PINA 126
Nnang lo Tsogile, Nitamang, Nnang Maatla
1. Tsogang, nitamang, nnang maatla,
Lo nne lo itshokile.
Lo nne le bopelokgale,
Mme ruri lo tla fenya.
Re utlwa taelo ya ga Jesu;
Re ema ’tlhakoreng la gagwe
(KHORASE)
Tsogang, nitamang, lo nne maatla!
Go fitlha kwa bokhutlong!
2. Tsogang mme lo nne lo thantse,
Ka metlha lo ikobe.
Utlwang kaelo ya ga Jesu
E e tlang ka motlhanka.
Lo’ikobele kaelo ya banna,
Ba ba lo etelelang pele.
(KHORASE)
Tsogang, nitamang, lo nne maatla!
Go fitlha kwa bokhutlong!
3. Tsogang lo nne seoposengwe,
Fa lo rera molaetsa.
Le fa bangwe ba ganetsa
Ga re kitla re kgaotsa.
A Jehofa a bakwe gotlhe.
Letsatsi la gagwe le gaufi!
(KHORASE)
Tsogang, nitamang, lo nne maatla!
Go fitlha kwa bokhutlong!
(Bona le Math. 24:13; Baheb. 13:7, 17; 1 Pet. 5:8.)