-
A go Nna le tsholofelo Tota go ka Ama Botshelo Jwa Gago?Tsogang!—2004 | May 8
-
-
A go Nna le tsholofelo Tota go ka Ama Botshelo Jwa Gago?
DANIEL o ne a na le dingwaga di le lesome fela, mme o ne a feditse ngwaga a lwantsha bolwetse jwa kankere. Dingaka tsa gagwe di ne di feletswe ke tsholofelo, tota le bangwe ba ba neng ba tlwaelane thata le mosimane yono, ba ne ba itlhobogile. Le fa go ntse jalo, Daniel ga a ka a felelwa ke tsholofelo. O ne a dumela gore o tla gola mme a nne mmatlisisi a bo a thusa go batla kalafi ya kankere letsatsi lengwe. Sengwe se se neng sa dira gore a nne le tsholofelo thata ke go itse gore o ne a tlile go etelwa ke ngaka nngwe e e neng e le mankge mo go alafeng mofuta wa kankere e e neng e mo tshwere. Le fa go ntse jalo, fa letsatsi leo le goroga, ngaka eno e ne ya patelesega go ba bolelela gore ga e na go kgona go tla ka ntlha ya maemo a a sa itumediseng a bosa. Daniel o ne a simolola go kgobega marapo. E ne e le la ntlha a ikutlwa a nyemile moko jalo. O ne a swa malatsi a se kae fela morago ga moo.
Kgang eno ya ga Daniel e ne ya anelwa ke modiredi mongwe wa tsa boitekanelo yo o neng a dira dipatlisiso malebana le kafa go nna le tsholofelo le go sa nne le yone go amang botsogo jwa motho ka gone. O ka tswa o ile wa utlwa ka dipego tse di tshwanang le tseno. Ka sekai, motho yo o godileng, o gaufi le go swa mme o tlhoafaletse go bona sengwe se a sa bolong go se letela lobaka—e ka ne e le go etelwa ke mongwe yo a mo ratang kgotsa go keteka letsatsi lengwe la segopotso. Fa letsatsi leo le fitlha le bo le feta, go ise go ye kae o a swa. Ke eng se se dirang gore go nne jalo? A tota tsholofelo e maatla jaaka bangwe ba akanya?
Palo e e ntseng e oketsega ya babatlisisi ba tsa kalafi ba bolela gore go nna le tsholofelo le boikutlo jo bo siameng ka isagwe eleruri go ama botshelo le botsogo jwa motho ka tsela e e molemo tota. Mme go na le bangwe ba ba sa dumalaneng le dikgopolo tse di ntseng jalo. Babatlisisi bangwe ga ba tseye dikgopolo tseo tsia mme ba re ke ditlhamane fela tse di sa tsamaisaneng le saense. Ba akanya gore malwetse a bakwa fela ke dilo tse di ka bonwang.
Gone ke boammaaruri gore batho ga ba simolole gompieno go nna le dipelaelo ka botlhokwa jwa go nna le tsholofelo. Dingwaga di le dikete di le dintsi tse di fetileng, rafilosofi wa Mogerika e bong Aristotle o ne a kopiwa gore a tlhalose se tsholofelo e leng sone, mme o ne a re: “Ke toro ya motho a sa robala.” Mme bosheng jaana, radipolotiki mongwe wa kwa Amerika e bong Benjamin Franklin o ne a bolela jaana a sotla: “Motho yo o tshelang ka tsholofelo o tla bolawa ke tlala.”
Jaanong he, boammaaruri ke bofe ka kgang ya go nna le tsholofelo? A ka metlha ke tsela e batho ba batlang kgomotso ka yone ka go ijesa dijo tsa ditoro fela? Kgotsa a go na le lebaka le le utlwalang la go akanya gore tsholofelo ke sengwe se se fetang seo—sengwe se rotlhe re se tlhokang gore re nne le botsogo jo bo molemo le boitumelo, sengwe se se nang le mabaka a a utlwalang le melemo ya mmatota?
-
-
Ke Eng fa re Tlhoka go Nna le Tsholofelo?Tsogang!—2004 | May 8
-
-
Ke Eng fa re Tlhoka go Nna le Tsholofelo?
GO NE go tla diregang fa Daniel, e bong mosha yo o neng a tshwerwe ke kankere yo o umakilweng mo tshimologong ya setlhogo se se fetileng, a ne a sa felelwa ke tsholofelo? A o ka bo a ile a fenya bolwetse jwa kankere? A o ne a ka bo a tshela gompieno? Tota le batho ba ba buelelang go nna le tsholofelo ba ne ba ka se bue jalo. Mme seno se re bontsha ntlha nngwe ya botlhokwa. Maatla a go nna le tsholofelo ga a tshwanelwa go buelelwa ka tsela e e feteletseng. Go nna le tsholofelo ga se makgonatsotlhe.
Fa Dr. Nathan Cherney a ne a botsolotswa ke CBS News o ne a tlhagisa jaana ka kotsi ya go feteletsa maatla a go nna le tsholofelo fa go dirisanwa le batho ba ba lwalang thata: “Go ile ga nna le maemo a mo go one banna ba neng ba omanya basadi ba bone mme ba bolela gore basadi ba bone ba ne ba sa iphe nako e e lekaneng ya go tlhatlhanya le go akanya ka dilo tse di molemo.” Dr. Cherney o ne a oketsa a re: “Tsela eno yotlhe ya go akanya e ne ya dira gore motho a nne le kakanyo e e phoso ya gore a ka kgona go laola bolwetse jwa kankere, mme fa motho a sa tokafale, go nna jaaka e kete ga a kgona go laola kankere, mme go akanya jalo ga go a siama.”
Boammaaruri ke gore batho ba ba lwantshang bolwetse jo bo masisi ba mo ntweng e e lapisang le e e tlhokang matsapa a magolo. Ga go pelaelo gore baratiwa ba bone ba ne ba se kitla ba batla go oketsa mokgweleo o ba setseng ba na le one ka go dira gore ba ikutlwe ba le molato. Ka jalo, a re tshwanetse go swetsa ka gore go nna le tsholofelo ga go thuse ka sepe?
Nnyaa le e seng. Ka sekai, yone ngaka e go builweng ka yone kwa godimo e dirisa kalafi ya go okobatsa ditlhabi le matshwao a bolwetse—ke gore, kalafi e e sa itebaganyang thata le go lwantsha bolwetse ka tlhamalalo kgotsa gone go lelefatsa botshelo jwa motho, mme e itebagantse le gore molwetse a tshele botshelo jo bo botokanyana le jo bo itumedisang fa a sa ntse a tshela. Dingaka tse di ntseng jalo di dumela thata gore mefuta ya kalafi e e dirang gore tota le batho ba ba lwalang thata ba itumele, e botlhokwa. Go na le bosupi jo bontsi jo bo bontshang gore go nna le tsholofelo go ka thusa motho gore a itumele—e bile go ka dira gore a solegelwe molemo le ka ditsela tse dingwe tse dintsi.
Botlhokwa Jwa go Nna le Tsholofelo
Mokwadi wa dikgang tsa kalafi e bong Dr. W. Gifford-Jones a re: “Tsholofelo ke kalafi e e maatla.” O ne a sekaseka bosha dipatlisiso tse di farologaneng tse di neng di dirilwe go bona mosola wa go kgothatsa batho ba ba nang le malwetse a a masisi ka go ba tshegetsa mo maikutlong. Go bolelwa gore go naya batho tshegetso e e ntseng jalo go ba thusa gore ba nne le tsholofelo le boikutlo jo bo siameng. Patlisiso nngwe e e dirilweng ka 1989 e ne ya bontsha gore balwetse ba ba neng ba tshegediwa ka tsela e e ntseng jalo ba ne ba tshela lobakanyana, le fa gone patlisiso ya bosheng e sa senole seo ka botlalo. Mme gone, dipatlisiso di bontshitse gore balwetse ba ba tshegediwang mo maikutlong ga ba tshwenyege thata mo maikutlong kgotsa go utlwa botlhoko thata jaaka ba ba sa tshegediweng mo maikutlong.
Akanya ka patlisiso e nngwe e e neng e bontsha kafa go nna le tsholofelo le go sa nne le yone go amang batho ba ba nang le coronary heart disease (CHD [bolwetse jwa ditshika tse dikgolo tsa pelo]) ka gone. Setlhopha sa banna ba feta 1 300 se ne sa tlhatlhobiwa ka kelotlhoko go bona gore a ba na le tsholofelo ka botshelo kgotsa ga ba na yone. Patlisiso e e neng ya dirwa dingwaga di le lesome morago ga moo e ne ya bontsha gore diperesente di feta 12 tsa banna bao ba ne ba tshwarwa ke mofuta mongwe wa bolwetse jwa CHD. Mo banneng bao, ba ba neng ba na le tsholofelo ba ne ba feta ba ba se nang yone. Laura Kubzansky, yo e leng mothusi wa porofesa ya tsa boitekanelo le mekgwa ya batho kwa Harvard School of Public Health a re: “Bosupi jo bontsi jwa kgopolo ya gore ‘go akanya ka tsela e e siameng’ go ka thusa motho go nna le botsogo jo bo molemo ga bo a thewa mo dipatlisisong tsa saense—patlisiso eno e naya bongwe jwa bosupi jwa boammaaruri jwa tsa kalafi jwa kgopolo ya gore go akanya ka tsela e e siameng go molemo mo botsogong jwa batho ba ba tshwerweng ke bolwetse jwa pelo.”
Dipatlisiso dingwe di bontsha gore fa batho ba ba tsayang botsogo jwa bone bo le bokoa ba sena go ariwa ba fola ka bonya go feta ba ba tsayang botsogo jwa bone bo le molemo thata. Tota e bile go lemogilwe gore go tshela lobaka lo loleele go amana le go nna le maikutlo a a siameng. Patlisiso nngwe e ne ya tlhatlhoba kafa go nna le maikutlo a a siameng ka botsofe le go sa nne le one go amang batho ba ba godileng ka teng. Fa batho ba ba godileng ba sena go bontshiwa melaetsa e e fetang ka bonako mo khomputareng e e bontshang gore botsofe bo tla le botlhale le maitemogelo, ba ne ba simolola go tsamaya ka matlhagatlhaga. Tota e bile, tsela e ba neng ba nna botoka ka yone e ne e tshwana le fa ba ka bo ba ne ba ikatisa mmele ka dibeke di le 12!
Ke eng fa go nna le tsholofelo le maikutlo a a siameng ka isagwe go lebega go thusa batho go nna le botsogo jo bo botoka? Gongwe baitsesaense le dingaka ga ba ise ba tlhaloganye tlhaloganyo le mmele wa motho sentle mo ba ka nayang dikarabo tse di tlhomameng. Le fa go ntse jalo, baitseanape ba ba dirang dipatlisiso ka kgang eno ba ka kgona go fopholetsa ba dirisa kitso e ba setseng ba na le yone. Ka sekai, porofesa mongwe wa thuto ya boboko o akantsha jaana: “Go monate go itumela le go nna le tsholofelo. Ke boemo jo bo itumedisang jo bo sa ngomoleng pelo mme mmele o tshela sentle mo maemong ao. Ke sengwe sa dilo tse batho ba ka di dirang gore ba nne ba itekanetse.”
Dingaka, baithutatlhaloganyo le baitsesaense bangwe ba ka nna ba akanya gore kgopolo eno e ntšha, mme ga go a nna jalo ka baithuti ba Baebele. Mo e ka nnang dingwaga di le 3 000 tse di fetileng, Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a tlhotlhelediwa go kwala kgopolo eno jaana: “Pelo e e ipelang e dira sentle jaaka kalafi, mme moya o o hutsafetseng o omisa marapo.” (Diane 17:22) Lemoga gore go na le tekatekano fano. Temana eno ga e re pelo e e ipelang e tla alafa bolwetse bope, mme ya re fela e “dira sentle jaaka kalafi.”
Tota e bile, go a utlwala go botsa gore, Fa e le gore tsholofelo e ne e le molemo mongwe o o alafang, ke ngaka efe e e neng e ka se ka ya o naya balwetse? Mo godimo ga moo, go nna le tsholofelo go na le melemo e e fetang go nna le botsogo jo bo molemo fela.
Kafa go Nna le Tsholofelo Le go Sa Nne le Yone go Amang Botshelo Jwa Gago ka Teng
Babatlisisi ba lemogile gore batho ba ba nang le tsholofelo ba solegelwa molemo ka ditsela di le dintsi ke go nna le boikutlo jo bo siameng ka isagwe. Gantsi ba dira sentle kwa sekolong, kwa tirong le e leng mo metshamekong ya diatleletiki. Ka sekai, go ne ga dirwa patlisiso nngwe mo setlhopheng sengwe sa basadi ba ba thubang lobelo. Bakatisi ba bone ba ne ba tlhalosa se ba neng ba se lemoga fa ba dira ditlhatlhobo tse di tseneletseng malebana le bokgoni jwa basadi bano mo diatleletiking. Gape go ne ga dirwa patlisiso e nngwe mo go bone basadi bano, mme ga sekasekiwa ka kelotlhoko selekanyo se ba nang le tsholofelo ka sone. Dipatlisiso tseno di ne tsa bontsha gore selekanyo se basadi bano ba nang le tsholofelo ka sone ke sone se se neng se bontsha sentle gore ba ne ba tla dira jang mo motshamekong wa bone go feta dilo tsotlhe tse bakatisi ba bone ba di lemogileng fa ba sekaseka bokgoni jwa bone. Ke eng se se dirang gore tsholofelo e nne maatla jalo?
Go lemogilwe dilo di le dintsi ka go tlhatlhoba boikutlo jwa go sa nne le tsholofelo. Mo dingwageng tsa bo1960, go ne ga lemogiwa sengwe se se neng se sa lebelelwa fa go dirwa diteko malebana le se diphologolo di se dirang, mme seno se ne sa dira gore babatlisisi ba tlhame polelwana e e reng “go ithuta go itlhoboga.” Ba lemogile gore batho le bone ba ka amiwa ke mofuta ono wa bolwetse. Ka sekai, batho ba ba neng ba dirisiwa fa go dirwa dipatlisiso, ba ne ba direlwa modumo o o serang o ba neng ba bolelelwa gore ba ka ithuta go o kgaotsa ka go tobetsa dikonopo dingwe. Ba ne ba kgona go kgaotsa modumo oo.
Setlhopha sa bobedi le sone se ne sa bolelelwa gore se dire jalo—mme le fa ba ne ba tobetsa dikonopo modumo o ne o sa kgaotse. Jaaka o ka lemoga, ba le bantsi mo setlhopheng sa bobedi ba ile ba itlhoboga. Fa go dirwa diteko tse dingwe, ba ne ba kgobegile marapo mo ba neng ba se ka ba dira sepe gotlhelele. Ba ne ba tlhomamisegile gore ga go na sepe se ba neng ba ka se dira se se neng se ka fetola seemo. Le fa go ntse jalo, ba ba neng ba na le tsholofelo mo setlhopheng seno sa bobedi ba ne ba kgaratlha ka natla gore ba se ka ba nna le maikutlo a a ntseng jalo a go itlhoboga.
Dr. Martin Seligman, yo o neng a thusa go rulaganya dingwe tsa diteko tseo tsa ntlha, o ne a tlhotlheletsega gore a dire dipatlisiso ka ga go nna le tsholofelo le go sa nne le yone. O ne a tlhatlhoba ka kelotlhoko tsela e batho ba ba ratang go itlhoboga ba akanyang ka yone. O ne a bolela gore tsela e e ntseng jalo ya go akanya e kgoreletsa batho go dira dilo di le dintsi mo botshelong kgotsa e dira gore ba se ka ba dira sepe gotlhelele. Seligman o sobokanya jaana tsela e batho ba ba se nang tsholofelo ba akanyang ka yone le diphelelo tsa gone: “Dipatlisiso tse ke di dirileng ka dingwaga tse 25, di ntlhatswitse pelo gore fa re nna re dumela jaaka motho yo o se nang tsholofelo gore fa re welwa ke bomadimabe e a bo e le phoso ya rona le gore bo tla nna bo le teng e bile bo tla dira gore sengwe le sengwe se se ka sa nna mosola, re tla welwa ke bomadimabe jo bontsi go na le fa re ka bo re sa dumele jalo.”
Jaaka go umakilwe fa godimo, gompieno bangwe ba ka tsaya dikgopolo tseno di le disha, mme gone batho ba ba ithutang Baebele ba tlwaelane le tsone. Ela tlhoko seane seno: “A o itshupile o kgobegile marapo mo letsatsing la matshwenyego? Maatla a gago a tla tlhaela.” (Diane 24:10) Ee, Baebele e tlhalosa sentle gore go kgobega marapo, mo go dirang gore motho a nne le dikakanyo tse di sa siamang, go tla dira gore o se ka wa nna le maatla a go dira sepe fela. Le fa go ntse jalo, o ka dirang go lwantsha boikutlo jwa go sa nne le tsholofelo mme o dire gore o nne le yone?
[Setshwantsho mo go tsebe 12, 13]
Go nna le tsholofelo go ka solegela motho molemo thata
-
-
O ka Kgona go Lwantsha Boikutlo Jwa go sa Nne le TsholofeloTsogang!—2004 | May 8
-
-
O ka Kgona go Lwantsha Boikutlo Jwa go sa Nne le Tsholofelo
O IKUTLWA jang fa dilo di sa go tsamaele sentle? Gone jaanong baitse ba le bantsi ba dumela gore karabo ya potso eo e supa gore a motho o na le tsholofelo kgotsa ga a na yone. Rotlhe re lebana le mathata a a farologaneng mo botshelong, mme a ba bangwe a magolo go feta a ba bangwe. Le fa go ntse jalo, ke eng fa go lebega batho bangwe ba kgona go nonofa morago ga go lebana le mathata ba bo ba leka gape, fa go lebega ba bangwe bone ba kgobiwa marapo ke mathata a e seng a sepe?
Ka sekai, a re re gongwe o batla tiro. O ya kwa lefelong le o batlang tiro kwa go lone, o bo o fitlha o botsolodiwa dilo dingwe, mme o bo o sa hiriwe. O ikutlwa jang fa o sena go diragalelwa ke seno? O ka nna wa tsaya gore ga ba batle go hira wena, o bo o akanya gore ke bothata jo bo ka se kang jwa fela, mme o bo o re, ‘Ga go na motho ope yo o ka hirang motho yo o tshwanang le nna. Nka se tsoge ke bone tiro.’ Kgotsa, sengwe se se maswe le go feta ke gore o ka nna wa letla gore seno se sokamise tsela e o lebang botshelo jwa gago jotlhe ka yone, o bo o akanya gore, ‘Ke paletswe gotlhelele. Ga ke na mosola wa sepe.’ Gantsi go akanya ka tsela e e ntseng jalo go bontsha gore motho ga a na tsholofelo.
Go Lwantsha Boikutlo Jwa go sa Nne le Tsholofelo
O ka lwantsha jang boikutlo jwa go sa nne le tsholofelo? Selo sa ntlha sa botlhokwa ke go ithuta go lemoga dikakanyo tse di ntseng jalo tse di sa siamang. Go tswa foo o tshwanetse go di lwantsha. Leka go batla mabaka a mangwe a a utlwalang a go bo o diragaletswe ke sengwe. Ka sekai, a tota ke boammaaruri gore ga o a bona tiro ka go bo go ne go se na ope yo o neng a batla go hira wena? Kgotsa e ka tswa e le gore mohiri o ne a batla fela motho yo o nang le ditshwanelego tse dingwe?
Fa o akanya thata ka mabaka a mangwe, seno se ka go thusa go lemoga gore dikakanyo tsele tse di sa siamang di bakilwe ke go tseega maikutlo fela. Fa dilo di sa go tsamaela sentle gangwe fela, a tota seno se raya gore o paletswe gotlhelele, kgotsa a o ka akanya ka dikarolo tse dingwe mo botshelong jwa gago tse o kgonneng go atlega ka selekanyo se se rileng mo go tsone—jaaka ditiro tsa gago tsa semoya, kamano e o nang le yone le ba lelapa kgotsa ditsala? Ithute go kgaphela maikutlo a a sa siamang kwa thoko, o itse gore ke go ikakanyetsa bosula fela. Tota e bile, a ruri o ka kgona go itse gore o ka se tsoge o bone tiro? Go na le dilo di le dintsi tse o ka di dirang gore o kgaphele dikakanyo tse di sa siamang kwa thoko.
Go Akanya ka Tsela e e Siameng o Ipeetse Mekgele
Mo dingwageng tsa bosheng, babatlisisi ba tlhamile tsela e e kgatlhang ya go tlhalosa tsholofelo le fa e sa akaretse go le gontsi. Ba bolela gore go nna le tsholofelo go akaretsa go dumela gore o tla kgona go fitlhelela mekgele ya gago. Jaaka setlhogo se se latelang se tla bontsha, go nna le tsholofelo go akaretsa se se fetang go fitlhelela mekgele ya gago fela, mme gone go bonala tlhaloso eno e thusa ka ditsela di le dintsinyana. Go lebisa mogopolo mo tseleng eno e tsholofelo e tlhalosiwang ka yone go ka re thusa gore re akanye ka tsela e e siameng, re ipeetse mekgele.
Fa re batla go dumela gore re ka kgona go fitlhelela mekgele e re ipeetseng yone, re tshwanetse go nna le rekoto e e supang gore re kgona go ipeela mekgele le go e fitlhelela. Fa o akanya gore ga o na rekoto e e ntseng jalo, go ka nna molemo gore o akanye ka kelotlhoko ka mekgele e o ipeetseng yone. Mme gone, a go na le mekgele e o ipeetseng yone? Go motlhofo tota gore re iphitlhele re tshwaregile thata ka dilo tse dingwe, mme re sa iphe nako ya go akanya ka se tota re se batlang mo botshelong, ke gore dilo tse di leng botlhokwa thata mo go rona. Malebana le molaomotheo ono wa botlhokwa wa go itse gore ke eng se se tshwanetseng go tla pele mo botshelong jwa rona, re fitlhela gape gore Baebele e ile ya o tlhalosa sentle bogologolo fa e re: “Lo tlhomamise dilo tse di botlhokwa thata.”—Bafilipi 1:10.
Fa re lemoga gore ke eng se se tshwanetseng go tla pele mo botshelong jwa rona, go ka nna motlhofo gore re ipeele mekgele ya botlhokwa mo dikarolong tse di farologaneng tsa botshelo, jaaka mo dilong tsa semoya, mo lelapeng, le mo dilong tse dingwe fela. Le fa go ntse jalo, go botlhokwa gore re se ka ra ipeela mekgele e mentsi kwa tshimologong le gore re ipeele mekgele e re itseng gore re tla kgona go e fitlhelela motlhofo. Fa re ipeetse mokgele o go leng thata go o fitlhelela, seno se ka re kgoba marapo, mme go ka direga gore re itlhoboge. Ka jalo, gantsi go molemo go fetola mekgele e megolo, ya lobaka lo loleele, mme o e dire mekgele e mennye, ya lobaka lo lo khutshwane.
“Fa motho a ikemiseditse go dira sengwe, a ka bona tsela ya go se dira.” Seane sengwe sa bogologolo sa rialo, mme go lebega se le boammaaruri go ya bokgakaleng jo bo rileng. Fa re setse re ipeetse mekgele mengwe ya botlhokwa, re tshwanetse go ikemisetsa—go eletsa le go iketleetsa—go e fitlhelela. Re ka nonotsha boikemisetso joo ka go akanya ka botlhokwa jwa mekgele ya rona le melemo e re tla nnang le yone fa re e fitlhelela. Mme gone, dikgoreletsi di tla nna teng mme re tshwanetse go di leba e le dikgwetlho, e seng mathata a a ka se kang a rarabololwa.
Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go akanya le ka ditsela tse di siameng tsa go fitlhelela mekgele ya rona. Mokwadi C. R. Snyder yo o dirileng patlisiso nngwe e e tseneletseng ka ga botlhokwa jwa go nna le tsholofelo, o akantsha gore motho o tshwanetse go akanya ka ditsela di le dintsinyana tsa go fitlhelela mokgele ope fela o a ipeetseng one. Ka jalo, fa re lemoga gore fa re dira dilo ka tsela e e rileng ga re kgone go fitlhelela mekgele ya rona, re ka leka ditsela tse dingwe.
Gape Snyder o kgothaletsa gore motho a lemoge gore ke leng mo a tshwanetseng go tlogela mokgele o mongwe mme a latele o mongwe. Go tshwenyega thata ka mokgele o re sa kgoneng go o fitlhelela go tla re kgoba marapo eleruri. Ka fa letlhakoreng le lengwe, re tla nna le sengwe gape se re ka se solofelang fa re ka ipeela mokgele o mongwe o re ka kgonang go o fitlhelela ka tsela e e motlhofonyana.
Baebele e na le sekao se se thusang thata mo ntlheng eno. Kgosi Dafide o ne a ipeetse mokgele wa go agela Jehofa, Modimo wa gagwe tempele. Mme Modimo o ne a bolelela Dafide gore Solomone morwawe ke ene yo o neng a tla newa tshiamelo eo mo boemong jwa gagwe. Go na le gore Dafide a ngale kgotsa a leke go ngakalala fa a lebane le seemo seno se se swabisang, o ne a fetola mekgele ya gagwe. O ne a dirisa maatla a gagwe go kokoanya madi le dilo tsa go aga tse morwawe a neng a tlile go di tlhoka go wetsa tiro ya go aga.—1 Dikgosi 8:17-19; 1 Ditiragalo 29:3-7.
Le fa re ka kgona go oketsa selekanyo se re nang le tsholofelo ka sone ka go lwantsha maikutlo a go sa nne le tsholofelo, le ka go dira ka natla gore re akanye ka tsela e e siameng re ipeetse mekgele, re sa ntse re ka iphitlhela re tlhaela tsholofelo thata. Jang? Lebaka ke gore bontsi jwa dilo tse di dirang gore re felelwe ke tsholofelo mo lefatsheng leno di bakwa ke dilo tse re ka se kang ra kgona go di laola le e seng. Fa re akanya ka mathata a a boitshegang a a aparetseng batho—khumanego, dintwa, tshiamololo, matshosetsi a a nnang a le teng a bolwetse le loso—ke eng se se ka re thusang go tswelela re na le tsholofelo?
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Fa o sa bona tiro e o neng o e batla, a o tsaya gore o ka se tsoge o bone tiro?
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Kgosi Dafide o ne a fetofetoga le maemo mo kgannyeng ya go ipeela mekgele
-
-
O ka Bona Kae Tsholofelo ya Mmatota?Tsogang!—2004 | May 8
-
-
O ka Bona Kae Tsholofelo ya Mmatota?
SESUPANAKO sa gago se eme, mme se lebega se senyegile. Go na le mafelo a le mantsi a o ka tlhophang go ya go se baakanya kwa go one. Go tletse dipapatso tsa batho ba ba baakanyang disupanako, botlhe ba iphaka gore ba ka kgona go di baakanya mme mangwe a maiphako a bone a a ikganetsa. Mme go tweng fa o utlwa gore moagelani wa gago ke ene ramatlhale yo o dirileng sesupanako sa gago dingwaga di le dintsi tse di fetileng? Mo godimo ga moo, o utlwa gore o iketleeleditse go go thusa mahala. Ga go pelaelo gore o ne o tla tlhopha go ya kae, ga ke re?
Jaanong bapisa sesupanako seo le selekanyo se o nang le tsholofelo ka sone. Fa o lemoga gore o felelwa ke tsholofelo—fela jaaka go ntse ka batho ba le bantsi mo metlheng eno ya mathata—o tla ya go batla thuso kae? Batho ba le bantsi ba iphaka gore ba ka kgona go rarabolola mathata, mme maiphako a le mantsi a bone a ka go tlhakanya tlhogo e bile a a ikganetsa. Ka jalo ke eng fa o sa botse Ene yo o dirileng batho ba na le bokgoni jwa go nna le tsholofelo? Baebele ya re ‘ga a kgakala le mongwe le mongwe wa rona’ e bile o batla go re thusa.—Ditiro 17:27; 1 Petere 5:7.
Tlhaloso e e Akaretsang go le Gontsi ya Tsholofelo
Tsela e Baebele e tlhalosang tsholofelo ka yone e akaretsa dilo di le dintsi e bile e theilwe mo mabakeng a a utlwalang sentle go feta tsela e e tlwaelegileng e dingaka, baitsesaense le baithutatlhaloganyo ba gompieno ba e tlhalosang ka yone. Mafoko a puo ya ntlhantlha a a dirisitsweng mo Baebeleng a a ranotsweng e le “tsholofelo” a kaya go leta ka tlhoafalo le go lebelela sengwe se se molemo. Totatota, tsholofelo e akaretsa dilo tse pedi. E akaretsa go eletsa sengwe se se molemo le go nna le mabaka a go dumela gore se tla direga. Tsholofelo e go buiwang ka yone mo Baebeleng ga se go ijesa dijo tsa ditoro fela. E theilwe mo mabakeng le mo bosuping jo bo utlwalang.
Mo kgannyeng eno, tsholofelo e tshwana le tumelo e e tshwanetseng ya thewa mo go sengwe se se nang le bosupi—e seng go nna madumelagotlhe. (Bahebera 11:1) Le fa go ntse jalo, Baebele e farologanya tumelo le tsholofelo.—1 Bakorintha 13:13.
Ka sekai: Fa o kopa motho mongwe yo o mo ikanyang yo e leng tsala ya gago gore a go direle sengwe, o ka nna wa solofela gore o tla go thusa. Tsholofelo ya gago e theilwe mo mabakeng a a utlwalang ka gonne o ikanya tsala ya gago—o mo itse sentle, mme o kile wa mmona a dira ka bopelonomi le ka bopelotshweu mo nakong e e fetileng. Ka tsela e e tshwanang tumelo e bontsha go ikanya Modimo ka botlalo. Ka jalo, tumelo e o nang le yone e amana thata le tsholofelo ya gago, e bile di a tsamaisana, mme gone ke dilo tse pedi tse di sa tshwaneng. O ka nna le tsholofelo e e ntseng jalo jang mo Modimong?
Mabaka a go Nna le Tsholofelo
Modimo ke motswedi wa tsholofelo ya mmatota. Mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele Jehofa o ne a bidiwa “tsholofelo ya Iseraele.” (Jeremia 14:8) Tsholofelo epe fela ya mmatota e batho ba gagwe ba neng ba na le yone e ne e tswa kwa go ene; ka jalo Jehofa e ne e le tsholofelo ya bone. Ba ne ba sa ijese dijo tsa ditoro ka go nna le tsholofelo e e ntseng jalo. Modimo o ne a ba file mabaka a a utlwalang a go nna le tsholofelo. Fa a ne a dirisana le bone mo makgolong a le mantsi a dingwaga, o ne a dira ditsholofetso a bo a di diragatsa. Moeteledipele wa bone Joshua o ne a raya Baiseraele a re: “Lo itse sentle . . . gore ga go na lefoko le le lengwe le le sa diragadiwang mo mafokong otlhe a a molemo a Jehofa Modimo wa lona a a buileng le lona.”—Joshua 23:14.
Dingwaga di le diketekete morago ga moo, Modimo o sa ntse a diragatsa ditsholofetso tsa gagwe. Baebele e tletse ka ditsholofetso tse di kgatlhang tsa Modimo le pego e e tlhomameng ya hisitori ya go diragadiwa ga tsone. Ditsholofetso tsa gagwe tsa boporofeti di ikanyega tota mo e leng gore ka dinako tse dingwe di kwalwa jaaka e kete di ne di setse di diragaditswe ka nako e di neng di kwalwa ka yone.
Ke gone ka moo re ka reng Baebele ke buka e e nayang tsholofelo. Fa o ntse o bala ka tsela e Modimo a dirisanang le batho ka yone, mabaka a gago a go bo o solofela mo go ene a tla nonofa. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Dilo tsotlhe tse di neng tsa kwalwa go sa le pele di ne tsa kwalelwa go re laya, gore ka boitshoko jwa rona le ka kgomotso ya Dikwalo re nne le tsholofelo.”—Baroma 15:4.
Modimo o re Naya Tsholofelo Efe?
Ke leng re ikutlwang re tlhoka tsholofelo thata? A ga se ka nako ya fa re lebane le loso? Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba tsaya tsholofelo e le sengwe se go leng thata go nna le sone ka dinako tse di ntseng jalo—ka sekai, fa mongwe yo re mo ratang a swa. Tota e bile, ke eng gape se se ka dirang gore batho ba felelwe ke tsholofelo go feta jaaka loso lo dira? Loso ga lo utlwele ope botlhoko, lo ka tlhasela mongwe le mongwe wa rona. Re ka lo tila ka lobaka lo lo rileng, mme ga re na maatla a go lo dirolola. Go a tshwanela go bo Baebele e bitsa loso “mmaba wa bofelo.”—1 Bakorintha 15:26.
Ka jalo, re ka nna le tsholofelo jang fa re lebane le loso? Temana yone ele ya Baebele e e bitsang loso mmaba wa bofelo gape ya re mmaba yono o tla “nyelediwa.” Jehofa Modimo o na le maatla a a fetang a loso. O bontshitse seno ka makgetlho a le mantsi. Jang? Ka go tsosa baswi. Baebele e bua ka makgetlho a a farologaneng a le robongwe a mo go one Modimo a neng a dirisa maatla a gagwe go tsosa baswi.
Mo lekgetlhong lengwe le le tlhomologileng, Jehofa o ne a naya Morwawe e bong Jesu maatla gore a tsose tsala ya gagwe e e rategang thata e bong Lasaro, yo go neng go fetile malatsi a le manè a sule. Jesu ga a ka a mo tsosa mo sephiring, go na le moo o ne a mo tsosa phatlalatsa mo pele ga boidiidi jwa batho ba ba neng ba bogetse.—Johane 11:38-48, 53; 12:9, 10.
O ka tswa o ipotsa gore, ‘Ke eng fa batho bano ba ile ba tsosiwa? A mme ga ba a ka ba feleletsa ba tsofetse le go swa gape?’ Ee, ba ne ba tsofala mme ba swa gape. Le fa go ntse jalo, dipego tse di tshwanang le tseno tse di ikanyegang tsa go tsosiwa ga baswi ga di dire gore re nne le keletso fela ya gore baratiwa ba rona ba ba suleng ba tla boa ba tshela gape; mme gape di re naya lebaka la go dumela gore seo se tla direga. Ka mafoko a mangwe, re na le tsholofelo ya mmatota.
Jesu o ne a re: “Ke nna tsogo le botshelo.” (Johane 11:25) Ke Ene yo Jehofa a tla mo nayang maatla a go tsosa batho mo lefatsheng lotlhe. Jesu o ne a re: “Nako e etla e mo go yone botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwang lentswe la [ga Keresete] ka yone mme ba tla tswa.” (Johane 5:28, 29) Ee, botlhe ba ba robetseng mo mabitleng ba na le tsholofelo ya gore ba tla tsosiwa mme ba tshele mo lefatsheng la paradaise.
Moporofeti Isaia o ne a tlhalosa tsogo ka tsela eno e e amang maikutlo: “Baswi ba gago ba tla tshela. Ditopo tsa rona—di tla tsoga. Tsogang lo goe ka boipelo, lona banni ba ba mo loroleng! Gonne monyo wa lona o tshwana le monyo wa morogo, mme lefatshe le tla letla le ba ba se nang maatla mo losong gore ba tsholwe.”—Isaia 26:19.
A tsholofetso eno ga e go kgothatse? Baswi ba mo seemong se se sireletsegileng go feta jaaka re akanya, ba tshwana le lesea le le sireletsegileng mo popelong ya mmaalone. Ee ruri, batho ba ba robetseng mo mabitleng ba bolokilwe sentle mo mogopolong o o sa lebaleng wa Modimo Mothatayotlhe. (Luke 20:37, 38) Mme go ise go ye kae, ba tla tsosiwa mme ba tsene mo lefatsheng le le itumedisang, le le tletseng kagiso fela jaaka ngwana yo o sa tswang go belegwa a amogelwa ke lelapa le le lorato, le le sa bolong go mo leta! Ka jalo, re ka nna le tsholofelo le fa re lebane le loso.
Mosola wa go Nna le Tsholofelo
Paulo o re ruta mo gontsi ka botlhokwa jwa go nna le tsholofelo. O ne a bua ka tsholofelo e le karolo nngwe ya botlhokwa ya seaparo sa semoya sa tlhabano—tlhoro ya phemelo. (1 Bathesalonika 5:8) O ne a kaya eng? Mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele, lesole le ne le rwala tlhoro ya phemelo e e dirilweng ka tshipi fa le ya ntweng, gantsi le e rwala mo godimo ga mmese o o dirilweng ka boboa kgotsa ka letlalo. Tlhoro eno ya phemelo e ne e dira gore fa lesole le itewa mo tlhogong, marumo a iteye fela kwa ntle go na le gore a mmolaye. Ke eng se Paulo a re rutang sone? Fela jaaka tlhoro ya phemelo e sireletsa tlhogo, go nna le tsholofelo le gone go sireletsa mogopolo, ke gore maatla a motho a go akanya. Fa o na le tsholofelo e e nonofileng e e tsamaisanang le maikaelelo a Modimo, ga o tlhoke go felelwa ke thethebalo ka ntlha ya go tshoga kgotsa go tlalelwa fa o lebana le mathata. Ke mang mo go rona yo o sa batleng tlhoro e e ntseng jalo ya phemelo?
Paulo o ne a dirisa setshwantsho se sengwe se se utlwalang sentle a amanya tsholofelo le thato ya Modimo. O ne a kwala jaana: “Tsholofelo eno ke tshetledi ya moya, e e tlhomamisegang e bile e nitame.” (Bahebera 6:19) E re ka Paulo a ile a falola dikotsi di le mmalwa tsa go thubegelwa ke sekepe, o ne a itse botlhokwa jwa tshetledi sentle. Fa sekepe se phepheulwa ke matsubutsubu, batsamaisasekepe ba folosetsa tshetledi ya sone kwa tlase. Fa e ne e ka fitlha kwa tlase e bo e itsetsepela, sekepe se ne se tla kgona go falola matsubutsubu go na le go phepheulelwa kwa lotshitshing se bo se thubagana mo majeng.
Ka tsela e e tshwanang, fa re tsaya ditsholofetso tsa Modimo e le tsholofelo e e “tlhomamisegang e bile e nitame,” tsholofelo eo e ka re thusa go itshokela mathata mo dinakong tseno tse di thata. Jehofa o solofetsa gore go ise go ye kae go tla tla nako e mo go yone batho ba se kitlang ba tlhola ba tshwenngwa ke dintwa, bokebekwa, kutlobotlhoko le e leng loso. (Bona lebokoso le le mo go tsebe 18.) Go ngaparela tsholofelo eo, go ka re thusa gore re se ka ra welwa ke masetlapelo, mme go re naya lebaka la gore re tshele ka melao ya Modimo go na le go ineela mo moyeng o o anameng mo lefatsheng gompieno wa tlhakatlhakano le boitsholo jo bo sa siamang.
Gape tsholofelo e Jehofa a re e nayang e go ama ka namana. O batla gore o tshele botshelo go ya kafa a neng a ikaeletse gore o bo tshele ka gone. Keletso ya gagwe ke gore “batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe.” Jang? Selo sa botlhokwa ke gore mongwe le mongwe o tshwanetse go ‘tla mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.’ (1 Timotheo 2:4) Bagatisi ba makasine ono ba go kgothaletsa go nna le kitso eo e e nayang botshelo e e amanang le boammaaruri jwa Lefoko la Modimo. Ka gone, tsholofelo e Modimo a tla go e nayang e feta kgakala tsholofelo epe fela e o ka nnang le yone mo lefatsheng leno.
Fa o na le tsholofelo e e ntseng jalo, ga go na lebaka la gore o ikutlwe o kgobegile marapo, ka gonne Modimo a ka go naya maatla a o a tlhokang go fitlhelela mekgele epe fela e o ka tswang o ipeetse yone e e tsamaisanang le thato ya gagwe. (2 Bakorintha 4:7; Bafilipi 4:13) A eno ga se yone tsholofelo e o e batlang? Ka jalo fa o se na tsholofelo, mme o ntse o leka ka natla go nna le yone, nametsega. Ga e kgakala le wena. Tota e bile, o ka nna le yone!
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 18]
Mabaka a go Nna le Tsholofelo
Dintlha tseno tsa Dikwalo di ka go thusa gore o nne le tsholofelo:
◼ Modimo o solofetsa isagwe e e itumedisang.
Lefoko la Gagwe le bolela gore lefatshe lotlhe le tla nna paradaise, e e nniwang ke lelapa la batho ba ba itumetseng, ba ba utlwanang.—Pesalema 37:11, 29; Isaia 25:8; Tshenolo 21:3, 4.
◼ Modimo ga a ka ke a aka.
O tlhoile mefuta yotlhe ya maaka. Jehofa o boitshepo kgotsa o itshekile tota, ka jalo ga a ka ke a aka.—Diane 6:16-19; Isaia 6:2, 3; Tito 1:2; Bahebera 6:18.
◼ Modimo o na le maatla a a sa feleng.
Jehofa ke ene fela Mothatayotlhe. Ga go na sepe mo lobopong se se ka mo thibelang go diragatsa ditsholofetso tsa gagwe.—Ekesodo 15:11; Isaia 40:25, 26.
◼ Modimo o batla gore o tshelele ruri.
—Johane 3:16; 1 Timotheo 2:3, 4.
◼ Modimo ga a re tlhoboge.
Ga a tlhome mogopolo wa gagwe mo diphosong tsa rona le mo makoeng a rona, go na le moo, o o tlhoma mo dinonofong tse di molemo tse re nang le tsone le mo maitekong a a molemo a re a dirang. (Pesalema 103:12-14; 130:3; Bahebera 6:10) O solofela gore re tla dira se se siameng mme o a itumela fa re dira jalo.—Diane 27:11.
◼ Modimo o solofetsa go go thusa go fitlhelela mekgele e e tsamaisanang le boikaelelo jwa gagwe.
Le ka motlha batlhanka ba gagwe ga ba a tshwanela go ikutlwa ba feletswe ke tsholofelo. Modimo o re naya moya wa gagwe o o boitshepo ka bopelotshweu, ke gore maatla a magolo go feta ape fela a a leng teng, gore o re thuse—Bafilipi 4:13.
◼ Le ka motlha o ka se swabele go bo o nnile le tsholofelo mo Modimong.
Modimo o a ikanyega, le ka motlha a ka se go swabise.—Pesalema 25:3.
[Setshwantsho mo go tsebe 20]
Fela jaaka tlhoro ya phemelo e sireletsa tlhogo, tsholofelo le yone e sireletsa mogopolo
[Setshwantsho mo go tsebe 20]
Fela jaaka tshetledi, tsholofelo e e theilweng mo mabakeng a a utlwalang e ka go nonotsha
[Motswedi wa Setshwantsho]
Courtesy René Seindal/Su concessione del Museo Archeologico Regionale A. Salinas di Palermo
-