LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • kl kgao. 7 ts. 62-69
  • Se Modimo O Se Dirileng Go Boloka Batho

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Se Modimo O Se Dirileng Go Boloka Batho
  • Kitso e e Isang botshelong Jo bo Sa Khutleng
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O TLHOPHETSWE BOIKAELELO JO BO KGETHEGILENG
  • LEBAKA LA GO BO MESIA A NE A TLILE GO SWA
  • KAFA THEKOLOLO E NENG YA DUELWA KA TENG
  • THEKOLOLO YA GA KERESETE LE WENA
  • Thekololo—Mpho ya Modimo e e Botlhokwatlhokwa
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Loso lwa ga Jesu lo Kaya Eng mo go Wena?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Thekololo—Mpho e e Molemo e e Tswang Kwa Modimong
    Baebele e re Ruta Eng?
  • Jehofa o Dirile Thulaganyo ya “go Rekolola ba le Bantsi”
    Atamalana le Jehofa
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Kitso e e Isang botshelong Jo bo Sa Khutleng
kl kgao. 7 ts. 62-69

Kgaolo 7

Se Modimo O Se Dirileng Go Boloka Batho

1, 2. (a) Molaodi wa lekgolo wa masole a Roma o ne a lemoga Morwa Modimo jang? (b) Ke eng fa Jehofa a ne a letla Jesu gore a swe?

MO THAPAMENG nngwe ya dikgakologo mo e ka nnang dingwaga tse 2 000 tse di fetileng, molaodi mongwe wa lekgolo wa masole a Roma o ne a bona banna bangwe ba bararo ba swa ka bonya, ba swa loso lo lo botlhoko. Lesole leo le ne la ela tlhoko mongwe wa bone—Jesu Keresete. Jesu o ne a kokotetswe mo koteng ya logong. Loapi lo ne lwa fifala go le motshegare fa a setse a tla swa. Fa a ne a swa, lefatshe le ne la tshikhinyega, mme lesole leno le ne la tlhaeletsa la re: “Ruri monna yo, e ne e le Morwa Modimo.”—Mareko 15:39.

2 Morwa Modimo! Lesole leo le ne le buile boammaaruri. Le ne le fetsa go bona tiragalo e e botlhokwa thata e e kileng ya diragala mo lefatsheng. Nako nngwe pele ga seno, Modimo ka boone o ne wa bitsa Jesu Morwawe yo o rategang. (Mathaio 3:17; 17:5) Ke eng fa Jehofa a ne a letlile gore Morwawe a swe? Gonne seno e ne e le tsela e Modimo a neng a tla golola batho ka yone mo boleong le mo losong.

O TLHOPHETSWE BOIKAELELO JO BO KGETHEGILENG

3. Ke eng fa go ne go tshwanela gore Morwa yo o tsetsweng a le esi wa Modimo e nne ene a tlhophelwang go diragatsa boikaelelo jo bo kgethegileng tebang le batho?

3 Jaaka re setse re ithutile mo bukeng eno, Jesu o ne a kile a tshela pele ga e nna motho. O bidiwa ‘Morwa yo o tsetsweng a le esi’ wa Modimo ka go bo Jehofa o ne a mmopa ka boene. Morago ga moo Modimo o ne a roma Jesu go bopa dilo tsotlhe. (Johane 3:18; Bakolosa 1:16) Jesu o ne a rata batho thata. (Diane 8:30, 31) Ga go gakgamatse go bo Jehofa a ne a tlhopha Morwa yo o tsetsweng a le esi go tla go dira maikaelelo a a kgethegileng ao fa batho ba sena go otlhaiwa ka loso!

4, 5. Pele Jesu a tla mo lefatsheng, Baebele e ne ya senola eng ka Losika lo e neng e tla nna Mesia?

4 Fa a ne a atlhola Adame, Efa le Satane kwa tshimong ya Edene, Modimo o ne wa umaka Mogolodi yo a neng a tla tla mo isagweng a mmitsa “losika.” Losika lono kana setlogolwana seno, se ne se tlile go dirolola dilo tse di botlhoko tse Satane Diabolo “noga ya bogologolo,” a neng a di bakile. E bile tota, Losika lo lo Solofeditsweng lono lo ne lo tlile go nyeletsa Satane le bone ba ba mo latelang.—Genesise 3:15; 1 Johane 3:8; Tshenolo 12:9.

5 Fa makgolo a dingwaga a ntse a feta, Modimo o ne wa senola go le gontsi ka Losika lono, lo gape lo bidiwang Mesia. Jaaka re bone mo tšhateng e e mo go tsebe 37, boperofeti jo bontsi bo ile jwa bolela ka dikarolo tse dintsi tsa botshelo jwa gagwe mo lefatsheng. Ka sekai, o ne a tlile go itshokela go sotliwa gore a kgone go dira seabe sa gagwe mo boikaelelong jwa Modimo.—Isaia 53:3-5.

LEBAKA LA GO BO MESIA A NE A TLILE GO SWA

6. Go ya ka Daniele 9:24-26, ke eng se Mesia a neng a tla se dira, mme jang?

6 Boperofeti jo bo kwadilweng mo go Daniele 9:24-26 bo ne jwa bolelela pele gore Mesia—Motlodiwa wa Modimo—o ne a tlile go diragatsa boikaelelo bongwe jo bogolo. O ne a tla tla mo lefatsheng go tla “go wetsa tlolo, le go khutlisa maleo, le go direla boikepo tetlanyo, le go tsenya tshiamo” ka bosakhutleng. Mesia o ne a tlile go tlosa loso mo bathong ba ba ikanyegang. Mme o ne a tlile go dira seno jang? Boperofeti jono bo bolela gore o ne a tla “kgaolwa,” kana a bolawa.

7. Ke eng fa Bajuta ba ne ba ntsha ditlhabelo tsa diphologolo, mme di ne di tshwantshetsa eng se se kwa pele?

7 Baiseraele ba bogologolo ba ne ba itse gore motho o tshwanetse go direlwa tetlanyo fa a na le tlolo. Mo kobamelong ya bone kafa tlase ga Molao o Modimo a neng a o ba file ka Moshe, ba ne ba ntsha ditlhabelo ka metlha. Di ne di gakolola batho ba Iseraele gore batho ba ne ba tlhoka sengwe go ba direla tetlanyo, kana go bipa, maleo a bone. Moaposetoloi Paulo o ne a sobokanya molaomotheo ono jaana: “Kwa ntle ga go tsholola madi ga go na boitshwarelo.” (Bahebere 9:22) Bakeresete ga ba tlhoke go dira dilo tse di mo Molaong wa ga Moshe, jaaka go ntsha ditlhabelo. (Baroma 10:4; Bakolosa 2:16, 17) Gape ba itse gore ditlhabelo tsa diphologolo di ka se dire gore maleo a bone a itshwarelwe goyagoile le ka tsela e e feletseng. Go na le moo, ditlhabelo tseno tse di ntshiwang di ne di tshwantshetsa setlhabelo sengwe se se botlhokwa thata—sa ga Mesia kana Keresete. (Bahebere 10:4, 10; bapisa Bagalatia 3:24.) Lefa go ntse jalo, o ka nna wa botsa, ‘A tota go ne go tlhokega gore Mesia a swe?’

8, 9. Adame le Efa ba ne ba latlhegelwa ke dilo dife tse di tlhwatlhwakgolo, mme ditiro tsa bone di ne tsa ama ditlogolwana tsa bone jang?

8 Ee, Mesia o ne a tshwanetse go swa gore batho ba bolokwe. Gore re tlhaloganye seno, re tshwanetse go akanya ka tshimo ya Edene mme re leke go tlhaloganya dilo tse dikgolo tse di neng tsa latlhegela Adame le Efa fa ba ne ba tsuologela Modimo. Ba ne ba beetswe botshelo jo bo sa khutleng fa pele ga bone! Jaaka bana ba Modimo, gape ba ne ba itumelela go tsalana le ene ka tlhamalalo. Mme fa ba ne ba gana Jehofa a ba busa, ba ne ba latlhegelwa ke gotlhe mme ba leretse batho boleo le loso.—Baroma 5:12.

9 Go ne go ntse jaaka e kete batsadi ba rona ba ntlha ba ne ba latlhile khumo e kgolo, ba bo ba itatlhela mo sekolotong se segolo. Adame le Efa ba ne ba tsenya bana ba bone mo sekolotong seo. Mongwe le mongwe wa rona o tletse boleo e bile o a swa ka go bo ga re a tsalwa re itekanetse e bile re tsetswe re na le boleo. Fa re kgopisega kana re bua sengwe se se utlwisang yo mongwe botlhoko re eletsa e kete re ka se metsa gape, re utlwa botlhoko jwa sekoloto se re se ruileng—bosaitekanelang jwa rona jaaka batho. (Baroma 7:21-25) Tsholofelo ya rona fela ke go bona gape se se latlhegetseng Adame. Lefa go ntse jalo, ga re kake ra ipapalela botshelo jo bo itekanetseng ka borona fela. Se re se bapalang fela ke loso, e seng botshelo, ka go bo batho botlhe ba ba sa itekanelang ba dira boleo.—Baroma 6:23.

10. Go ne go tlhokega eng gore go tle go rekwe selo se se latlhegetseng Adame?

10 Lefa go ntse jalo, a go ne go na le sengwe se se neng se ka ntshiwa mo boemong jwa botshelo jo bo latlhegetseng Adame? Molao wa Modimo wa tshiamiso o batla gore dilo di dirwe ka tekatekano, “botshelo mo boemong jwa botshelo.” (Ekesodo 21:23) Ka jalo go ne go tlhokega gore go ntshiwe botshelo mo boemong jwa jo bo latlhegileng. E ne e se botshelo bongwe le bongwe fela jo bo neng bo tla siamela seno. Pesalema 49:7, 8 e bolela jaana ka batho ba ba sa itekanelang: “Ga go na ope yo o ka rekololang ngwana wa ga rraagwe ka gope, le fa e le go mo ntshetsa serekololo go se naya Modimo. (Gonne thekololo ya mowa wa bone e topo e thata, e na le go tlhobogwa ka bosakhutleng).” Ka jalo, a go raya gore ga go sepe se se ka dirwang? Nnyaa.

11. (a) Lefoko “thekololo” le kaya eng mo Sehebereng? (b) Ke mang fela yo a neng a ka kgona go golola batho, mme ka ntlha yang?

11 Mo puong ya Sehebera, lefoko “thekololo” le kaya madi a a ntshiwang go golola yo o tshwerweng e bile le kaya sengwe se se lekanang ka boleng. Motho yo o itekanetseng ke ene fela a neng a ka ntsha se se lekanang le se se latlhegetseng Adame. Kwantle ga ga Adame, Jesu Keresete e ne e le ene motho fela yo a neng a tsalwa a itekanetse mo lefatsheng. Ke gone ka moo Baebele e bitsang Jesu “Atame wa morago” e bile e re tlhomamisetsa gore Keresete ‘o intshitse go nna thekololo ya botlhe.’ (1 Bakorinthe 15:45; 1 Timotheo 2:5, 6) Adame ene o ne a fetisetsa loso mo baneng ba gagwe fa Jesu ene a ba file boswa jwa botshelo jo bo sa khutleng. Bakorinthe wa Ntlha 15:22 e tlhalosa jaana: “Jaaka botlhe ba swa ka Atame, go ntse jalo, botlhe ba tlaa tshedisiwa ka Keresete.” Go a tshwanela he go bo Jesu a bidiwa “Rara wa Bosakhutleng.”—Isaia 9:6, 7.

KAFA THEKOLOLO E NENG YA DUELWA KA TENG

12. Jesu o ne a nna Mesia leng, mme o ne a tshela botshelo jwa mofuta ofe morago ga foo?

12 Mo letlhabuleng la 29 C.E., Jesu o ne a ya kwa go Johane wa losika lwa gagwe gore a kolobediwe mme ka go dira jalo a ineela go dira thato ya Modimo. Mo go lone lobaka loo Jehofa o ne a tlotsa Jesu ka moya o o boitshepo. Ka jalo, Jesu o ne a nna Mesia kana Keresete, motlodiwa wa Modimo. (Mathaio 3:16, 17) Morago ga foo Jesu o ne a simolola bodiredi jwa gagwe jwa dingwaga tse tharo le sephatlo. O ne a ralala naga yotlhe ya gaabo, a rera kaga Bogosi jwa Modimo le go phutha balatedi ba ba ikanyegang. Lefa go ntse jalo, jaaka go ne go boleletswe pele, o ne a simolola go ganediwa thata.—Pesalema 118:22; Ditiro 4:8-11.

13. Go ne ga diragala eng go fitlha Jesu a swa jaaka mmolokabothokgami?

13 Jesu o ne a senola boitimokanyi jwa baeteledipele ba bodumedi a le pelokgale mme ba ne ba leka go mmolaya. Morago ga moo, ba ne ba loga leano le le maswe la go mo oka, go mo golega go sa tshwanela, go mo sekisa ka tsela e e seng ya kafa molaong le go mo latofatsa ka maaka a gore o epa puso. Jesu o ne a itewa, a kgwelwa mathe, a sotliwa le go bediwa ka seme se se neng sa mo phatlola dinama. Mmusi wa Moroma Ponto Pilatwe o ne a mo atlholela go bolaelwa mo koteng ya pogisetso. O ne a kokotelwa mo koteng ya logong mme a kalediwa mo go yone a tlhamaladitswe. O ne a utlwa botlhoko thata fa a hema, mme go ne ga mo tsaya diura fela gore a swe. Jesu o ne a nna a ntse a thokgame mo Modimong lefa go ntse go diragala seno.

14. Ke eng fa Modimo a ne a letla Morwawe gore a boge a bo a swe?

14 Ka jalo, Jesu o ne a ntsha botshelo jwa gagwe “gore e nne serekololo sa batho ba le bantsi” ka Nisane 14, 33 C.E. (Mareko 10:45; 1 Timotheo 2:5, 6) Jehofa o ne a kgona go bona a le kwa legodimong, fa Morwawe yo a mo ratang a boga le go swa. Ke eng fa Modimo o ile wa letla selo se se botlhoko thata jaana go diragala? O ne a dira jalo ka go bo a ne a rata batho. Jesu o ne a re: “Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go kalokalo, wa ntsha Morwa one yo o tsetsweng a le esi, gore le fa e le mang yo o dumelang mo go ene a se ka a nyelela, mme a bone botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 3:16) Loso lwa ga Jesu gape lo re ruta gore Jehofa ke Modimo o o siameng tota. (Duteronome 32:4) Bangwe ba ka nna ba botsa gore ke eng fa Modimo a ne a se ka a faposa melaometheo ya gagwe ya tshiamiso e e batlang gore moya o tswelwe ke moya mme a tlhokomologa tuelo ya boleo jo Adame a bo dirileng. Lebaka ke gore Jehofa o dira go ya kafa melaong ya gagwe ka metlha e bile o a e dirisa, lefa seo se ka tswa se batla gore ene ka boene a latlhegelwe thata.

15. E re ka go ne go tla bo go sa supe tshiamiso gore Jehofa a tlogele Jesu a swele ruri, ke eng he se a neng a se dira?

15 Tshiamiso ya ga Jehofa gape e ne e batla gore loso lwa ga Jesu lo felele ka molemo mongwe. Mme gape ruri, a go ne go tla bo go siame gore a tlogele Jesu yo o ikanyegang mo losong a sa mo tsose? Nnyaa le eseng! Dikwalo tsa Sehebera di ne di perofesitse gore yo o ikanyegang mo Modimong yono o ne a se kitla a tlogelwa mo lebitleng. (Pesalema 16:10; Ditiro 13:35) O ne a robala mo losong ka malatsi a le mararo, mme morago ga foo, Jehofa Modimo o ne a mo tsosa e le motho yo o maatla wa moya.—1 Petere 3:18.

16. Jesu o ne a dira eng fa a sena go boela kwa legodimong?

16 Jesu o ne a ntsha botshelo jwa gagwe jaaka motho gangwe fela fa a ne a swa. Fa a sena go tsena kwa legodimong, o ne a nna moya o o tshedisang. Mo godimo ga moo, fa Jesu a ne a tlhatlogela kwa lefelong le le boitshepo jwa maitshepo mo lobopong lotlhe, o ne a kopanngwa le Rraagwe yo o rategang mme a Mo neela molemo wa botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng. (Bahebere 9:23-28) Molemo wa botshelo jo bo botlhokwa joo jaanong o ne o ka dirisediwa batho ba ba kutlo. Seo se go ama jang?

THEKOLOLO YA GA KERESETE LE WENA

17. Re ka dira jang gore re itshwarelwe ka thuso ya setlhabelo sa ga Keresete sa thekololo?

17 A o ko o akanye ka ditsela tse tharo tse setlhabelo sa ga Keresete sa thekololo se go solegelang molemo ka tsone le gone jaanong. Sa ntlha, se dira gore maleo a itshwarelwe. Fa re dumela mo mading a a tsholotsweng a ga Jesu ‘o a re rekolola,’ ee, ‘ditlolo tsa rona di a itshwarelwa.’ (Baefeso 1:7) Ka jalo, lefa re dirile boleo jo bo masisi, re ka kopa Modimo gore o re itshwarele mo leineng la ga Jesu. Fa e le gore re ikwatlhaya tota, Jehofa o tla re direla molemo ka setlhabelo sa thekololo sa Morwawe. Modimo o a re itshwarela, a re segofatsa ka go re naya segakolodi se se siameng, go na le go re otlhaya ka kotlhao ya go swela boleo jwa rona.—Ditiro 3:19; 1 Petere 3:21.

18. Setlhabelo sa ga Jesu se re naya tsholofelo jang?

18 Sa bobedi, setlhabelo sa ga Keresete sa thekololo se re naya tsholofelo ka isagwe. Moaposetoloi Johane o ne a bontshiwa ponatshegelo ya “boidiidi jo bogolo jwa batho, jo go seng motho ope yo o ka bo balang,” joo bo neng bo tla falola bokhutlo jwa matlhotlhapelo jwa tsamaiso eno ya dilo. Ke eng fa ba tlile go falola fa Modimo o senya bontsintsi jwa batho ba bangwe? Moengele o ne a bolelela Johane gore boidiidi jo bogolo bo ne bo “tlhatswitse dikobo tsa jone, bo di sweufaditse mo mading a ga Kwana,” Jesu Keresete. (Tshenolo 7:9, 14) Fela fa re ntse re dumela mo mading a a tsholotsweng a ga Jesu Keresete mme re tshela tumalanong le dilo tse Modimo a di tlhokang, re tla nna phepa mo matlhong a Modimo e bile re tla nna le tsholofelo ya go tshelela ruri.

19. Setlhabelo sa ga Keresete se supa jang gore ene le Rraagwe ba a go rata?

19 Sa boraro, setlhabelo sa thekololo ke sesupo sa lorato lwa ga Jehofa. Loso lwa ga Keresete lo ne lwa supa ditiro tse pedi tse dikgolo tsa lorato mo hisitoring ya lobopo lotlhe: (1) lorato lo Modimo o lo supileng ka go romela Morwawe go tla go re swela; (2) lorato lo Jesu a lo supileng ka go ineela go nna thekololo ka pelo e e ratang. (Johane 15:13; Baroma 5:8) Fa re supa tumelo ya rona tota, mongwe le mongwe wa rona o tla ratiwa ka tsela eno. Moaposetoloi Paulo o ne a bolela jaana: ‘Morwa Modimo o nthatile a ba a intshetsa nna.’—Bagalatia 2:20; Bahebere 2:9; 1 Johane 4:9, 10.

20. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go dumela mo setlhabelong sa ga Jesu sa thekololo?

20 Ka jalo a re supeng gore re lebogela lorato lo Modimo le Keresete ba le re bontshitseng ka go dumela mo setlhabelong sa ga Jesu sa thekololo. Fa re dira jalo re tla bona botshelo jo bo sa khutleng. (Johane 3:36) Lefa go ntse jalo, lebaka la botlhokwa thata la go bo Jesu a ne a tla go nna mo lefatsheng le go swela mo go lone e ne e se go re boloka. Nnyaa, se a neng a amegile thata ka sone e ne e le kgang e kgolo, e e amang lobopo lotlhe. Jaaka re tlile go bona mo kgaolong e e latelang, kgang eo e re ama rotlhe gonne e re bontsha lebaka la go bo Modimo o ile wa letla boikepo le pogo go tswelela ka lobaka lo loleele thata jaana mo lefatsheng leno.

TLHATLHOBA KITSO YA GAGO

Ke eng fa Jesu a ne a tshwanela go swa gore a boloke batho?

Thekololo e ne ya duelwa jang?

Thekololo e go solegela molemo ka ditsela dife?

[Setshwantsho se se tletseng mo go tsebe 67]

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela