LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 9/1 ts. 25-29
  • Jehofa e Ntse e le Lefika la Me

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jehofa e Ntse e le Lefika la Me
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Bona Lelapa la Semoya
  • Mmulatsela yo o Esi
  • Go Itshokela Pogiso le go Lelekwa
  • Koketsego Le fa Go na Le Pogiso
  • Jehofa, “Mogolodi”
  • Go Lekwa mo Leubelong le le Tukang la Tlhokofatso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Dingwaga Tse di Fetang 50 ke Ntse ke ‘Kgabaganyetsa ka Kwa’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Khutsana e e Latlhilweng e Iponela Rre yo o Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Go Naya Jehofa Se se Mo Tshwanetseng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 9/1 ts. 25-29

Jehofa e Ntse e le Lefika la Me

JAAKA GO BOLETSE EMMANUEL LIONOUDAKIS

Mmè o ne a sosobanya sefatlhego mme a nthaya a re: “Fa o sa fetole tshwetso ya gago, o tla tshwanelwa ke go tswa mo legaeng leno.” Ke ne ke dirile tshwetso ya go nna moreri wa nako e e tletseng wa Bogosi jwa Modimo. Le fa go ntse jalo, lelapa la gaetsho le ne le sa kgone go itshokela ditlhong tsa go nna ke tshwarwa kgapetsakgapetsa.

BATSADI ba me ba ne ba le boikokobetso e bile ba boifa Modimo. Ba ne ba nna mo motsaneng wa Douliana, mo karolong e e kafa bophirima jwa setlhaketlhake sa Gerika sa Crete, koo ke neng ka tsholelwa gone ka ngwaga wa 1908. Go tloga fela ke le mosha, ba ne ba nthuta go boifa Modimo le go mo tlotla. Ke ne ke rata Lefoko la Modimo, le mororo ke ne ke ise ke bone barutabana kana baruti ba Greek Orthodox ba tshwere Baebele.

Fa moagelani mongwe a sena go bala dibolumo tse thataro tsa Studies in the Scriptures, ka C. T. Russell, le buka ya The Harp of God, o ne a abelana le nna ka matlhagatlhaga Dikwalo tsa tsone tse di sedimosang. Dibuka tseo di ne di gatisitswe ke Baithuti ba Baebele, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa ka nako eo. Ke ne ka itumelela go ithekela Baebele le dikhopi tsa dibuka dingwe kwa ofising ya Mokgatlho wa Watch Tower kwa Athens. Ke sa ntse ke gakologelwa nna le moagelani yono re dula go fitlha go nna bosigo thata re rapela Jehofa e bile re ga dilo tse di boteng tsa Dikwalo re bonesitse ka kerese re thusiwa ke dikgatiso tseo.

Ke ne ke na le dingwaga di le 20 e bile ke le morutabana mo sekolong sengwe se se mo motsaneng o o gaufi, fa ke ne ke simolola go abela ba bangwe kitso ya Baebele e ke neng ke sa tswa go nna le yone. Go ise go ye kae, re ne re nna banè fa re tshwara dipokano tsa go ithuta Baebele ka metlha kwa Douliana. Gape re ne re tsamaisa dipampitshana, dibukana, dibuka le Dibaebele e le gore re thuse batho ba bangwe go ithuta ka tsholofelo e le yosi fela e batho ba ka nnang le yone, Bogosi jwa Modimo.

Ka 1931 re ne re le bangwe ba diketekete tsa batho mo lefatsheng lotlhe ba ba neng ba amogela leina le le theilweng mo Baebeleng la Basupi ba ga Jehofa. (Isaia 43:10) Mo ngwageng o o latelang, re ne ra nna le seabe mo letsholong la phasalatso, re tlhalosetsa badiredibagolo leina la rona le lesha le se le se kayang. Seno se ne se akaretsa go tsamaisetsa moruti mongwe le mongwe mo motseng wa rona, moatlhodi, lepodise le rakgwebo bukana e e malebana le kgang eno.

Jaaka go ne go solofetswe, baruti ba ne ba tlhotlheletsa batho gore ba re bogise. Lekgetlho la ntlha fa ke ne ke tshwarwa, ke ne ka atlholelwa malatsi a le 20 mo kgolegelong. Ka bonako fela fa ke sena go gololwa, ke ne ka tshwarwa gape mme ka atlholelwa kgwedi mo kgolegelong. Fa moatlhodi mongwe a ne a laela gore re tlogele go rera, re ne ra mo araba ka mafoko a Ditiro 5:29: “Re tshwanetse go utlwa Modimo jaaka mmusi bogolo go batho.” Moragonyana, ka 1932, moemedi mongwe wa Watch Tower o ne a etela setlhotshwana sa rona kwa Douliana, mme ka bonè jwa rona re ne ra kolobediwa.

Go Bona Lelapa la Semoya

E re ka ke ne ke rata go dira mo gontsi mo tirong ya go rera, ke ne ka tlogela tiro ya borutabana. Mmè o ne a sa tlhole a kgona go itshokela seo. O ne a ntaela gore ke tswe mo gae. Fa ofisi ya lekala la Watch Tower kwa Athens e sena go dumela, mokaulengwe mongwe wa Mokeresete kwa motseng wa Iráklion, Crete, o ne a itumelela go nkamogela mo ntlong ya gagwe. Ka jalo ka August 1933, bakaulengwe ba mo motsaneng wa gaetsho, mmogo le batho ba ba kgatlhegang, ba ne ba tla kwa boemelong jwa dibese go tla go ntsamaisa sentle. E ne e le nako e e neng e ama maikutlo tota, mme rotlhe re ne ra lela, e re ka re ne re sa itse gore re tlile go bonana leng gape.

Kwa Iráklion, ke ne ka nna leloko la lelapa la semoya le le lorato. Go ne go na le bakaulengwe ba bangwe ba Bakeresete ba bararo le kgaitsadi a le mongwe fela ba re neng re kopanela le bone ka metlha go ithuta le go obamela. Ke ne ke bona ke diragalelwa ke tsholofetso eno ya ga Jesu: “Ga go ope yo o tlogetseng ntlo kgotsa barwarraagwe kgotsa barwadiarraagwe kgotsa mmaagwe kgotsa rraagwe kgotsa bana kgotsa masimo ka ntlha ya me le ka ntlha ya dikgang tse di molemo yo o se nang go bona go menagane ga lekgolo jaanong mo lobakeng lono lwa nako, matlo le barwarraagwe le barwadiarraagwe le bommaagwe.” (Mareko 10:29, 30) Kabelo ya me e ne e le go rera mo motseng oo le mo metsaneng e e gaufi. Fa ke sena go rera mo motseng ono otlhe, ke ne ka ya go dira kwa diporofensing tse pedi tsa Iráklion le Lasithion.

Mmulatsela yo o Esi

Ke ne ka dirisa diura di le dintsi ke tsamaya motse le motsana. Mo godimo ga moo, ke ne ke tshwanetse go rwala morwalo o o boima wa dibuka, e re ka go ne go sa romelwe dibuka ka metlha. Ka go bo ke ne ke se na kwa ke robalang teng, ke ne ke ya kwa go rekisetswang kofi gone mo motsaneng oo, ke bo ke leta go fitlha moreki wa bofelo a tsamaya—gantsi e le morago ga bosigogare—ke bo ke robala mo setulong, mme ke bo ke tsoga ka makuku a moso o o latelang pele mong wa lefelo leo a simolola go rekisetsa batho kofi. Ditulo tseo di ne di tletse matsetse a a seng kana ka sepe.

Le mororo batho ba ne ba sa kgatlhege, ke ne ke itumelela gore ke neela Jehofa matlhagatlhaga a bosha jwa me. Fa ke ne ke bona motho yo o kgatlhegelang boammaaruri jwa Baebele, go ne go shafatsa boikemisetso jwa me jwa go batla go tswelela pele ka bodiredi jono jo bo bolokang botshelo. Gape go kopanela le bakaulengwe ba me ba semoya go ne go lapolosa. Ke ne ke a tle ke kopane le bone gape morago ga malatsi a le 20 go ya go a le 50, go ikaegile ka gore motse wa Iráklion o ne o le bokgakala jo bo kana kang le mo ke neng ke rera gone.

Ke sa ntse ke gakologelwa motshegare mongwe fa ke ne ke jewa ke bodutu thata, segolobogolo fa ke ne ke akanya gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba me ba Bakeresete kwa Iráklion ba ne ba tlile go tshwara pokano ya bone ya ka metlha mo maitseboeng ao. Ke ne ke eleditse go ba bona mo ke neng ka dira tshwetso ya go tsamaya ka maoto dikilometara tse di fetang 25 tse di neng di re arogantse. Ke ne ka itlhaganela tota. A bo go ne go gomotsa jang ne fa ke ne ke itumelela botsalano jo bo monate le bakaulengwe ba me mo maitseboeng ao, le go tlatsa mabolokelo a me a semoya, jaaka go ka tualo!

Ka bonakonyana fela, maiteko a me a go rera ka natla a ne a simolola go ungwa. Fela jaaka mo metlheng ya baaposetoloi, ‘Jehofa o ne a tswelela a re oketsa letsatsi le letsatsi ka ba ba bolokwang.’ (Ditiro 2:47) Palo ya baobamedi ba ga Jehofa e ne ya simolola go oketsega kwa Crete. Fa re ntse re oketsega mo bodireding, ke ne ke sa tlhole ke jewa ke bodutu. Re ne ra itshokela mathata a senama le pogiso e e setlhogo. Sejo sa rona sa malatsi otlhe e ne e le borotho, re bo shabela ka mae, di-olive, kana merogo e re neng re e bona ka go ananya dibuka tse batho ba neng ba di amogela fa re ba rerela.

Kwa toropong ya Ierápetra, kafa karolong ya borwabotlhaba jwa Crete, ke ne ka neela Minos Kokkinakis bosupi, morekisi wa matsela. Le mororo ke ne ke aga ke leka go simolola thuto ya Baebele le ene, o ne a sena nako ka gonne e ne e le motho yo o neng a nna a tshwaregile. Le fa go ntse jalo, fa kgabagare a ne a dira tshwetso ya go tlhoafalela go ithuta, o ne a dira diphetogo tse dikgolo mo botshelong jwa gagwe. Gape o ne a nna mmoledi yo o tlhoafetseng thata le yo o matlhagatlhaga wa dikgang tse di molemo. Emmanuel Paterakis, mmereki yo o neng a na le dingwaga di le 18 wa ga Kokkinakis, o ne a kgatlhiwa thata ke diphetogo tseo, mme go ise go ye kae a kopa dibuka tsa Baebele. A bo ke ne ka itumela jang ne go bona a gatela pele mo semoyeng ka iketlo mme kwa morago a nna morongwa!a

Ka fa letlhakoreng le lengwe, phuthego ya kwa motsaneng wa gaetsho e ne e tswelela pele e gola mme jaanong e ne e setse e na le baboledi ba le 14. Ga ke lebale letsatsi le ke neng ke bala lekwalo le le neng le tswa kwa go kgaitsadiake Despina, a nkitsise gore ene le batsadi ba me ba amogetse boammaaruri le gore jaanong ke baobamedi ba ba kolobeditsweng ba ga Jehofa!

Go Itshokela Pogiso le go Lelekwa

Kereke ya Greek Orthodox e ne ya simolola go tsaya tiro ya rona ya go rera e le sebetso sa ditsie tse di senyang, mme ba ne ba ikemiseditse go re nyeletsa gotlhelele. Ka March 1938, ke ne ka tlisiwa fa pele ga mosekisi, yo o neng a batla gore ke tswe mo motseng ka yone nako eo. Ke ne ka araba ka go bolela gore tiro ya rona ya go rera tota e mosola le gore tiro ya rona e laetswe ke molaodi yo mogolo, Kgosi ya rona Jesu Keresete.—Mathaio 28:19, 20; Ditiro 1:8.

Mo letsatsing le le latelang, ke ne ka bilediwa kwa seteisheneng sa mapodise sa lefelo leo. Fa ke fitlha koo ke ne ka bolelelwa gore ke kotsi mo setšhabeng, mme ke ne ka atlholelwa ngwaga e le nngwe ke leleketswe kwa setlhaketlhakeng sa Aegean sa Amorgos. Morago ga malatsi a sekae, ke ne ka isiwa kwa setlhaketlhakeng seo ka mokoro ke bofilwe ka ditshipi. Kwa Amorgos go ne go se na Basupi ba bangwe ba ga Jehofa. Ke ne ka gakgamala tota fa morago ga dikgwedi tse thataro ke utlwa gore go leleketswe Mosupi yo mongwe mo setlhaketlhakeng seno! E ka tswa e ne e le mang? Minos Kokkinakis, yo ke neng ka mo ruta Baebele kwa Crete. A bo ke ne ka itumelela go nna le tsala ya semoya jang ne! Moragonyana, ke ne ka nna le tshiamelo ya go mo kolobetsa mo metsing a Amorgos.b

Ka bonako fela fa ke sena go boela kwa Crete, ke ne ka tshwarwa gape, mme mo nakong eno ke ne ka lelekelwa kwa torotswaneng ya Neapolis dikgwedi di le thataro mo setlhaketlhakeng seo. Fa ke sena go fetsa dikgwedi tse thataro ke lelekilwe, ke ne ka tshwarwa, ka tsenngwa mo kgolegelong malatsi a le lesome, mme morago ga moo ka isiwa dikgwedi tse nnè kwa setlhaketlhakeng se go neng go isiwa Makomonisi a a neng a lelekilwe kwa go sone. Ke ne ka lemoga gore mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo a ne a le boammaaruri: “Botlhe ba ba eletsang go tshela ka boineelo jwa bomodimo tshwaraganong le Keresete Jesu le bone ba tla bogisiwa.”—2 Timotheo 3:12.

Koketsego Le fa Go na Le Pogiso

Fa Jeremane e ntse e gapile Gerika ka dingwaga tsa bo1940-44, tiro ya rona e ne ya batla e ema. Le fa go ntse jalo, batho ba ga Jehofa mo Gerika ba ne ba rulaganngwa sesha, mme re ne ra simolola tiro ya rona ya go rera sesha. Re ne ra gatela pele mo tirong ya Bogosi ka matlhagatlhaga le ka tlhoafalo re leka go berekela le nako e e neng e re latlhegetse.

Jaaka go ne go solofetswe, kganetso ya bodumedi e ne ya tlhagoga gape. Ka makgetlhonyana baruti ba Greek Orthodox ba ne ba tle ba dire dilo ka tsela e e seng kafa molaong. Mo go o mongwe wa metsana eno, moruti mongwe o ne a tlhotlheletsa segopa sengwe gore se re tlhasele. Moruti yono o ne a simolola go mpetsa fa morwawe le ene a ne a dira se se tshwanang kwa morago. Ke ne ka tshabela kwa ntlong e fa gaufi, fa yo ke neng ke rera le ene a ne a gogelwa kwa lebaleng la batho botlhe la motsana oo. Segopa seo se ne sa fitlha sa gagola dibuka tsa gagwe, mme mosadi mongwe o ne a nnela go goa a le fa mathuding a ntlo ya gagwe a re, “Mmolayeng!” Kgabagare ngaka le lepodise lengwe le le neng le feta ka tsela ba ne ba re thusa.

Moragonyana, ka 1952, ke ne ka tshwarwa gape mme ke ne ka atlholelwa dikgwedi di le nnè ke lelekilwe, tse ke neng ka di nna kwa Kastelli Kissamos, kwa Crete. Ka bonako fela morago ga moo, ke ne ka thapisediwa go etela diphuthego le go di nonotsha semoyeng. Fa ke sena go tsaya dingwaga di le pedi ke dira tiro eno ya go eta, ke ne ka nyala kgaitsadi mongwe wa Mokeresete yo o ikanyegang, yo o bidiwang Despina, jaaka kgaitsadiake, yo o ileng a itshupa e le moobamedi yo o ikanyegang wa ga Jehofa fa e sa le ka nako eo. Morago ga mokete wa lenyalo, ke ne ka abelwa go nna mmulatsela yo o kgethegileng kwa toropong ya Hania, kwa Crete, koo ke sa ntseng ke direla gone.

Mo e ka nnang dingwaga di le 70 ke le mo tirelong ya nako e e tletseng, ke akareditse karolo e kgolo ya Crete—setlhaketlhake sa disekwerekilometara di le 8 300 se se boleele jwa dikilometara di ka nna 250. Se ke neng ka se itumelela thata e ne e le go bona Basupi ba le mmalwa mo setlhaketlhakeng seno mo dingwageng tsa bo1930 ba oketsega ba nna baboledi ba ba tlhagafetseng ba Bogosi jwa Modimo ba ba fetang 1 100 gompieno. Ke leboga Jehofa go bo a ile a mpha sebaka sa go nna le seabe sa go thusa ba le bantsi ba bone go bona kitso e e boammaaruri ya Baebele le tsholofelo e e molemolemo ya isagwe.

Jehofa, “Mogolodi”

Boitemogelo bo nthutile gore go tlhokega boitshoko le bopelotelele go thusa batho go itse Modimo wa boammaaruri. Jehofa o re thusa ka bopelotshweu go nna le dinonofo tseno tse di tlhokegang thata. Mo dingwageng tse 67 ke le mo tirelong ya nako e e tletseng, ke ile ka akanya kgapetsakgapetsa ka mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo: “Ka tsela nngwe le nngwe re ikhaka gore re badiredi ba Modimo, ka go itshokela dilo di le dintsi, ka dipitlagano, ka makgetlo a letlhoko, ka mathata, ka dititeo, ka dikgolegelo, ka dikhuduego, ka ditiro tsa bonatla, ka go sa robale masigo, ka dinako tsa go tlhoka dijo.” (2 Bakorintha 6:4, 5) Segolobogolo fa ke ne ke simolola tirelo, ke ne ke na le mathata a tsa madi. Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a ise a ko a ntatlhe nna le lelapa la me. O ile a itshupa e le Mothusi wa ka metlha le yo o nonofileng. (Bahebera 13:5, 6) Ka metlha re ne ra bona letsogo la gagwe le le lorato mo tirong ya gagwe ya go phutha dinku tsa gagwe le fa a re tlamela ka dilo tse re di tlhokang.

Fa ke leba kwa morago mme ke bona ka tsela ya semoya gore sekaka se medile dithunya, ke tlhatswega pelo gore tiro ya me e ne e se ya lefela. Ke dirisitse matlhagatlhaga a bosha jwa me ka tsela e e mosola go gaisa tsotlhe. Botshelo jwa me ke le mo bodireding jwa nako e e tletseng bo ile jwa nna le matswela go feta sepe se sele. Jaanong ke tsofetse, mme nka kgothaletsa basha ka peloyotlhe go ‘gakologelwa Mmopi mo metlheng ya bokau jwa bone.’—Moreri 12:1.

Le fa ke na le dingwaga di le 91, ke sa ntse ke kgona go dira diura tse di fetang 120 mo tirong ya go rera kgwedi le kgwedi. Letsatsi le letsatsi ke tsoga ka 7:30 a.m. ke bo ke neela batho bosupi mo mmileng, mo mabenkeleng, kana mo diparakeng. Ka palogare, ke tsamaisa dimakasine di le 150 kgwedi le kgwedi. Botshelo bo setse bo nna thata jaanong ka gonne ke sa utlwe sentle e bile ke na le bothata jwa go lebala, mme bakaulengwe le bokgaitsadi ba me ba ba lorato ba semoya—lelapa la me le legolo la semoya—mmogo le malapa a bomorwadiake ba babedi, ba nthusa fela thata.

Se se botlhokwa le go feta, ke ithutile go ikanya Jehofa. Fa e sa le e le “lefika la me, le kago ya me ya phemelo, le mogolodi wa me.”—Pesalema 18:2.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Go itse ka hisitori ya botshelo jwa ga Emmanuel Paterakis, bona Tora ya Tebelo ya November 1, 1996, ditsebe 22-7.

b Malebana le kgetsi e e fentsweng ke Minos Kokkinakis, bona Tora ya Tebelo ya September 1, 1993, ditsebe 27-31. Minos Kokkinakis o tlhokafetse ka January 1999.

[Ditshwantsho mo go tsebe 26, 27]

Kwa tlase: Ke na le mosadi wa me; kafa molemeng: ka 1927; kafa tsebeng e e latelang: ke na le Minos Kokkinakis (kafa molemeng) le Mosupi mongwe kwa Acropolis, 1939, ka bonako fela fa ke tswa botshwarong

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela