LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 6/1 ts. 28-31
  • Ke ne Ka Itshokela Diteko Tse di Setlhogo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke ne Ka Itshokela Diteko Tse di Setlhogo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Gotse ka Tsela ya Sejuda
  • Go Simologa ga Diteko
  • Teko Ya me E e Botlhokotlhoko
  • Nako ya go Gololesega
  • Go Falola Kwa Auschwitz
  • Go Falola Kwa Dikampeng Tse Dingwe
  • Go Gololwa le Botshelo Morago ga Moo
  • Ke Nonotshitswe ke go Tshepa Modimo
    Tsogang!—2002
  • Re ne Ra Kgona go Falola Dipuso Tsa Bobusaesi kKa Thuso ya ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • “Ba Tshwerwe ka Ntlha ya Tumelo ya Bone”
    Tsogang!—2006
  • Selo se ke Neng ke Tshwenyegile Thata ka Sone—Go Tswelela ke Ikanyega
    Tsogang!—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 6/1 ts. 28-31

Ke ne Ka Itshokela Diteko Tse di Setlhogo

JAAKA GO BOLETSE ÉVA JOSEFSSON

Setlhotshwana sa rona se ne se kokoane kwa kgaolong ya Újpest ya Budapest, kwa Hungary, gore se tshware pokano e khutshwane pele se ya kwa bodireding jwa Bokeresete. E ne e le ka 1939, pelenyana fela Ntwa ya Lefatshe II e simologa, mme tiro ya go rera ya Basupi ba ga Jehofa e ne e thibetswe kwa Hungary. Batho ba ba neng ba nna le seabe mo go ruteng Baebele phatlalatsa mo malatsing ao gantsi ba ne ba tshwarwa.

E RE ka e ne e le lekgetlho la me la ntlha go nna le seabe mo tirong eno, ke tshwanetse ka bo ke ne ke lebega ke tshwenyegile e bile ke tlhontse. Mokaulengwe mongwe yo o godileng wa Mokeresete o ne a retologela kwa go nna mme a re: “Éva, ga go tlhokege gore o boife. Go direla Jehofa ke tlotla e kgolo go di gaisa tsotlhe e motho a nang le yone.” Mafoko ao a a akanyetsang e bile a nonotsha a ne a nthusa gore ke itshokele diteko di le dintsi tse di setlhogo.

Ke Gotse ka Tsela ya Sejuda

Ke ne ke le ngwana wa leitibolo mo lelapeng lengwe la Bajuda le le nang le bana ba le batlhano. Mmè o ne a sa kgotsofadiwe ke Bajuda, mme o ne a simolola go sekaseka madumedi a mangwe. Ke gone ka moo a neng a kopana le Erzsébet Slézinger, mosadi mongwe wa Mojuda yo le ene a neng a batla boammaaruri jwa Baebele. Erzsébet o ne a dira gore Mmè a kopane le Basupi ba ga Jehofa, mme ka ntlha ya seo, le nna ke ne ka simolola go kgatlhegela thata dithuto tsa Baebele. Go ise go ye kae ke ne ka simolola go abela ba bangwe se ke se ithutileng.

Fa ke ne ke nna le dingwaga di le 18 ka selemo sa 1941, ke ne ka bontsha boineelo jwa me mo go Jehofa Modimo ka kolobetso kwa Nokeng ya Danube. Mmè o ne a kolobediwa le nna ka nako eo, mme Rre o ne a se mo tumelong ya rona e ntšha ya Bokeresete. Ka bonako fela fa ke sena go kolobediwa, ke ne ka dira dithulaganyo tsa go bula tsela, ke gore, go nna le seabe mo bodireding jwa nako e e tletseng. Ke ne ke tlhoka go nna le baesekele, ka jalo ke ne ka simolola go dira mo laboratoring ya feketiri e kgolo ya diaparo.

Go Simologa ga Diteko

Banasi ba ne ba laola Hungary, mme feketiri e ke neng ke dira mo go yone e ne e setse e laolwa ke Jeremane. Ka letsatsi lengwe badiri botlhe ba ne ba bidiwa gore ba tle fa pele ga balaodi gore ba ikane gore ba tla ema nokeng Banasi. Re ne ra bolelelwa gore fa re sa dire jalo go ne go tla nna le diphelelo tse di maswe thata. Mo moletlong mongwe o go neng go tlhokega gore re galaletse Hitler mo go one, ke ne ka ema fela ka tlotlo mme ke sa dire se se neng se dirwa. Ke ne ka bilediwa kwa ofising mo go lone letsatsi leo, ka neelwa madi a me, mme ka lelekwa. E re ka ditiro di ne di sa bonwebonwe motlhofo fela, ke ne ka ipotsa gore go tla diragala eng ka dithulaganyo tsa me tsa go bula tsela. Le fa go ntse jalo, mo letsatsing le le latelang, ke ne ka bona tiro e e neng e bile e duela botoka.

Jaanong ke ne ke ka bula tsela jaaka ke ne ke eleditse. Ke ne ke dira le babulatsela ba le mmalwa, mme wa bofelo go dira le ene e ne e le Juliska Asztalos. Re ne re dirisa Baebele ya rona fela mo bodireding, re se na dibuka tse re neng re di tsamaisa. Fa re ne re kopana le batho ba ba kgatlhegang, re ne re boela kwa go bone mme re ba adima dibuka.

Gangwe le gape, nna le Juliska re ne re tshwanetse gore re fetole tshimo e re e dirang. E ne e le ka gonne moruti mongwe, fa a lemoga gore re ne re etela ‘dinku tsa gagwe,’ o ne a itsise kwa kerekeng gore fa Basupi ba ga Jehofa ba ka ba etela, ba ne ba tshwanetse go mmolelela kana ba bolelele mapodise. Fa batho ba ba botsalano ba ne ba re bolelela ka kitsiso eo, re ne re fudugela kwa tshimong e nngwe.

Ka letsatsi lengwe nna le Juliska re ne ra etela mosimane mongwe yo o neng a bontsha kgatlhego. Re ne ra baya nako gore re boele kwa go ene re ya go mo adima sengwe se a ka se balang. Mme fa re ne re boela, go ne go na le mapodise koo, mme re ne ra tshwarwa re bo re isiwa kwa seteisheneng sa mapodise kwa Dunavecse. Mosimane yono o ne a dirisitswe go nna serai gore re tshwarwe. Fa re fitlha kwa seteisheneng sa mapodise, re ne ra bona moruti koo mme ra itse gore le ene o na le seabe mo go seno.

Teko Ya me E e Botlhokotlhoko

Gone kwa seteisheneng sa mapodise, ke ne ka beolwa moriri otlhe, mme ke ne ka tshwanelwa ke go ema fa pele ga mapodise a le mmalwa ke sa apara. Ba ne ba nthamathamisa ka dipotso, ba batla go itse gore moeteledipele wa rona mo Hungary ke mang. Ke ne ka tlhalosa gore re ne re se na moeteledipele fa e se Jesu Keresete. Morago ga moo ba ne ba mpetsa mo go setlhogo ka dithobane tsa bone, mme ga ke a ka ka ntsha maina a bakaulengwe ba me ba Bakeresete.

Morago ga moo, ba ne ba mpofa maoto mme ba isa matsogo a me kwa godimo ga tlhogo mme le one ba bo ba a bofa. Go tswa foo, ba ne ba refosana go mpetelela, botlhe fela kwa ntle ga lepodise le le lengwe fela. Ke ne ke bofilwe thata mo e leng gore ke ne ke sa ntse ke na le mabadi a gone mo malokololong a diatla dingwaga tse tharo morago ga moo. Ke ne ke tshwerwe makgwakgwa thata mo ke neng ka tsenngwa mo phaposing e e kwa tlase ka dibeke di le pedi go fitlhela dikgobalo tsa me tse di maswe thata e kare di a fola.

Nako ya go Gololesega

Moragonyana ke ne ka isiwa kwa kgolegelong kwa Nagykanizsa, koo go neng go na le Basupi ba ga Jehofa ba le bantsi. Go ne ga latela dingwaga tse pedi tse re neng re itumetse le mororo re ne re le kwa kgolegelong. Re ne re tshwara dipokano tsotlhe tsa rona mo sephiring, mme re ne re dira fela jaaka phuthego. Gape re ne re na le sebaka se se oketsegileng sa go neela bosupi ka tsela e e seng ya ka tlwaelo. Ke mo kgolegelong eno mo ke neng ka kopana le Olga Slézinger, e bong morwadiarraagwe Erzsébet Slézinger, mosadi yo nna le mmè re neng ra utlwa boammaaruri jwa Baebele ka ntlha ya gagwe.

Ka 1944 Banasi kwa Hungary ba ne ba ikemiseditse go nyeletsa Bajuda ba Ba-Hungary, fela jaaka ba ne ba ntse ba ba ganyaola kwa dikarolong tse dingwe tse ba neng ba nna kwa go tsone. Ka letsatsi lengwe ba ne ba tla kwa go nna le Olga. Re ne ra tsenngwa mo letorokong la dikgomo, mme morago ga loeto lo lo boima thata re raletse Czechoslovakia, re ne ra goroga kwa re neng re ya teng kwa borwa jwa Poland—kampa ya polaelo ya Auschwitz.

Go Falola Kwa Auschwitz

Ke ne ke ikutlwa ke sireletsegile fa ke na le Olga. O ne a tle a dire metlae tota le mo maemong a a thata. Fa re ne re goroga kwa Auschwitz, re ne ra ya kwa go Dr. Mengele yo o neng a itsege thata a le bosilo, yo tiro ya gagwe e neng e le go tlhaola batho ba e leng gone ba gorogang ba ba neng ba le bokoa go ka bereka mo go ba ba neng ba ka kgona go bereka. Ba ba neng ba le bokoa ba ne ba isiwa kwa diphaposing tsa gase. Fa a fitlha mo go rona, Mengele o ne a botsa Olga a re, “O na le dingwaga di le kae?”

Ka bopelokgale, e bile a tletse ditshego mo matlhong a gagwe o ne a araba a re, “20.” Totatota o ne a na le dingwaga tse di fetang tseo go menagane gabedi. Mme Mengele o ne a tshega fela a bo a re a ye ka fa mojeng mme ka gone a kgona go tshela.

Magolegwa otlhe kwa Auschwitz a ne a na le matshwao mo diaparong tsa bone tsa kgolegelo—Bajuda ba ne ba na le Naledi ya ga Dafide, mme Basupi ba ga Jehofa ba ne ba na le khutlotharo e e bobodudu. Fa ba ne ba batla go rokelela Naledi ya ga Dafide mo diaparong tsa rona, re ne ra ba tlhalosetsa gore re Basupi ba ga Jehofa le gore re batla khutlotharo e e bobodudu. E ne e se ka go bo re ne re tlhabisiwa ditlhong ke go bo re le Bajuda, mme jaanong re ne re setse re le Basupi ba ga Jehofa. Ba ne ba leka go re pateletsa go tsaya letshwao la Sejuda ka go re raga le go re itaya. Mme re ne ra nna re nitame jalo go fitlhela ba re amogela re le Basupi ba ga Jehofa.

Kgabagare, ke ne ka kopana le nnake wa mosetsana e bong Elvira, yo o neng a le monnye mo go nna ka dingwaga di le tharo. Lelapa lotlhe la rona la maloko a le supa le ne le isitswe kwa Auschwitz. Ke nna le Elvira fela ba re neng re tshwerwe re nonofile go bereka. Rre, Mmè le bomonnaarona ba bararo ba ne ba swela kwa diphaposing tsa gase. Elvira, e ne e se Mosupi ka nako eo, mme re ne re sa nne mo karolong e le nngwe ya kampa. O ne a falola, mme a fudugela kwa United States, a nna Mosupi kwa Pittsburgh, Pennsylvania, mme moragonyana a swela koo ka 1973.

Go Falola Kwa Dikampeng Tse Dingwe

Ka mariga ka 1944/45, Bajeremane ba ne ba swetsa gore ba tswe kwa Auschwitz, e re ka Ba-Russia ba ne ba atamela. Ka jalo re ne ra fudusediwa kwa Bergen-Belsen kwa bokone jwa Jeremane. Ka bonako fela fa re sena go goroga, nna le Olga re ne ra isiwa kwa Braunschweig. Koo re neng re tshwanetse go phepafatsa morago ga go thunya ga dibomo tsa masole a ditšhaba tse di Kopaneng. Nna le Olga re ne ra buisana ka kgang eno. E re ka re ne re sa itse sentle gore a go dira tiro eno go ne go le kgatlhanong le boitlhaodi jwa rona, re ne ra swetsa gore re se ka ra e dira ka bobedi jwa rona.

Tshwetso ya rona e ne ya baka khuduego. Re ne ra itewa ka dime tsa letlalo mme morago ga moo re ne ra isiwa fa pele ga masole a a bolayang. Re ne ra neelwa motsotso o le mongwe fela gore re akanye gape ka kgang eno, mme re ne ra bolelelwa gore fa re sa fetole megopolo ya rona, re tlile go thunngwa. Re ne ra bolela gore ga re tlhoke nako ya go akanya ka gone ka gonne re ne re setse re dirile tshwetso. Le fa go ntse jalo, e re ka molaodi wa kampa a ne a seyo e bile e ne e le ene fela yo o neng a laela gore motho a bolawe, go bolawa ga rona go ne ga diegisiwa.

Go ntse go le jalo re ne ra patelediwa go ema mo jarateng ya kampa letsatsi lotlhe. Masole a mabedi a a neng a tlhometse, a a neng a refosana mo diureng dingwe le dingwe tse pedi, a ne a re disitse. Re ne re sa neelwe dijo, mme re ne re sitwa tota, gonne e ne e le ka February. Beke e ne ya feta re tshwerwe ka tsela eno, mme molaodi a sa tle. Ka jalo re ne ra tsenngwa kwa morago ga lori, mme re ne ra gakgamala fa re bona re buseditswe gape kwa Bergen-Belsen.

Ka nako eo nna le Olga re ne re le mo maemong a a tlhobaetsang. Moriri wa me o ne o wele ka bontsi e bile ke na le letshoroma. Ke ne ke leka thatathata gore ke bereke. Sopo ya khabetšhe e e neng e le metsi fela le borothonyana letsatsi lengwe le lengwe di ne di sa thuse sepe. Mme go ne go tlhokega gore re bereke ka gonne ba ba neng ba sa kgone go bereka, ba ne ba bolawa. Bokgaitsadi ba Bajeremane ba ba neng ba bereka le nna mo ntlong ya boapeelo ba ne ba nthusa gore ke kgone go ikhutsanyana. Fa balebeledi ba ba tlhatlhobang ba ne ba tla, bokgaitsadi ba ne ba mpolelela, gore ke eme fa ke neng ke direla gone, go lebege e kete ke ntse ke bereka ka natla.

Ka letsatsi lengwe Olga o ne a se na maatla a go ya kwa a neng a direla gone, mme morago ga moo ga re a ka ra tlhola re mmona gape. Ke ne ka latlhegelwa ke tsala le mopati yo o pelokgale, yo o neng a nthusa thata mo dikgweding tseo tse di thata kwa dikampeng. Jaaka molatedi yo o tloditsweng wa Morena wa rona Jesu Keresete, o tshwanetse a bo a ile a amogela maduo a gagwe a selegodimo ka yone nako eo.—Tshenolo 14:13.

Go Gololwa le Botshelo Morago ga Moo

Fa ntwa e ne e khutla ka May 1945 mme re gololwa, ke ne ke le bokoa tota mo ke neng ke sa kgone go itumelela gore jokwe ya bagateledi kgabagare e setse e robagantswe; e bile ke ne ke sa kgone go tsamaya le mekoloko e e neng e isa batho ba ba neng ba golotswe kwa dinageng tse di neng di eletsa go ba amogela. Ke ne ka sala kwa bookelong ka dikgwedi di le tharo gore ke nne le maatlanyana. Morago ga moo ke ne ka isiwa kwa Sweden, koo e neng ya nna legae la me le lesha. Ka bonako fela, ke ne ka ikopanya le bakaulengwe le bokgaitsadi ba me ba Bakeresete mme fa nako e ntse e ya ke ne ka simolola letlotlo le le tlhokegang thata la bodiredi jwa tshimo.

Ka 1949, ke ne ka nyalwa ke Lennart Josefsson, yo o neng a direla e le molebedi yo o etang wa Basupi ba ga Jehofa ka dingwaga di le dintsi. Le ene o kile a tsenngwa mo kgolegelong ka Ntwa ya Lefatshe II ka ntlha ya go boloka tumelo ya gagwe. Re ne ra simolola botshelo mmogo re le babulatsela ka September 1, 1949, mme re ne ra abelwa go direla kwa toropong ya Borås. Mo dingwageng tsa rona tsa pele re le koo, re ne re tshwara dithuto tsa Baebele ka metlha di le lesome beke le beke le batho ba ba kgatlhegang. Re ne ra itumelela go bona phuthego ya Borås e gola e bo e kgaogana gararo mo dingwageng tse robongwe, mme gone jaanong di tlhano.

Ga ke a ka ka kgona go bula tsela ka nako e telele ka gonne ka 1950 re ne ra nna le morwadi, mme dingwaga tse pedi morago ga moo, ra nna le morwa. Ka gone ke ne ke na le tshiamelo e e itumedisang ya go ruta bana ba rona boammaaruri jo bo tlhokegang thata jo mokaulengwe yo o rategang kwa Hungary a neng a bo nthuta fa ke ne ke na le dingwaga di le 16, e leng: “Go direla Jehofa ke tlotla e kgolo go di gaisa tsotlhe e motho a ka nnang le yone.”

Fa ke leba botshelo jwa me jwa nako e e fetileng, ke lemoga gore ke diragaletswe ke boammaaruri jo morutwa Jakobe a neng a bo kwala fa a ne a re gakolola ka boitshoko jwa ga Jobe jaana: “Jehofa o tlekeetso tota mo katamalanong e e bothitho e bile o kutlwelobotlhoko.” (Jakobe 5:11) Le mororo le nna ke ne ka tlhagelwa ke diteko tse di setlhogo, ke ne ka segofadiwa thata ka bana ba babedi, balekane ba bone, le ditlogolo tse thataro—ba botlhe e leng baobamedi ba ga Jehofa. Mo godimo ga moo, ke na le bana ba le bantsi le ditlogolo tse dintsi tsa semoya, bangwe ba bone ba direla e le babulatsela le barongwa. Jaanong tsholofelo ya me e kgolo ke go kopana le baratiwa ba me ba ba rategang ba ba robetseng mo losong le go ba tlamparela fa ba tsoga mo mabitleng a bone a kgakologelo.—Johane 5:28, 29.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Ke le mo bodireding kwa Sweden morago ga Ntwa ya Lefatshe II

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Ke na le monna wa me

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela