LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 2/1 ts. 25-29
  • Go Itumela mo go Jehofa Le fa Go na Le Diteko

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Itumela mo go Jehofa Le fa Go na Le Diteko
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Simolola re le Palonyana e Nnye
  • Diteko Tse Dingwe le Boitumelo
  • Kgatelopele mo Dilong Tsa Puso ya Modimo mo Setlhaketlhakeng
  • Kolobetso le Koketsego
  • Kopano e e Itumedisang ya Thato ya Modimo
  • Go Fitlhelela Mokgele wa Tirelo ya Nako e Tletseng
  • Masego a a Itumedisang a Nako e e Fetileng le a Isagwe
  • ‘Go Batla Pele Bogosi’
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Go Gola le Phuthego ya ga Jehofa mo Afrika Borwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 2/1 ts. 25-29

Go Itumela mo go Jehofa Le fa Go na Le Diteko

JAAKA GO BOLETSE GEORGE SCIPIO

Ka December 1945, ke ne ke robetse mo phaposing ya bookelo, ke sule ditokololo tsa mmele otlhe kwantle ga diatla le maoto. Ke ne ke akanya gore bolwetse jono ke jwa nakwana fela, mme batho ba bangwe ba ne ba sa akanye gore a nka boa ka kgona go tsamaya gape. A bo seo e ne e le teko e kgolo jang ne mo mosheng yo o matlhagatlhaga wa dingwaga di le 17! Ke ne ke sa batle go dumela se ke neng ke se bolelelwa ke dingaka. Go ne go na le dilo tse dintsi tse ke di rulagantseng, go akaretsa le go tsaya loeto le mothapi wa me go ya Engelane mo ngwageng o o latelang.

KE NE ke iteilwe ke leroborobo la bolwetse jwa polio le le neng le tlhasetse setlhaketlhake sa rona sa St. Helena. Bo ne jwa bolaya batho ba le 11, mme jwa tlogela ba le bantsi ba golafetse. Fa ke ntse ke rapame mo bolaong, ke ne ka nna le nako e ntsi ya go akanya ka botshelo jwa me jo bokhutshwane le ka isagwe ya me. Fa ke ntse ke akanya jalo, ke ne ka lemoga gore le fa ke ne ke boga jalo ke ne ke na le mabaka a go itumela.

Go Simolola re le Palonyana e Nnye

Ka 1933 fa ke ne ke na le dingwaga di le tlhano, rre e bong Tom, yo e neng e le lepodise e bile e le motiakone mo Kerekeng ya Baptist, o ne a amogela dibuka dingwe mo Basuping ba ga Jehofa ba babedi. E ne e le bareri ba nako e e tletseng, kgotsa babulatsela, ba ba neng ba etetse setlhaketlhake seno ka nakwana.

Nngwe ya dibuka tseno e ne e bidiwa The Harp of God. Rre o ne a e dirisa go ithuta Baebele le lelapa la gaetsho le batho ba le mmalwa ba ba kgatlhegang. E ne e na le tshedimosetso e e thata tota mme ke ne ke sa tlhaloganye sepe se se kalo mo go yone. Mme ke gakologelwa ke tshwaya temana nngwe le nngwe e re neng re e sekaseka mo Baebeleng ya me. Go ise go ye kae rre o ne a lemoga gore se re neng re se ithuta ke boammaaruri, le gore se ne se farologane le se a neng a se rera kwa Kerekeng ya Baptist. O ne a simolola go bolelela ba bangwe ka gone le go rera a le mo felong ga therelo gore ga go na Tharonngwe, molelo wa dihele le moya o o sa sweng. Seno se ne sa tsosa kgoberego mo kerekeng.

Kgabagare go ne ga epiwa pitso ya kereke ka maiteko a go rarabolola kgang eno. Go ne ga bodiwa jaana: “Ke bomang ba ba emang le Ba-Baptist?” Bontsi bo ne jwa ema. Potso e e latelang e ne e re, “Ke bomang ba ba emang le Jehofa?” Go ne ga ema ba le 10 kana 12 fela. Ba ne ba kopiwa go tswa mo kerekeng.

Ke kafa bodumedi jono jo bosha bo neng jwa simologa ka teng mo St. Helena e le batho ba palonyana e nnye. Rre o ne a ikgolaganya le ntlokgolo ya Mokgatlho wa Watch Tower kwa United States mme a kopa motšhine wa direkoto gore a tshamekele batho direkoto tsa dithuto tsa Baebele. O ne a bolelelwa gore motšhine ono o ne o le mogolo thata go ka romelwa St. Helena. Go ne ga romelwa motšhine o monnye wa fonokerafa, mme moragonyana bakaulengwe ba ne ba otara e mengwe e mebedi. Ba ne ba tsamatsamaya mo setlhaketlhakeng ka maoto le ka tonki ba isetsa batho molaetsa ono.

Fa molaetsa ono o ntse o anama, kganetso le yone e ne ya anama. Kwa sekolong se ke neng ke tsena kwa go sone bana ba ne ba tle ba opele jaana: “Tlaang lo utlweng, tlaang lo utlweng setlhopha sa ga Tommy Scipio sa keramafono!” Eno e ne e le teko e kgolo mo go nna, e re ka ke ne ke le mosimanyana wa sekolo yo o neng a batla go amogelwa ke bankana ba gagwe. Ke eng se se neng sa nthusa go itshoka?

Lelapa la gaetsho le legolo—la bana ba barataro—le ne le na le thuto ya lelapa ya Baebele e re neng re e tshwara ka metlha. Gape re ne re bala Baebele mmogo moso mongwe le mongwe pele ga dijo tsa mo mosong. Kwantle ga pelaelo seno se thusitse lelapa la rona thata go tswelela le ikanyega mo boammaaruring mo dingwageng tseno tsotlhe. Nna ka bonna ke ne ka simolola go rata Baebele ke sa ntse ke le mmotlana, mme mo dingwageng tseno tsotlhe ke ile ka itlwaetsa go bala Baebele ka metlha. (Pesalema 1:1-3) Fa ke tlogela sekolo ke le dingwaga di le 14, ke ne ke setse ke nitame mo boammaaruring mme ke ne ke boifa Jehofa ka pelo yotlhe. Seno se ne sa nthusa go itumela mo go Jehofa le fa ke ne ke lebane le diteko tseo.

Diteko Tse Dingwe le Boitumelo

Fa ke ntse ke rapame mo bolaong joo ke lwala, ke akanya ka dingwaga tseo tsa kwa tshimologong le dilo tse ke neng ke di lebeletse mo isagweng, ke ne ke itse go ya ka se ke se ithutileng mo Baebeleng gore bolwetse jono ga se teko kana kotlhao e e tswang kwa Modimong. (Jakobe 1:12, 13) Le fa go ntse jalo, polio eno e ne e le teko e e botlhoko thata, mme ke ne ke tla tshela ka ditlamorago tsa yone botshelo jwa me jotlhe.

Fa ke ntse ke fola, ke ne ka tshwanelwa ke go ithuta go tsamaya gape. Ke ne ka bo ka palelwa ke go dirisa mesifa mengwe ya matsogo a me. Ke ne ke wa gantsintsi letsatsi le letsatsi. Le fa go ntse jalo, ka go rapela ka tlhoafalo le go nna ke iteka ka natla, ka 1947 ke ne ka kgona go tsamaya ke dirisa thobane.

Ka nako eo ke ne ka ratana le lekgarebe lengwe le le neng le bidiwa Doris, yo re neng re le mo bodumeding bo le bongwe le ene. Re ne re le bannye thata go ka akanya ka lenyalo, mme ke ne ka tlhotlheletsega go dira maiteko a a oketsegileng gore ke kgone go tsamaya. Gape ke ne ka tlogela tiro ya me gonne madi a teng a ne a sa lekana gore nka tlhokomela mosadi ka one, mme ke ne ka itlhomela laboratori ya meno e e neng ya dira mo dingwageng tse pedi tse di neng tsa latela. Re ne ra nyalana ka 1950. Ka nako eo, ke ne ke setse ke na le madi a a lekaneng go ka ithekela koloi e nnye. Jaanong ke ne ke kgona go isa bakaulengwe kwa dipokanong le kwa tirelong ya tshimo.

Kgatelopele mo Dilong Tsa Puso ya Modimo mo Setlhaketlhakeng

Ka 1951 Mokgatlho o ne wa re romelela moemedi wa one wa ntlha. E ne e le Jacobus van Staden, lekawana lengwe go tswa Afrika Borwa. E ne e le gone re fudugelang mo ntlong e ntle, ka jalo re ne ra kgona go nna le ene ngwaga otlhe. E re ka ke ne ke ipereka, re ne re fetsa nako e ntsi mo tirong ya go rera mme ke ne ke amogela thapiso e e molemo mo go ene.

Jacobus kana Koos, jaaka re ne re mmitsa, o ne a rulaganya dipokano tsa ka metlha tsa phuthego tseo rotlhe re neng re itumelela go nna teng mo go tsone. Re ne re na le bothata jwa dipalangwa ka gonne go ne go na le dikoloi di le pedi fela mo bathong botlhe ba ba neng ba kgatlhega. Kgaolo eno e makgawekgawe e bile e tletse dithota, mme ka nako eo bontsi jwa ditsela di ne di sa siama. Ka jalo, e ne e le tiro e kgolo go isa mongwe le mongwe kwa dipokanong. Bangwe ba ne ba simolola mosepele phakela mo mosong. Ke ne ke tsaya ba le bararo ka koloi ya me e nnye ke ba tsamaisa sekgalanyana ke bo ke ba folosa kwa pelenyana mo tseleng. Ba ne ba fologa ba bo ba tswelela ka mosepele. Ke bo ke boela morago ke tsaya ba bangwe ba bararo ke ba tsamaisa sekgalanyana ke bo ke ba folosa mme ke boele morago gape. Kgabagare botlhe ba ne ba fitlha kwa dipokanong ka yone tsela eo. Morago ga dipokano re ne re dirisa one mokgwa oo gape gore mongwe le mongwe a fitlhe kwa gae.

Gape Koos o ne a re ruta go buisana le batho ka tsela e e molemo mo matlong a bone. Re ne re na le maitemogelo a le mantsi a a itumedisang mme a mangwe a ne a sa itumedise go le kalo. Mme boitumelo jo re neng re nna le jone mo tirelong ya tshimo bo ne bo feta diteko tsotlhe tse di neng di tlisiwa ke batho ba ba neng ba ganetsa tiro ya rona ya go rera. Moso mongwe ke ne ke bereka le Koos. Fa re atamela ntlo nngwe, re ne ra utlwa lentswe mo teng. Monna mongwe o ne a balela Baebele kwa godimo. Re ne re kgona go utlwa sentle mafoko a re a tlwaetseng a Isaia kgaolo 2. Fa a fitlha mo temaneng ya 4, re ne ra kokota. Monnamogolo yoo yo o botsalano o ne a re kopa gore re tsene, mme re ne ra dirisa Isaia 2:4 go mo tlhalosetsa dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. Go ne ga simololwa thuto ya Baebele le ene le mororo a ne a nna mo lefelong le go neng go le thata go fitlha kwa go lone. Re ne re tshwanetse go fologa thota, re kgabaganye molapo ka go gata mo matlapeng, re tlhatloge thota e nngwe gape re bo re fologela kwa ntlong ya gagwe. Mme e ne e se go senya nako. Monnamogolo yono yo o bonolo o ne a amogela boammaaruri mme a kolobediwa. Gore a tle a kgone go fitlha kwa dipokanong, o ne a tsamaya ka dithobane tse pedi go fitlha mo lefelong le ke neng nka mo tsaya ka koloi mo go lone, go feleletsa loeto. Moragonyana o ne a tlhokafala e le Mosupi yo o ikanyegang.

Mokomisinara wa mapodise o ne a ganetsa tiro ya rona mme o ne a tlhola a tshosetsa Koos ka gore o tla dira gore a lelekwe mo nageng. O ne a tle a bitse Koos gangwe ka kgwedi go mo tlhoma dipotso. E re ka Koos a ne a tlhola a mo araba ka tsela e e tlhamaletseng go tswa mo Baebeleng, seo se ne se mo galefisa le go feta. Mo lekgetlong lengwe le lengwe o ne a tlhagisa Koos gore a tlogele go rera, mme nako le nako o ne a neelwa bosupi. O ne a nna a ganetsa tiro jalo tota le ka nako ya fa Koos a setse a tlogile mo St. Helena. Morago ga moo, mokomisinara yono, monna yo mokima yo o nonofileng, o ne a lwala go sa lebelelwa mme a nna mosesane thata. Dingaka di ne di sa kgone go bona gore o tshwerwe ke eng. Ka ntlha ya moo o ne a tloga mo setlhaketlhakeng seno.

Kolobetso le Koketsego

Fa Koos a sena go nna dikgwedi tse tharo mo setlhaketlhakeng, o ne a bona go tshwanela gore go tshwarwe tirelo ya kolobetso. E ne e le bothata go bona lekadiba le le tshwanetseng. Re ne ra swetsa ka gore re epe khuti e kgolo, re e rethefatse ka samente re bo re gelela metsi go e tlatsa. Bosigo jwa pele ga kolobetso, pula e ne ya na, mme mo mosong o o latelang re ne ra itumela fa re fitlhela gore khuti e tletse ka metsi.

Mo mosong wa Sontaga seo, Koos o ne a neela puo ya kolobetso. Fa a kopa bayakolobetsong gore ba eme, re ne ra ema re le 26 go araba dipotso tse di bodiwang ka metlha. Re nnile le tshiamelo ya go nna Basupi ba ntlha ba ba kolobeditsweng mo setlhaketlhakeng seno. Letsatsi leo e ne e le le le itumedisang go feta malatsi otlhe mo botshelong jwa me ka gonne ke ne ke ntse ke tshwenyegile gore Aramagedona e tla tla ke ise ke kolobediwe.

Kgabagare go ne ga tlhongwa diphuthego tse pedi, nngwe e le kwa Levelwood e nngwe kwa Jamestown. Beke nngwe le nngwe ba le bararo kana ba le banè ba rona ba ne ba tsamaya dikilometara di le 13 go ya kwa phuthegong e nngwe go ya go tshwara Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo le Pokano ya Tirelo ka Matlhatso maitseboa. Morago ga tirelo ya tshimo ka Sontaga mo mosong, re ne re boela morago re ya go tshwara tsone dipokano tseo mmogo le Thuto ya Tora ya Tebelo kwa phuthegong ya rona thapama le maitseboa. Ka jalo mafelobeke a rona a ne a tletse ka ditiro tse di itumedisang tsa puso ya Modimo. Ke ne ke eletsa go dira tiro ya nako e tletseng, mme ke ne ke na le lelapa le ke tshwanetseng go le tlamela. Ka jalo ka 1952, ke ne ka boela ka bereka mo pusong ke le ngaka ya meno.

Ka 1955 baemedi ba ba etang ba Mokgatlho, balebedi ba potologo, ba ne ba simolola go etela setlhaketlhake seno ngwaga le ngwaga, mme ba ne ba nna kwa ntlong ya me ka nakwana fa ba re etetse. Ba ne ba tlhotlheletsa lelapa la rona ka tsela e e molemo thata. Mo e ka nnang ka yone nako eo, ke ne ka nna le tshiamelo ya go nna le seabe mo go bontsheng difilimi di le tharo tsa Mokgatlho mo setlhaketlhakeng seno.

Kopano e e Itumedisang ya Thato ya Modimo

Ke ne ka tlogela go berekela puso ka 1958 gore ke kgone go nna gone kwa Kopanong ya Boditšhabatšhaba ya Thato ya Modimo kwa New York. Kopano eo e ne e le tiragalo ya botlhokwatlhokwa mo botshelong jwa me—tshono e e neng ya dira gore ke nne le mabaka a mantsi a go itumela mo go Jehofa. E re ka go ne go se na dipalangwa tse di tlang ka metlha mo setlhaketlhakeng, re ne ra tsamaya dikgwedi di le tlhano le halofo. Kopano e ne ya tsaya malatsi a le robedi, mme dithulaganyo di ne di simolola ka ura ya borobongwe mo mosong go fitlha ka ura ya borobongwe maitseboa. Mme ke ne ke sa lape, ke ne ke tlhoafalela letsatsi lengwe le lengwe. Ke ne ka nna le tshiamelo ya go emela St. Helena ka metsotso e le mebedi mo thulaganyong. Go ne go tshosa tota go bua le matshutitshuti a batho kwa Yankee Stadium le Polo Grounds.

Kopano eno e ne ya nonotsha boikaelelo jwa me jwa go bulatsela. Puo ya phatlalatsa, “Bogosi Jwa Modimo bo a Busa—A Bokhutlo Jwa Lefatshe bo Atametse?” e ne e kgothatsa thata. Morago ga kopano re ne ra etela ntlokgolo ya Mokgatlho kwa Brooklyn mme ra bontshiwa feketiri. Ke ne ka bua le Mokaulengwe Knorr yo ka nako eo e neng e le poresidente ya Mokgatlho wa Watch Tower malebana le kgatelopele ya tiro kwa St. Helena. O ne a re a ka rata go etela setlhaketlhake seno ka letsatsi lengwe. Re ne ra boa ka ditheipe tsa dipuo tsotlhe le ditshwantsho tse di tsamayang tsa kopano go di bontsha ba losika le ditsala.

Go Fitlhelela Mokgele wa Tirelo ya Nako e Tletseng

Fa ke boa ke ne ka newa tiro ya me ya bogologolo gape ka gonne go ne go se na ngaka ya meno mo setlhaketlhakeng seno. Le fa go ntse jalo, ke ne ka ba tlhalosetsa gore ke ne ke ikaeletse go tsenela tirelo ya nako e tletseng. Morago ga go tshwara ditherisano tse dintsi go ne ga dumalanwa gore nka bereka malatsi a le mararo mo bekeng, mme ke amogela madi a a fetang a ke neng ke a amogela fa ke ne ke bereka malatsi a marataro mo bekeng. Mafoko a ga Jesu a ne a itshupa a le boammaaruri: “Nnang lo senke pele bogosi le tshiamo ya gagwe, mme dilo tse dingwe tseno tsotlhe lo tla di okelediwa.” (Mathaio 6:33) Go ne go se motlhofo mo go nna go tsamaya mo kgaolong e e tletseng dithota ya setlhaketlhake seno ka maoto a me a a bokoa. Le fa go ntse jalo, ke ne ka bulatsela dingwaga di le 14 mme ka kgona go thusa baagimmogo ba le bantsi ba mo setlhaketlhakeng go ithuta boammaaruri—selo se se dirang gore ke itumele thata.

Ka 1961 puso e ne ya batla go nthomela kwa Ditlhaketlhakeng tsa Fiji gore ke ye go bona thapiso ya mahala ya dingwaga tse pedi gore ke nne ngaka ya meno e e tshwanelegang. Ba ne ba bo ba akantsha go nthomela teng le lelapa la me. E ne e le selo se se ngokang thata, mme morago ga go se akanyetsa ka kelotlhoko, ke ne ka gana. Ke ne ke sa batle go tlogela bakaulengwe ka nako e telele jalo mme ke latlhegelwa ke tshiamelo e ke neng ke na le yone ya go dira le bone. Modiredimogolo wa tsa bongaka yo o neng a rulagantse loeto lono o ne a galefile thata. O ne a re: “Fa e le gore o akanya gore bofelo bo gaufi go le kalo, o sa ntse o ka nna wa dirisa madi a o tla a amogelang.” Mme ke ne ka ema ke nitame.

Mo ngwageng o o latelang ke ne ka lalediwa go nna teng mo Sekolong sa Bodiredi sa Bogosi kwa Afrika Borwa, e ne e le khoso ya thapiso ya kgwedi e le nngwe ya balebedi ba phuthego. Re ne ra newa thuto e e molemo thata e e neng ya re thusa go dira dikabelo tsa rona tsa phuthego ka matsetseleko a a oketsegileng. Morago ga sekolo ke ne ka amogela thapiso e nngwe gape ka go bereka le molebedi yo o etang. Go tswa foo ke ne ka direla diphuthego tse pedi tsa St. Helena ka dingwaga tse di fetang di le lesome ke le moemedi wa molebedi wa potologo. Fa nako e ntse e ya, bakaulengwe ba bangwe ba ba tshwanelegang ba ne ba nna teng mme go ne ga dirisiwa thulaganyo ya go refosana.

Fa nako e ntse e tsamaya re ne ra fuduga go tswa kwa Jamestown, ra ya Levelwood, kwa go neng go na le tlhokego e kgolwane gone, mme re ne ra nna koo dingwaga di le lesome. Mo nakong eno ke ne ke bereka thata ke sa ikhutse—ke bulatsela, ke berekela puso malatsi a le mararo mo bekeng e bile ke na le lebenkele le lennye la korosari. Mo godimo ga moo, ke ne ke tshwaregile ka dilo tsa phuthego, mme nna le mosadi wa me re ne re tlhokometse lelapa la bana ba banè ba ba sa ntseng ba gola. E le gore ke kgone go lepalepana le maemo ano, ke ne ka tlogela tiro ya me ya malatsi a le mararo, ka rekisa lebenkele mme ka tsaya lelapa lotlhe ra ya boikhutsong dikgwedi di le tharo go ya kwa Motse Kapa kwa Afrika Borwa. Morago ga moo re ne ra fudugela kwa Setlhaketlhakeng sa Ascension mme ra nna koo ngwaga o le mongwe. Ka nako eo re ne ra kgona go thusa ba le bantsi go bona kitso e e tlhomameng ya boammaaruri jwa Baebele.

Fa re boela kwa St. Helena re ne ra fudugela gape kwa Jamestown. Re ne ra tlhabolola ntlo e e tshwaraganeng le Holo ya Bogosi. Gore re itlamele ka dilo tsa senama, nna le morwaake John re ne ra itirela bene ya ice cream ka teraka ya Ford mme ra rekisa ice cream dingwaga tse tlhano tse di latelang. Nakwana morago ga go simolola kgwebo eno, ke ne ka tlhagelwa ke kotsi ka bene eno. E ne ya menoga mme ya gatisa maoto a me. Ka ntlha ya seno, ditshika tse di mo tlase ga mangole a me di ne tsa se ka tsa dira, mme go ne ga ntsaya dikgwedi di le tharo gore ke fole.

Masego a a Itumedisang a Nako e e Fetileng le a Isagwe

Mo dingwageng tseno tsotlhe, re ne ra nna le masego a le mantsi—mabaka a a oketsegileng a go itumela. Mangwe a one ke loeto lwa go ya kwa Afrika Borwa go nna gone kwa kopanong ya naga ya 1985 le go etela legae le lesha la Bethele le le neng le sa ntse le agiwa. Le lengwe e ne e le go nna le seabe mmogo le morwaake John mo go ageng Holo ya Kopano gaufi le Jamestown. Gape re itumelela go bo ba le bararo ba barwa ba rona ba direla e le bagolwane mme setlogolwana se le sengwe se direla kwa Bethele ya Afrika Borwa. Re nnile le boitumelo jo bogolo le kgotsofalo mo go thuseng batho ba le bantsi go bona kitso e e tlhomameng ya Baebele.

Tshimo e re e dirang e nnye thata, ka batho ba ka nna 5 000 fela. Le fa go ntse jalo, go boaboela tshimo e le nngwe fela go dirile gore go nne le matswela a a molemo. Ke batho ba sekae fela ba ba leng lenyatso. St. Helena e itsege ka batho ba yone ba ba botsalano mme o tla dumedisiwa gongwe le gongwe kwa o yang gone—o tsamaya mo tseleng kana o kgweetsa koloi. Se ke se lemogileng ke gore, fa o tlwaelane le batho go motlhofo thata go ba neela bosupi. Gone jaanong re na le baboledi ba le 150 le fa go na le ba le bantsi ba ba fudugetseng kwa moseja.

E re ka bana ba rona botlhe ba godile e bile ba dule mo lapeng, nna le mosadi wa me re setse re le rosi gape, morago ga gore re bo re nyalane ka dingwaga di le 48. Lorato lwa gagwe le tshegetso ya gagwe di nthusitse go tswelela ke direla Jehofa ka boitumelo go sa kgathalesege diteko. Maatla a rona a mmele a ntse a koafala, mme maatla a rona a semoya a ntšhafadiwa letsatsi le letsatsi. (2 Bakorintha 4:16) Nna le lelapa la me le ditsala re lebeletse pele go bona isagwe e e itumedisang fa ke tla bo ke boela ke fola mo mmeleng go gaisa le e leng kafa ke neng ke ntse ka teng fa ke ne ke le dingwaga di le 17. Selo se ke se eletsang thata ke gore ke itekanele ka ditsela tsotlhe mme mo godimo ga tsotlhe, gore ke direle Modimo wa rona yo o lorato le yo o amegang e bong Jehofa le Kgosi ya gagwe e e busang Jesu Keresete ka bosakhutleng.—Nehemia 8:10.

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

George Scipio le barwa ba gagwe ba bararo ba e leng bagolwane

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

George Scipio le mogatse, Doris

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela