21) A seno se raya gore o se ka wa batlisisa sepe gotlhelele? Nnyaa, ka gonne o sa ntse o le motsadi. Tota e bile, mokgele wa gago ke go thusa ngwana wa gago gore a nne le segakolodi se se thapisitsweng. (Duteronome 6:6, 7; Diane 22:6) Kwa bofelong, go mo naya kgakololo go botlhokwa thata go na le go mo disa.

Sa boraro, buisana le ngwana wa gago ka kgang eno. Reetsa fa a tlhalosa dilo tse di mo tshwenyang. A ka dinako dingwe o tlhoka go ineela? Tlhomamisetsa ngwana wa gago gore o tla mo naya kgololesego fela fa a sa go tsietse ka tsela nngwe. Mmolelele ka kotlhao e o tla mo nayang yone fa a sa ikobe, mme o tlhomamise gore o a mo otlhaya fa go tshwanela. Tlhomamisega gore o ka kgona go naya ngwana wa gago kgololesego e a e batlang o sa tlhokomologe boikarabelo jwa gago jwa go nna motsadi yo o amegang.

BALA BOLUMO 1, KGAOLO 3 LE 15

Ngwanake o tshwanetse go tlogela sekolo leng?

“Barutabana ba me ba a bora!” “Ke fiwa tiro e ntsi thata ya sekolo e e direlwang kwa gae!” “Ke kgaratlha tota go bona fela maduo a a ka dirang gore ke falole—tota ke itshwenyetsa eng?” Ka ntlha ya dikgwetlho tseno tse basha ba lebanang le tsone, bangwe ba bone ba raelesega go tlogela sekolo pele ga ba ka nna le bokgoni jo bo ka ba thusang gore ba kgone go itshedisa. Ke eng se o ka se dirang fa morwao kgotsa morwadio a batla go tlogela sekolo? Leka dilo tse di latelang:

● Sekaseka tsela e wena o lebang thuto ka yone. A o ne o tsaya sekolo e le tshenyo ya nako—e le go ‘itsenya mo kgolegelong’ e o tla tshwanelwang ke go e itshokela go fitlha ka letsatsi le o bonang sengwe se se botoka go se dira? Fa go le jalo, boikutlo joo bo ka tswa bo fetetse mo baneng ba gago. Boammaaruri ke gore, thuto e e lekanetseng e ka thusa basha go nna le “botlhale jo bo mosola le bokgoni jwa go akanya”—e leng dinonofo tse ba di tlhokang gore ba fitlhelele mekgele ya bone.—Diane 3:21.

● Ba thuse ka dilo tse ba tla di tlhokang. Basha bangwe ba gongwe ba ka bong ba bona maduo a a botoka ga ba itse tsela e e siameng ya go ithuta—kgotsa ba ka tswa ba se na lefelo le le siameng la go ithuta. Lefelo le le siameng la go ithuta ke le le nang le deseke e e sa tlhakatlhakanang, lesedi le le lekaneng le didirisiwa tsa go dira dipatlisiso. O ka thusa ngwana wa gago go gatela pele—e ka tswa e le mo dithutong tsa sekolo kgotsa mo dilong tsa semoya—ka go dira gore a nne le lefelo le le siametseng go tlhatlhanya ka dilo tse disha tse a di ithutang.—Bapisa 1 Timotheo 4:15.

● Nna le seabe. Tsaya barutabana le bagakolodi ba kwa sekolong e le ditsala tsa gago, e seng baba. Ikopanye le bone. Itse maina a bone. Buisana le bone ka mekgele le mathata a ngwana wa gago a nang le one. Fa e le gore maduo a ngwana wa gago a kwa tlase, leka go batla gore bothata ke eng. Ka sekai, a gongwe ngwana wa gago o akanya gore fa a ka bona maduo a a kwa godimo o tla kgerisiwa? A gongwe bothata ke morutabana? Kgotsa dirutwa? Dirutwa tse ngwana wa gago a di dirang di tshwanetse go mo thusa go ithuta e seng go mo ngomola pelo. Sengwe se e ka tswang e le bothata: A a ka tswa a na le bokoa bongwe jo bo sa lemotshegeng, jaaka bothata jwa matlho kgotsa bothata jwa go ithuta?

Fa o nna le seabe ka botlalo mo go thapisiweng ga ngwana wa gago, mo dithutong tsa sekolo le mo dilong tsa semoya, ngwana wa gago o tla nna le ditshono tse dintsi tsa go atlega.—Pesalema 127:4, 5.

BALA BOLUMO 1, KGAOLO 19

Ke tla itse jang fa ngwanake a setse a siametse go tswa mo gae?

Serena yo o umakilweng mo Kgaolo 7 ya bolumo eno o tshaba go tswa mo gae. Lebaka lengwe la gagwe ke lefe? A re: “Papa ga a ntetle go reka sepe, tota le ka madi a me. A re ke boikarabelo jwa gagwe. Ka jalo, ke a tshoga fa ke akanya gore fa ke tswa mo gae ke tla tshwanelwa ke go duela ditshenyegelo tsa me.” Ga go pelaelo gore rraagwe Serena o dira seno ka maitlhomo a a molemo, mme gone a o akanya gore o thusa ngwana wa gagwe gore a kgone go itirela dilo mo isagweng?—Diane 31:10, 18, 27.

A o sireleditse bana ba gago ka tsela e e feteletseng mo o iseng o ba baakanyetse gore ba kgone go tshela ba le nosi? O ka itse seo jang? Ela tlhoko dintlha di le nnè tse di tlhalosang bokgoni jo ba tshwanetseng go nna le jone, tse gape di umakilweng mo go Kgaolo 7, mo setlhogwaneng se se reng, “A ke Go Ipaakanyeditse?”—mme mo lekgetlong leno o di lebe ka leitlho la motsadi.

Go dirisa madi sentle. A bana ba gago ba itse go tlatsa diforomo tsa lekgetho kgotsa a ba itse se ba tshwanetseng go se dira go dumalana le melao ya lekgetho ya lefelo la lona? (Baroma 13:7) A ba itse go dirisa dikarata tsa sekoloto ka tsela e e bontshang gore ba na le maikarabelo? (Diane 22:7) A ba kgona go dirisa lotseno lwa bone sentle le go kgotsofalela go tshela ka se ba nang le sone? (Luke 14:28-30) A ba kile ba utlwa boipelo jo bo nnang gone ka ntlha ya go nna le sengwe se ba se rekileng ka madi a ba a bereketseng? A ba kile ba utlwa boipelo jo bogolo jo bo nnang gone ka gonne ba dirisa nako ya bone le dithoto tsa bone go thusa batho ba bangwe?—Ditiro 20:35.

Bokgoni jwa go dira ditiro tsa mo lapeng. A bomorwadio le bomorwao ba itse go apaya? A o ba rutile go tlhatswa diaparo le go di sidila? Fa e le gore ba na le koloi, a ba ka kgona go dira ditiro tse di motlhofo tse di jaaka go tsenya fuse e ntšha, go tshela oli kgotsa go fetola thaere fa e fedile mowa?

Go dirisana sentle le batho ba bangwe. Fa bana ba gago ba bagolwane ba na le kgotlhang, a ka metlha ke wena o tsereganyang o rarabolola kgotlhang ya bone? Kgotsa a o ba rutile go rarabolola mathata a bone ka kagiso mme morago ba go begele kafa ba a rarabolotseng ka gone?—Mathaio 5:23-25.

Thulaganyo ya dilo tsa semoya. A o bolelela bana ba gago se ba tshwanetseng go se dumela kgotsa a o ba ruta go ikemela? (2 Timotheo 3:14, 15) Go na le gore ka metlha e nne wena o arabang dipotso tse ba di botsang ka ga bodumedi le boitsholo, a o ba ruta go nna le “bokgoni jwa go akanya?” (Diane 1:4) A o ka rata gore ba latele tsela e wena o ithutang Baebele ka yone kgotsa ba ithute ditsela tse dingwe tse di botoka?c

Ga go pelaelo gore go thapisa bana ba gago mo dintlheng tse di fa godimo go tlhoka nako le maiteko a magolo. Mme gone, o tla bona melemo ya teng fa ba setse ba tswa mo gae mme ba ya go itshimololela botshelo.

BALA BOLUMO 1, KGAOLO 7

TLHAKANELODIKOBO LE GO INTSHA

A ke tshwanetse go bua le ngwanake ka tlhakanelodikobo?

Bana ba simolola go utlwa ka tlhakanelodikobo ba sa ntse ba le bannye tota. Baebele ga e bolo go bolelela pele gore mo “metlheng ya bofelo” go tla nna le “dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone,” tse mo go tsone batho ba tla ‘tlhokang boikgapo’ e bile e le “barati ba menate go na le go nna barati ba Modimo.” (2 Timotheo 3:1, 3, 4) Go itlosa bodutu ka tlhakanelodikobo ke mongwe wa mekgwa e le mentsi e e bontshang gore boporofeti jono bo boammaaruri.

Gompieno lefatshe le fetogile thata fa o le bapisa le nako e wena o neng o gola ka yone. Le fa go ntse jalo, mathata a basha ba lebanang le one a tshwana ka tsela nngwe le a le wena o neng o lebana le one. Ka jalo, o se ka wa ngomolwa pelo kgotsa wa tshosiwa ke tlhotlheletso e e bosula e e dikologileng bana ba gago. Go na le moo, ikemisetse go ba thusa go dira se moaposetoloi Paulo a ileng a se kgothaletsa Bakeresete dingwaga di ka nna 2 000 tse di fetileng, fa a ne a re: “Aparang diaparo tse di feletseng tsa tlhabano tse di tswang kwa Modimong gore lo tle lo kgone go ema lo nitame kgatlhanong le maano a boferefere a ga Diabolo.” (Baefeso 6:11) Boammaaruri ke gore, basha ba le bantsi ba Bakeresete ba lwela go dira se se siameng go sa kgathalesege tlhotlheletso e e bosula e ba lebanang le yone. O ka thusa jang bana ba gago go dira se se tshwanang?

Tsela nngwe ke ka go tlotla le bone lo dirisa dikgaolo dingwe mo Karolo 4 ya buka eno le Karolo 1 le 7 ya Bolumo 2. Dikgaolo tseno di na le ditemana tse di tla ba thusang gore ba akanye. Dingwe tsa tsone di umaka dikai tse di ileng tsa direga tsa batho ba ba ileng ba emela se se siameng mme ba nna le masego kgotsa ba ba ileng ba itlhokomolosa melao ya Modimo mme ba roba matswela a gone. Ditemana tse dingwe di na le melaometheo e e ka thusang bana ba gago go lemoga tshiamelo e kgolo e wena—le bone—lo nang le yone ya go tshela ka melao ya Modimo. Ke eng fa lo sa rulaganye gore go ise go ye kae lo tlotle ka dintlha tseno?

BALA BOLUMO 1, KGAOLO 23, 25, LE 32, LE BOLUMO 2, KGAOLO 4-6, 28, LE 29

A ke tshwanetse go letla ngwanake gore a simolole go intsha le mongwe?

Ga go pelaelo gore go ise go ye kae, kgang ya go intsha le mongwe e tlile go nna ya moruthutha mo baneng ba gago. Phillip a re: “Tota ga ke tlhoke go bua sepe! Basetsana ke bone ba nkopang gore ke intshe le bone, mme ke ema fela ke bo ke ipotsa gore, ‘Tota ke tlile go dirang jaanong?’ Go thata go gana ka gonne bangwe ba bone ba bantle tota!”

Selo se se molemo se lo ka se dirang lo le batsadi, ke go tlotla le ngwana wa lona yo o mo dingwageng tsa bosha ka kgang ya go intsha, gongwe lo dirisa Kgaolo 1 mo Bolumo 2. Batlisisang gore morwa kgotsa morwadialona o ikutlwa jang ka mathata a a lebanang le one kwa sekolong le mo phuthegong ya Bokeresete. Ka dinako tse dingwe lo ka tlotla ka dikgang tseno fa lo iketlile fela, jaaka ‘fa lo ntse mo ntlong ya lona le fa lo tsamaya mo tseleng.’ (Duteronome 6:6, 7) Go sa kgathalesege gore maemo ke afe, se lebale gore o tshwanetse “go nna bonako go utlwa, bonya go bua.”—Jakobe 1:19.

Fa morwao kgotsa morwadio a kgatlhegela mongwe wa bong bo sele, o se ka wa tshoga. Mosetsana mongwe yo o mo dingwageng tsa bosha o ne a re: “Fa papa a ne a lemoga gore ke na le lekau, o ne a galefile tota! O ne a leka go ntshosa ka go mpotsa dipotso tse dintsi tse di jaaka gore a ke setse ke siametse lenyalo—tse fa o sa ntse o le mosha di ka dirang gore o batle gore lo ratane lobaka lo loleele, gore o bontshe batsadi ba gago gore tota o itse se o se dirang!”

Go ka nna le mathata fa ngwana wa gago a itse gore ga o batle le go bua ka kgang ya go intsha—a ka nna a ratana mo sephiring. Mosetsana mongwe a re: “Fa batsadi ba galefa, seo se dira gore bana ba batle go fitlha thatano ya bone le go feta. Ga ba tlogele go ratana. Go na le moo, ba nna bofitlha le go feta.”

Go tla nna le ditlamorago tse di molemo fa lo tlotla mmogo lo gololesegile. Brittany wa dingwaga tse 20 a re: “Ka metlha batsadi ba me ba bua le nna ba gololesegile ka kgang ya go intsha. Go botlhokwa gore ba itse gore ke kgatlhegela mang mme le nna seo se a intumedisa! Papa o tla tlotla le motho yoo. Batsadi ba me ba a mpolelela fa go na le sengwe se ba tshwenyegang ka sone. Gantsi ke swetsa ka gore ga ke na kgatlhego tota le pele ga re simolola go intsha.”

Le fa go ntse jalo, fa o sena go bala Kgaolo 2 ya Bolumo 2, o ka nna wa ipotsa gore, ‘A morwa kgotsa morwadiake o tla intsha mo sephiring?’ Ela tlhoko gore basha ba le bantsi ba re ke eng se se dirang gore ba raelesege go intsha mo sephiring, go tswa foo o akanye ka dipotso tse di latelang.

“Bana bangwe ga ba tshele sentle kwa lapeng, ka jalo ba swetsa ka gore ba nne le lekau kgotsa lekgarebe le le tla ba emang nokeng.”—Wendy.

E re ka o le motsadi, o ka tlhomamisega jang gore o tlhokometse bana ba gago sentle ka dilo tse ba di tlhokang mo maikutlong? A go na le dilo dingwe tse o ka tokafatsang mo go tsone? Fa go le jalo, ke dife?

“Fa ke ne ke le dingwaga di le 14 moithuti mongwe yo o tswang kwa nageng e nngwe o ne a nkopa gore ke nne kgarebe ya gagwe. Ke ne ka dumela. Ke ne ke akanya gore go tla nna monate go nna le lekau le le nkhabarang.”—Diane.

Fa Diane e ne e le morwadio, o ne o tla rarabolola jang kgang eno?

“Difouno tsa selula di dira gore go nne motlhofo go ratana mo sephiring. Batsadi ga ba itse sepe ka se se diregang!”—Annette.

Ke dilo dife tse o ka di dirang malebana le tsela e bana ba gago ba dirisang difouno tsa selula ka yone?

“Go ratana mo sephiring go nna motlhofo thata fa batsadi ba sa beye leitlho gore bana ba bone ba dira eng le mang.”—Thomas.

A go na le dilo dingwe tse o ka di dirang gore o itse se se diregang mo botshelong jwa ngwana wa gago yo o mo dingwageng tsa bosha mme gone o ntse o mo naya kgololesego e a e tlhokang?

“Gantsi batsadi ga ba yo fa bana ba le kwa lapeng. Kgotsa ba tshepa bana ba bone thata mo ba ba letlang go ya kwa mafelong mangwe le batho bangwe.”—Nicholas.

Akanya ka batho ba bana ba gago ba tsalaneng thata le bone. A tota o itse se ba se dirang fa ba le mmogo?

“Gantsi basha ba intsha mo sephiring fa batsadi ba gagamaditse letsogo thata.”—Paul.

O ka dira jang gore “go nna tekatekano ga [gago] go itsiwe,” mme gone o sa itlhokomolose melao le melaometheo ya Baebele?—Bafilipi 4:5.

“Fa ke ne ke sa ntse ke le mo tshimologong ya dingwaga tsa bosha ke ne ke sa itshepe e bile ke batla go ratiwa. Ke ne ka simolola go kwalelana di-email le mosimane mongwe wa phuthego e e gaufi mme ra simolola go ratana. O ne a dira gore ke ikutlwe ke le motho wa botlhokwa.”—Linda.

A o ka akanya ka ditsela dingwe tse di molemo tse batsadi ba ga Linda ba neng ba ka mo thusa ka tsone ka bothata jo a neng a na le jone?

Gongwe o ka dirisa Kgaolo 2 ya Bolumo 2 mmogo le karolo eno ya dintlha tse di oketsegileng go tlotla le morwao kgotsa morwadio. Tsela e e molemolemo e e ka thusang gore ngwana wa gago a se ka a dira dilo mo sephiring ke go buisana le ene go tswa pelong, o sa potologe.—Diane 20:5.

BALA BOLUMO 2, KGAOLO 1-3

DIKGANG TSA MAIKUTLO

Ke tshwanetse go dira eng fa ngwanake a bua ka go ipolaya?

Mo dinageng tse dingwe, kgang ya go ipolaya ga basha e setse e fetogile tlhoraboroko. Ka sekai, kwa United States, selo sa boraro se segolo se se bakang dintsho mo basheng ba dingwaga tse di magareng ga 15 le 25 ke go ipolaya, mme mo dingwageng di le 20 tse di fetileng palo ya basha ba ba ipolayang ba dingwaga tse di magareng ga 10 le 14 e oketsegile gabedi. Gantsi basha ba go ka diregang gore ba ipolaye ke ba ba nang le bolwetse jwa tlhaloganyo, ba go nang le mongwe mo lelapeng la bone yo o kileng a ipolaya le ba ba kileng ba leka go ipolaya. Matshwao mangwe a a ka bontshang gore mosha o akanya ka go ipolaya ke ano:

● Go itlhaola mo go ba lelapa le mo ditsaleng

● Go fetoga ga tsela e a jang le e a robalang ka yone

● Go felelwa ke kgatlhego mo dilong tse pele a neng a di rata

● Go fetoga thata ga botho jwa gagwe

● Go dirisa diokobatsi kgotsa go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng

● Go aba dilo tsa gagwe tse a di ratang thata

● Go rata go bua ka loso kgotsa go bala thata ka gone

Nngwe ya diphoso tse dikgolo tse motsadi a ka di dirang ke go itlhokomolosa matshwao ao. Se itlhokomolose lepe fela la matshwao ao. O se ka wa itlhaganelela go swetsa ka gore ngwana wa gago o lebane le boemo fela jo bo fetang.

Gape o se ka wa tlhabiwa ke ditlhong go batlela morwao kgotsa morwadio thuso fa e le gore o na le bolwetse jwa go tshwenyega thata mo maikutlong kgotsa bolwetse bongwe jwa tlhaloganyo. Mme fa o belaela gore ngwana wa gago o akanya go fedisa botshelo jwa gagwe, mmotse ka gone. Kgopolo ya gore fa o bua le mosha ka go ipolaya seo se tla mo kgothaletsa gore a go dire, ga e boammaaruri. Basha ba le bantsi ba a imologa fa batsadi ba bua le bone ka kgang eno. Ka jalo, fa ngwana wa gago a dumela gore o akanya go ipolaya, mmotse gore o rulagantse go dira seo jang. Fa e le gore o setse a akantse ka sengwe le sengwe se a tla se dirang, seo se raya gore o tla tshwanelwa ke go tsereganya ka bonako.

O se ka wa tsaya gore go tshwenyega mo maikutlong go tla itsamaela fela ka bogone. Mme fa go bonala a le botokanyana, o se ka wa akanya gore bothata bo rarabologile. Go na le moo, eo e ka tswa e le yone nako e a tla go dirang ka yone. Ka ntlha yang? Ka gonne fa ngwana yo o mo dingwageng tsa bosha a tshwenyegile thata mo maikutlong, a ka nna a boifa go ipolaya. Le fa go ntse jalo, fa maikutlo ao a fokotsega e bile a nna le maatla gape, a ka nna le bopelokgale jwa go ipolaya.

Go utlwisa botlhoko tota gore ka ntlha ya go bo basha bangwe ba tlaletswe, ba feleletsa ba akanya ka go ipolaya. Go bontsha gore batsadi le bagolo ba bangwe ba ela tlhoko matshwao a gore mosha o tshwenyegile thata mo maikutlong e bile ba dira sengwe ka gone, ba ka nna ba ‘bua ka tsela e e gomotsang le meya e e tshwenyegileng maikutlo’ mme ba nne jaaka lefelo la botshabelo mo basheng.—1 Bathesalonika 5:14.

BALA BOLUMO 1, KGAOLO 13 LE 14, LE BOLUMO 2, KGAOLO 26

A ke tshwanetse go fitlhela bongwanake gore ke hutsafetse?

Go hutsafadiwa ke go swelwa ke molekane go botlhoko thata. Mme go botlhoko le go feta fa go direga mo nakong e ngwana wa gago yo o mo dingwageng tsa bosha a tlhokang thuso ya gago ka yone. O ka mo thusa jang gore a kgone go itshokela khutsafalo ya gagwe mme le wena o sa itlhokomolose tsela e o ikutlwang ka yone? Leka go dira dilo tse di latelang:

● O se ka wa fitlha tsela e o ikutlwang ka yone. Ngwana wa gago o ithutile bontsi jwa dithuto tsa botlhokwa mo botshelong ka go go lebelela. Ga go pelaelo gore le go itshokela khutsafalo o tla ithuta gone mo go wena. Ka jalo, o se ka wa akanya gore o thusa ngwana wa gago fa o fitlha gore o hutsafetse. Fa o dira jalo, o tla bo o mo ruta gore le ene a dire se se tshwanang. Kafa letlhakoreng le lengwe, fa o ntsha maikutlo a gago, o ithuta gore gantsi go botoka go ntsha maikutlo go na le go a gatelela le gore go siame go utlwa botlhoko, go tlalelwa kgotsa go galefa.

● Kgothaletsa ngwana wa gago wa dingwaga tsa bosha gore a bue. Kgothaletsa ngwana wa gago gore a go bulele mafatlha mme o dira seo o sa mo pateletse. Fa go bonala a okaoka gongwe o ka tlotla le ene ka Kgaolo 16 ya bolumo eno. Gape tlotla le ene ka dilo tse di itumedisang tse o di gakologelwang ka molekane wa gago yo o tlhokafetseng. Mmolelele kafa go leng thata ka gone gore o tswelele ka botshelo. Fa ngwana wa gago a utlwa o ntsha maikutlo a gago, seo se tla mo thusa gore le ene a ithute go dira se se tshwanang.

● Lemoga dilo tse o tlhaelang mo go tsone. Go a utlwala go bo o batla go ema ngwana wa gago nokeng mo nakong eno e e boima. Mme gone, se lebale gore le wena o amilwe thata ke go swelwa ke molekane yo o mo ratang. Ka jalo, go ka feta lobaka lo loleele o ikutlwa o lapile mo maikutlong, mo mogopolong le mo mmeleng. (Diane 24:10) Ke gone ka moo o ka nnang wa tlhoka go kopa thuso mo malokong mangwe a a godileng a lelapa le ditsala tse di godileng. Go kopa thuso go bontsha gore o na le maikarabelo. Diane 11:2 ya re: “Botlhale bo na le ba ba boingotlo.”

Kgomotso e e molemo go di gaisa tsotlhe e tswa kwa go Jehofa Modimo yo o solofetsang baobamedi ba gagwe jaana: “Nna, Jehofa Modimo wa gago, ke tshwere seatla sa gago sa moja, nna yo ke go rayang ke re, ‘O se ka wa boifa. Nna ke tla go thusa.’”—Isaia 41:13.

BALA BOLUMO 1, KGAOLO 16

Nka thusa jang morwadiake gore le fa a leka go fokotsa boima jwa mmele, a je sentle?

O ka dira eng fa ngwana wa gago a na le bothata jwa go sa je sentle? Sa ntlha, leka go tlhaloganya gore ke eng se se dirang gore a nne le mokgwa oo.

Go lemogilwe gore basha ba le bantsi ba ba nang le bothata jwa go sa je sentle ga ba rate tsela e ba lebegang ka yone e bile ka tlholego fela ba na le boikutlo jwa go sa batle go dira diphoso, ba ipeela mekgele e ba ka se kang ba e fitlhelela. Tlhomamisa gore o se ka wa nna le seabe mo go direng gore ngwana wa gago a ikutlwe ka tsela eo. Aga ngwana wa gago.—1 Bathesalonika 5:11.

Gape ela tlhoko tsela e wena o lebang dijo le boima jwa mmele ka yone. A gongwe tsela e o buang ka yone le e o dirang dilo ka yone e bontsha gore o na le bothata ka dilo tseno o sa lemoge? Se lebale, basha ba tshwenyega thata ka tsela e ba lebegang ka yone. Tota le go nna o dira motlae ka bokima kgotsa boleele jwa ngwana wa gago yo o mo dingwageng tsa bolesome, go ka jala megopolo e e sa siamang mo mosheng yo o amegileng ka ditebego tsa gagwe.

Fa o sena go akanyetsa kgang eno ka thapelo, bua le ngwana wa gago go tswa pelong. Gore o kgone go dira seo, leka dilo tse di latelang:

● Akanya ka kelotlhoko se o tla se buang le gore o tla se bua leng.

● Tlhalosa sentle se o tshwenyegileng ka sone le gore o batla go mo thusa.

● O se ka wa gakgamala fa kwa tshimologong a leka go iphemela.

● Mo reetse ka bopelotelele.

Sa botlhokwa le go feta, thusa ngwana wa gago gore a kgone go fenya bothata jwa go sa je sentle. Dirisanang mmogo lo le lelapa go mo thusa gore a fole!

BALA BOLUMO 1, KGAOLO 10, LE BOLUMO 2, KGAOLO 7

BOMOYA

Nka dira eng gore ke kgone go tswelela ke ruta bongwanake melaometheo ya Dikwalo fa ba tsena mo dingwageng tsa bolesome?

Baebele ya re Timotheo o ne a newa thapiso ya semoya “go tswa boseeng” mme e re ka le wena o le motsadi o ka tswa o dirile se se tshwanang ka bana ba gago. (2 Timotheo 3:15) Le fa go ntse jalo, fa bana ba gago ba tsena mo dingwageng tsa bosha, o ka nna wa tshwanelwa ke go fetola mekgwa e o neng o e dirisa go ba ruta gore e tshwanele maemo a bone. Bana ba gago ba ba golang ba simolola go tlhaloganya botoka dilo tse ba neng ba sa di tlhaloganye fa ba sa ntse ba le bannye. Gone jaanong go feta le fa e le leng pele, o tla tshwanelwa ke go ba thusa go nna le “maatla a . . . go akanya.”—Baroma 12:1.

Fa Paulo a ne a kwalela Timotheo, o ne a umaka dilo tse Timotheo a ‘di ithutileng a ba a tlhotlhelediwa go di dumela.’ (2 Timotheo 3:14) Jaanong go ka nna ga tlhokega gore bana ba gago ba ba mo dingwageng tsa bosha ba ‘tlhotlhelediwe go dumela’ dithuto tsa Baebele tse ba di itsileng go tswa boseeng. Gore o kgone go fitlhelela dipelo tsa bone, o tshwanetse go dira se se fetang fela go ba bolelela se ba tshwanetseng go se dira kgotsa go se dumela. Ba tshwanetse go ithuta ka bobone. O ka ba thusa jang? Simolola ka go ba naya tshono e e lekaneng ya gore ba tlhalose le go araba dipotso tse di jaaka tseno:

● Ke eng se se ntlhatswang pelo gore Modimo o teng?—Baroma 1:20.

● Ke itse jang gore se batsadi ba me ba nthutang sone go tswa mo Baebeleng ke boammaaruri?—Ditiro 17:11.

● Ke eng se se ntlhatswang pelo gore melao e e mo Baebeleng e solegela nna molemo?—Isaia 48:17, 18.

● Ke itse jang gore boporofeti jo bo mo Baebeleng bo tla diragadiwa?—Joshua 23:14.

● Ke eng se se ntlhatswang pelo gore ga go sepe mo lefatsheng se se ka bapisiwang le “mosola o mogolo thata wa kitso ya ga Keresete Jesu”?—Bafilipi 3:8.

● Setlhabelo sa thekololo sa ga Keresete se kaya eng mo go nna?—2 Bakorintha 5:14, 15; Bagalatia 2:20.

O ka tswa o okaoka go kopa bana ba gago ba ba mo dingwageng tsa bosha go tlhatlhanya ka dipotso tseno gonne o boifa gore ba ka nna ba palelwa ke go di araba. Mme gone, seo se tla bo se tshwana le go okaoka go leba lenaka le le supang selekanyo sa peterole mo koloing gonne o boifa gore le ka tswa le supa gore peterole e a fela. Fa e le gore e a fela, go molemo go itse fa o sa ntse o ka dira sengwe ka gone! Ka tsela e e tshwanang, gone jaanong—fa bana ba gago ba sa ntse ba nna mo lapeng—ke yone nako e e siametseng go ba thusa go ipotsa dipotso tse di amanang le tumelo ya bone le gore ba ‘tlhotlheletsege go dumela.’d

Se lebale gore ga go sepe se se phoso fa morwa kgotsa morwadio a botsa gore “Goreng ke tshwanetse go dumela seno?” Diane wa dingwaga di le 22 o gakologelwa kafa a ileng a dira seo ka gone fa a ne a sa ntse a le mosha. A re: “Ke ne ke batla go tlhomamisega ka se ke se dumelang. Go itse dikarabo tsa dipotso tse ke neng ke ipotsa tsone go ne ga dira gore ke lemoge gore ke rata go nna Mosupi wa ga Jehofa! Ka metlha fa ke ne ke bodiwa ka sengwe se ke neng ke sa se dire, go na le go araba ka gore ‘bodumedi jwa me ga bo ntetle,’ ke ne ke araba ka gore, ‘ke akanya gore go dira jalo ga go a siama.’ Ka mafoko a mangwe ke ne ka dira gore ke lebe dilo jaaka Baebele e di tlhalosa.”

Kakantsho: Go bona gore ngwana wa gago yo o mo dingwageng tsa bosha o na le maatla a a kana kang a go akanya fa a tshwanelwa ke go dirisa melao ya Baebele, dira gore a ipeye mo seemong sa motsadi fa go tlhaga mathata. Ka sekai, a re re morwadio o go kopa go ya kwa phathing e wena (gongwe le ene) o itseng gore e tla bo e sa siama. Go na le gore o mo reye fela o re ga o ye, o ka nna wa bua sengwe se se jaaka: ‘Nka rata gore o ipeye mo seemong sa me. Akanya ka phathi e o batlang go ya kwa go yone, dira dipatlisiso (gongwe mo go Kgaolo 37 ya buka eno le mo go Kgaolo 32 ya Bolumo 2) mme re tla bua kamoso. Nna ke tla nna ngwana mme ke go kope go ya phathing, wena o tla nna motsadi mme o mpolelele gore a o akanya gore go siame kgotsa ga go a siama go ya kwa phathing eo.’

BALA BOLUMO 1, KGAOLO 38, LE BOLUMO 2, KGAOLO 34-36

Ngwana wa rona yo o mo dingwageng tsa bosha ga a tlhole a rata dilo tsa semoya. Re ka dira eng?

Sa ntlha, lo se ka lwa itlhaganelela go swetsa ka gore ngwana wa lona o latola tumelo ya lona. Gantsi, go a bo go na le bothata bongwe jo lona lo sa bo lemogeng. Ka sekai, gongwe ngwana wa lona

● O lebane le kgatelelo ya balekane mme o tshaba go nna learogi gonne a ikobela melaometheo ya Baebele

● O bona basha ba bangwe (gongwe le bana ba gaabo) ba dira sentle mo dilong tsa semoya mme o akanya gore ga a ka ke a kgona go latela sekao sa bone

● O batla ditsala mme o ikutlwa a jewa ke bodutu kgotsa a sa tshwanelege fa a na le badumedi mmogo le ene

● O bona basha bangwe ba “Bakeresete” ba tshela botshelo jwa boitimokanyi

● O batla go tshela botshelo jwa gagwe, ka jalo o ikutlwa a patelesega go belaela tsela e wena o tshelang ka yone e o tsayang gore ke e e siameng

● O bona bana ba bangwe ba a tsenang sekolo le bone ba dira dilo tse di sa siamang mme go bonala ba sa tlhagelwe ke sepe se se bosula

● O leka go dira gore motsadi yo e seng Mokeresete a mo rate

Ga go pelaelo gore mathata a a tlhalositsweng fa godimo ga a amane thata le se wena o se dumelang. Go na le moo, re ka re mo nakong eno a amana thata le maemo a a dirang gore go tshelela se o se dumelang e nne kgwetlho. Ka jalo, ke eng se o ka se dirang go kgothatsa ngwana wa gago?

Leka go mo tlhaloganya—mme gone o sa itlhokomolose melaometheo ya Baebele. Leka go tlhaloganya se se ka tswang se bakile gore ngwana wa gago a kgobege marapo mme o lwele go dira diphetogo tse di tla mo thusang gore a gole semoyeng. (Diane 16:20) Ka sekai, “Thulaganyo ya go Fenya Kgatelelo ya Balekane” e e mo tsebe 132 le 133 ya Bolumo 2, e ka thusa ngwana wa gago gore a itshepe mme a kgone go ikemela fa a na le bana ba a tsenang sekolo le bone. Kgotsa fa e le gore ngwana wa gago o jewa ke bodutu, o ka nna wa tshwanelwa ke go mo thusa go bona ditsala tse di siameng.

Mmatlele motho yo o ka mo thusang. Ka dinako tse dingwe basha ba thusega fa ba kgothadiwa ke mongwe yo e seng leloko la lelapa. A o itse mongwe yo tsela e a lebang dilo tsa semoya ka yone e ka thusang ngwana wa gago yo o mo dingwageng tsa bosha? Ke eng fa o sa rulaganye gore a etele morwao kgotsa morwadio? Boikaelelo jwa gago ga se go itlhokomolosa maikarabelo a gago. Akanya ka Timotheo. O ne a solegelwa molemo thata ke sekao sa ga moaposetoloi Paulo mme Paulo le ene o ne a solegelwa molemo thata ke go nna le tsala e e jaaka Timotheo.—Bafilipi 2:20, 22.

Fa fela ngwana wa gago yo o mo dingwageng tsa bosha a sa ntse a nna le wena, o na le tshwanelo ya go batla gore a dire sengwe le sengwe se o se dirang se se amanang le kobamelo. Le fa go ntse jalo, boikaelelo jwa gago ke gore kwa bofelong o mo thuse gore a rate Modimo go tswa pelong—e seng gore a dire kobamelo seomodiro. Go thusa ngwana wa gago gore a rate kobamelo ya boammaaruri, o tshwanetse go mo tlhomela sekao se a ka se etsang. Nna tekatekano mo go se o se solofetseng mo go ene. Mmatlele motho yo o ka mo thusang le ditsala tse di ka mo agang. Gongwe letsatsi lengwe ngwana wa gago a ka kgona go bua jaaka mopesalema yo o neng a re, “Jehofa ke lefika la me le legolo le kago ya me e e thata le Mofalotsi wa me.”—Pesalema 18:2.

BALA BOLUMO 1, KGAOLO 39, LE BOLUMO 2, KGAOLO 37 LE 38

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Mme gone, o se ka wa pateletsa ngwana wa gago go go reetsa ka go mo dira gore a ikutlwe molato.

b Ngwana wa gago wa dingwaga tsa bosha o tshwenyega thata ka tsela e a bopegileng ka yone, ka jalo nna kelotlhoko gore o se ka wa bua ka tsela e e utlwalang e kete wa re go sengwe se se phoso ka mmele wa gagwe.

c Bona tsebe 315-318.

d Kgaolo 36 ya Bolumo 2 e ka thusa basha go dirisa maatla a bone a go akanya gore ba tlhatswege pelo gore Modimo o teng.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela