-
Ga go Na Sepe se se Botoka go Gaisa BoammaaruriTora ya Tebelo—1998 | January 1
-
-
Ga go Na Sepe se se Botoka go Gaisa Boammaaruri
Jaaka Go Boletse G. N. Van Der Bijl
Ka June 1941, ke ne ka neelwa mapodise a Gestapo mme ka isiwa kwa kampeng ya pogisetso ya Sachsenhausen gaufi le Berlin, kwa Jeremane. Jaaka legolegwa la nomoro ya 38190 gone koo, ke ne ka nna koo go fitlhela go nna le mogwanto o o setlhogo wa loso ka April 1945. Mme pele ke tlhalosa ditiragalo tseo, e re ke tlhalose gore go tlile jang gore ke nne legolegwa.
KE TSALETSWE kwa Rotterdam, kwa Netherlands, moragonyana fela ga gore Ntwa ya Lefatshe I e simologe ka 1914. Rre o ne a bereka mo ditereneng, mme folete ya rona e nnye e ne e le gaufi le seporo. Kwa bokhutlong jwa ntwa ka 1918, ke ne ka bona diterena tse di rwalang batho ba ba gobetseng di le dintsi di feta ka lebelo le legolo. Ga go belaetse gore di ne di tletse masole a a gobetseng a a neng a isiwa gae a tswa ntweng.
Fa ke le dingwaga di le 12, ke ne ka tlogela sekolo ka ya go batla tiro. Dingwaga di le robedi morago ga moo ke ne ka ikwadisa ke le motlhokomedi wa bapalami ba sekepe, mme ke ne ka dira seo ka dingwaga tse nnè, ke tsamaya ka sekepe fa gare ga Netherlands le United States.
Fa re ne re ema mo boemakepeng kwa New York ka selemo sa 1939, ntwa e nngwe ya lefatshe e ne e gomagometsa. Ka jalo fa monna mongwe a tsena mo sekepeng sa rona mme a nneela buka ya Government, e e neng e bua ka puso e e siameng, ke ne ka itumelela go e tsaya. Fa ke boela kwa Rotterdam, ke ne ka simolola go batla tiro e e seng ya mo lewatleng, e re ka go tshela mo lewatleng go ne go sa tlhole go sireletsegile. Ka September 1, Jeremane e ne ya tlhasela Poland mme ditšhaba tsa itatlhela mo Ntweng ya Lefatshe II.
Go Ithuta Boammaaruri Jwa Baebele
Ka Sontaga sengwe mo mosong ka March 1940, ke ne ke etetse nkgonne yo o nyetseng fa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a kokota kwa kgorong. Ke ne ka mmolelela gore ke setse ke na le buka ya Government mme ka mmotsa ka legodimo le gore ke bomang ba ba yang teng. Ke ne ka utlwa karabo e e phepafetseng le e e utlwalang mo ke neng ka ipolelela gore, ‘Seno ke boammaaruri.’ Ke ne ka mo neela aterese ya me mme ka mo kopa gore a nketele kwa legaeng la me.
Morago ga gore a nketele makgetlho a mararo fela, a mo go one re neng re buisana tota ka Baebele, ke ne ka simolola go tsamaya le Mosupi yono mo tirong ya go rera ka ntlo le ntlo. Fa re fitlha kwa tshimong, o ne a mpontsha mo ke tla simololang gone, mme ke ne ke tsamaya ke le nosi. Ke tsela e batho ba le bantsi ba ba sa tswang go kopanela ba neng ba simolola tiro ya go rera ka yone mo malatsing ao. Ke ne ka bolelelwa gore, e le gore ke se ka ka bonwa mo mmileng, ke tshwanetse gore ka dinako tsotlhe ke bo ke le mo kamorenyaneng e e amogelang baeng fa ke tsamaisa dibuka. Go ne go tlhokega gore motho a nne podimatseba mo malatsing ao fa ntwa e ne e simologa.
Dibeke tse tharo moragonyana, ka May 10, 1940, masole a Jeremane a ne a tlhasela Netherlands, mme ka May 29, mokomisinara wa Reich e bong Seyss-Inquart o ne a bolela gore mokgatlho wa Basupi ba ga Jehofa o thibetswe. Re ne re kopanela re le ditlhotshwana, mme go ne go elwa tlhoko gore kwa re kopanelang teng go se ka ga itsiwe. Selo se se neng se re nonotsha thata e ne e le diketelo tsa balebedi ba ba etang.
Ke ne ke goga motsoko thata, mme fa ke ne ke neela Mosupi yo o neng a nthuta sekerete mme ka lemoga gore o ne a sa goge, ke ne ka bolela jaana: “Nka se kgone go tlogela go goga!” Le fa go ntse jalo, ka bonako fela morago ga moo fa ke ntse ke tsamaya mo mmileng, ke ne ka akanya ka gore, ‘Fa e le gore ke tlile go nna Mosupi, ke batla go nna Mosupi wa mmatota.’ Ka jalo ka se ka ka tlhola ke goga gape.
Go Emela Boammaaruri
Ka June 1940, pele dikgwedi di ka nna tharo ke sa le ke kopane le Mosupi kwa ntlong ya ga nkgonne, ke ne ka tshwantshetsa boineelo jwa me mo go Jehofa mme ka kolobediwa. Dikgwedi di sekae moragonyana, ka October 1940, ke ne ka tsenela bodiredi jwa nako e e tletseng ke le mmulatsela. Ka nako eo, ke ne ka neelwa se se neng se bidiwa baki ya bobulatsela. E ne e na le dipata tse dintsi tse di neng di tsenya dibuka le dibukana, mme motho o ne a ka kgona go e apara ka fa teng ga jase.
Totatota fa puso ya sesole ya Jeremane e ne e simolola go busa, go ne ga rulaganngwa gore Basupi ba ga Jehofa ba tsomiwe le go tshwarwa. Mo mosong mongwe ka February 1941, ke ne ke dira bodiredi jwa tshimo le Basupi ba bangwe ba sekae. Fa ba ntse ba etela batho ba bangwe mo karolong e nngwe ya matlo, ke ne ka dira go pota ka kwa karolong e nngwe ya matlo gore ke kopane le bone. Fa nako e ntse e ya, ke ne ka ya go bona se se ba diileng mme ka kopana le monna mongwe yo o neng a mpotsa gore, “A o na le dingwe tsa dibukana tseno le wena?”
Ke ne ka araba ka go re, “Ee.” O ne a ntshwarela seo mme a nkisa kwa seteisheneng sa mapodise. Ke ne ka tshwarwa dibeke di ka nna nnè. Bontsi jwa mapodise ano a ne a le botsalano. Fa motho a ise a neelwe mapodise a Gestapo, o ne a ka gololwa fa a ne a ka saena fela maiphako a a kwadilweng a gore a ka se tlhole a anamisa dibuka tsa Baebele. Fa ke ne ke kopiwa go saena maiphako ao, ke ne ka araba jaana: “Tota le fa lo ne lo ka nneela madi a mantsintsi, ga ke na go saena.”
Fa ke sena go tshwarwa nako e teletsana, ke ne ka isiwa kwa mapodiseng a Gestapo. Morago ga moo ke ne ka isiwa kwa kampeng ya pogisetso ya Sachsenhausen kwa Jeremane.
Botshelo Kwa Sachsenhausen
Fa ke goroga ka June 1941, go ne go setse go na le Basupi ba ka nna 150—bontsi jwa bone e le Bajeremane—kwa Sachsenhausen. Rona magolegwa a masha re ne ra isiwa kwa karolong nngwe ya kampa e e bidiwang Botlhaolelo. Bakaulengwe ba rona ba Bakeresete gone koo ba ne ba re tlhokomela mme ba re baakanyetsa se re neng re tshwanetse go se lebelela. Morago ga beke go ne ga goroga Basupi ba bangwe ba ba neng ba rometswe go tswa kwa Netherlands. La ntlha re ne re abetswe go ema golo go le gongwe fela fa pele ga matlo a magolegwa go tloga ka nako ya bosupa mo mosong go fitlha ka nako ya borataro maitseboa. Ka dinako tse dingwe magolegwa a ne a tshwanetse go dira jalo letsatsi le letsatsi mo bekeng kana go feta.
Go sa kgathalesege go tshwarwa makgwakgwa jalo, bakaulengwe ba ne ba lemoga botlhokwa jwa go rulaganya le go ja dijo tsa semoya. Letsatsi le letsatsi mongwe o ne a abelwa go baakanyetsa dintlha dingwe mo temaneng ya Baebele. Moragonyana, mo lefelong le ba kopanang mo go lone, Basupi ka bongwe ba ne ba atamela motho yoo ba bo ba reetsa se a se baakanyeditseng. Ka tsela nngwe fela, dibuka di ne di tsena mo kampeng ka bokhukhuntshwane, mme tota re ne re kopana ka Sontaga mongwe le mongwe le go ithuta dibuka tseno tsa Baebele mmogo.
Ka tsela nngwe khopi ya buka ya Children, e e neng e golotswe kwa kopanong ya St. Louis kwa United States ka selemo sa 1941, e ne ya fitlha kwa Sachsenhausen ka bokhukhuntshwane. E le go dira gore buka eno e se ka ya bonwa motlhofo le go senngwa, re ne ra e ntsha ditsebe, mme dikarolo tsa yone di ne tsa neelwa bakaulengwe gore mongwe le mongwe a nne le sebaka sa go e bala.
Morago ga sebakanyana, balaodi ba kampa ba ne ba lemoga gore re ntse re tshwara dipokano. Ka jalo Basupi ba ne ba kgaoganngwa mme ba tsenngwa mo matlong a magolegwa a a farologaneng. Seno se ne sa re neela sebaka se se molemo sa go rerela magolegwa a mangwe, mme ka ntlha ya seo, batho ba le bantsi ba Poland, Ukraine le ba bangwe ba ne ba amogela boammaaruri.
Banasi ba ne ba sa fitlhe maikaelelo a bone a go senya kana go bolaya Bibelforscher, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa. Ka gone, re ne re gateletswe thata. Re ne ra bolelelwa gore re ka gololwa fela fa re ka saena maiphako a go itatola tumelo ya rona. Bakaulengwe ba bangwe ba ne ba simolola go akanya ka gore, “Fa ke golotswe, nka dira mo gontsi mo tirelong ya ga Jehofa.” Le mororo ba sekae ba ne ba saena, bontsi jwa bakaulengwe ba rona ba ne ba nna ba ikanyega go sa kgathalesege go gatakiwa ga ditshwanelo tsotlhe tsa bone, go nyenyefadiwa le go tshwarwa makgwakgwa. Bangwe ba batho ba ba neng ba ineela, ga go a ka ga tlhola go utlwalelwa ka bone gape. Le fa go le jalo, se se itumedisang ke gore ba bangwe moragonyana ba ne ba boa mme ba sa ntse ba le Basupi ba ba tlhagafetseng.
Ka metlha re ne re patelediwa go lebelela fa magolegwa a otlhaiwa mo go setlhogo mo mmeleng, jaaka fa a itewa dithupa tse 25. Ka nako nngwe, go ne gatwe re lebelele fa banna bangwe ba banè ba ne ba bolawa ka go kalediwa. Ditiragalo tseo di ama motho fela thata. Mokaulengwe mongwe, yo moleele, e le monna yo montle yo o neng a nna le nna mo ntlong eo ya kgolegelo, o ne a nthaya a re: “Pele ke tla fa, ke ne ke idibala fa ke ne ke ka bona madi. Mme gone jaanong ke thatafetse.” Le fa go ntse jalo, le mororo re ka tswa re ne re thatafetse, re ne re se setlhogo. Tota nkare, ga ke ise ke nne pelompe kana ke tlhoe babogisi ba rona.
Fa ke sena go bereka le kommando (setlhopha sa babereki) ka nakonyana, ke ne ka isiwa kwa sepatela ke tshwerwe ke bolwetse jwa letshoroma. Ngaka nngwe e e pelonomi ya Norway le mooki wa Czechoslovakia ba ne ba nthusa, mme bopelonomi jwa bone bo ne jwa boloka botshelo jwa me.
Mogwanto wa Loso
Ka April 1945, go ne go bonala gore Jeremane e a fenngwa mo ntweng. Mephato e e neng e ipopile ngatana ya ka fa bophirima e ne e atamela ka bonako go tswa ka fa bophirima, le Ba-Soviet, ba tswa ka fa botlhaba. Go ne go se motlhofo gore Banasi ba ganyaole diketekete tsa batho ba ba mo dikampeng tsa pogisetso ba bo ba latlha ditopo tsa bone mo malatsing a sekae fela go sena motlhala o o salang. Ka jalo ba ne ba swetsa ka gore ba bolaye balwetse mme ba bo ba fodusetsa magolegwa a a setseng kwa boemakepeng jo bo gaufi. Ba ne ba rulagantse gore koo ba ne ba tla ba pega mo dikepeng ba bo ba nwetsa dikepe tseno mo lewatleng.
Mogwanto ono wa magolegwa a ka nna 26 000 a a tswang kwa Sachsenhausen o ne wa simologa mo bosigong jwa April 20. Pele re tloga kwa kampeng, bakaulengwe ba rona ba ba lwalang ba ne ba ntshiwa kwa kokelwaneng. Go ne ga batliwa kara e ba neng ba ka tsamaya ka yone. Rotlhe re ne re le 230 go tswa kwa dinageng tse thataro tse di farologaneng. Mo go ba ba neng ba lwala e ne e le Mokaulengwe Arthur Winkler, yo o neng a thusa thata mo go goleng ga tiro kwa Netherlands. Rona Basupi re ne re le kwa morago mo mogwantong ono, mme re ne re tswelela re kgothatsana gore re nne re gwantele pele.
Sa ntlha, re ne ra tsamaya ka maoto diura di le 36 re sa ikhutse. Fa ke ntse ke tsamaya, tota ke ne ke robala ka ntlha ya tlalelo le letsapa le le tseneletseng. Mme go ne go sa kgonege gore motho a salele kwa morago kana go ikhutsa ka gonne o ne a ka nna a thuntshiwa ke balebeledi. Bosigo re ne re robala mo lobaleng fela kana mo sekgweng. Go ne go na le dijonyana kana mo gongwe di seyo gotlhelele. Fa tlala e setse e tlhasetse thata, ke ne ke latswa setlhatswameno se ba Sefapaano se Sehibidu ba Sweden ba re neetseng sone.
Mo tiragalong e nngwe, e re ka balebeledi ba Bajeremane ba ne ba sa tlhole ba itse gore masole a Russia le a United States a kae, re ne ra thibelela mo sekgweng ka malatsi a manè. Re ne re le lesego ka ntlha ya seno, ka gonne ga re a ka ra fitlha kwa Lübeck Bay ka nako gore re palame dikepe tse di neng di tshwanetse go re isa kwa lebitleng la rona la metsi. Kgabagare, morago ga malatsi a le 12 le go tsamaya ka maoto dikilometara di ka nna 200, re ne ra goroga kwa Crivitz Wood. Go ne go se kgakala le kwa Schwerin, motse o o dikilometara di le 50 go tswa kwa Lübeck.
Ba-Soviet ba ne ba le ka fa mojeng wa rona mme Baamerika ba le ka fa molemeng wa rona. Ka go utlwa ditlhobolo tse dikgolo di bobora le ditlhobolo tse dinnye di thunya di sa kgaotse, re ne re itse gore re gaufi le bothibelelo jwa masole. Balebeledi ba Bajeremane ba ne ba tshoga; ba bangwe ba ne ba sia, mme ba bangwe ba apola diyunifomo tsa bone tsa sepodise ba apara tsa magolegwa tse ba neng ba di apotse ba ba neng ba sule, ba solofetse gore ba se ka ba lemogiwa. Fa gare ga tlhakatlhakano eno, rona Basupi re ne ra kopana mmogo gore re rapelele go bona kaelo.
Bakaulengwe ba ba neng ba eteletse pele ba ne ba swetsa ka gore re tshwanetse go tloga ka makuku a letsatsi le le latelang mme re ye ntlheng ya bothibelelo jwa masole a United States. Le mororo mo e batlileng e nna sephatlo sa magolelwa a a neng a simolotse mogwanto wa loso se sule kana se bolailwe mo tseleng, Basupi botlhe ba ne ba sa ntse ba tshela.
Ke ne ka pegwa ke badiri ba masole a Canada go ya kwa motseng wa Nijmegen, kwa kgaitsadiake a neng a nna teng pele. Mme fa ke fitlha koo, ka fitlhela gore o ne a setse a fudugile. Ka jalo ke ne ka simolola go tsamaya ka maoto go ya kwa Rotterdam. Ka lesego, mo tseleng ke ne ka pegwa ke koloi ya motho mongwe yo o neng a nkisa kwa ke neng ke ya teng.
Boammaaruri e Ile ya Nna Botshelo Jwa Me
Mo go lone letsatsi leo, fa ke ne ka goroga kwa Rotterdam, ke ne ka ikwadisetsa tiro ya bobulatsela gape. Dibeke di le tharo morago ga moo ke ne ke setse ke le kwa kabelong ya me kwa motseng wa Zutphen, koo ke neng ka direla gone ngwaga le sephatlo. Ka nako eo, ke ne ka nonofa gape mo mmeleng. Morago ga moo ke ne ka tlhomiwa go nna molebedi wa potologo, jaaka badiredi ba ba etang ba bidiwa. Dikgwedi di sekae moragonyana, ke ne ka lalediwa kwa Sekolong sa Baebele sa Watchtower sa Gileate kwa South Lansing, New York. Fa ke sena go aloga mo setlhopheng sa bo12 sa sekolo seo ka February 1949, ke ne ka abelwa go ya go direla kwa Belgium.
Ke ile ka direla mo dikarolong tse di farologaneng tsa bodiredi kwa Belgium, go akaretsa dingwaga di ka tshwara robedi kwa ofising ya lekala le masomesome a dingwaga mo tirong ya go eta ke le molebedi wa potologo mmogo le molebedi wa kgaolo. Ka 1958, ke ne ka nyala Justine, yo ke neng ke tsamaya le ene. Jaanong, jaaka ke simolola go tsofala, ke sa ntse ke itumelela go direla ka selekanyo se se botlana ke le moemedi wa balebedi ba ba etang.
Fa ke lebelela kwa morago mo bodireding jwa me, nka bolela jaana tota: “Ga go na sepe se se botoka go gaisa boammaaruri.” Ke boammaaruri gore go ne go se motlhofo ka metlha. Ke bone botlhokwa jwa go ithuta mo diphosong le mo ditlhaelong tsa me. Ka jalo fa ke tlotla le basha, gantsi ke ba bolelela jaana: “Le lona lo tla dira diphoso mme gongwe lo bo lo leofe mo go masisi, mme lo se ka lwa go fitlha. Buang kgang eo le batsadi ba lona kana le mogolwane mongwe, mme lo bo lo baakanya fa go tlhokegang gone.”
Mo dingwageng di ka nna 50 ke le mo bodireding jwa nako e e tletseng kwa Belgium, ke nnile le tshiamelo ya go bona batho ba ke neng ke kile ka ba bona e le bana, ba direla e le bagolwane le balebedi ba potologo. Mme ke bone baboledi ba Bogosi ba ka nna 1700 mo nageng eno ba gola go nna ba ba fetang 27 000.
Ke ipotsa jaana, “A go ka tswa go ne go na le tsela nngwe e e segofaditsweng thata ya go tshela go feta ya go direla Jehofa?” E ne e seyo gotlhelele, ga e yo le gone jaanong, e bile ga e kitla e nna gone. Ke rapela gore e kete Jehofa a ka tswelela pele a nkaela le mosadi wa me gore re tswelele pele re mo direla ka bosakhutleng.
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Ke na le mosadi wa me moragonyana fela fa re sena go nyalana ka 1958
-
-
“Lo Dire Batho ba Merafe Yotlhe Barutwa”Tora ya Tebelo—1998 | January 1
-
-
“Lo Dire Batho ba Merafe Yotlhe Barutwa”
“JALO tsamayang mme lo dire batho ba merafe yotlhe barutwa, lo ba kolobetsa mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo.” E ke tsela e Thanolo ya Lefatshe le Lesha e ranolang taelo ya ga Jesu ka yone mo go Mathaio 28:19. Le fa go ntse jalo, thanolo eno e ile ya tshwaiwa phoso. Ka sekai, pampitshana nngwe ya bodumedi e bolela jaana: “Thanolo fela e e letlelelwang ya temana ya Segerika ke eno: ‘Lo dire merafe yotlhe barutwa!’” A seno se boammaaruri?
Thanolo eno e e reng, “Lo dire merafe yotlhe barutwa,” e bonala mo dithanolong di le dintsi tsa Baebele e bile ke thanolo e e ranotsweng lefoko ka lefoko ya Segerika. Ka jalo, ke ka ntlha yang fa e balega ka gore, “Lo dire batho ba merafe yotlhe barutwa, lo ba kolobetsa”? Ke se go buiwang ka sone mo temaneng eo. Mafoko a a reng “lo ba kolobetsa” go phepafetse gore a bolela batho, e seng merafe. Mokanoki wa Mojeremane e bong Hans Bruns o bolela jaana: “[Lefoko] le le reng ‘ba’ ga le bolele ka merafe (Segerika se farologanya seno sentle), mme le bolela ka batho ba ba mo merafeng.”
Mo godimo ga moo, tsela e taelo ya ga Jesu e builweng ka yone e tshwanetse ya elwa tlhoko. Malebana le bodiredi jwa ga Paulo le Barenabase kwa Derebe, e leng motse wa Asia Minor, re bala jaana: “Fa a sena go bolelela motse oo dikgang tse di molemo le go dira barutwa ba le bantsi thata, ba boela kwa Lisetera le kwa Ikonio le kwa Antioka.” (Ditiro 14:21) Ela tlhoko gore Paulo le Barenabase ba ne ba dira barutwa, e seng ba motse wa Derebe, mme bangwe ba batho ba Derebe.
Ka mo go tshwanang, malebana le motlha wa bokhutlo, buka ya Tshenolo ga e bolelele pele gore merafe yotlhe e tla direla Modimo, mme e bolela gore ‘boidiidi jo bogolo . . . jo bo tswang mo merafeng yotlhe le ditso le batho le diteme’ bo ne bo tla dira jalo. (Tshenolo 7:9) Ka gone, Thanolo ya Lefatshe le Lesha e nna e ntse e tlhomologile e le thanolo e e ikanyegang ya ‘Lokwalo lotlhe lo lo tlhotlheleditsweng ke Modimo.’—2 Timotheo 3:16.
-