LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Kgwetlho ya go Rata Modimo
    Tora ya Tebelo—2013 | November 1
    • SETLHOGO SE SE KAFA NTLE | MAAKA A A DIRANG GORE MODIMO A LEBEGE A SA RATEGE

      Kgwetlho ya go Rata Modimo

      “‘O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago.’ Eno ke taelo e kgolo thata e bile e le ya ntlha.”—Jesu Keresete, 33 C.E.a

      Ke kgwetlho mo bathong bangwe go rata Modimo. Mo go bone, go lebega ba ka se kgone go tlhaloganya Modimo, ka gonne a le kgakala e bile a le setlhogo. Ela tlhoko kafa batho bangwe ba ileng ba ikutlwa ka teng:

      • “Ke ne ka rapela Modimo gore a nthuse mme ka nako e e tshwanang ke ne ke bona e kete o kgakala, e kete a ka se kgone go nkutlwa. Ke ne ke akanya gore Modimo ga a na maikutlo.”—Marco, Italy.

      • “Le fa ke ne ke batla go direla Modimo ka pelo yotlhe, go ne go lebega a le kgakala thata. Ke ne ke akanya gore ke Modimo yo o setlhogo, yo o batlang fela go re otlhaya. Ke ne ke sa dumele gore a ka kgona go bontsha lorato.”—Rosa, Guatemala.

      • “Fa ke ne ke le ngwana, ke ne ke akanya gore Modimo o ne a batlana le diphoso mo go rona e bile a iketleeditse go re otlhaya fa re tshwanelwa ke go otlhaiwa. Moragonyana ke ne ke akanya gore ga a botsalano. Mo go nna, Modimo o ne a tshwana le tonakgolo e e laolang batho—mme tota e sa ba kgatlhegele.”—Raymonde, Canada.

      Wena o akanya jang? A Modimo ga a ratege? Bakeresete ba ile ba ipotsa potso eo makgolo a mantsi a dingwaga. Tota e bile, mo Metlheng ya Bogare, bontsi jwa batho ba ba mo madumeding a a ipitsang a Bokeresete ba ne ba sa rapele Modimo Mothatayotlhe. Ka ntlha yang? Batho ba ne ba mmoifa ka tsela e e feteletseng. Rahisitori e bong Will Durant ene a re: “Moleofi a ka kgona jang go rapela Modimo yo o boifisang jaana e bile a se botsalano?”

      Go tlile jang gore Modimo a tsewe a “boifisa e bile a se botsalano”? Tota Baebele e ruta eng ka Modimo? A go ithuta boammaaruri ka Modimo go ka go thusa gore o mo rate?

      a Mathaio 22:37, 38.

  • Maaka a Gore Modimo Ga a Na Leina
    Tora ya Tebelo—2013 | November 1
    • SETLHOGO SE SE KAFA NTLE | MAAKA A A DIRANG GORE MODIMO A LEBEGE A SA RATEGE

      Maaka a Gore Modimo Ga a Na Leina

      SE BA LE BANTSI BA SE DUMELANG

      “Ga re ise re ko re dumalane malebana le gore a Modimo o na le leina le gore fa e le gore o na le lone e ka tswa e le mang.”—Porofesa David Cunningham, Theological Studies.

      BOAMMAARURI JO BO MO BAEBELENG

      Modimo o ne a re: “Ke nna Jehofa. Ke lone leina la me.” (Isaia 42:8) Leina Jehofa le kaya “O Dira Gore go Diragale.”

      Jehofa o batla gore re dirise leina la gagwe. Baebele ya re: “Bitsang leina la gagwe. Itsiseng ditšhaba ditiro tsa gagwe. Umakang gore leina la gagwe le godisitswe.”—Isaia 12:4.

      Jesu o ne a dirisa leina la Modimo. Fa Jesu a ne a rapela, o ne a raya Jehofa a re o itsisitse barutwa ba gagwe leina la Modimo, e bile o tla dira gore le itsiwe. Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a itsise barutwa ba gagwe leina la Modimo? Gape o ne a re: “Gore lorato lo o nthatileng ka lone lo tle lo nne mo go bone le nna ke le seoposengwe le bone.”—Johane 17:26.

      LEBAKA LA GO BO GO LE BOTLHOKWA

      Moithutabodumedi mongwe e bong Walter Lowrie o ne a kwala jaana: “Motho yo o sa itseng leina la Modimo tota ga a mo itse. Mme a ka se kgone go mo rata fa e le gore o mo itse fela e le maatla a a sa bonaleng.”

      Monna mongwe yo o bidiwang Victor o ne a ya kerekeng beke le beke, le fa go ntse jalo, o ne a utlwa e kete ga a itse Modimo. A re: “Moragonyana ke ne ka ithuta gore leina la Modimo ke Jehofa mme jaanong ke ne ke ikutlwa ke mo itse tota. Ke ne ke ikutlwa gore kgabagare ke kopane le motho yo ke sa bolong go utlwa ka ene. Ke ne ka simolola go mmona e le motho wa mmatota le go nna le kamano le ene.”

      Mme Jehofa ene, o atamalana le batho ba ba dirisang leina la gagwe. Malebana le batho ‘ba ba akanyang ka leina la gagwe, Modimo o solofetsa gore o tla ba bontsha bopelotlhomogi, fela jaaka rre a bontsha bopelotlhomogi mo go morwawe yo a mo direlang.’ (Malaki 3:16, 17) Gape Modimo ke moduedi wa ba ba bitsang leina la gagwe. Baebele ya re: “Mongwe le mongwe yo o bitsang leina la ga Jehofa o tla bolokwa.”—Baroma 10:13.

  • Maaka a Gore Modimo ke Masaitseweng
    Tora ya Tebelo—2013 | November 1
    • SETLHOGO SE SE KAFA NTLE | MAAKA A A DIRANG GORE MODIMO A LEBEGE A SA RATEGE

      Maaka a Gore Modimo ke Masaitseweng

      SE BA LE BANTSI BA SE DUMELANG

      “Madumedi a magolo a mararo a Bokeresete e leng Katoliki ya Roma, Orthodox ya kwa Botlhaba le Boporotesetanta a dumela gore go na le Modimo a le mongwe mo Bathong ba le bararo: Modimo Rara, Modimo Morwa le Modimo Moya o o Boitshepo. Go ya ka thuto eno ya bodumedi jwa Bokeresete, go bolela jalo ga go reye gore go na le medimo e meraro mme batho ba bararo bano tota ke selo se le sengwe.”—The New Encyclopædia Britannica.

      BOAMMAARURI JO BO MO BAEBELENG

      Jesu, Morwa Modimo, ga a ise a ko a bolele gore o lekana kgotsa o tshwana le Rraagwe. Go na le moo, o ne a re: “Ke ya kwa go Rara, ka gonne Rara o mogolo bogolo go nna.” (Johane 14:28) Gape o ne a bolelela balatedi ba gagwe a re: “Ke tlhatlogela kwa go Rre le Rraalona le kwa Modimong wa le me le Modimo wa lona.”—Johane 20:17.

      Moya o o boitshepo ga se motho. Bakeresete ba bogologolo ba ne “ba tlala ka moya o o boitshepo,” mme Jehofa o ne a re: “Ke tla tshololela mongwe wa moya wa me mo nameng ya mofuta mongwe le mongwe.” (Ditiro 2:1-4, 17) Moya o o boitshepo ga se karolo ya Tharonngwe. Ke maatla a a dirang a Modimo.

      LEBAKA LA GO BO GO LE BOTLHOKWA

      Bakanoki ba Katoliki e bong Karl Rahner le Herbert Vorgrimler, ba tlhalosa gore Tharonngwe “e ka se tlhaloganngwe fa e sa tlhalosiwe mme le fa e setse e tlhalositswe e ka se ka ya tlhaloganngwa ka botlalo.” A tota o ka rata motho yo o sa kgoneng go mo itse kgotsa go mo tlhaloganya? Ka jalo, thuto ya Tharonngwe e kgoreletsa batho go itse le go rata Modimo.

      Marco, yo o nopotsweng pelenyana mo go nngwe ya motseletsele ono wa ditlhogo o ne a lemoga gore Tharonngwe ke sekgoreletsi. A re: “Ke ne ke akanya gore Modimo ga a batle gore ke mo itse, mme seo se ne sa dira gore a nne kgakala le go feta, a nne masaitseweng e bile e nne motho yo o seng botsalano gotlhelele.” Le fa go ntse jalo, “Modimo ke Modimo, e seng wa tlhakatlhakano.” (1 Bakorintha 14:33) Ga a dira gore se re se ka ra mo itse. O batla gore re mo itse. Jesu o ne a re: “Re obamela se re se itseng.”—Johane 4:22.

      Marco a re: “Fa ke ithuta gore Modimo ga se karolo ya Tharonngwe, kgabagare ke ne ka kgona go nna le kamano le ene.” Fa re leba Jehofa e le wa mmatota go na le gore re akanye gore ke masaitseweng, go motlhofo thata go mo rata. Baebele ya re: “Yo o sa rateng ga a itse Modimo; gonne Modimo o lorato.”—1 Johane 4:8.

  • Maaka a Gore Modimo o Setlhogo
    Tora ya Tebelo—2013 | November 1
    • SETLHOGO SE SE KAFA NTLE | MAAKA A A DIRANG GORE MODIMO A LEBEGE A SA RATEGE

      Maaka a Gore Modimo o Setlhogo

      SE BA LE BANTSI BA SE DUMELANG

      “Ka bonako morago ga loso, meya ya ba ba suleng ka ntlha ya boleo e fologela kwa diheleng, kwa e otlhaiwang mo diheleng, ‘molelo o o sa feleng.’” (Catechism of the Catholic Church) Baeteledipele bangwe ba bodumedi ba bolela gore dihele ke seemo se mo go sone motho a kgaoganeng gotlhelele le Modimo.

      BOAMMAARURI JO BO MO BAEBELENG

      “Moya o o leofang—go tla swa one.” (Esekiele 18:4) Baswi “ga ba itse sepe gotlhelele.” (Moreri 9:5) Fa e le gore moya wa swa mme o sa itse sepe, o tla boga jang mo “molelong o o sa feleng” kgotsa le e leng go utlwa botlhoko jwa go kgaogana le Modimo ka bosakhutleng?

      Mo Baebeleng, lefoko la Sehebera le la Segerika le gantsi le ranolwang e le “dihele” tota le kaya lebitla le le tlwaelegileng. Ka sekai, fa Jobe a ne a tshwerwe ke bolwetse jo bo botlhoko, o ne a rapela jaana: “Ke eletsa e kete o ka mphitlha mo lebitleng la me [“mo diheleng,” Douay-Rheims Version].” (Job 14:13, Holy Bible—Easy-to-Read Version) Jobe o ne a batla go ikhutsa mo lebitleng, e seng mo lefelong la tlhokofatso kgotsa mo a neng a tla kgaogana le Modimo gone.

      LEBAKA LA GO BO GO LE BOTLHOKWA

      Bosetlhogo ga bo dire gore re rate Modimo; bo dira gore re mo katoge. Rocío yo o nnang kwa Mexico a re: “Go tloga fa e sa le ke ne ke le ngwana ke ne ka rutiwa thuto ya molelo wa dihele. Ke ne ke boifa thata jaana mo e leng gore ke ne ke sa kgone go akanya gore Modimo o na le dinonofo dingwe tse dintle. Ke ne ke akanya gore o galefile e bile ga a kgone go re itshokela.”

      Ditlhaloso tsa Baebele tse di utlwalang sentle tse di ka ga dikatlholo tsa Modimo le seemo sa baswi di ile tsa fetola tsela e a lebang Modimo ka yone. A re: “Ke ne ke ikutlwa ke gololesegile—ke imologile thata mo maikutlong. Ke ne ka simolola go dumela gore Modimo o re batlela se se molemo, gore o a re rata e bile nka kgona go mo rata. O ntse jaaka rre yo o tshwarang bana ba gagwe ka seatla mme a batla go ba direla se se molemo.”—Isaia 41:13.

      Ba le bantsi ba lekile go itshwara sentle ka go bo ba boifa molelo wa dihele mme Modimo ga a batle gore o mo direle ka go bo o mmoifa. Go na le moo, Jesu o ne a re: “O rate Jehofa Modimo wa gago.” (Mareko 12:29, 30) Mo godimo ga moo, fa re lemoga gore Modimo ga a dire tshiamololo, re ka kgona go ikanya dikatlholo tsa gagwe tsa isagwe. Jaaka tsala ya ga Jobe e bong Elihu, re ka bua jaana re tlhatswegile pelo: “A go nne kgakala le Modimo wa boammaaruri go dira ka boikepo, le Mothatayotlhe go dira ka tshiamololo.”—Jobe 34:10.

  • Boammaaruri Bo ka Go Golola
    Tora ya Tebelo—2013 | November 1
    • SETLHOGO SE SE KAFA NTLE | MAAKA A A DIRANG GORE MODIMO A LEBEGE A SA RATEGE

      Boammaaruri Bo ka Go Golola

      Ka letsatsi lengwe kwa Jerusalema, Jesu o ne a bua ka Rraagwe, Jehofa e bile a senola baeteledipele ba bodumedi jwa maaka ba motlha wa gagwe. (Johane 8:12-30) Se a se buileng ka nako eo se re ruta kafa re tshwanetseng go sekaseka ka gone ditumelo tse di leng teng gompieno ka Modimo. Jesu o ne a re: “Fa lo nnela ruri mo lefokong la me, ruri lo barutwa ba me, mme lo tla itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tla lo golola.”—Johane 8:31, 32.

      “Nnela ruri mo lefokong la me.” Fano Jesu o ne a re bontsha tsela ya go sekaseka gore a dithuto tsa bodumedi di “boammaaruri.” Fa o utlwa sengwe se se buiwang ka Modimo, ipotse gore, ‘A seno se tsamaisana le mafoko a ga Jesu le Dikwalo tsotlhe tse di Boitshepo?’ Etsa batho ba ba ileng ba utlwa moaposetoloi Paulo a bua mme ba bo ba “tlhatlhoba Dikwalo ka kelotlhoko letsatsi le letsatsi gore a dilo tseno [dilo tse ba neng ba di ithuta] di ne di ntse jalo.”—Ditiro 17:11.

      Batho botlhe ba ba nopotsweng mo setlhogong sa ntlha sa motseletsele ono e bong Marco, Rosa le Raymonde, ba ile ba tlhatlhoba ka kelotlhoko dilo tse ba di dumelang ka go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Ba ile ba ithuta eng?

      Marco: “Motho yo o neng a re ruta Baebele o ne a araba potso nngwe le nngwe e nna le mosadi wa me re neng re e botsa a dirisa Dikwalo. Tsela e re ratang Jehofa ka yone e ne ya simolola go gola mme gape re ne ra simolola go atamalana thata jaaka monna le mosadi!”

      Rosa: “Kwa tshimologong, ke ne ke akanya gore Baebele e ne e le buka ya filosofi fela e e lekang go tlhalosa ka Modimo e dirisa megopolo ya batho. Le fa go ntse jalo, ka bonya ke ne ka bona dikarabo tsa dipotso tse ke neng ke na le tsone go tswa mo Baebeleng. Gone jaanong, Jehofa ke motho wa mmatota mo go nna. Ke Mongwe yo nka mo ikanyang.”

      Raymonde: “Ke ne ka rapela Modimo gore a nthuse gore ke ithute ka ene. Go ise go ye kae morago ga foo, nna le monna wa me re ne ra simolola go ithuta Baebele. Kgabagare, re ne ra ithuta boammaaruri ka Jehofa! Re ne ra itumela thata go ithuta gore ke Modimo yo o ntseng jang.”

      Baebele ga e senole fela maaka a a buiwang ka Modimo; e senola le boammaaruri ka dinonofo tsa gagwe tse dintle. Ke Lefoko la gagwe le le tlhotlheleditsweng mme le re thusa go “itse dilo tse Modimo a di re neileng ka bopelonomi.” (1 Bakorintha 2:12) Ke eng o sa iponele ka bowena kafa Baebele e arabang dipotso tse di tlwaelegileng ka teng mme e le tsa botlhokwa thata tse di kaga Modimo, maikaelelo a gagwe le isagwe ya rona? Bala dingwe tsa dikarabo tsa dipotso tseno kafa tlase ga setlhogo se se reng “Dithuto Tsa Baebele >Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele” mo go www.pr418.com/tn. Gape o ka kopa thuto ya Baebele mo go website eo kgotsa mo go mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Re tlhomamisegile gore fa o ka dira jalo, o ka fitlhela go le motlhofo thata go rata Modimo go na le kafa o neng o akantse ka teng.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela