LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Edene A e Ne e Le Lone Legae la Batho la Kwa Tshimologong?
    Tora ya Tebelo—2011 | January 1
    • Edene A e Ne e Le Lone Legae la Batho la Kwa Tshimologong?

      AKANYA fela o le mo tshimong. Ga go na sepe se se go kgoreletsang, ga o itewe tsebe ke medumo ya botshelo jwa toropo. Tshimo eno e kgolo e bile ga go sepe se se kgoreletsang tshisibalo ya yone. Se se molemo le go feta ke gore ga o tshwenyege ka sepe, ga o na bolwetse bope le fa e le ditlhabi. Ditemosi tsa gago di go thusa go itumelela lefelo le o leng mo go lone.

      Sa ntlha o itumelela go bona malomo a mantle a mebala e e galotseng, molatswana o o elelang le mefuta e mentsintsi ya botala jwa makakaba le bojang tse di mo letsatsing le mo moriting. O tlhabiwa ke pheswana e e monate e bile o hema monko o o monate o o tlang le yone. O utlwa modumo wa makakaba a fokwa ke phefo, metsi a itaagana mo mafikeng, melodi ya dinonyane le medumo ya ditshenekegi. Fa o ntse o bona tiragalo eno ka leitlho la mogopolo, a ga o eletse go nna mo lefelong le le ntseng jalo?

      Batho mo lefatsheng lotlhe ba dumela gore kwa tshimologong batho ba ne ba nna mo lefelong le le ntseng jalo. Maloko a Tumelo ya Sejuda, a madumedi a a ipitsang a Bokeresete le a Iselamo ga a bolo go rutiwa ka tshimo ya Edene, kwa Modimo a neng a baya Adame le Efa teng. Go ya ka Baebele, ba ne ba nna ka kagiso e bile ba itumetse. Ba ne ba dirisana sentle, ba na le kagiso le diphologolo le Modimo, yo ka bopelonomi a neng a ba naya tsholofelo ya go tshela ka bosakhutleng mo tikologong eo e e itumedisang.—Genesise 2:15-24.

      Bahindu le bone ba na le se ba se dumelang ka paradaise ya motlha wa bogologolo. Babuda ba dumela gore baeteledipele ba bone ba bagolo ba bodumedi kgotsa Bobuda, ba tswa mo metlheng e e ntseng jalo ya fa lefatshe le ntse jaaka paradaise. Ditumelo di le dintsi mo Afrika di ruta dipolelo tse di tshwanang thata le ya ga Adame le Efa.

      E bile tota kgang ya paradaise ya bogologolo e ka fitlhelwa mo madumeding a le mantsi le mo dipolelong tsa bogologolo. Mokwadi mongwe o ne a re: “Ditšhaba di le dintsi di ne di dumela mo paradaiseng ya bogologolo e kwa go yone go neng go na le boitekanelo, kgololesego, kagiso, boitumelo mme batho ba sa tlhaele sepe e bile go se na dikgoreletsi, go ngomoga pelo le dikgotlhang. . . . Tumelo eno e ne ya dira gore batho ba eletse paradaise e e sa tlholeng e le gone mme ba leke go e bona gape.”

      A go ka direga gore dilo tseno tsotlhe tse batho ba di dumelang le dipolelo tsa bogologolo kaga paradaise di tswa mo moding o le mongwe? A go ka direga gore batho ba ne ba tlhotlhelediwa ke sengwe se tota se neng sa diragala? A ruri bogologolo go kile ga nna le tshimo ya Edene le Adame le Efa ba mmatota?

      Batho ba ba belaelang ba sotla ka kgang eno. Mo motlheng ono wa saense, batho ba le bantsi ba akanya gore dipego tse di ntseng jalo ke ditlhamane fela le mainane. Se se gakgamatsang ke gore mo bathong ba ba belaelang, ga se botlhe ba ba seng mo bodumeding. Baeteledipele ba bantsi ba madumedi ba rotloetsa batho gore ba se ka ba dumela gore go kile ga nna le tshimo ya Edene. Ba re ga go ise go ko go nne le lefelo le le ntseng jalo. Ba re pego eno ke setshwantsho kgotsa tlhamane fela.

      Gone ke boammaaruri gore Baebele e na le ditshwantsho. Jesu o ne a bua a dirisa ditshwantsho mme di ne tsa itsege thata. Le fa go ntse jalo, Baebele e bua ka pego ya Edene ka tsela e e utlwalang sentle e le tiragalo ya mo nakong e e fetileng e seng e le setshwantsho. Mme fa e le gore ditiragalo tse di tlhalositsweng ga di ise di ko di diragale, jaanong re ka ikanya jang dikarolo tse dingwe tsa Baebele? A re sekaseke gore ke ka ntlha yang fa batho ba bangwe ba belaela gore tshimo ya Edene e ne ya nna teng mme re bone gore a mabaka a bone a a utlwala. Go tswa foo re tla bona gore ke ka ntlha yang fa pego eno e tshwanetse go ama mongwe le mongwe wa rona.

  • A Ruri go Kile Ga Nna Le Tshimo ya Edene?
    Tora ya Tebelo—2011 | January 1
    • A Ruri go Kile Ga Nna Le Tshimo ya Edene?

      A O ITSE kgang ya ga Adame le Efa le tshimo ya Edene? Batho ba le bantsi mo lefatsheng ba a e itse. Tsweetswee e bale. E mo go Genesise 1:26–3:24. Tshobokanyo ya kgang eno ya re:

      Jehofa Modimoa a bopa motho ka lorole, a mmitsa Adame, mme a mmaya mo tshimong e e mo kgaolong e e bidiwang Edene. Modimo ke ene a neng a jadile tshimo eno. E ne e na le metsi a a lekaneng e bile e na le ditlhare tse dintsi tse dintle tsa maungo. Mo gare ga yone go ne go na le “setlhare sa kitso ya molemo le bosula.” Modimo o ne a thibela batho go ja maungo a setlhare seno, a re fa ba sa mo ikobele ba tla swa. Moragonyana Jehofa o ne a bopela Adame molekane—mosadi e bong Efa—a mmopa ka longwe lwa dikgopo tsa ga Adame. Modimo o ne a ba naya tiro ya go tlhokomela tshimo a bo a ba bolelela gore ba ate ba ntsifale ba tlatse lefatshe.

      Fa Efa a ne a le esi, noga e ne ya bua le ene, e mo raela gore a je leungo le ba le ileditsweng, e re Modimo ga a mmolelela boammaaruri e bile o mo tima sengwe se se molemo, sengwe se se neng se tla dira gore a tshwane le Modimo. Efa o ne a ineela mme a ja leungo le ba le ileditsweng. Moragonyana Adame le ene o ne a tlola molao wa Modimo. Jehofa o ne a tsibogela seo ka go atlhola Adame, Efa le noga. Fa batho ba sena go lelekwa mo tshimong ya paradaise, baengele ba ne ba thiba tsela e e tsenang mo tshimong.

      Go kile ga bo go tlwaelegile gore bakanoki, batho ba ba botlhale le baitsehisitori ba supe gore ditiragalo tse di begilweng mo bukeng ya Baebele ya Genesise di boammaaruri e bile di diragetse. Gompieno, go tlwaelegile gore batho ba le bantsi ba belaele kgang eno. Mme lebaka la go bo go belaelwa pego e e mo go Genesise e e buang kaga Adame, Efa le tshimo ya Edene ke lefe? A re sekasekeng dintlha di le nnè tse go sa dumalanweng ka tsone.

      1. A tshimo ya Edene e ne e le lefelo la mmatota?

      Ke ka ntlha yang fa kgang eno e belaelwa? Filosofi e ka tswa e nnile le seabe mo go seno. Baithutabodumedi ba ne ba fopholetsa ka makgolokgolo a dingwaga gore tshimo ya Modimo e ne e sa ntse e le teng golo gongwe. Le fa go ntse jalo, kereke e ne ya tlhotlhelediwa ke bafilosofi ba ba jaaka Plato le Aristotle ba Bagerika, ba ba neng ba re ga go na sepe se se ka itekanelang mo lefatsheng. Ke legodimo fela le le itekanetseng. Ka jalo, baithutabodumedi ba ne ba re Paradaise ya kwa tshimologong e tshwanetse ya bo e ne e le gaufi le legodimo.b Bangwe ba ne ba re tshimo eno e ne e le kwa godimo ga thaba e e tsholetsegileng thata mo e neng e ka se kgotlelwe ke lefatshe leno le le bosula, bangwe ba ne ba re e kwa Mafelong a a tsididitsididi a kwa Bokone kgotsa a kwa Borwa; mme ba bangwe bone ba re e ne e le kwa ngweding kgotsa e le gaufi le ngwedi. Ga go gakgamatse go bo kgang ya Edene e ile ya simolola go utlwala e kete ke tlhamane. Bakanoki bangwe ba gompieno ba ganetsa kgang ya gore tshimo ya Edene e kile ya nna teng.

      Le fa go ntse jalo, Baebele ga e tlhalose tshimo ya Edene ka tsela eo. Genesise 2:8-14 e na le dintlha di le mmalwa tse di tlhomameng malebana le lefelo leno. Le ne le le mo karolong e e kafa botlhaba ya kgaolo e e bidiwang Edene. Le ne le nosediwa ke noka e e neng ya kgaogana go nna dinoka di le nnè. Ditemana tseno di re bolelela maina a dinoka tseno tse nnè di bo di tlhalosa ka bokhutshwane gore di elelela ntlheng efe. Bakanoki ga ba bolo go batla go tlhaloganya tshedimosetso eno, mme bontsi jwa bone ba ile ba sekaseka ditemana tseno tsa Baebele gore di ba thuse go bona gore lefelo leno la bogologolo le kwa kae gompieno. Le fa go ntse jalo, ba ile ba tla ka dikgopolo tse dintsi tse di sa dumalaneng. A mme seno se raya gore tsela e Edene e tlhalosiwang ka yone, tshimo ya teng le dinoka tsa teng ga se boammaaruri kgotsa ke tlhamane?

      Akanya ka seno: Ditiragalo tsa pego ya kwa tshimong ya Edene di ile tsa diragala dingwaga di ka nna 6 000 tse di fetileng. Go bonala sentle gore di kwadilwe ke Moshe, yo o ka tswang a ne a dirisa dipego tse a neng a di utlwa kgotsa gongwe le e leng mekwalo e e neng e ntse e le teng. Le fa go ntse jalo, Moshe o ne a kwala pego eno mo e ka nnang dingwaga di le 2 500 morago ga ditiragalo tse di tlhalositsweng. Kgang ya Edene e ne e setse e le selo sa bogologolo. A jaanong go a kgonega gore dilo tse di jaaka dinoka di fetoge fa go ntse go feta makgolokgolo a dingwaga? Boalo jwa lefatshe bo nna bo fetoga. Kgaolo e Edene e ka tswang e ne e le kwa go yone ke lefelo le le ratwang ke dithoromo tsa lefatshe—le gone jaanong go diregang diperesente di le 17 tsa dithoromo tse dikgolo tsa lefatshe kwa go lone. Mo mafelong a a ntseng jalo go tlwaelegile gore go nne le diphetogo. Mo godimo ga moo, Morwalela wa motlha wa ga Noa o ka tswa o fetotse boalo jwa lefatshe ka tsela e re ka se kang ra e lemoga gompieno.c

      Le fa go ntse jalo, go na le dintlha di le mmalwa tse re di itseng: Pego ya Genesise e tlhalosa tshimo ya Edene e le lefelo la mmatota. Dinoka di le pedi mo go tse nnè tse di umakiwang mo pegong eno—noka ya Euferatese le ya Tigris kgotsa ya Hitekele—di sa ntse di elela le gompieno, mme mengwe ya metswedi ya tsone e bapile thata. Pego eno e umaka le maina a dinaga tse dinoka tseno di neng di feta mo go tsone e bile e umaka dilo tsa tlholego tse di neng di itsege mo mafelong ao. Mo bathong ba kwa Iseraele wa bogologolo, ba e neng e le bone ba ntlha go bala pego eno, dintlha tseno di ne di ba naya tshedimosetso e e tlhomameng.

      A ditlhamane tsone di na le tshedimosetso e e ntseng jalo? Kgotsa gantsi ga di umake dintlha tsotlhe tse di ka tlhomamisiwang kgotsa tsa ganediwa? Gantsi ditlhamane di simolola jaana: “Ga twe bogologolotala go kile ga bo go na le naga nngwe kwa lefelong le le kwa kgakala.” Mme gantsi hisitori e akaretsa tshedimosetso e e maleba, jaaka pego ya Edene e dira.

      2. A ruri go a utlwala go dumela gore Modimo o bopile Adame ka lorole mme Efa ene ka logopo lwa ga Adame?

      Saense ya segompieno e ile ya tlhomamisa gore mmele wa motho o na le dielemente tse di farologaneng—jaaka haeterojene, okosejene le khabone—mme tseno tsotlhe di fitlhelwa mo mmung wa lefatshe. Mme gone, dielemente tseno di ile tsa kopanngwa jang go bopa motho?

      Baitsesaense ba le bantsi ba akanya gore botshelo bo itshimologetse fela, bo simolola ka mefuta ya ditshedi e e sa raraanang e e ileng ya fetoga ka bonya ka bonya go nna ditshedi tse di raraaneng fa go ntse go feta dimilionemilione tsa dingwaga. Le fa go ntse jalo, polelwana e e reng “sa raraanang” e ka latlha motho ka gonne dilo tsotlhe tse di tshelang—tota le ditshedi tse dinnye tse di nang le sele e le nngwe—di raraane tota. Ga go na bosupi jwa gore setshedi sa mofuta ope fela se kile sa itshimologela ka bosone kgotsa gore se tla itshimologela fela. Go na le moo, dilo tsotlhe tse di tshelang di naya bosupi jwa gore di bopilwe ke motlhami yo o botlhale thata go re gaisa.d—Baroma 1:20.

      Akanya fela o reeditse mmino o o monate kgotsa o lebeletse setshwantsho se se takilweng bontle kgotsa o kgatlhiwa ke sengwe se se fitlheletsweng ke ba botegeniki. A o ne o ka tatalalela gore dilo tseno ga di a dirwa ke ope? Le e seng! Mme ditiro tseno tsa botswerere ga se sepe fa di bapisiwa le tsela e e raraaneng, e ntle e mmele wa motho o dirilweng ka botswerere ka yone. Ke eng fa re ka akanya gore mmele wa motho ga o a bopiwa ke Mmopi? Mo godimo ga moo, pego ya Genesise e bontsha gore mo dilong tsotlhe tse di tshelang mo lefatsheng, batho ke bone fela ba ba dirilweng mo setshwanong sa Modimo. (Genesise 1:26) Go a tshwanela go bo e le batho fela ba ba ka nnang le keletso e Modimo a nang le yone ya go bopa, mme ka dinako tse dingwe ba dira ditiro tse di duleng diatla tsa mmino, botaki le botegeniki. A go tshwanetse ga re gakgamatsa go bo Modimo a re gaisa kgakala ka go bopa?

      A go ne go ka nna thata gore mosadi a bopiwe ka logopo lo lo ntshitsweng mo monneng?e Modimo o ne a ka dirisa ditsela tse dingwe, mme tsela e a bopileng mosadi ka yone e na le bokao jo bogolo. O ne a batla gore monna le mosadi ba nyalane mme ba nne le kamano e e gaufi, jaaka e kete ke “nama e le nngwe.” (Genesise 2:24) A lebaka la go bo monna le mosadi ba ka tlatsana, ba na le kamano e e gaufi e bile ba thusana, ga se bosupi jo bo bonalang sentle jwa gore go na le Mmopi yo o botlhale le yo o lorato?

      Mo godimo ga moo, baithutadijini ba gompieno ba ile ba dumela gore batho botlhe ba tshwanetse ba bo ba tswa mo monneng a le mongwe le mo mosading a le mongwe. Ka jalo, a ruri re ka re pego ya Genesise ga e boammaaruri?

      3. Go lebega setlhare sa kitso le setlhare sa botshelo e le tlhamane.

      Tota pego ya Genesise ga e rute gore ditlhare tseno di ne di na le maatla mangwe a a sa tlwaelegang kgotsa a e seng a tlholego. Go na le moo, e ne e le ditlhare tsa mmatota tse Jehofa a neng a dira gore di nne le bokao jwa tshwantshetso.

      A batho le bone ga ba dire jalo ka dinako tse dingwe? Ka sekai, moatlhodi a ka ntsha tlhagiso malebana le tlolomolao ya go nyatsa kgotlatshekelo. Moatlhodi o tla bo a sa sireletse fanitšhara, dilwana kgotsa mabota a kgotlatshekelo ka boyone gore di se ka tsa nyadiwa mme o tla bo a sireletsa molao wa kgotlatshekelo. Dikgosi tse di farologaneng le tsone di dirisa lore lwa segosi le serwalo sa bogosi go tshwantshetsa taolo ya tsone.

      Jaanong ditlhare tse pedi di ne di tshwantshetsa eng? Batho ba ile ba tla ka dikgopolo tse dintsi tse di raraaneng. Mme karabo ya boammaaruri e motlhofo e bile ga e a raraana. Setlhare sa kitso ya molemo le bosula se emela tshiamelo e e leng ya Modimo fela—tshwanelo ya go kaya se se molemo le se se bosula. (Jeremia 10:23) Ke ka lebaka leo e neng e le molato go utswa mo setlhareng seo! Kafa letlhakoreng le lengwe, setlhare sa botshelo, se ne se emela mpho e e ka ntshiwang ke Modimo fela—botshelo jo bo sa khutleng.—Baroma 6:23.

      4. Go lebega e kete kgang ya gore noga e kgona go bua ke tlhamane.

      Gone ke boammaaruri gore kgang eno e go buiwang ka yone mo go Genesise e ka re tlhakanya tlhogo, segolobogolo fa re sa bale dikarolo tse dingwe tsa Baebele. Le fa go ntse jalo, Dikwalo di senola kgang eno e e raraaneng kgato ka kgato.

      Ke mang kgotsa ke eng se se dirileng gore go nne e kete noga e a bua? Batho ba kwa Iseraele wa bogologolo ba ne ba itse dilo tse dingwe tse di neng di naya lesedi ka se noga eo e neng ya se dira. Ka sekai, ba ne ba itse gore le fa diphologolo di sa kgone go bua, motho wa moya a ka dira gore go lebege e kete phologolo e a bua. Moshe o ne a kwala ka pego ya ga Balaame; Modimo o ne a romela moengele gore a dire gore tonki ya ga Balaame e bue jaaka motho.—Dipalo 22:26-31; 2 Petere 2:15, 16.

      A go a kgonega gore meya e mengwe, go akaretsa le e e leng baba ba Modimo, e dire dikgakgamatso? Moshe o ne a bona baperesiti ba kwa Egepeto ba ba dirang maselamose ba etsa dingwe tsa dikgakgamatso tsa Modimo, jaaka go dira gore thobane e fetoge noga. Maatla a go dira dikgakgamatso tse di ntseng jalo a ne a ka tswa fela kwa babeng ba Modimo ba ba mo lefelong la moya.—Ekesodo 7:8-12.

      Go bonala Moshe a ne a tlhotlhelediwa go kwala le buka ya ga Jobe. Buka eo e ruta go le gontsi ka mmaba yo mogolo wa Modimo, Satane, yo o neng a bua maaka a gore batlhanka botlhe ba ga Jehofa ga ba ka ke ba boloka bothokgami jwa bone. (Jobe 1:6-11; 2:4, 5) A Baiseraele ba bogologolo ba ne ba dumela gore Satane o ne a dirisa noga kwa Edene, a dira gore go lebege e kete e a bua a bo a tsietsa Efa gore a se ka a boloka bothokgami jwa gagwe mo Modimong? Go lebega jalo.

      A Satane ke ene a dirileng gore go lebege e kete noga e a bua? Moragonyana Jesu o ne a re Satane “ke moaki, le rra one maaka.” (Johane 8:44; Baebele e e Boitshepo) “Rra one maaka” e ka raya motho yo o buileng maaka a ntlhantlha, a ga go jalo? Maaka a ntlha a fitlhelwa mo mafokong a noga e neng ya a bua le Efa. Noga e ne ya ganetsa tlhagiso ya Modimo ya gore go ja leungo le le neng le ileditswe go ne go tla felela ka loso, fa e ne e re: “Ruri ga lo kitla lo swa.” (Genesise 3:4) Ga go pelaelo gore Jesu o ne a itse gore Satane o ne a dirisitse noga. Tshenolo e Jesu a neng a e naya moaposetoloi Johane e fetsa kgang ka go bitsa Satane e re ke “noga ya kwa tshimologong.”—Tshenolo 1:1; 12:9.

      A ruri go tla bo go sa utlwale go dumela gore motho wa moya a ka dirisa noga, a dira gore go lebege e kete e a bua? Le fa batho ba se na maatla a a lekanang le a meya, ba kgona go dirisa bompopi gore go lebege e kete ke bone ba ba buang le go dira gore ditshwantsho tsa difilimi di lebege e le boammaaruri.

      Bosupi jo bo Tlhatswang Pelo

      A ga o dumalane gore go belaelwa ga pego ya Genesise ga go na mabaka a a utlwalang? Kafa letlhakoreng le lengwe, go na le bosupi jo bo utlwalang sentle jwa gore pego eno ke pego e e boammaaruri ya ditiragalo tse di diragetseng.

      Ka sekai, Jesu Keresete o bidiwa “mosupi yo o ikanyegang le yo o boammaaruri.” (Tshenolo 3:14) E re ka e ne e le monna yo o itekanetseng, ga a ise a ko a bue maaka e bile ga a ise a leke go sokamisa boammaaruri ka tsela epe. Mo godimo ga moo, gape o ne a ruta gore o ne a sa bolo go tshela pele ga e nna motho mo lefatsheng—e bile o ne a tshedile le Rraagwe, Jehofa, “pele lefatshe le nna gone.” (Johane 17:5) Ka jalo, o ne a le gone fa go simolola go nna le ditshedi mo lefatsheng. Mosupi yono yo o ka ikanngwang go ba feta botlhe o re naya bosupi bofe?

      Jesu o ne a bua ka Adame le Efa e le batho ba mmatota. O ne a bua ka lenyalo la bone fa a ne a tlhalosa molaomotheo wa ga Jehofa wa go nyala molekane a le mongwe. (Mathaio 19:3-6) Fa e le gore ga ba ise ba ko ba nne teng mme tshimo e ba neng ba nna mo go yone e ne e le tlhamane fela, go raya gore Jesu o ne a tsieditswe kgotsa e ne e le moaki. Mme seno se ne se ka se nne boammaaruri! Jesu o ne a ntse a le kwa legodimong a lebeletse dilo tse di neng di direga mo tshimong. A go na le bosupi jo bongwe jo bo tlhatswang pelo go feta joo?

      Boammaaruri ke gore fa o sa dumele pego ya Genesise ga o dumele mo go Jesu. Gape go tlhoka tumelo go go ntseng jalo go dira gore re se ka ra tlhaloganya dingwe tsa dikgangkgolo tsa Baebele le ditsholofetso tse di kgothatsang tse di mo go yone. A re bone gore seo se direga jang.

      [Dintlha tse di kwa tlase]

      a Mo Baebeleng, Jehofa ke leina la Modimo.

      b Kgopolo eno ga e dumalane le Dikwalo. Baebele e ruta gore tiro yotlhe ya Modimo e itekanetse; ditiro tse di bosula ga di tswe mo go ene. (Duteronome 32:4, 5) Fa Jehofa a sena go bopa lefatshe, o ne a re dilo tsotlhe tse a di dirileng di “molemo tota.”—Genesise 1:31.

      c Ga go pelaelo gore Morwalela, o o neng wa tlisiwa ke Modimo, o ile wa nyeletsa bosupi jotlhe jwa gore tshimo ya Edene e ne e le fa kae. Esekiele 31:18 e fa kgopolo ya gore mo lekgolong la bosupa la dingwaga B.C.E. “ditlhare tsa Edene” di ne di sa bolo go nyelela. Ka jalo, botlhe ba moragonyana ba neng ba batla tshimo ya Edene e ba neng ba akanya gore e sa ntse e le teng ba ne ba ka se e bone.

      d Bona boroutšhara jwa The Origin of Life—Five Questions Worth Asking, jo bo gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

      e Se se kgatlhang ke gore saense ya gompieno e fitlhetse gore logopo lo na le bokgoni jo bo sa tlwaelegang jwa go intšhafatsa. Ga lo tshwane le marapo a mangwe ka gonne lo kgona go boa lo gola gape fa fela lotha lwa lone lo lo momaganyang lo sa kgaoga.

  • Lebaka La go Bo Kgang ya Edene E go Ama
    Tora ya Tebelo—2011 | January 1
    • Lebaka La go Bo Kgang ya Edene E go Ama

      SENGWE sa dilo tse di gakgamatsang thata tse bakanoki ba ganetsang pego e e kaga Edene ka tsone ke gore dikarolo tse dingwe tsa Baebele ga di e tshegetse. Ka sekai, Porofesa wa Religious Studies e bong Paul Morris o ne a kwala jaana: “Dikarolo tse dingwe tsa Baebele ga di umake sepe ka kgang ya Edene.” Le fa batho ba go tweng ke baitse ba dumalana le ene, se a se buang ga se boammaaruri.

      Tota Baebele e umaka tshimo ya Edene, Adame, Efa le noga ka makgetlo a le mmalwa.a Le fa go ntse jalo, phoso ya bakanoki ba le mmalwa ga se sepe fa e bapisiwa le phoso e nngwe e kgolo le go feta. Ka go nyatsa pego ya Genesise ya tshimo ya Edene, baeteledipele ba bodumedi le batshwayadiphoso ba Baebele tota ba a bo ba nyatsa Baebele. Ba dira seo jang?

      Go tlhaloganya se se diragetseng kwa Edene go ka go thusa gore o tlhaloganye Baebele yotlhe. Ka sekai, Lefoko la Modimo le diretswe go re thusa go bona dikarabo tsa dipotso tsa botlhokwa thata tse batho ba ipotsang tsone. Gangwe le gape, dikarabo tsa Baebele tsa dipotso tseo di tsamaisana le se se neng sa diragala kwa tshimong ya Edene. A re sekaseke dingwe tsa tsone.

      ● Ke ka ntlha yang fa re tsofala re bo re swa? Adame le Efa ba ne ba tla tshelela ruri mo lefatsheng fa ba ne ba ka nna ba ikobela Jehofa. Ba ne ba tla swa fela fa ba ne ba ka tsuologa. Mo letsatsing le ba neng ba tsuologa ka lone, ba ne ba simolola go swa. (Genesise 2:16, 17; 3:19) Ba ne ba sa tlhole ba itekanetse mme se ba neng ba ka se fetisetsa mo baneng ba bone e ne e le boleo le bosaitekanelang fela. Ka jalo, Baebele ya re: “Fela jaaka boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe le loso ka boleo, loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.”—Baroma 5:12.

      ● Ke ka ntlha yang fa Modimo a letleletse boikepo? Kwa tshimong ya Edene, Satane o ne a re Modimo ke moaki yo o timang dibopiwa tsa gagwe sengwe se se molemo. (Genesise 3:3-5) Ka jalo, o ne a dira gore go belaelwe gore a Jehofa o busa ka tsela e e tshwanetseng. Adame le Efa ba ne ba tlhopha go latela Satane; ka jalo, le bone ba ne ba gana bolaodi jwa ga Jehofa, ka go dira jalo ba bontsha gore ba dumela gore motho a ka itirela tshwetso ya se se siameng le se se sa siamang. E re ka Jehofa a na le tshiamiso e bile a le botlhale, o ne a itse gore go na le tsela e le nngwe fela ya go rarabolola bothata jono sentle—go leta nako e feta gore batho ba nne le sebaka sa go ipusa jaaka ba tlhophile. Boikepo jo bo nnileng gone ka ntlha ya seo bo bakilwe gape ke tlhotlheletso ya ga Satane mme bo ne jwa senola ntlha eno ya botlhokwa e e boammaaruri ka iketlo: Motho ga a ka ke a kgona go ipusa ntle le Modimo.—Jeremia 10:23.

      ● Boikaelelo jwa Modimo ke eng ka lefatshe? Jehofa o ne a bontsha ka tshimo ya Edene gore lefatshe le tshwanetse go nna lentle jang. O ne a laela Adame le Efa gore ba tlatse lefatshe ka bana ba bo ba le “fenye,” e le gore ba fetisetse bontle le kutlwano eo mo lefatsheng lotlhe. (Genesise 1:28) Ka jalo, boikaelelo jwa Modimo ke gore lefatshe e nne paradaise e e tla nniwang ke lelapa le le seoposengwe la bana ba ba itekanetseng ba ga Adame le Efa. Ditemana tse dintsi tsa Baebele di bua kafa Modimo a tla diragatsang ka teng boikaelelo joo jwa kwa tshimologong.

      ● Ke ka ntlha yang fa Jesu Keresete a ne a tla mo lefatsheng? Botsuolodi jwa kwa tshimong ya Edene bo ne jwa leretse Adame le Efa le bana ba bone botlhe loso mme Modimo ka lorato o ne a dira gore go nne le tsholofelo. O ne a romela Morwawe mo lefatsheng go tla go ntsha se Baebele e reng ke thekololo. (Mathaio 20:28) Seo se rayang? Jesu e ne e le “Adame wa bofelo”; o ne a atlega mo Adame a neng a reteletswe gone. Jesu o ne a tswelela a tshela e le motho yo o itekanetseng ka go nna a le kutlo mo go Jehofa. Go tswa foo, ka go rata o ne a ntsha botshelo jwa gagwe e le setlhabelo, kgotsa thekololo, a dira gore batho botlhe ba ba ikanyegang ba kgone go itshwarelwa maleo mme kgabagare ba bone botshelo jo Adame le Efa ba neng ba bo tshela kwa Edene pele ga ba leofa. (1 Bakorintha 15:22, 45; Johane 3:16) Ka jalo, Jesu o ne a tlhomamisa gore boikaelelo jwa ga Jehofa jwa go fetola lefatshe leno go nna paradaise e e tshwanang le ya kwa Edene bo tla diragadiwa.b

      Boikaelelo jwa Modimo ga se jo bo sa utlwaleng e bile ga se kgopolo nngwe ya thutabodumedi. Ke sengwe sa mmatota. Fela jaaka tshimo ya Edene e ne e le lefelo la mmatota mo lefatsheng leno, e na le diphologolo tsa mmatota le batho ba mmatota, tsholofetso ya Modimo ka isagwe le yone ke sengwe sa mmatota se se tlileng go diragadiwa mo nakong e e sa fediseng pelo. A o tla nna le isagwe e e ntseng jalo ya mmatota? Go ikaegile ka wena. Modimo o batla gore batho ba le bantsi kafa go ka kgonegang ka teng ba bone isagwe eo, tota le batho ba ba sa tsheleng ka melaometheo ya gagwe.—1 Timotheo 2:3, 4.

      Fa Jesu a swa, o ne a bua le monna yo o neng a sa tshele go ya ka melao ya Modimo. Monna yono e ne e le sekebekwa; o ne a itse gore o tshwanetse go bolawa. Le fa go ntse jalo, o ne a leba kwa go Jesu go bona kgomotso le tsholofelo. Jesu o ne a reng? O ne a re: “O tla nna le nna mo Paradaiseng.” (Luke 23:43) Fa Jesu a batla gore monna yo pele e neng e le sekebekwa a nne gone kwa paradaiseng—a tsositswe e bile a neilwe tshono ya go tshelela ruri mo paradaiseng e e tshwanang le ya kwa Edene—a ga a batle gore le wena o nne teng kwa go yone? Ruri o a batla! Le Rraagwe o a batla! Fa o batla isagwe e e ntseng jalo, dira sotlhe se o ka se kgonang gore o ithute ka Modimo yo o dirileng tshimo ya Edene.

      [Dintlha tse di kwa tlase]

      a Ka sekai, bona Genesise 13:10; Duteronome 32:8; 2 Samuele 7:14; 1 Ditiragalo 1:1; Isaia 51:3; Esekiele 28:13; 31:8, 9; Luke 3:38; Baroma 5:12-14; 1 Bakorintha 15:22, 45; 2 Bakorintha 11:3; 1 Timotheo 2:13, 14; Jude 14 le Tshenolo 12:9.

      b Gore o ithute mo go oketsegileng ka setlhabelo sa ga Keresete sa thekololo, bona kgaolo 5 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

      [Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 10]

      BOPOROFETI JO BO SOBOKANYANG BAEBELE YOTLHE

      “Ke tla tsenya bobaba fa gare ga gago [noga] le mosadi le fa gare ga losika lwa gago le losika lwa gagwe. O tla go gobatsa mo tlhogong mme wena o tla mo gobatsa mo seretheng.”—Genesise 3:15.

      Joo ke boporofeti jwa ntlha jo bo mo Baebeleng, jo bo builweng ke Modimo kwa Edene. Ke bomang ba banè ba go buiwang ka bone: mosadi, bana ba gagwe, noga le bana ba yone? Ba nna le “bobaba” ka tsela efe?

      NOGA

      Satane Diabolo.—Tshenolo 12:9.

      MOSADI

      Phuthego ya ga Jehofa ya dibopiwa tse di kwa legodimong. (Bagalatia 4:26, 27) Isaia o ne a bua ka “mosadi,” a bolelela pele gore o ne a tla belega setšhaba sa moya sa mo isagweng.—Isaia 54:1; 66:8.

      LOSIKA LWA NOGA

      Ba ba tlhophang go dira thato ya ga Satane.—Johane 8:44.

      LOSIKA LWA MOSADI

      Jesu Keresete, yo o tswang mo karolong e e kwa legodimong ya phuthego ya ga Jehofa, ke ene wa ntlha wa losika lono. Ba bangwe ba ba bopang “losika” ke bomonnawe Keresete ba moya, ba ba busang le ene kwa legodimong. Bakeresete bao ba ba tloditsweng ba bopa setšhaba sa moya, “Iseraele wa Modimo.”—Bagalatia 3:16, 29; 6:16; Genesise 22:18.

      GO GOBALA MO SERETHENG

      Go gobadiwa mo go botlhoko ga ga Mesia, mme e se ga leruri. Satane o ne a kgona go dira gore Jesu a bolawe mo lefatsheng. Jesu o ne a tsosiwa.

      GO GOBALA MO TLHOGONG

      Go gobadiwa ga ga Satane mo go felelang ka gore a swe. Jesu o tla fedisetsa Satane ruri. Le e leng pele seo se direga, Jesu o tla dirolola bosula jo Satane a bo simolotseng kwa Edene.—1 Johane 3:8; Tshenolo 20:10.

      Fa o batla go bona tshobokanyo ya setlhogo sa Baebele sa konokono, bona boroutšhara jwa Baebele—E na Le Molaetsa Ofe? jo bo gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

      [Setshwantsho mo go tsebe 11]

      Adame le Efa ba ne ba lebana le ditlamorago tse di botlhoko tsa boleo

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela