LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 2/15 ts. 21-24
  • Go Tlisetsa ba ba Kwa Kgolegelong Kgololesego ya Semoya

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tlisetsa ba ba Kwa Kgolegelong Kgololesego ya Semoya
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ditlhogwana
  • Tsela e Tiro e Dirwang ka Yone
  • Thulaganyo e e Atlegang ya go Thusa Batho go Tokafala
  • Islas Marías
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 2/15 ts. 21-24

Go Tlisetsa ba ba Kwa Kgolegelong Kgololesego ya Semoya

“RE NTSE re lo letetse.” “Masigo a le mmalwa a a fetileng, ke ntse ke lora ka go tla ga lona.” “Re a lo leboga go bo lo ntse lo naya mongwe tiro ya gore a re etele ka metlha.” “Re batla go lebogela masego otlhe a a sa re tshwanelang a re a bonang go tswa mo go Jehofa le phuthego ya gagwe le ka ntlha ya dijo tsa semoya tse re di abelwang ka nako e e tshwanetseng.”

Lebaka la mafoko ano a ditebogo tseno e ne e le eng? Ano ke mafoko a a tswang mo bagolegweng ba ba leng mo dikgolegelong tse di farologaneng kwa Mexico. Ba anaanela tsela e Basupi ba ga Jehofa ba ba tlhokomelang ka yone, e leng selo se se ileng sa ba tlisetsa kgololesego ya semoya le mororo ba le kwa kgolegelong. Go na le dikgolegelo di le 42 kwa Mexico tse Basupi ba ga Jehofa ba thusang bagolegwa ka dilo tsa semoya tse ba di tlhokang ka metlha. Mafelo ano a bidiwa Centro Readaptación Social (Lefelo la go Thusa Batho go Tokafala). Mo go dingwe tsa dikgolegelo tseno, go bile go tshwarwa dipokano tsa Bokeresete ka metlha ka matswela a a molemo. Ka sekai, bosheng jaana fa go balwa batho ba ba neng ba le teng kwa dipokanong mo mafelong ano, go fitlhetswe ba ka nna 380. Ka nako eo go ne go tshwarwa palogare ya dithuto tsa Baebele di le 350. Ba le 37 ba ne ba tshwanelega go ka simolola go rera, mme ba le 32 ba ne ba neela Jehofa matshelo a bone, ba supa seno ka go kolobediwa mo metsing.

Tsela e Tiro e Dirwang ka Yone

Basupi ba ga Jehofa ba dira jang tiro ya bone ya go rera mo mafelong ano? Sa ntlha ba ya kwa badireding ba bagolo ba ba ikarabelang go ya go kopa tetla e e kwadilweng ya gore ba tsene mo kgolegelong, ba tlhalosa boikaelelo jwa maeto a bone jaana—ke go ruta bagolegwa kafa ba ka tokafatsang matshelo a bone ka teng le go direla Modimo ka tsela e e mo itumedisang.

Mo makgetlhong otlhe badiredibagolo ba ile ba ba neela tetla. Badiredi bano ba itumelela thuto ya Baebele e bagolegwa ba e neelwang. Badiredibagolo ba kgolegelo ba ile ba lemoga gore Basupi ba ga Jehofa ba tlotla melao ya pabalesego e e tlhomilweng mo mafelong ano. Ba ile ba letlelela badiredi bano gore ba dirise diofisi, mafelo a go jela le mafelo a go berekelwang kwa go one gore ba tshware dipokano tsa bone gone. Mo lefelong lengwe, Basupi ba bile ba bo ba letlelelwa go aga Holo e nnye ya Bogosi, jaaka go supiwa ke boitemogelo jo bo latelang jo bo tlhalosiwang ke molebedi mongwe yo o etang kwa borwabotlhaba jwa Mexico.

“Mo masimologong a 1991 re ne ra simolola go etela kgolegelo e e kwa Tehuantepec, Oaxaca, koo re ileng ra fitlhela batho ba bolailwe ke tlala ya semoya thata. Go ise go ye kae re ile ra simolola dithuto tsa Baebele di le 27. E re ka bagolegwa ba ne ba bontsha kgatlhego, go ile ga rulaganngwa dipokano tsa phuthego di le tlhano. Mongwe wa bagolegwa, yo o neng a itshupa fa a rata Jehofa thata, o ne a swetsa ka gore a age Holo e nnye ya Bogosi kwa kgolegelong gore go nne le lefelo le go ka tshwarelwang dipokano mo go lone. O ne a ya kwa motsamaising wa kgolegelo mme a kopa tetla, mme badiredibagolo ba ne ba na le tirisanommogo thata. Mo masimologong a December 1992, bagolegwa ba le barataro ba ne ba tshwanela go nna baboledi ba mafoko a a molemo. Ka ntlha ya kgatelopele e e neng e dirwa, go ne ga dirwa dithulaganyo tsa go tshwarela Segopotso mo ntlong ya kgolegelo. Re ne ra kopa motsamaisi wa kgolegelo tetla ya go tlisa ditshwantshetso—e leng senkgwe le beine—mme morago ga puisano ya diura di le nnè, re ne ra fiwa tetla.

“Go ne ga diragala gore ka April 3, 1993 (malatsi a le mararo pele ga moletlo wa Segopotso), bagolegwa bangwe ba ne ba gololwa. Fa mongwe wa bone yo e neng e le mmoledi a amogela lekwalo la gagwe la gore o golotswe, o ne a kopa go bua le motsamaisi wa kgolegelo gore a mo neye tetla ya gore a nne go fitlha morago ga moletlo wa Segopotso. Seno se ile sa gakgamatsa motsamaisi tota, ka gonne ga se kopo e e tlwaelegileng, mme ka go bo mogolegwa a ne a batla go nna teng tota mo Segopotsong gone mo ntlong ya kgolegelo, o ne a mo naya tetla. Go ne ga nna le batho ba le 53 kwa Segopotsong, ba ba neng ba lela ka ntlha ya boitumelo kwa bowelong jwa thulaganyo. Re ile ra dumalana go bitsa setlhopha seno re re ‘Cereso ya Kgololesego,’ ka gonne ba gololesegile ka tsela ya semoya.”

Tiro ya Basupi ba ga Jehofa e anaanelwa thata mo mafelong ano. Motho mongwe yo o ikarabelang mo go lengwe la mafelo ano a go thusa batho go tokafala o ne a buelela go nna teng kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa e le “kalafi” e e dirang ka bonako ya go thusa bagolegwa go tokafala.

Thulaganyo e e Atlegang ya go Thusa Batho go Tokafala

Tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ile ya thusa bagolegwa ba le bantsi go tokafala gotlhelele. Le mororo e le boammaaruri gantsi gore batho ba ba kileng ba bo ba le mo kgolegong ba boela gape mo mekgweng ya bone ya tlolomolao fa ba sena go gololwa, ba ba ileng ba amogela molaetsa wa Lefoko la Modimo ka boammaaruri ba ile ba fetoga gotlhelele. Go fetoga ga bone go re gakolola mafoko a ga moaposetoloi Paulo a a reng: “Go le baakafadi . . . , go le magodu, go le ba ba bohula, go le matagwa, go le bakgadi, go le baikgagapeledi, ga ba ketla ba rua bogosi jwa Modimo. Bangwe ba lona ba kile ba ne ba ntse jalo; mme lwa tlhapisiwa, lwa itshepisiwa, lwa siamisiwa mo ineng la Morena Jesu Keresete, le mo Moweng wa Modimo wa rona.”—1 Bakorinthe 6:9-11.

Tsela e e tlhomologileng e botho jwa bone bo fetogileng ka yone e bonala fa ba tlhalosa kafa ba ikutlwang ka teng. Miguel, yo o kwa kgolegelong ya Campeche kwa Campeche City, o tlhalosa jaana: “Gompieno nka bua ka boitumelo gore ke ipala fa gare ga dinku di sele tse di nang le tsholofelo e e mo go 2 Petere 3:13 le Mathaio 5:5.” José, yo o kwa kgolegelong ya Koben Campeche, o ne a akgela jaana: “Le mororo ke le mogolegwa e bile tlolomolao ya me e le kgolo thata, ke tlhaloganya gore Jehofa o bopelotlhomogi thata e bile o reetsa dithapelo tsa me le mekokotlelo ya me. A ka kgona go intshwarela maleo a me a bo a nnaya tshono ya go dirisa botshelo jwa me jotlhe ke bolela ka mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo. Re leboga bagolwane ba rona ka nako e ba e dirisang go etela kwa kgolegelong gore ditsholofetso tsa Bogosi jwa Modimo di re solegele molemo. A bo e le masego a a itumedisang jang ne! A nka re ke mogolegwa? Nnyaa, Jehofa o nneile kgololesego ya semoya e ke neng ke e tlhoka.”

Ke eng se se dirang gore babolai, babeteledi, basenyi, magodu le ba bangwe ba fetoge go nna Bakeresete ba ba tshelang sentle? Go ya ka bone banna bano, ke maatla a a fetolang a Lefoko la Modimo le go itsalanya thata le batho ba ba ineetseng tota. Kgang ya ga Tiburcio yo o tsentsweng kwa kgolegelong e e kwa Mazatlán, kwa Sinaloa, e supa go atlega ga thulaganyo eno ya go thusa batho go tokafala. O ne a le kwa kgolegelong kwa Concordia, kwa Sinaloa, kwa a neng a nna le mathata gone ka ntlha ya bogale jwa gagwe. Mosadi wa gagwe e ne e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, mme o ne a tle a mo tshware makgwakgwa, tota le fa a ne a mo etetse mo kgolegelong. O ne a le pelotelele mme a nna a tla go mo etela, ka jalo o ne a mo kopa gore a mo tlisetse buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise, e a neng a simolola go ithuta yone ka boene.a Morago ga moo o ne a kopa gore mongwe a tle mo kgolegelong, go tla go ithuta le ene. O ne a simolola go dira kgatelopele mme kamano ya gagwe le ba bangwe e ne ya nna botoka. O ne a fudusediswa kwa kgolegelong e e kwa Mazatlán koo go nang le setlhopha se se ithutang Baebele gone, mme gone jaanong ke mmoledi. O akgela jaana: “Gone jaanong, nna le mosadi wa me le bana ba me le bagolegwakanna, re leboga thata go bo re ka kgona go reetsa boammaaruri jwa Baebele mo lefelong leno, re solofetse gore go ise go ye kae, ke tla bo ke gololwa mme ke tla kgona go nna teng kwa dikopanong tsotlhe le kwa dipokanong tsa phuthego.”

Gape go na le Conrado, yo o lebogang thata ka ntlha ya diphetogo tse a kgonneng go di dira mo botshelong jwa gagwe. O ne a na le mathata a magolo a lenyalo mo mosadi wa gagwe a neng a mo tlogela. Ka jalo o ne a leka go ikgomotsa ka diokobatsi. Fa nako e ntse e ya o ne a nna mogwebi wa diokobatsi. O ne a tshwarwa mme a otlhaelwa go ya kgolegelong ka ntlha ya go tsamaisa morwalo wa marijuana le khokeine ka sekepe. Kwa kgolegelong go ne go na le setlhopha se se neng se ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa mme o ne a lalediwa go tla go ithuta le bone. O tlhalosa maikutlo a gagwe jaana: “Ke ne ka kgatlhiwa ke tsela e dipokano di neng di tshwarwa ka thulaganyo ka yone, thulaganyo ya go tlhatlhoba ka dikgatiso, le lebaka la gore sengwe le sengwe se ne se theilwe mo Baebeleng. Ke ne ka kopa go ithuta Baebele ka bonako mme ka simolola go nna teng kwa dipokanong.” E ne e le ka January 1993. Gone jaanong Conrado o dule kwa kgolegelong mme o ntse a tswelela pele a gatela pele mo phuthegong ya Bokeresete.

Islas Marías

Kwa Mexico go na le kgolegelo e e boifiwang thata ya ditlhaketlhake tse nnè e e bidiwang Islas Marías. Bagolegwa ba ka tsamayatsamaya mo ditlhaketlhakeng tse ba tshwaretsweng kwa go tsone. Ba bangwe ba nna koo le basadi le bana ba bone.

Go tlhomilwe phuthego e nnye gone. Go na le bakaulengwe ba le bararo ba ba yang teng go tswa kwa Mazatlán gangwe fela ka kgwedi, ba thusa go tshwara dipokano, ba isa dikgatiso le go neela kgothatso. Ka dinako tse dingwe molebedi wa potologo o ya gone go ba etela. Palogare ya ba ba nnang teng ke 20 le 25. Go na le baboledi ba ba kolobeditsweng ba le banè le ba ba sa kolobediwang ba le babedi. Molebedi yo o etang o bega gore “ba bangwe ba tsamaya sekgala sa dikilometara di le 17 go ya kwa dipokanong ka Sontaga mme ba tshwanetse gore ba boe kwa dipokanong ka bonako gore ba nne gone fa ka nako ya fa maina a bone a bidiwa go tlhola gore a ba teng. Tota le fa ba tsamaya ba itlhaganela, go ba tsaya diura tse di fetang tse pedi go boela teng.” Mongwe wa bakaulengwe ba ba ileng ba ithuta boammaaruri kwa kgolegelong eo, o ne a bolela jaana bosheng: “Ke ne ke tlhola ke batla go tswa ka bonako, mme gone jaanong, e ka nna lefa e le leng fela fa Jehofa a batla, ka gore gone ke na le tiro e ntsi e ke tshwanetseng go e dira gone mo teng mono.”

Re itumela go bona gore boammaaruri bo na le maatla a magolo go golola batho ba ba tlhoafetseng ba ba batlang tsela e ba ka itumedisang Jehofa ka yone. Ba ba fetang ba le 12 ba batho ba ba ithutileng boammaaruri mo kgolegelong, ba ile ba gololwa, ba kolobediwa, mme gone jaanong ba tshela matshelo a a tlotlegang jaaka batlhanka ba Modimo, bangwe ba bone tota ba nna bagolwane ba phuthego. Maatla a Baebele e nang le one a go fodisa dipelo le go fetola batho a ile a supiwa ka tsela e e gakgamatsang. Fa fela banna ba ba ileng ba tshwarwa ka go bo ba dirile sengwe se se bosula ba tsena mo tseleng ya lesedi la Lefoko la Modimo, ba bona kgololesego ya boammaaruri e Jesu a neng a e solofetsa fa a ne a re: “Lo tlaa itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tlaa lo golola.”—Johane 8:32; Pesalema 119:105.

[Ntlha e e kwa tlase]

a E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Ba bantsi ba ile ba solegelwa molemo ke boammaaruri jwa Bokeresete jo ba bo ithutileng kwa kgolegelong

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela