LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Go Rarabololwa ga Bosaitsiweng jo bo Boitshegang
    Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
    • lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng mo maikuelong a go batla kagiso a nako eno. Go rata ga bone ke gore ba tlhotlheletse lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng gore ba tle ba solegelwe molemo, segolobogolo mo motlheng ono wa segompieno fa batho ba le bantsi ba bone ba ntse ba furalela bodumedi. Fela jaaka baeteledipele ba ba sa ikanyegeng mo Iseraele wa bogologolo, ba ntse ba goeletsa ba re, “‘Go na le kagiso! Go na le kagiso!’ mme go se na kagiso.” (Jeremia 6:14) Kwantle ga pelaelo mekgosi ya bone ya kagiso e tla tswelela e gola gore e fitlhe go se moaposetoloi Paulo a neng a bolelela pele ka sone fa a ne a re: “Letsatsi la ga Jehofa le a tla fela jaaka legodu bosigo. Motlhang ba reng: ‘Kagiso le polokesego!’ foo tshenyego ya tshoganyetso e tla ba wela ka ponyo ya leitlho fela jaaka setlhabi sa tlalelo mo mosading yo o moimana; mme ga ba kitla ba falola ka gope.”—1 Bathesalonika 5:2, 3.

      14. Mokgosi wa “Kagiso le polokesego” o ka nna ka tsela efe, mme motho o ka tila jang gore a se timediwe ke one?

      14 Mo dingwageng tsa bosheng jaana, ba bopolotiki ba ile ba dirisa mafoko a a reng “kagiso le polokesego” go tlhalosa dithulaganyo tse di farologaneng tsa batho. A maiteko a a ntseng jalo a baeteledipele ba lefatshe a bontsha gore mafoko a 1 Bathesalonika 5:3 e simolola go diragadiwa? Kgotsa Paulo o ne a bua ka tiragalo nngwe e e rileng e e tla bong e le kgolo mo e tla bonalang mo lefatsheng lotlhe? E re ka dipolelelopele tsa Baebele gantsi di tlhaloganngwa fela fa di sena go diragadiwa kgotsa fa di ntse di diragadiwa, re tla tshwanelwa ke go leta gore re tle re bone gore mafoko ano a tla diragadiwa jang. Mme fa a ise a diragadiwe, Bakeresete ba a itse gore le fa ditšhaba di ka lebega di na le kagiso le polokesego go le kana kang, tota go tla bo go sa fetoga sepe. Bopelotshetlha, kilo, bokebekwa, go thubega ga malapa, boitsholo jo bo sa siamang, bolwetse, bohutsana le loso di tla bo di sa ntse di le gone. Ke sone se wena o sa tshwanelang go tsiediwa ke mokgosi ope wa “kagiso le polokesego,” fa o ka nna o tlhokometse bokao jwa ditiragalo tsa lefatshe mme o ikobela ditlhagiso tsa boporofeti tse di mo Lefokong la Modimo.—Mareko 13:32-37; Luke 21:34-36.

  • Go Nyeletsa Babelona o Mogolo
    Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
    • Kgaolo 35

      Go Nyeletsa Babelona o Mogolo

      1. Moengele o tlhalosa jang sebatana se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo, mme ke botlhale jwa mofuta ofe jo bo tlhokegang go tlhaloganya ditshwantsho tsa Tshenolo?

      FA A ntse a tsweletse ka go tlhalosa sebatana se se mmala wa bohibidu jo bo letlhololo sa Tshenolo 17:3, moengele o raya Johane a re: “Fano ke gone fa temogo e e nang le botlhale e tsenang gone: Ditlhogo tse supa di kaya dithaba tse supa, tse mosadi a ntseng mo godimo ga tsone. Mme go na le dikgosi di le supa: di le tlhano di ole, e le nngwe e gone, e nngwe ga e ise e goroge, mme fa e goroga e tla nna lobakanyana.” (Tshenolo 17:9, 10) Fano moengele o tlhalosa botlhale jo bo tswang kwa godimo, botlhale jo e leng jone fela bo ka re thusang go tlhaloganya ditshwantsho tsa Tshenolo. (Jakobe 3:17) Botlhale jono bo fa setlhopha sa Johane le balekane ba sone lesedi kaga bomasisi jwa metlha e re tshelang mo go yone. Bo dira gore batho ba ba dipelo di ineetseng ba anaanele dikatlholo tsa ga Jehofa, tse di tla akofang di diragadiwa, mme gape bo dira gore re nne le poifo e e molemo ya go boifa Jehofa. Jaaka Diane 9:10 e tlhalosa: “Go boifa Jehofa ke tshimologo ya botlhale, mme kitso ya Yo O Boitshepotshepo ke se tlhaloganyo e leng sone.” Botlhale jwa bomodimo bo re senolela eng kaga sebatana?

      2. Ke eng se se bolelwang ke ditlhogo tse supa tsa sebatana se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo, mme ke ka tsela efe ‘di le tlhano di oleng, e le nngwe e le gone’?

      2 Ditlhogo tse supa tsa sebatana se se bogale seo di emela “dithaba” tse supa kana “dikgosi” di supa. Mareo oomabedi a dirisiwa mo Dikwalong go raya mebuso ya bogoromente. (Jeremia 51:24, 25; Daniele 2:34, 35, 44, 45) Mo Baebeleng, mebuso e merataro ya lefatshe e bolelwa e na le seabe mo dikgannyeng tsa batho ba Modimo: Egepeto, Asiria, Babelona, Bameda le Baperesia, Gerika, le Roma. Mo go eno, e le metlhano e ne e setse e tlile e bile e fetile ka nako ya fa Johane a bona Tshenolo, fa Roma ene e ne e sa ntse e le mmuso o mogolo wa lefatshe. Seno se golagana sentle le mafoko a a reng, “di le tlhano di ole, e le nngwe e gone.” Mme go tweng ka “e nngwe” e e neng e sa ntse e tla tla?

      3. (a) Mmusomogolo wa Roma o ne wa kgaogana jang? (b) Ke ditiragalo dife tse di neng tsa diragala mo Bophirima? (c) Mmusomogolo o o Boitshepo wa Roma o tshwanetse go lejwa jang?

      3 Mmusomogolo wa Roma o ne wa itshwarelela wa bo wa atologa mo makgolokgolong a dingwaga morago ga motlha wa ga Johane. Ka 330 C.E., Mmusimogolo Constantine o ne a fudusa motsemogolo wa gagwe go tswa mo Roma go ya kwa Byzantium, mme one a o bitsa ka leina le lesha a re ke Constantinople. Ka 395 C.E., Mmusomogolo wa Roma o ne wa kgaogana sebedi go nna wa Botlhaba le wa Bophirima. Ka 410 C.E., Roma ka boene o ne a gapiwa ke Alaric, kgosi ya Ba-Visigoth (mongwe wa merafe ya Yuropa bophirima o o neng o sokologetse mo “Bokereseteng” jwa mofuta wa ga Arius). Merafe ya mafatshe a Yuropa bophirima (le yone e le ya “Bokeresete”) e ne ya fenya Spain le bontsi jwa dikgaolo tsa Roma mo Afrika Bokone. Go ne ga feta makgolo a dingwaga go na le mekubukubu, dikgoberego, le diphetogo mo Yuropa. Go ne ga tsoga babusi ba ba tumileng mo Bophirima, jaaka Charlemagne, yo o neng a itsalanya le Mopapa Leo III mo lekgolong la bo9 la dingwaga, le Frederick II, yo o neng a busa mo lekgolong la bo13 la dingwaga. Mme lefelo le ba neng ba busa mo go lone, le mororo le ne la bidiwa Mmusomogolo o o Boitshepo wa Roma, le ne le le lebotlana thata go na le la Mmusomogolo wa Roma o o neng o tlile pelenyana nako ya fa o nonofile thata. E ne e le tsosoloso fela kana tsweledisopele ya mmuso ono wa bogologolo e se mmusomogolo o mosha go le kalo.

      4. Ke katlego efe e Mmusomogolo wa Botlhabatsatsi o neng wa nna nayo, mme ke eng se se ileng sa diragalela bogolo jwa dikgaolo tse Roma wa bogologolo a neng a le mo go tsone pele mo Afrika Bokone, Spain, le Siria?

      4 Mmusomogolo wa Botlhaba wa Roma, o o neng o busa mo Constantinople, o ne o na le dikamano tse di reketlang le Mmusomogolo wa Bophirima. Mo lekgolong la dingwaga la borataro mmusimogolo wa Botlhaba Justinian I o ne a kgona go fenya gape bogolo jwa Afrika Bokone, mme gape a tsenelela kwa Spain le Italy. Mo lekgolong la dingwaga la bosupa, Justinian II o ne a gapela Mmusomogolo ono gape dikarolo tsa Macedonia tse di neng di fentswe ke merafe ya Ba-Slav. Le fa go ntse jalo, mo lekgolong la dingwaga la borobedi, bogolo jwa dikgaolo tsa Roma wa bogologolo mo Afrika Bokone, Spain, le Siria, di ne di busiwa ke mmusomogolo o mosha wa Iselamo mme jalo tsa se ka tsa tlhola di laolwa ke Constantinople le Roma.

      5. Le mororo motse wa Roma o ne wa fenngwa ka 410 C.E., go ne ga diragala jang gore masalela a bopolotiki a Mmusomogolo wa Roma a bo a ile a tsaya makgolokgolo a dingwaga a ise a nyelele mo lefatsheng?

      5 Motse wa Constantinople ka boone o ne wa nna gone ka lobakanyana. O ne wa falola ditlhaselo tse dintsi tsa Baperesia, Ba-Arabia, le Ba-Bulgaria, le Ba-Russia go fitlhelela ka 1203 fa kgabagare o fenngwa—e seng ke Bamoselema mme ke Ba-Crusade ba ba tswang Bophirima. Le fa go le jalo, ka 1453, o ne wa busiwa ke mmusi wa Momoselema wa Ottoman e bong Mehmed II mme wa akofa wa nna motsemogolo wa Ba-Ottoman, kana Mmusomogolo wa Turkey. Ka jalo, le mororo motse wa Roma o ne wa fenngwa ka 410 C.E., go ne ga tsaya makgolokgolo a dingwaga gore masalela otlhe a Mmusomogolo wa Roma wa sepolotiki a nyelele mo lefatsheng. Mme le gone ka nako eo, tlhotlheletso ya bone e ne e sa ntse e lemosega mo mebusong megolo ya sedumedi e e neng e theilwe mo boeteledingpele jwa bomopapa ba Roma le mo dikerekeng tsa Eastern Orthodox.

      6. Ke mebusomegolo efe e mesha e e neng ya nna gone, mme ke ofe o o neng wa atlega thatathata?

      6 Le fa go ntse jalo, mo lekgolong la dingwaga la bo15, dinaga dingwe di ne di ntse di aga mebusomegolo e mesha gotlhelele. Le mororo mebusomegolo eno e ne ya thaiwa mo dikgaolong tse pele e neng e le dikolone tsa Roma, mebusomegolo ya tsone e ne e se tsweledisopele fela ya Mmusomogolo wa Roma. Portugal, Spain, Fora, le Holland tsotlhe di ne tsa nna bonno jwa mebuso e e neng e anamela kgakala. Mme o o neng wa atlega thata e ne e le Boritane, o o neng wa okamela karolo e kgolo thata ya mmusomogolo o ‘letsatsi le neng le se ke le phirima mo go one.’ Mmusomogolo ono o ne wa anama ka dinako tse di farologaneng mo dikarolong tse dikgolo tsa Amerika Bokone, Afrika, India, le Asia Borwabotlhaba, mmogo le mo boatlhamong jwa South Pacific.

      7. Mmuso wa lefatshe o o maphata mabedi o ne wa nna gone jang, mme Johane o ne a re ‘tlhogo’ ya bosupa, kana mmuso wa lefatshe, o ne o tla nna gone ka lobaka lo lokae?

      7 Mo lekgolong la bo19 la dingwaga, dingwe tsa dikolone mo Amerika Bokone di ne di setse di ikgaogantse le Boritane go itirela United States of America e e ikemetseng ka nosi. Ka tsela ya sepolotiki, dingwe tsa dikgotlhang tse di neng di le gone gare ga setšhaba se sesha seno le mmaasone wa pele di ne tsa tswelela. Le fa go ntse jalo, ntwa ya ntlha ya lefatshe e ne ya pateletsa gore dinaga tseno tsoopedi di itemoge gore di dingwe fela mme di ne tsa nonotsha kamano ya tsone e e kgethegileng. Ka jalo, mmuso wa lefatshe o o pataganeng sebedi o ne wa nna gone, o o dirilweng ka United States of America, e jaanong e leng setšhaba se se humileng thata mo lefatsheng, le Great Britain o e neng e le bonno jwa mmusomogolo o o anameng thata mo lefatsheng. Jalo he, ‘tlhogo,’ ya bosupa, kana mmuso wa lefatshe lotlhe, o ne o tlhagile, o o ntseng o tsweletse le go tsena mo motlheng wa bokhutlo le mo dinageng tse Basupi ba ga Jehofa ba motlha wa segompieno ba neng ba thaega teng pele. Fa e bapisiwa le puso e e neng ya busa nako e telele ya tlhogo ya borataro, ya bosupa e nna gone “lobakanyana,” go fitlha Bogosi jwa Modimo bo senya ditšhaba tsotlhe.

      Ke ka Ntlha Yang fa e Bidiwa Kgosi ya Borobedi?

      8, 9. Moengele o bitsa sebatana se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo sa tshwantshetso eng, mme se tswa mo go tse supa ka tsela efe?

      8 Moengele o tswelela ka go tlhalosetsa Johane a re: “Mme sebatana se se neng se le gone mme se seyo, le sone ka bosone ke kgosi ya borobedi, mme e tswa mo go tse supa, mme e ya tshenyegong.” (Tshenolo 17:11) Sebatana se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo sa tshwantshetso ‘se tswa’ mo ditlhogong tse supa; ke gore, go tsalwa ga sone, kana bogone jwa sone, ke mo go tswang mo ditlhogong tsa “sebatana sa naga [se se tswang] mo lewatleng” sa kwa tshimologong, seo sebatana se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo e leng setshwantsho sa sone. Ka tsela efe? Ka 1919 mmuso wa Maesemane le Maamerika o ne o le tlhogo e e tlhatlogileng. Ditlhogo tsa pele tse thataro di ne di ole, mme boemo jwa go nna mmusi yo mogolo wa lefatshe bo ne bo fetetse mo tlhogong eno e e maphata mabedi mme bo ikaegile ka yone. Tlhogo eno ya bosupa, jaaka moemedi wa lobaka lono wa tatelano ya mebuso ya lefatshe, ke yone e tlhotlheleditseng go tlhomiwa ga lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba mme e sa ntse e le yone morotloetsi le motshegetsi ka madi wa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng. Ka gone, go ya ka tshwantshetso, sebatana se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo—kgosi ya borobedi—‘se tswa mo’ ditlhogong tsa pele tse supa. Fa go lejwa ka tsela e, mafoko a gore se dule mo go tse supa a dumalana sentle le tshenolo ya pele ya gore sebatana se se dinaka tse pedi jaaka konyana (mmuso wa lefatshe wa Maesemane le Maamerika, kana tlhogo ya bosupa ya sebatana sele sa pele) ke sone se tlhotlheleditseng gore go dirwe setshwantsho mme ke sone se se se fileng botshelo.—Tshenolo 13:1, 11, 14, 15.

      9 Mme gape, maloko a pele a Kgolagano ya Ditšhaba a ne a akareletsa, mmogo le Great Britain, mebuso e e neng e busa mo pele go neng go le ditlhogo tsa pele e bong Gerika, Iran (Peresia), le Italy (Roma). Kgabagare, mebuso e e busang dikgaolo tse pele di neng di laolwa ke mebuso ya pele ya lefatshe e merataro, di ne tsa nna maloko a a tshegetsang setshwantsho sa sebatana. Ka tsela eno gape, go ka bolelwa gore sebatana se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo se ne sa tswa mo mebusong ya lefatshe e supa.

      10. (a) Go ka bolelwa jang gore sebatana se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo “le sone ka bosone ke kgosi ya borobedi”? (b) Moeteledipele wa naga e pele e neng e le Soviet o ne a supa jang gore o tshegetsa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng?

      10 Ela tlhoko gore sebatana se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo “le sone ka bosone ke kgosi ya borobedi.” Ka jalo, lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng gompieno le tlhamilwe ka tsela ya gore le bonale jaaka mmuso wa lefatshe lotlhe. Ka dinako tse dingwe le ile la itshwara jaaka one, le romela masole kwa ntweng go ya go rarabolola dikgotlhang tsa ditšhaba tse di farologaneng, jaaka kwa Korea, kwa Sinai Peninsula, mo dinageng dingwe tsa Afrika, le kwa Lebanona. Mme tota fela ke setshwantsho sa kgosi. Fela jaaka setshwantsho sa bodumedi, ga se na tlhotlheletso ya mmannete kana maatla ape kwantle ga a se a fiwang ke ba ba dirileng gore se nne gone le gore se obamelwe. Ka dipaka tse dingwe, sebatana seno sa tshwantshetso se lebega se le bokoa; mme ga se ise se ko se itemogele tatlhego e e feletseng e e neng ya tlisiwa ke maloko mangwe a bobusaesi a a neng a digela lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba mo moleteng. (Tshenolo 17:8) Le mororo mo dikarolong tse dingwe a na le megopolo e e farologaneng gotlhelele, moeteledipele wa maemo a a kwa godimo wa naga e pele e neng e le ya Soviet ka 1987 o ne a kopanela le bomopapa ba Roma fa ba ne ba bua ka maikaelelo a bone a go tshegetsa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng. O ne a bo gape a ikuela gore “go nne le tsamaiso e e nonofileng ya go tlisa polokesego mo ditšhabeng tsotlhe” ka thuso ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng. Fela jaaka Johane a ne a akofa a utlwa, nako e tla tla fa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le tla bong le dirisa nonofo e kgolo. Mme morago ga moo, le lone ‘le tla ya tshenyegong.’

      Dikgosi di le Lesome ka Nako e le Nngwe Fela

      11. Ke eng se moengele wa ga Jehofa a se bolelang kaga dinaka tse di lesome tse di mo sebataneng se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo?

      11 Mo kgaolong e e fetileng ya Tshenolo, moengele wa borataro le wa bosupa ba ne ba ile ba tsholola megopo ya bogale jwa Modimo. Ka jalo re ne ra bolelelwa gore dikgosi tsa lefatshe di phuthelwa kwa ntweng ya Modimo ya Haramagedona le gore ‘Babelona o Mogolo o tla gopolwa mo ponong ya Modimo.’ (Tshenolo 16:1, 14, 19)

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela