-
Manyalo a a Tlotlegang mo Matlhong a Modimo le a BathoTora ya Tebelo—2006 | October 15
-
-
Manyalo a a Tlotlegang mo Matlhong a Modimo le a Batho
“Ga nna mokete wa lenyalo kwa Kana . . . Jesu le barutwa ba gagwe le bone ba ne ba laleditswe kwa moketeng wa lenyalo.”—JOHANE 2:1, 2.
1. Pego ya fa Jesu a ne a le kwa Kana e re bontsha eng?
JESU, mmaagwe, le bangwe ba barutwa ba gagwe ba ne ba itse kafa lenyalo le le tlotlegang la batho ba Modimo le ka itumedisang ka teng. Keresete o ne a ba a dira gore lenyalo lengwe le tlhomologe ka go dira kgakgamatso ya gagwe ya ntlha e go kwadilweng ka yone, mme a oketsa boipelo jo bo neng bo le koo. (Johane 2:1-11) O ka tswa o kile wa ya manyalong wa ba wa a itumelela, manyalo a Bakeresete ba ba batlang go direla Jehofa e le banyalani ba ba itumetseng. Kgotsa o ka tswa o lebile pele go nna le lenyalo le le ntseng jalo ka bowena kgotsa go thusa tsala ya gago go atlegisa lenyalo la gagwe. Ke eng se se ka thusang gore mokete wa lenyalo o atlege?
2. Baebele e na le tshedimosetso efe ka manyalo?
2 Bakeresete ba bone gore kgakololo e e mo Lefokong la Modimo le le tlhotlheleditsweng e mosola thata fa monna le mosadi ba rulaganyetsa lenyalo. (2 Timotheo 3:16, 17) Gone ke boammaaruri gore Baebele ga e tlhalose sengwe le sengwe se se tshwanetseng sa direga mo lenyalong la Bakeresete. Seo se a utlwala ka gonne mekgwa le dilo tse di batlwang ke molao di farologana go ya ka mafelo le dinako. Ka sekai, kwa Iseraele wa bogologolo, go ne go sa nne le thulaganyo e e rileng ya lenyalo. Ka letsatsi la lenyalo, monyadi o ne a tlisa monyadiwa wa gagwe mo lapeng kgotsa a mo isa kwa ga rraagwe. (Genesise 24:67; Isaia 61:10; Mathaio 1:24) Kgato eno e e neng e tsewa fa pele ga batho e ne e le yone lenyalo, go se na thulaganyo ya go nyala e e dirwang mo manyalong a mantsi gompieno.
3. Jesu o ne a tsenya letsogo mo tiragalong efe kwa Kana?
3 Baiseraele ba ne ba tsaya kgato eo e le yone lenyalo. Morago ga moo ba ne ba ka nna le moletlo wa go keteka, jaaka o o umakilweng mo go Johane 2:1. Dithanolo tse dintsi tsa Baebele di ranola temana eo ka mafoko a a jaaka ano: “Go ne go le lenyalo kwa Kana.” Mme lefoko la puo ya ntlhantlha le ranolwa sentle go twe “mokete wa lenyalo.”a (Mathaio 22:2-10; 25:10; Luke 14:8) Pego eno e bontsha sentle gore Jesu o ne a le teng mo moketeng mongwe wa lenyalo la Bajuda a ba a tsenya letsogo gore o nne monate. Le fa go ntse jalo, ntlha ya botlhokwa ke gore, se se neng se dirwa mo lenyalong mo motlheng oo se farologane le se se tlwaelegileng gompieno.
4. Bakeresete bangwe ba tlhopha go nna le lenyalo le le ntseng jang, mme ka ntlha yang?
4 Mo dinageng di le dintsi gompieno, Bakeresete ba ba batlang go nyalana ba tshwanetse ba fitlhelela dilo dingwe tse di batliwang ke molao. Morago ga moo ba ka nyalana ka tsela epe fela e e amogelwang kafa molaong. E ka tswa e le ka thulaganyo e khutshwane e tshwerwe ke moatlhodi, ratoropo kgotsa modiredi wa bodumedi yo o neilweng dithata ke Puso. Bangwe ba tlhopha go nyalana ka tsela eo, gongwe ba bo ba laletsa ba losika ba se kae kgotsa ditsala tsa Bakeresete gore ba nne teng e le basupi ba semolao kgotsa fela gore ba itumelele tiragalo eno ya botlhokwa le bone. (Jeremia 33:11; Johane 3:29) Ka tsela e e tshwanang, Bakeresete ba bangwe ba ka tlhopha gore ba se ka ba nna le mokete o mogolo wa lenyalo o o ka tlhokang dithulaganyo tse di tseneletseng le ditshenyegelo. Go na le moo, ba ka nna ba rulaganya gore ba je dijonyana le ditsala tse di gaufi fela. Le fa re ka tswa re rata eng mo ntlheng eno, re tshwanetse ra itse gore Bakeresete ba bangwe ba ba godileng semoyeng ba ka tswa ba leba dilo ka tsela e e farologaneng le ya rona.—Baroma 14:3, 4.
5. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba le bantsi ba rata gore go nne le puo ya lenyalo fa ba nyala, mme e bua ka eng?
5 Banyalani ba le bantsi ba Bakeresete ba tlhopha gore mo lenyalong la bone go nne le puo e e theilweng mo Baebeleng.b Ba lemoga gore Jehofa ke ene a tlhodileng lenyalo mme o naya kgakololo e e botlhale mo Lefokong la gagwe ya kafa lenyalo le ka atlegang ka teng la ba la tlisa boitumelo. (Genesise 2:22-24; Mareko 10:6-9; Baefeso 5:22-33) Mme bontsi jwa banyalani ba rata gore ditsala tsa bone tsa Bakeresete le ba losika ba itumele le bone mo tiragalong eno e e itumedisang. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse ra ikutlwa jang ka mefuta e mentsintsi ya dilo tse di batliwang ke molao, ditsela tse go dirwang dilo ka tsone, tota le ditlwaelo tsa mafelo a a farologaneng? Setlhogo seno se tla sekaseka kafa maemo a leng ka gone mo mafelong a a farologaneng. Mangwe a one a ka tswa a farologane gotlhelele le se o se itseng kgotsa se se dirwang mo lefelong la lona. Le fa go ntse jalo, o ka bona melaometheo mengwe e e botlhokwa mo batlhankeng ba Modimo e e ka dirang le mo maemong a gago.
Lenyalo le le Tlotlegang ke Lenyalo le le Kafa Molaong
6, 7. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go batla go latela thulaganyo ya molao mo dikgannyeng tsa lenyalo mme re ka bontsha seo jang?
6 Le fa Jehofa e le ene a simolotseng lenyalo, dipuso tsa batho di na le taolo e e rileng mo go se batho ba ba nyalanang ba tshwanetseng go se dira. Go tshwanetse ga nna jalo. Jesu o ne a re: “Duelang Kaesara dilo tsa ga Kaesara, mme Modimo dilo tsa Modimo.” (Mareko 12:17) Ka tsela e e tshwanang, moaposetoloi Paulo o ne a kaela jaana: “A moya mongwe le mongwe o nne mo taolong ya balaodi ba bagolo, gonne ga go na taolo epe fa e se ka Modimo; balaodi ba ba leng gone ba eme ba tlhomilwe ke Modimo mo maemong a bone a a lekanyeditsweng.”—Baroma 13:1; Tito 3:1.
7 Mo dinageng di le dintsi, Kaesara, kgotsa balaodi ba puso, ke bone ba laolang gore ke mang yo o tshwanelegang go ka nyadisiwa. Ka jalo, fa Bakeresete ba babedi ba ba gololesegileng go ya ka Dikwalo ba tlhopha go nyalana, ba ikobela molao wa naga ka kelotlhoko. Seno se ka nna sa bo se kaya gore ba tshwanelwa ke go nna le setlankana sa lenyalo, ba nyadisiwe ke mongwe yo o neilweng thata eo ke Puso, gongwe ba bo ba kwadise lenyalo leo fa go setse go nyalanwe. Fa Kaesara Aguseto a ne a laela gore batho ba “kwadisiwe,” Marea le Josefa ba ne ba ikobela taolo eo mme ba ya Bethelehema “go ya go kwadisiwa.”—Luke 2:1-5.
8. Kgolagano ya lenyalo e masisi go le kana kang, mme ke mokgwa ofe wa Basupi ba ga Jehofa o o bontshang gore ba itse seo?
8 Fa Bakeresete ba babedi ba nyalana ka tsela e e kafa molaong e bile e amogelwa, ba nyalane mo matlhong a Modimo. Ka jalo, Basupi ba ga Jehofa ga ba boaboeletse lenyalo ka go le kwadisa kafa molaong gantsintsi, le gone ga ba ntšhafatse maikano a lenyalo jaaka bangwe ba tle ba dire fa ba keteka ngwaga wa bo25 kgotsa wa bo50 ba nyalane. (Mathaio 5:37) (Dikereke tse dingwe ga di amogele go nyadisiwa mo go kafa molaong ga kwa ga magiseterata, di bolela gore ga se lenyalo le le amogelwang fa moruti a sa dira tiro nngwe kgotsa go bolela phatlalatsa gore batho bao ba nyalane.) Mo dinageng di le dintsi, puso e naya modiredi mongwe wa Basupi ba ga Jehofa thata ya go nyadisa batho. Fa go kgonega, a ka nna a rata go ba nyadisa kwa Holong ya Bogosi fa go tla bo go newa le puo ya lenyalo. Leo ke lone lefelo la kobamelo ya boammaaruri e bile ke lone le le tshwanelang gore go ka nna le puo kaga thulaganyo eno e e tlhomilweng ke Jehofa Modimo mo go lone.
9. (a) Fa lenyalo le kwadisiwa kwa ga magiseterata, banyalani ba Bakeresete ba ka tlhopha go dira eng? (b) Bagolwane ba ka nna le seabe jang mo dithulaganyong tsa lenyalo?
9 Mo dinageng tse dingwe, molao o batla gore batho ba nyalane kwa kantorong ya puso, jaaka kwa holong ya motse, kgotsa fa pele ga modiredi mongwe yo o beilweng wa puso. Gantsi Bakeresete ba tlhopha gore fa ba sena go dira kgato eo ya semolao ba bo ba nna le puo mo Holong ya Bogosi ka lone letsatsi leo kgotsa le le latelang. (Ba ka se batle gore go fete malatsi a mantsi morago ga go nyadisiwa kwa ga magiseterata pele ba nna le puo ya Baebele, ka gonne ba nyalane semolao fa pele ga Modimo le batho, go akaretsa phuthego ya Bokeresete.) Fa banyalani ba ba tla nyalanang kwa ga magiseterata ba batla go beelwa puo kwa Holong nngwe ya Bogosi, ba tshwanetse go kopa tetla go sa le gale mo bagolwaneng ba ba mo Komiting ya Tirelo ya Phuthego. Mo godimo ga go tlhomamisa gore banyalani ba na le leina le lentle, balebedi bano ba tla tlhomamisa gore nako ya lenyalo ga e thulane le dinako tsa dipokano le dithulaganyo tse dingwe tsa kwa holong. (1 Bakorintha 14:33, 40) Gape ba tla sekaseka ditsela dipe tse banyalani ba ka kopang go baakanya holo ka tsone mme ba dire tshwetso ya gore a go tla dirwa kitsiso ya gore holo e tla bo e dirisiwa.
10. Fa e le gore batho ba tshwanetse go nyalana kwa ga magiseterata, seo se ka ama puo ya lenyalo jang?
10 Mogolwane yo o nayang puo ya lenyalo o tla leka gore puo ya gagwe e nne botsalano, e nne e e agang semoyeng e bile e na le seriti. Fa e le gore banyalani ba nyadisitswe ke magiseterata, mogolwane o tla itsise gore ba setse ba nyalane kafa molaong wa ga Kaesara. Fa e le gore banyalani ga ba a dira maikano fa ba nyadisiwa kwa ga magiseterata, ba ka nna ba rata go a dira fa go newa puo.c Fa e le gore ba dirile maikano fa ba nyadisiwa, mme ba batla go a boeletsa fa pele ga ga Jehofa le phuthego, ba ka a dira ba bua ka tsela e e bontshang gore tota maikano a setse a dirilwe, ba bontsha gore ba setse ba “kopantswe mmogo.”—Mathaio 19:6; 22:21
11. Mo mafelong mangwe, batho ba nyalana jang, mme seo se ama puo ya lenyalo jang?
11 Mo mafelong mangwe, molao o ka nna wa se ka wa tlhoka gore go latelwe thulaganyo epe ya go nyadisa batho, tota le e leng go ya fa pele ga motlhankedi wa puso. Lenyalo le direga fa ba tlisa foromo e e saennweng ya go kwadisa lenyalo kwa modireding mongwe. Go tswa foo go kwadisiwa setlankana sa lenyalo. Ka tsela eno bobedi jono bo tsewa e le monna le mosadi mme letlha leo e le lone letlha la lenyalo la bone. Jaaka go bontshitswe fa godimo, batho ba ba nyalaneng ka tsela eno ba ka nna ba rata gore morago fela ga go kwadisa lenyalo jalo ba nne le puo e e theilweng mo Baebeleng kwa Holong ya Bogosi. Mokaulengwe yo o godileng semoyeng yo o tlhophilweng go naya puo eo, o tla itsise botlhe ba ba leng teng gore bobedi jono bo nyalane ka go ikwadisa mo go sa tswang go direga. Fa go dirwa maikano, a tla dirwa go tsamaisana le se se mo serapeng sa 10 le ntlha ya sone e e kwa tlase. Ba ba leng teng kwa Holong ya Bogosi ba tla itumela le banyalani mme ba solegelwe molemo ke kgakololo e e newang go tswa mo Lefokong la Modimo.—Sefela sa Difela 3:11.
Manyalo a Setso le a Kwa ga Magiseterata
12. Lenyalo la setso ke eng, mme batho ba kgothalediwa go dira eng fa ba sena go nyalana ka tsela eo?
12 Mo dinageng dingwe, batho ba nyalana ka se go tweng ke lenyalo la setso (kgotsa, la semorafe). Fano ga go buiwe ka batho ba babedi ba nna fela mmogo, e bile ga go tewe seemo sa batho ba ba tsewang e le banyalani mo lefelong la bone mme gone ba sa nyalana kafa molaong.d Re bua ka lenyalo le le dirilweng ka mokgwa o o tlwaetsweng mo morafeng kgotsa mo lefelong lengwe. Seno se ka akaretsa go duelwa le go amogelwa ga magadi a a feletseng, a a dirang gore banyalani ba bo ba nyalane kafa molaong le kafa Dikwalong. Puso e tsaya lenyalo leo la setso le le kafa molaong. Morago ga moo, gantsi go ka kgonega go kwadisa lenyalo leno la setso, mme fa banyalani ba sena go dira jalo, ba ka newa setlankana se se kafa molaong. Go kwadisa lenyalo jalo go ka sireletsa banyalani kgotsa mosadi fa a ka swelwa ke monna kgotsa ga sireletsa bana bape ba ba ka nnang teng. Phuthego e ka rotloetsa motho ope yo o tsenang mo lenyalong le le ntseng jalo la setso gore a le kwadise ka bonako jo bo kgonegang. Se se kgatlhang ke gore, go lebega mo Molaong wa ga Moshe, manyalo le matsalo a ne a kwadisiwa kafa molaong.—Mathaio 1:1-16.
13. Fa go setse go nnile le lenyalo la setso, ke eng se se ka tshwanelang go dirwa malebana le puo ya lenyalo?
13 Banyalani ba ba nyadisitsweng ka thulaganyo eo ya setso ba nna monna le mosadi fa lenyalo leo le direga. Jaaka go bontshitswe fa godimo, Bakeresete ba ba tsenang mo lenyalong le le ntseng jalo la semolao ba ka nna ba eletsa go fiwa puo ya lenyalo, ba bo ba dire maikano kwa Holong ya Bogosi. Mme sebui se ka bolela gore bobedi jono bo ne bo setse bo nyalane go ya ka melao ya ga Kaesara. Puo e tla nna nngwe fela. Go nna le lenyalo le le lengwe, e leng lone leno la setso le le amogelwang ke molao, le puo e le nngwe fela ya Dikwalo. Fa ditiragalo tseno tse pedi di sa katologana, fa go kgonega di nna ka letsatsi le le lengwe fela, seo se thusa gore lenyalo la Bokeresete le tlotlege mo setšhabeng.
14. Mokeresete a ka dirang fa lenyalo la setso mmogo le la ga magiseterata a amogelwa semolao?
14 Kwa dinageng dingwe kwa lenyalo la setso le tsewang e le la molao, gape go na le dithulaganyo tsa go nyala kwa ga magiseterata. Gantsi lenyalo la kwa ga magiseterata le dirwa fa pele ga motlhankedi wa puso, mme le ka akaretsa go dira maikano a lenyalo mmogo le go saena. Banyalani bangwe ba Bakeresete ba rata go nyala jalo kwa ga magiseterata go na le go nyala ka tsela ya setso. Ga go tlhokege go a dira a le mabedi; lengwe le lengwe la one le a amogelwa mo molaong. Se se boletsweng mo serapeng sa 9 le sa 10 kaga puo ya lenyalo le maikano se a dira le fano gape. Ntlha ya botlhokwa ke gore banyalani ba nyalane ka tsela e e tlotlegang fa pele ga Modimo le batho.—Luke 20:25; 1 Petere 2:13, 14.
Dira Gore go Nne le Tlotlo mo Lenyalong
15, 16. Tlotlo e tshwanetse ya bonala jang mo lenyalong?
15 Fa go ne go nna le bothata fa gare ga kgosi nngwe ya Peresia le mosadi wa yone, mogakolodi mongwe yo mogolo yo o bidiwang Memukane o ne a naya kgakololo e e molemo—‘gore basadi botlhe ba ba nyetsweng ba tlotle banna ba bone.’ (Esethere 1:20) Mo banyalaning ba Bakeresete, kgakololo eno ga e tlhoke go laelwa ke kgosi epe ya motho; basadi ba rata go tlotla banna ba bone. Ka tsela e e tshwanang, banna ba Bakeresete ba naya balekane ba bone tlotlo e bile ba a ba baka. (Diane 31:11, 30; 1 Petere 3:7) Go tlotla lenyalo ga go a tshwanela go tla morago ga dingwaga tse dintsi tsa lenyalo. Go tshwanetse ga bonala go tloga fela kwa tshimologong, ee, go tloga ka letsatsi la lenyalo go ya pele.
16 Ka letsatsi la lenyalo, monna le mosadi ba ba nyalanang ga se bone fela ba ba tshwanetseng go bontsha tlotlo. Fa go na le puo ya lenyalo, mogolwane wa Mokeresete yo o e nayang, le ene o tshwanetse a e naya ka tlotlo. Puo e tshwanetse go lebisiwa mo banyalaning. E re ka puo eno e ba naya tlotlo, sebui ga se na go tsenya thata metlae kgotsa ditlhamane. Ga a tshwanela go bua dilo dipe kaga banyalani ka bobone tse di ka ba tlhabisang ditlhong mme tsa swabisa bareetsi. Go na le moo, o tla leka go nna botsalano le go kgothatsa, a bontsha gore Mosimolodi wa lenyalo ke mang le go tlhalosa kgakololo ya gagwe e e molemo. Ee, puo ya lenyalo e mogolwane a e nayang ka seriti e tla thusa gore e nne lenyalo le le tlotlang Jehofa Modimo.
17. Ke ka ntlha yang fa go na le karolo e e amanang le tsa molao ka nako ya manyalo a Bakeresete?
17 O ka tswa o lemogile gore mo setlhogong seno go builwe dintlha tse dintsi kaga dikgang tsa semolao tsa lenyalo. Dingwe tsa tsone di ka tswa di sa dire ka tlhamalalo mo lefelong la lona. Le fa go ntse jalo, rotlhe re tshwanetse go lemoga kafa go leng botlhokwa ka teng gore dithulaganyo tsa manyalo a Basupi ba ga Jehofa di bontshe gore ba tlotla melao ya naga, ba dira se se batliwang ke Kaesara. (Luke 20:25) Paulo o ne a re rotloetsa jaana: “Nayang botlhe ditshwanelo tsa bone, yo o tshwanetsweng ke lekgetho, lekgetho; yo o tshwanetsweng ke sehuba, sehuba; . . . yo o tshwanetsweng ke tlotlo, tlotlo e e ntseng jalo.” (Baroma 13:7) Ee, go a tshwanela gore Bakeresete, go tloga fela ka letsatsi la lenyalo, ba bontshe go tlotla thulaganyo e Modimo a e dirileng mo motlheng wa rona.
18. Ke karolo efe ya lenyalo e batho ba ka itlhophelang go nna le yone e re tshwanetseng go e akanyetsa, mme re ka bona kae tshedimosetso ka kgang eno?
18 Manyalo a mantsi a Bakeresete a latelwa ke mokete, kgotsa moletlo wa lenyalo. Gopola gore Jesu o ne a tlhopha go nna teng kwa moletlong o o ntseng jalo. Fa go na le kokoano e e ntseng jalo, kgakololo e e tswang mo Baebeleng e ka re thusa jang go tlhomamisa gore kokoano eno le yone e tla tlisetsa Modimo tlotlo mme e se ka ya senya leina la banyalani ba basha le phuthego ya Bokeresete? Setlhogo se se latelang se tla sekaseka yone kgang eo.e
-
-
Supa Tumelo ya Gago ka Tsela e o Tshelang ka YoneTora ya Tebelo—2006 | October 15
-
-
Supa Tumelo ya Gago ka Tsela e o Tshelang ka Yone
“Tumelo ka boyone, fa e se na ditiro, e sule.”—JAKOBE 2:17.
1. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba bogologolo ba ne ba etse tlhoko tumelo ya bone mmogo le ditiro tsa bone?
KA KAKARETSO, Bakeresete ba bogologolo ba ne ba supa tumelo ya bone ka tsela e ba neng ba tshela ka yone. Morutwa Jakobe o ne a rotloetsa Bakeresete botlhe a re: “Nnang badiri ba lefoko, mme e seng bautlwi fela.” O ne a oketsa jaana: “Jaaka mmele kwantle ga moya o sule, jalo le tumelo kwantle ga ditiro e sule.” (Jakobe 1:22; 2:26) Dingwaga di ka nna 35 a sena go kwala mafoko ao, Bakeresete ba le bantsi ba ne ba sa ntse ba supa tumelo ya bone ka ditiro tse di tshwanetseng. Mme ka maswabi, ba bangwe ba ne ba sa dire jalo. Jesu o ne a akgola phuthego ya kwa Semerena; mme ba le bantsi ba phuthego ya kwa Saredisa o ne a ba raya a re: “Ke itse ditiro tsa gago, gore o na le leina la gore o a tshela, mme o sule.”—Tshenolo 2:8-11; 3:1.
2. Bakeresete ba tshwanetse ba ipotsa eng ka tumelo ya bone?
2 Ka jalo, Jesu o ne a kgothaletsa batho ba kwa Saredisa—mmogo le botlhe ba ba neng ba tla bala mafoko a gagwe—gore ba tswelele ba supa gore ba rata boammaaruri jwa Bokeresete jaaka kwa tshimologong le gore ba nne ba tsogile semoyeng. (Tshenolo 3:2, 3) Mongwe le mongwe wa rona a ka ipotsa jaana: ‘Go tweng ka ditiro tsa me? A di bontsha sentle gore ke dira bojotlhe go supa tumelo ya me ka sotlhe se ke se dirang, tota le mo dilong tse di amanang ka tlhamalalo le tiro ya go rera kgotsa dipokano tsa phuthego?’ (Luke 16:10) Go na le dilo tse dintsi tse re ka buang ka tsone tsa botshelo, mme re tla bua ka se le sengwe fela: dikokoano, go akaretsa tse gantsi di nnang teng mo manyalong a Bakeresete.
Mekete e Mennye
3. Baebele ya reng ka go nna le dikokoano?
3 Bontsi jwa rona re a itumela fa re laleditswe kwa kokoanong ya Bakeresete ba ba itumetseng. Jehofa ke “Modimo yo o itumetseng,” yo o batlang batlhanka ba gagwe ba itumela. (1 Timotheo 1:11) O ne a dira gore Solomone a akaretse ntlha eno ya boammaaruri mo Baebeleng: “Nna ke ne ka akgola boipelo, ka gonne batho ga ba na sepe se se botoka kafa tlase ga letsatsi fa e se go ja le go nwa le go ipela, le gore go tshwanetse ga tsamaya le bone mo tirong ya bone ya bonatla malatsi otlhe a botshelo jwa bone.” (Moreri 3:1, 4, 13; 8:15) Go ka ipelwa jalo go jewa dijo jaaka lelapa kgotsa mo kokoanong nngwe fela e nnye ya baobamedi ba boammaaruri.—Jobe 1:4, 5, 18; Luke 10:38-42; 14:12-14.
4. Motho yo o rulaganyetsang kokoano o tshwanetse a akanyetsa dilo dife?
4 Fa o rulaganyetsa kokoano e e ntseng jalo e bile e le wena yo o ikarabelelang ka yone, o tshwanetse wa akanya ka kelotlhoko ka se se rulaganngwang, tota le fa o laletsa badumedi ka wena ba se kae fela go tla go ja mmogo le go tlotla ka botsalano. (Baroma 12:13) O ka rata go tlhomamisa gore “dilo tsotlhe di diragale ka mokgwa o montle,” di kaelwa ke “botlhale jo bo tswang kwa godimo.” (1 Bakorintha 14:40; Jakobe 3:17) Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “E ka ne lo a ja kgotsa lo a nwa kgotsa lo dira sepe fela, dirang dilo tsotlhe kgalaletsong ya Modimo. Ithibeng mo go nneng ba ba kgopisang.” (1 Bakorintha 10:31, 32) Dingwe tsa dilo tse di tlhokang go elwa tlhoko thata ke dife? Go ela dilo tseno tlhoko pele ga kokoano go ka thusa go tlhomamisa gore wena le baeng ba gago lo tla bontsha gore lo diragatsa se lo se dumelang.—Baroma 12:2.
E Tla Nna Kokoano e e Ntseng Jang?
5. Ke ka ntlha yang fa mong wa mokete a tshwanetse go akanyetsa ka kelotlhoko gore a go tla nna le bojalwa le mmino?
5 Batho ba le bantsi fa ba rulaganya kokoano ba ile ba lebana le kgang ya gore a bojalwa bo nne teng. Ga go tlhokege bojalwa gore kokoano e nne e e itumedisang. Gopola gore Jesu o ne a direla setlhopha sa batho ba ba neng ba tlile kwa go ene dijo—o ne a atisa senkgwe le tlhapi. Pego ga e bolele gore o ne a dira gore go nne le beine ka kgakgamatso, le fa re itse gore o ne a ka kgona go dira jalo. (Mathaio 14:14-21) Fa o swetsa ka gore go nne le bojalwa mo kokoanong, dira gore e nne jo bo lekanetseng, mme o tlhomamise gore ba ba sa bo nweng ba nne le dino tse di monate tse ba ka di nwang. (1 Timotheo 3:2, 3, 8; 5:23; 1 Petere 4:3) Le ka motlha o se ka wa dira gore batho ba ikutlwe ba patelesega go nwa sengwe se se ka ‘lomang fela jaaka noga.’ (Diane 23:29-32) Go tweng ka mmino kgotsa go opela? Fa e le gore kokoano ya lona e tla nna le mmino, kwa ntle ga pelaelo o tla tlhopha dipina ka kelotlhoko, o akanyetsa moribo le mafoko a tsone. (Bakolosa 3:8; Jakobe 1:21) Bakeresete ba le bantsi ba fitlhetse gore go letsa mmino wa Kingdom Melodies kgotsa le e leng go opela dipina tse di ntseng jalo mmogo go a natetsha. (Baefeso 5:19, 20) Mo godimo ga moo, tlhola modumo wa mmino gangwe le gape gore mmino o se ka wa kgoreletsa motlotlo o o monate le fa e le go itaya baagelani bape tsebe.—Mathaio 7:12.
6. Morulaganyi wa kokoano a ka bontsha jang gore o na le tumelo e e tshelang malebana le dilo tse di jaaka motlotlo kgotsa ditiro tse dingwe?
6 Fa go na le kokoano ya botsalano, Bakeresete ba ka tlotla ka dikgang tse di farologaneng, ba balela sengwe kwa godimo, kgotsa ba bolela maitemogelo a a itumedisang. Fa motlotlo o tswa mo tseleng, mong wa mokete a ka dirisa botlhale go o tlhamalatsa. Gape o tshwanetse a tlhokomela gore ga go bue motho a le esi fela. Fa a bona seo se direga, a ka nna a bua ka tsela e e botlhale a dira gore ba bangwe le bone ba tsenelele mo motlotlong, gongwe ka go tlotlisa bana kgotsa go tsosa kgang e ba bangwe le bone ba ka akgelang mo go yone. Basha mmogo le bagolo ba tla ipelela seno mo kokoanong. Fa wena morulaganyi o kaela dilo ka botlhale, ‘go nna tekatekano ga gago go tla itsiwe’ ke botlhe ba ba leng teng. (Bafilipi 4:5) Ba tla bona gore o na le tumelo e e tshelang, e e amang dikarolo tsotlhe tsa botshelo jwa gago.
Manyalo le Mekete ya Manyalo
7. Ke ka ntlha yang fa go rulaganyetsa manyalo le dikokoano tsa manyalo go tlhoka go akanyediwa?
7 Nako nngwe e e kgethegileng ya go ipela ke kwa lenyalong la Bokeresete. Batlhanka ba Modimo ba bogologolo, go akaretsa Jesu le barutwa ba gagwe, ba ne ba itumelela go nna le seabe mo ditiragalong tseno tse di itumedisang, le mo meketeng ya tsone. (Genesise 29:21, 22; Johane 2:1, 2) Le fa go ntse jalo, bosheng jaana, ditiragalo di ile tsa bontsha sentle gore go rulaganya mekete ya manyalo go tlhoka boiteko jo bogolo gore mekete eno e tle e bontshe go nna tekatekano ga Bokeresete. Mme mekete eno ke dikarolo tse di tlwaelegileng tsa botshelo tse di nayang Mokeresete sebaka sa go supa tumelo ya gagwe.
8, 9. Mekgwa e e bonwang kwa manyalong a le mantsi e supa jang se re se balang mo go 1 Johane 2:16, 17?
8 Batho ba le bantsi ba ba sa itseng ka melao ya Modimo kgotsa ba ba se nang sepe le yone ba tsaya lenyalo e le nako ya go dira dilo tse di feteletseng, kgotsa nako e go feteletsa dilo go amogelwang ka yone. Mo makasineng mongwe kwa Yuropa, mosadi yo o neng a sa tswa go nyalwa o ne a bolela jaana ka lenyalo la gagwe le go ka tweng e ne e le la segosi: ‘Re ne re tsamaya ka koloi e ntle e gogwa ke dipitse tse nnè e setswe morago ke dikolotsana tse 12 tse di gogwang ke dipitse le karaki e e neng e pegile setlhopha se se tshamekang mmino ka diletswa. Go tswa foo re ne ra nna le dijo tse di rokotsang mathe le mmino o o itumedisang; go ne go le monate tota. Ke ne ke le kgosigadi ya letsatsi le le lengwe, fela jaaka ke ne ke batlile.’
9 Le fa gone ditlwaelo di farologana go ya ka dinaga, mafoko ao a tlhomamisa sentle se moaposetoloi Johane a neng a se kwala fa a re: “Sengwe le sengwe se se mo lefatsheng—keletso ya nama le keletso ya matlho le go bontsha ka mabela se motho a nang le sone mo botshelong—ga se tswe mo go Rara, mme se tswa mo lefatsheng.” A o ka akanya fela batho ba babedi ba ba godileng semoyeng ba Bakeresete ba re ba batla go nna le lenyalo “la segosi” le moletlo wa magasigasi a a iseng a ke a bonwe? Mo boemong jwa moo, ba tshwanetse ba nna le pono e e bontshang gore ba etse tlhoko kgakololo ya gore “yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.”—1 Johane 2:16, 17.
10. (a) Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go rulaganya dilo gore lenyalo le tsamaye sentle? (b) Ditshwetso di tshwanetse tsa dirwa jang malebana le batho ba ba lalediwang?
10 Banyalani ba Bakeresete ba tshwanetse go nna tekatekano, mme Baebele e ka ba thusa. Le fa letsatsi la lenyalo le ka tswa le le botlhokwa go le kana kang, ba itse gore ke tshimologo fela ya botshelo jwa lenyalo jwa Bakeresete ba babedi ba ba lebeletseng go tshelela ruri mo nakong e e tlang. Ga ba patelesege go nna le mokete o mogolo wa lenyalo. Fa ba ka tlhopha go nna le mokete, ba tla sekaseka gore mokete ono o tla tlhoka ditshenyegelo tse di kana kang le gore e tla nna wa mofuta ofe. (Luke 14:28) Fa Bakeresete bano ba setse ba nna mmogo, monna e tla bo e le ene tlhogo go ya ka Dikwalo. (1 Bakorintha 11:3; Baefeso 5:22, 23) Ka jalo tota monna ke ene a ikarabelelang ka mokete wa lenyalo. Gone o tla buisana ka lorato le mosadi yo a mo nyalang malebana le gore ba batla go laletsa bomang kgotsa ba ka kgona go laletsa batho ba le kae kwa moletlong wa lenyalo. Go ka nna ga se ka ga kgonega gore ba laletse ditsala tsa bone tsotlhe le ba losika; ka jalo, ba ka nna ba tshwanela go dira ditshwetso dingwe ka tekatekano. Banyalani bano ba tshwanetse go tshepa gore fa ba sa kgone go laletsa bangwe ba Bakeresete ka bone, Bakeresete bano ba tla tlhaloganya mme ba ka se kgopisege.—Moreri 7:9.
“Mokaedi wa Mokete”
11. “Mokaedi wa mokete” a ka nna le seabe sefe kwa lenyalong?
11 Fa banyalani ba tlhopha go nna le mokete wa lenyalo, ba ka tlhomamisa jang gore tiragalo eno e nna e na le seriti? Ka dingwaga di le dintsi jaanong, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba lemoga botlhale jwa go dirisa thulaganyo nngwe e e umakilweng kwa kokoanong e Jesu a neng a e ya kwa Kana. Go ne go na le “mokaedi wa mokete,” yo e tshwanetseng ya bo e ne e le modumedi mmogo yo o nang le maikarabelo. (Johane 2:9, 10) Ka tsela e e tshwanang, monyadi yo o botlhale o tla tlhopha mokaulengwe yo o godileng semoyeng wa Mokeresete gore a diragatse seabe seno sa botlhokwa. Fa mokaedi wa mokete a setse a itse gore monyadi o eletsa eng e bile o rata eng, o tla tlhomamisa gore tseo di diragala ka botlalo kwa moketeng le pele ga one.
12. Monyadi o tshwanetse a akanyetsa eng fa go tliwa mo kgannyeng ya go dirisa bojalwa?
12 Tumalanong le se se tlhalositsweng mo serapeng sa 5, banyalani bangwe ba tlhopha gore go se ka ga nna le bojalwa mo moketeng wa lenyalo gore go se ka ga felela go sa itumelwa le mokete o sa tsamaya sentle ka gonne bo sa dirisiwa sentle. (Baroma 13:13; 1 Bakorintha 5:11) Le fa go ntse jalo, fa ba dira gore bojalwa bo nne teng, monyadi o tshwanetse a tlhomamisa gore bo fiwa batho ka tekanyetso. Go ne go na le beine kwa lenyalong le Jesu a neng a le ya kwa Kana, mme o ne a dira gore go nne le beine ya maemo a a kwa godimo. E bile mokaedi wa mokete o ne a akgela jaana: “Batho ba bangwe botlhe ba ntsha beine e e monate pele, mme fa batho ba tlhapetswe, ba ntshe ya maemo a a kwa tlase. Wena o beile beine e e monate go fitlha jaanong.” (Johane 2:10) Ruri Jesu o ne a sa kgothaletse botagwa, ka gonne o ne a bo tsaya bo sa siama. (Luke 12:45, 46) Fa mokaedi wa lenyalo a bontsha go gakgamalela boleng jwa beine, o ne a bontsha gore o ne a kile a bona baeng bangwe ba tlhapelwa mo manyalong a mangwe. (Ditiro 2:15; 1 Bathesalonika 5:7) Ka jalo, monyadi mmogo le Mokeresete yo o ikanyegang yo a mo tlhomileng go nna mokaedi wa lenyalo ba tshwanetse ba tlhomamisa gore botlhe ba ba leng teng ba latela kaelo eno e e utlwalang sentle: “Lo se ka lwa tagwa ke beine, e mo go yone go nang le botlhapelwa.”—Baefeso 5:18; Diane 20:1; Hosea 4:11.
13. Banyalani ba tshwanetse ba akanyetsa eng fa ba batla gore go nne le mmino kwa moketeng wa lenyalo, mme ka ntlha yang?
13 Fela jaaka mo dikokoanong tse dingwe, fa e le gore go tla nna le mmino, go tshwanetse ga elwa tlhoko gore modumo wa one ke o o letlang batho go tlotla sentle. Mogolwane mongwe wa Mokeresete o kile a re: “Fa nako e ntse e ya, motlotlo o ya magoletsa kgotsa go simolola go binwa, ka dinako tse dingwe mmino o simolola go lelela kwa godimo. Mmino o o simolotseng o le kwa tlase o ka nna kwa godimo mo batho ba sa kgoneng go tlotla sentle. Mokete wa lenyalo o dira gore go nne le sebaka sa metlotlo e e monate. A bo go ka nna bosula jang fa mmino o o kwa godimo o ka amoga batho tshono eno!” Fano le gone, monyadi le mokaedi wa mokete ba tshwanetse go dira ka boikarabelo, ba sa tlogele batho ba ba letsang mmino, le fa e ka tswa e le ba ba thapilweng, gore e nne bone ba laolang gore go tshamekiwa mmino ofe le gore ka modumo o o kana kang. Paulo o ne a kwala jaana: “Le fa e le eng se lo se dirang ka lefoko kgotsa ka tiro, dirang sengwe le sengwe ka leina la Morena Jesu.” (Bakolosa 3:17) Fa baeng ba ya gae morago ga mokete wa lenyalo, a ba tla gopola mmino wa koo e le o o bontshang gore banyalani ba ne ba dira sengwe le sengwe ka leina la ga Jesu? Go tshwanetse ga nna jalo.
14. Bakeresete ba tshwanetse ba itumelela go gopola eng ka lenyalo?
14 Ee, lenyalo le le rulagantsweng sentle le gopolwa ka dilo tse di itumedisang. Adam le Edyta, ba ba nang le dingwaga di le 30 ba nyalane, ba ne ba akgela jaana ka lenyalo lengwe: “Ruri o ne o kgona go utlwa gore ke kokoano ya Bakeresete. Go ne go na le dipina tse di bakang Jehofa mme gape go na le boitlosobodutu jo bongwe jo bo siameng. Go bina le mmino e ne e se tsone dilo tsa botlhokwatlhokwa. Go ne go le monate e bile go lapolosa, mme sengwe le sengwe se tsamaisana le melaometheo ya Baebele.” Go bonala sentle gore monyadi le monyadiwa ba ka dira go le gontsi go bontsha gore ba supa tumelo ya bone ka ditiro.
Dimpho Tsa Lenyalo
15. Go ka dirisiwa kgakololo efe ya Baebele malebana le dimpho tsa manyalo?
15 Mo mafelong a le mantsi go tlwaelegile gore ditsala le ba losika ba fe banyalani mpho. Fa o tlhopha go dira jalo, o ka gopola eng? Gopola mafoko a ga moaposetoloi Johane kaga “go bontsha ka mabela se motho a nang le sone mo botshelong.” O ne a sa amanye mabela ano le Bakeresete ba ba bontshang tumelo ya bone ka ditiro, mme o ne a a amanya le ‘lefatshe le le fetang.’ (1 Johane 2:16, 17) Fa o akanya ka mafoko a ga Johane a a tlhotlheleditsweng, a batho ba ba sa tswang go nyalana ba tshwanetse ba itsise botlhe ba ba leng teng gore mpho nngwe le nngwe e tswa kwa go mang? Bakeresete ba kwa Makedonia le Akaia ba ne ba fa bakaulengwe ba kwa Jerusalema meneelo, mme ga go sepe se se bontshang gore maina a bone a ne a itsisiwe phatlalatsa. (Baroma 15:26) Bakeresete ba le bantsi fa ba ntsha mpho ya lenyalo ba ka se rate gore go itsiwe gore ke bone ba ntshitseng mpho eo. Mo ntlheng eno, sekaseka kgakololo ya ga Jesu e e fitlhelwang mo go Mathaio 6:1-4.
16. Batho ba ba sa tswang go nyalana ba ka tila jang go utlwisa ba bangwe botlhoko ka kgang ya dimpho tsa lenyalo?
16 Go itsise maina a ba ba ntshitseng dimpho go ka felela ka go “gaisana” ka gore ke mpho efe e e botoka kgotsa e e turileng thata. Ka jalo, Bakeresete ba ba sa tswang go nyalana ga ba ne ba itsise phatlalatsa maina a ba ba tlisitseng dimpho. Go itsise maina a ba ba ntshitseng dimpho go ka nna ga tlhabisa ditlhong ba ba ka tswang ba sa kgona go tlisa mpho. (Bagalatia 5:26; 6:10) Ee, gone ga go phoso gore monyadi le monyadiwa ba ka itse gore ba filwe mpho ke mang. Leina la motho yoo le ka kwalwa mo karateng e e tshwanelang e e tlang le mpho mme e bo e sa balwe phatlalatsa. Fa re reka, re aba, le fa re amogela dimpho tsa lenyalo, rotlhe re na le sebaka sa go supa gore le mo kgannyeng eno ya botho, tumelo ya rona e ama se re se dirang.a
17. Bakeresete ba tshwanetse ba nna le mokgele ofe malebana le tumelo ya bone le ditiro tsa bone?
17 Ruri go supa tumelo ya rona ga go akaretse fela go nna le boitsholo jo bo siameng, go ya dipokanong tsa Bokeresete, le go dira tiro ya go rera. E kete mongwe le mongwe wa rona a ka nna le tumelo e e tshelang e e amang sotlhe se re se dirang. Ee, re ka supa tumelo ya rona ka ditiro ‘tse di dirwang ka botlalo,’ go akaretsa tsa dikarolo tsa botshelo tse go tlotlilweng ka tsone fa godimo.—Tshenolo 3:2.
18. Mafoko a a mo go Johane 13:17 a ka diragadiwa jang malebana le mekete le dikokoano tsa Bokeresete?
18 Fa Jesu a sena go tlhomela baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang sekao ka go dira tiro ya maemo a a kwa tlase ya go ba tlhapisa dinao, o ne a re: “Fa lo itse dilo tseno, lo a itumela fa lo di dira.” (Johane 13:4-17) Mo lefelong le re nnang mo go lone gompieno, go ka tswa go sa tlhokege kgotsa e bile go sa tlwaelega go tlhapisa dinao tsa motho yo mongwe, jaaka tsa moeng fa a re etetse mo lapeng. Le fa go ntse jalo, jaaka re bone mo setlhogong seno, go na le dikarolo tse dingwe tsa botshelo tse re ka supang tumelo ya rona mo go tsone ka go dira ditiro tse di supang lorato le go akanyetsa, go akaretsa tse di amanang le dikokoano tsa botsalano le manyalo a Bokeresete. Go ntse jalo le fa re ka tswa re nyala kgotsa re le baeng mo lenyalong kgotsa mo moketeng o o monate wa lenyalo la Bakeresete ba ba batlang go bontsha tumelo ya bone ka ditiro.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Dikgang tse dingwe tse di amanang le manyalo le mekete ya manyalo di tlhalosiwa mo setlhogong se se latelang, “Oketsa Boipelo le Seriti sa Letsatsi la Gago la Lenyalo.”
O ne O ka Araba Jang?
O ka supa tumelo ya gago jang:
• fa o rulaganya kokoano ya botsalano?
• fa o rulaganya lenyalo kgotsa mokete wa lenyalo?
• fa o aba kgotsa o amogela dimpho tsa lenyalo?
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Tota le fa o laletsa batho ba se kae, kaelwa ke “botlhale jo bo tswang kwa godimo”
-
-
Oketsa Boipelo le Seriti sa Letsatsi la Gago la LenyaloTora ya Tebelo—2006 | October 15
-
-
Oketsa Boipelo le Seriti sa Letsatsi la Gago la Lenyalo
GORDON, yo o nang le dingwaga di ka nna 60 a nyetse a re: “Letsatsi la me la lenyalo e ne e le lengwe la malatsi a a botlhokwa thata le a a itumedisang go a feta otlhe a botshelo jwa me.” Ke eng se se dirang gore letsatsi la lenyalo le nne botlhokwa jaana mo Bakereseteng ba boammaaruri? Ke gore ke letsatsi le ka lone ba dirang maikano a a boitshepo mo go bangwe ba ba ba ratang thata—mo molekaneng wa bone wa lenyalo le mo go Jehofa Modimo. (Mathaio 22:37; Baefeso 5:22-29) Ee, batho ba ba rulaganyetsang lenyalo ba batla go ipelela letsatsi la bone la lenyalo, mme gape ba batla go tlotla Mosimolodi wa lenyalo.—Genesise 2:18-24; Mathaio 19:5, 6.
Monyadi a ka dirang go oketsa seriti sa tiragalo eno e e itumedisang? Monyadiwa ene a ka dirang go bontsha gore o tlotla monna wa gagwe le Jehofa? Ba bangwe ba ba leng teng ba ka oketsa jang boipelo jwa letsatsi la lenyalo? Go akanya ka melaometheo mengwe ya Baebele go tla thusa go araba dipotso tseo, mme go dirisa melaometheo eo go tla fokotsa mathata ape a a neng a ka nna teng mme a sulafatsa tiragalo eno e e kgethegileng.
Ke Mang yo o Ikarabelelang?
Kwa dinageng di le dintsi, lenyalo le ka kwadisiwa kafa molaong ke modiredi wa Basupi ba ga Jehofa. Tota le kwa dinageng tse kwa go tsone manyalo a tshwanetseng a kwadisiwa ke magiseterata, banyalani ba ka nna ba batla go beelwa puo e e theilweng mo Baebeleng. Mo puong eno, gantsi monyadi o gopodiwa ka seabe se a se filweng ke Modimo sa go nna tlhogo ya lelapa. (1 Bakorintha 11:3) Fela jalo, monyadi ke ene a nang le boikarabelo jo bogolo ka se se tla diragalang kwa lenyalong. Gone ke boammaaruri gore gantsi dithulaganyo tsa lenyalo ka bolone le mokete o o ka latelang di dirwa go sa le gale. Ke ka ntlha yang fa seno e ka nna bothata?
Lebaka lengwe ke gore ba losika lwa monna kgotsa mosadi ba ka leka go nna le tlhotlheletso e kgolo mo dithulaganyong tsa lenyalo. Rodolfo, yo o nyadisitseng batho ba le bantsi, a re: “Ka dinako tse dingwe, monyadi o gatelelwa thata ke ba losika, bogolo jang fa e le gore ba thusa go duelela mokete wa lenyalo. Ba ka nna ba gagamalela gore dilo di dirwe ka tsela e e rileng ka nako ya lenyalo le kwa moketeng o o latelang. Seno se ka nyatsa seabe sa monyadi sa Dikwalo jaaka ene yo o ikarabelelang tiragalo eno.”
Max, yo o nang le dingwaga di feta 35 a ntse a nyadisa batho, o akgela jaana: “Ke etse tlhoko gore fa go ntse go ya, banyadiwa ke bone ba etelelang pele mo go direng ditshwetso tsa se se tla diragalang kwa manyalong le kwa moketeng wa lenyalo, banna bone ba sa bue sepe se se kalo.” David, yo le ene a nyadisitseng batho ba le bantsi, o akgela jaana: “Banyadi ba ka tswa ba sa tlwaela go etelela pele mme gantsi ga ba nne le seabe go le kalo mo go baakanyetseng lenyalo.” Monyadi a ka sikara boikarabelo jwa gagwe sentle jang?
Puisano e Oketsa Boipelo
E le gore monyadi a diragatse boikarabelo jwa gagwe sentle jwa go baakanyetsa lenyalo, go tshwanetse ga buisanwa sentle. Baebele e bolela jaana ka tlhamalalo: “Go na le go kgoreletsega ga dithulaganyo kwa go se nang puo ya sephiri teng.” (Diane 15:22) Le fa go ntse jalo, go ka tilwa mathata a mantsi ka gore monyadi a tlotle pele ka dithulaganyo tsa lenyalo le monyadiwa, ba lelapa le ba bangwe ba ba ka ba nayang kgakololo e e molemo e e theilweng mo Baebeleng.
Ee, go botlhokwa gore bobedi jo bo beeletsaneng bo tlotle mmogo pele ka dithulaganyo le dilo tse di ka diragalang. Ka ntlha yang? Utlwa mafoko a ga Ivan le mosadi wa gagwe, Delwyn, ba ba setseng ba na le dingwaga tse dintsi ba le mo lenyalong le le itumetseng mme ba goletse mo ditsong tse di sa tshwaneng. Ivan fa a gopola dithulaganyo tsa lenyalo la bone, a re: “Ke ne ke itse sentle gore ke batla lenyalo le le ntseng jang, go akaretsa mokete wa lenyalo o ditsala tsa me tsotlhe di neng di tla nna teng mo go one, kuku ya lenyalo, le mosadi wa me a apere mosese o mosweu wa lenyalo. Mme Delwyn ene o ne a batla lenyalo le lennye, le le se nang kuku ya lenyalo. E bile o ne a akantse go apara sengwe se sele e seng mosese o mosweu.”
Banyalani bano ba ne ba rarabolola kgang ya bone jang? Ka go buisana ka bopelonomi le ka boikanyegi. (Diane 12:18) Ivan o oketsa jaana: “Re ne ra bala ditlhogo tse di theilweng mo Baebeleng ka kgang ya manyalo, jaaka tse di gatisitsweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya October 15, 1984.a Tshedimosetso eno e ne ya re thusa go leba tiragalo eno ka tsela ya semoya. E re ka re godile ka ditsela tse di sa tshwaneng, mongwe le mongwe wa rona o ne a tshwanelwa ke go tlogela dilo dingwe tse a neng a di batla.”
Aret le Penny le bone ba ne ba dira se se tshwanang. Aret o bolela jaana ka letsatsi la bone la lenyalo: “Nna le Penny re ne ra tlotla ka dilo tse di farologaneng tse re ka ratang di direga kwa lenyalong, mme re ne ra kgona go dumalana. Re ne ra rapelela gore Jehofa a re segofatse mo letsatsing leo. Ke ne ka kopa kgakololo le mo batsading ba rona le mo banyalaning ba bangwe ba ba godileng mo phuthegong. Dikakantsho tsa bone di ne di le mosola thata. Re feleditse re na le lenyalo le lentle.”
Go Apara le go Ipaakanya ka Seriti
Go a utlwala gore monyadi le monyadiwa ba bo ba batla go lebega sentle ka lenyalo la bone. (Pesalema 45:8-15) Ba ka nna ba dirisa nako, boiteko le madi ba batla diaparo tse di tshwanelang. Ke melaometheo efe ya Baebele e e ka ba thusang go tlhopha moaparo o o nang le seriti e bile o le montle?
Akanya ka diaparo tsa monyadiwa ka letsatsi leo. Le fa batho ba farologana ka se ba se ratang, le mo dinageng tse di farologaneng go sa tlwaelwa dilo tse di tshwanang, kgakololo ya Baebele yone e dira gongwe le gongwe. Basadi ba tshwanetse gore ba “ikgabise ka diaparo tse di rulagantsweng sentle, ka boingotlo le go itekanela sentle ga mogopolo.” Seo se ama basadi ba Bakeresete ka dinako tsotlhe, mme ruri se akaretsa letsatsi la lenyalo. Ntlha ke gore lenyalo le le monate ga le tlhoke “moaparo wa tlhwatlhwa e e kwa godimo thata.” (1 Timotheo 2:9; 1 Petere 3:3, 4) Ruri go a kgotsofatsa fa kgakololo eno e dirisiwa!
David, yo o umakilweng pelenyana, o akgela jaana: “Banyalani ba bantsi ba leka go latela melaometheo ya Baebele, mme ba tshwanetse go akgolwa. Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe mesese ya banyadiwa le baemisi ba bone ga e bontshe bori, e ntsha sehuba thata kgotsa e a bonaletsa.” Mogolwane mongwe wa Mokeresete fa a kopana le monyadi le monyadiwa pele ga lenyalo, o ba thusa go dira dilo ka tsela ya Bokeresete. Jang? Ka go ba botsa gore a diaparo tse ba akantseng go di apara di tla bo di siametse gore ba ka di apara kwa pokanong ya Bokeresete. Gone ke boammaaruri gore diaparo tsa lenyalo e ka tswa e se mofuta o o aparwang kwa dipokanong mme e ka tswa e le mofuta o o aparwang ke banyadiwa mo lefelong la lona. Le fa go ntse jalo, di tshwanetse go supa bori go ya ka ditekanyetso tsa Bokeresete tse di nang le seriti. Le fa bangwe mo lefatsheng ba ka tsaya gore melao ya Baebele e a gatelela, Bakeresete ba boammaaruri ba kgotsofalela go gana maiteko a lefatshe a go ba pateletsa go bopega jaaka lone.—Baroma 12:2; 1 Petere 4:4.
Penny a re: “Nna le Aret ga re a ka ra tsaya diaparo tsa lenyalo kgotsa mokete e le tsone tsa botlhokwa thata, mme re ne ra tlhoma mogopolo mo tiragalong ya go nyala ka boyone, e e neng e le yone karolo ya botlhokwa go gaisa tse dingwe tsotlhe mo letsatsing leo. Dilo tsa botlhokwa tse ke di gopolang, ga se gore ke ne ke apere eng kgotsa ke ne ke ja eng, mme ke gore ke tlhotse le mang letsatsi leo le kafa ke neng ka itumela ka teng go nyalana le monna yo ke mo ratang.” Banyalani ba Bakeresete ba tshwanetse go nna ba gopotse dilo tse di ntseng jalo fa ba rulaganyetsa lenyalo la bone.
Holo ya Bogosi—Lefelo le le Nang le Seriti
Banyalani ba le bantsi ba Bakeresete ba rata go tshwarela lenyalo la bone mo Holong ya Bogosi fa e le teng. Ke ka ntlha yang fa ba rata jalo? Bangwe ba ne ba tlhalosa jaana: “Re ne re itse gore lenyalo ke thulaganyo e e boitshepo ya ga Jehofa. Go nyalana mo Holong ya Bogosi, lefelo la rona la kobamelo, go ne ga thusa go gatelela mo go rona go tloga fela kwa tshimologong gore Jehofa o ne a tshwanetse go nna karolo ya lenyalo la rona. Molemo o mongwe wa go tshwarela lenyalo mo Holong ya Bogosi e seng kwa lefelong le sele ke gore go ne go bontsha ba masika ba ba sa dumeleng ba ba tlileng lenyalong kafa re tsayang kobamelo ya rona go Jehofa e le botlhokwa ka teng.”
Fa bagolwane ba phuthego ba ba ikarabelelang ka Holo ya Bogosi ba letla gore lenyalo le tshwarelwe koo, banyalani ba tshwanetse ba ba itsise go sa le gale gore ba ikaeletse go baakanya Holo jang. Tsela nngwe e monyadi le monyadiwa ba ka bontshang gore ba tlotla balalediwa ka yone ke gore ba ititeye sehuba gore ba tshware nako kwa lenyalong. Mme ruri ba tla batla go tlhomamisa gore sengwe le sengwe se dirwa ka tsela e e nang le seriti.b (1 Bakorintha 14:40) Ka jalo ba tla tila mekgwa e e feteletseng ya go itshupa e e tlwaelegileng mo manyalong a mantsi a lefatshe.—1 Johane 2:15, 16.
Ba ba tlang lenyalong le bone ba ka bontsha gore ba leba lenyalo ka tsela ya ga Jehofa. Ka sekai, ba ka se lebelele gore lenyalo leno le gaise manyalo a mangwe a Bakeresete, jaaka e kete go na le kgaisano ya gore ke mang yo lenyalo la gagwe le leng lentle go gaisa a mangwe. Gape Bakeresete ba ba godileng semoyeng ba itse gore go nna teng kwa Holong ya Bogosi le go reetsa puo e e theilweng mo Baebeleng go botlhokwa e bile go mosola go feta go ya moketeng wa lenyalo. Fa nako kgotsa maemo a sa dumele gore Mokeresete a ye puong a bo a ye le kwa moketeng, ruri go ka nna botoka go ya Holong ya Bogosi. Mogolwane mongwe yo o bidiwang William a re: “Fa baeng ba tlogela go ya Holong ya Bogosi kwantle ga lebaka mme ba bo ba nna teng kwa moketeng moragonyana, seo se bontsha go se tlhaloganye kafa tiragalo eno e leng boitshepo ka teng. Tota le fa re sa lalediwa kwa moketeng, re ka bontsha go ema monyadi le monyadiwa nokeng mme re neye bosupi jo bo molemo mo masikeng a a sa dumeleng a a tlileng lenyalong ka go nna teng kwa Holong ya Bogosi.”
Go Itumela le Morago ga Letsatsi la Lenyalo Tota
Ba tsa papadi ba dirile lenyalo kgwebo e kgolo tota. Go ya ka pego nngwe ya bosheng, kwa United States, gantsi lenyalo le “tlhoka $22 000 [R145 000], kgotsa halofo ya madi a a amogelwang [ka ngwaga] ke lelapa kwa Amerika.” Batho ba bantsi ba ba nyalanang, kgotsa ba malapa a bone, ba tlhotlhelediwa ke tsa papatso go tsena mo sekolotong se segolo ka letsatsi leo le le losi, mme ba bo ba tshwanelwa ke go se duela dingwagangwaga. A eo ke tsela e e molemo ya go simolola lenyalo? Batho ba ba sa itseng melaometheo ya Baebele kgotsa ba ba se nang sepe le yone ba ka tlhopha magasigasi ao, mme Bakeresete ba boammaaruri ba farologane gotlhelele!
Banyalani ba le bantsi ba Bakeresete ba ile ba kgona go dirisa nako le dithoto tsa bone go dumalana le boineelo jwa bone mo Modimong ka go lekanyetsa lenyalo la bone gore ba kgone go le duelela le ka go tlhoma mogopolo mo karolong ya semoya ya tiragalo eno. (Mathaio 6:33) Ela tlhoko sekai sa ga Lloyd le Alexandra, ba ba ntseng ba le mo bodireding jwa nako e e tletseng ka dingwaga di le 17 fa e sa le ba nyalane. Lloyd o akgela jaana: “Bangwe ba ka tswa ba ile ba tsaya gore lenyalo la rona le ne le se na dilo tse dintsi, mme nna le Alexandra re ne re itumetse tota. Re ne re dumela gore letsatsi la lenyalo la rona ga le a tshwanela go nna mokgweleo wa sekoloto se se tla re salang morago, mme e nne nako ya go keteka thulaganyo ya ga Jehofa ya go itumedisa batho ba babedi.”
Alexandra o oketsa jaana: “Ke simolotse go bula tsela pele re nyalana, mme ke ne ke sa batle go latlha tshiamelo eno fela gore ke nne le lenyalo la magasigasi. Letsatsi la rona la lenyalo le ne le kgethegile tota. Le fa go ntse jalo, e ne e le tshimologo fela ya botshelo jwa rona jwa lenyalo. Re dirisitse kgakololo ya gore re tile go tlhoma mogopolo thata mo letsatsing la go nyala, mme re batlile kaelo ya ga Jehofa mo matshelong a rona malebana le botshelo jwa lenyalo. Seno ruri se re tliseditse masego a ga Jehofa.”c
Ee, letsatsi la lenyalo la lona ke nako e e kgethegileng. Tsela e lo ikutlwang ka yone le e lo dirang dilo ka yone mo letsatsing leo, lo ka nna lwa tswelela lo dira ka yone le mo botshelong jwa lona jwa lenyalo mo dingwageng tse di tlang. Ka jalo, ikaegeng ka Jehofa gore a lo kaele. (Diane 3:5, 6) Dirang gore se se tla diregang mo letsatsing la lenyalo la lona e nne se se agang semoyeng. Mongwe le mongwe wa lona a eme yo mongwe nokeng mo seabeng se a se filweng ke Modimo. Ka go rialo lo ka thaya motheo o o nonofileng wa lenyalo la lona, mme ka thuso ya ga Jehofa, lo tla itumela ka tsela e e tla tswelelang pele le morago ga letsatsi la lona la lenyalo.—Diane 18:22.
-