LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • re kgao. 5 ts. 22-27
  • Johane o Bona Jesu yo o Galaleditsweng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Johane o Bona Jesu yo o Galaleditsweng
  • Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mo Letsatsing la Morena
  • Go Rarabolola Masaitseweng a a Boitshepo
    Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Utlwa se Mova o se Bolelelan Diphuthe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Buka ya Bibela ya bo 66—Tshenolō
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Melaetsa ya Baengele ya Motlha wa Rona
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
re kgao. 5 ts. 22-27

Kgaolo 5

Johane o Bona Jesu yo o Galaleditsweng

Ponatshegelo 1—Tshenolo 1:10–3:22

Setlhogo: Jesu o tlhatlhoba Iseraele wa semoya mo lefatsheng a ba a ba neela kgothatso e e lorato

Nako ya go diragadiwa: Pono eno ya letsatsi la Morena e simologa ka 1914 go fitlhelela wa bofelo wa batlodiwa ba ba ikanyegang a swa a ba a tsosiwa mo losong

1. Ponatshegelo ya ntlha e neelwa jang, mme Johane o ne a bontsha nako ya go diragadiwa ga yone tota jang?

PONATSHEGELO ya ntlha mo bukeng ya Tshenolo e simolola mo go kgaolo 1, temana 10. Ponatshegelo eno, fela jaaka tse dingwe mo go Tshenolo, e simolola ka go bolela gore Johane o utlwa sengwe se se sa tlwaelesegang kana gore o a se bona. (Tshenolo 1:10, 12; 4:1; 6:1) Ponatshegelo eno ya ntlha e neelwa e lebisitswe mo seemong sa lekgolo la ntlha la dingwaga se mo go sone melaetsa e isiwang kwa diphuthegong tse supa tsa nako ya ga Johane. Mme Johane o supa nako ya mmatota ya go diragadiwa ga yone fa a re: “Ka tlhotlheletso ka bo ke le mo letsatsing la Morena.” (Tshenolo 1:10a) ‘Letsatsi’ leno le leng? A ditiragalo tse di tshosang tsa metlha eno ya matsubutsubu di amana ka gope le lone? Fa go ntse jalo, re tshwanetse go ela tlhoko polelelopele eno thata, ka gonne e ama matshelo a rona ka namana—le eleng go falola ga rona.—1 Bathesalonika 5:20, 21.

Mo Letsatsing la Morena

2. Letsatsi la Morena le simologa leng, mme le khutla leng?

2 Seno se raya gore Tshenolo e diragadiwa ka nako efe? Ebu, letsatsi la Morena ke eng? Moaposetoloi Paulo o bua ka lone jaaka nako ya katlholo le ya tiragatso ya ditsholofetso tsa bomodimo. (1 Bakorintha 1:8; 2 Bakorintha 1:14; Bafilipi 1:6, 10; 2:16) Ka jaana “letsatsi” leo le setse le gorogile, maikaelelo a magolo a ga Jehofa a tswelela go ya konelong ya one kgato ka kgato le ka phenyo. “Letsatsi” leo le simolola ka go tlhongwa ga ga Jesu jaaka Kgosi ya selegodimo. Le eleng morago ga Jesu a sena go atlhola lefatshe la ga Satane, letsatsi la Morena le nna le tswelela pele, ka go tsosolosiwa ga Paradaise le go dirwa ga setho gore se itekanele, go fitlhelela labofelo Jesu “a neela Modimo wa gagwe le Rraagwe bogosi.”—1 Bakorintha 15:24-26; Tshenolo 6:1, 2.

3. (a) Polelelopele ya ga Daniele ya “metlha e le supa” e re thusa jang go bona gore letsatsi la Morena le simologa leng? (b) Ke ditiragalo dife mo lefatsheng tse di tlhomamisang gore ngwaga wa 1914 e ne e le tshimologo ya letsatsi la Morena?

3 Tiragatso ya dipolelelopele tse dingwe tsa Baebele e re thusa go bona gore letsatsi la Morena le simologile leng. Ka sekai, Daniele o ne a tlhalosa ka go rengwa ga Bogosi jwa losika lwa ga Kgosi Dafide; morago ga “metlha e le supa” go ne go tla itsiwe “gore Mogodimodimo ke Mmusi mo bogosing jwa batho, le gore o bo naya yo a batlang go bo mo naya.” (Daniele 4:23, 24, 31, 32) Tiragatso e kgolo ya polelelopele eo e ne ya simologa fa go ne go senngwa bogosi jwa Juda, moo bosupi jwa Baebele bo bontshang gore go ne ga felela ka October 607 B.C.E. Tshenolo 12:6, 14 e bontsha gore metlha e le 3 1/2 e lekana le malatsi a le 1 260; ka gone, metlha e le supa (palo eo e menagantswe gabedi) e tshwanetse go nna malatsi a le 2 520. Fa re tsaya gore “letsatsi le emela ngwaga,” re fitlha mo palong ya dingwaga tse 2 520 e le boleele jwa “metlha e le supa.” (Esekiele 4:6) Ka jalo he, Keresete Jesu o ne a simolola puso ya gagwe ya selegodimo mo karolong ya bofelo ya 1914. Go tlhagoga ga ntwa ya ntlha ya lefatshe ka ngwaga oo go ne ga tshwaya “tshimologo ya ditlhabi tsa tlalelo” tse di nnileng tsa tswelela go tshwenya setho. Fa e sale ka 1914, a bo ditiragalo tsa lefatshe leno le le tladikilweng ka madi di tlhomamisitse jang ne gore ngwaga oo e ne e le tshimologo ya “letsatsi” la go nna gone ga ga Jesu!—Mathaio 24:3-14.a

4. (a) Mafoko a Tshenolo ka boyone a supang malebana le gore pono ya ntlha e diragadiwa leng? (b) Go diragadiwa ga ponatshegelo ya ntlha go khutla leng?

4 Ka gone, ponatshegelo eno ya ntlha le kgakololo e e mo go yone ke tsa letsatsi la Morena, go simolola ka 1914 go ya pele. Gore seno ke sa nako eno go tshegediwa ke ntlha ya gore, moragonyana mo go Tshenolo, pego eo e tlhalosa go diragadiwa ga dikatlholo tsa boammaaruri le tsa tshiamo tsa Modimo—ditiragalo tse Morena Jesu a nnang le seabe se se tlhomologileng mo go tsone. (Tshenolo 11:18; 16:15; 17:1; 19:2, 11) Fa e le gore tiragatso ya ponatshegelo eno ya ntlha e simologile ka 1914, e fela leng? Jaaka melaetsa eno ka boyone e bontsha, phuthego e go buiwang nayo ke phuthego ya Modimo ya batlodiwa ba ba mo lefatsheng. Jalo he, tiragatso ya ponatshegelo eno ya ntlha e khutla fa leloko la bofelo la batlodiwa ba phuthego eo yo o ikanyegang a swa a ba a tsosediwa go ya botshelong jwa selegodimo. Le fa go le jalo, letsatsi la Morena, le le nang le masego mo go ba dinku tse dingwe le tswelela go ya go fitlha kwa bokhutlong jwa puso ya Dingwaga tse di Sekete ya ga Jesu Keresete.—Johane 10:16; Tshenolo 20:4, 5.

5. (a) Lentswe le raya Johane le re a dire eng? (b) Ke ka ntlha yang fa mafelo a ‘diphuthego tse supa’ di neng di le kwa go one a ne a siametse gore di romelelwe lokwalo?

5 Mo ponatshegelong eno ya ntlha, pele ga Johane a bona sepe fela, o utlwa sengwe: “Mme kafa morago ga me ka utlwa lentswe le le nonofileng le tshwana le la terompeta, le re: ‘Se o se bonang se kwale mo lokwalong lwa momeno mme o se romele kwa diphuthegong tse supa, kwa Efeso le kwa Semerena le kwa Peregamo le kwa Thiatira le kwa Saredisa le kwa Filadelefia le kwa Laodikia.’” (Tshenolo 1:10b, 11) Ka go bua ka thata le ka taolo jaaka e kete go lela ga lonaka, lentswe le raya Johane le re a kwalele ‘diphuthego tse supa.’ O ne a tla amogela melaetsa ka go tlhatlologana le go kwala dilo tse a neng a tla di bona le go di utlwa. Ela tlhoko gore diphuthego tse di umakiwang mono di ne di le teng tota mo motlheng wa ga Johane. Tsotlhe di ne di le kwa Asia Minor, ka kwa ntlheng e nngwe ya lewatle go kgabaganya Patamose. Go ne go le motlhofo go tswa kwa go e nngwe go ya kwa go e nngwe ka ntlha ya ditsela tse di siameng thata tsa Roma tse di neng di le teng mo lefelong leo. Morongwa o ne a se kitla a nna le bothata bope mo go iseng lekwalo go tswa kwa phuthegong e nngwe go ya kwa go e nngwe. Diphuthego tseno tse supa di ne di tla tshwana le karolo ya potologo ya motlha wa segompieno ya Basupi ba ga Jehofa.

6. (a) Go tewang ka “dilo tse di leng gone”? (b) Ke ka ntlhayang fa re ka tlhomamisega gore maemo a a mo phuthegong ya Bakeresete ba ba tloditsweng gompieno a tshwanetse a bo a tshwana le ale a motlha wa ga Johane?

6 Bontsi jwa dipolelelopele tsa Tshenolo di ne di tshwanetse go diragadiwa morago ga motlha wa ga Johane. Di ne di bua ka “dilo tse di tla diragalang morago ga tseno.” Mme kgakololo e e neelwang diphuthego tse supa e bua ka “dilo tse di leng gone,” maemo a tota a neng a le teng mo diphuthegong tse supa ka nako eo. Melaetsa eo e ne e le dithuso tsa botlhokwa mo bagolwaneng ba ba tlhophilweng ba ba ikanyegang mo diphuthegong tse supa tseo, mmogo le mo diphuthegong tsotlhe tse dingwe tsa Bakeresete ba ba tloditsweng ba nako eo.b E re ka tiragatso e kgolo ya ponatshegelo eo e ne e tla nna ka letsatsi la Morena, se Jesu a se bolelang se lemotsha gore go tshwanetswe ga lebelelwa maemo a a tshwanang mo phuthegong ya Bakeresete ba ba tloditsweng ya motlha wa rona.—Tshenolo 1:10, 19.

7. Mo ponatshegelong eno ya ntlha Johane o bona mang, mme ke ka ntlhayang fa go le botlhokwa go bile go kgatlha mo go rona gompieno?

7 Mo ponatshegelong eno ya ntlha, Johane o bona Morena Jesu Keresete yo o tsabakelang a le mo kgalalelong ya Gagwe ya selegodimo. A bo seo se tshwanela jang ne mo bukeng ya dipolelelopele tse di amanang le letsatsi la Morena yono yo o romilweng go tswa kwa magodimong! Mme abo seo se le botlhokwa jang ne mo go rona, ba jaanong re tshelang mo nakong eo re bile re dira taolo nngwe le nngwe ya gagwe ka kelotlhoko! Mo godimo ga moo, abo go kgatlhisa jang ne gore batshegetsi ba bolaodi jwa ga Jehofa ba tlhomamisediwe gore Losika lwa Bomesia, ka go bo a itshoketse diteko tsotlhe le dipogiso tse a di tliseditsweng ke Satane a bile a bogile loso lo lo botlhoko fa ‘serethe’ sa Gagwe se ne se gobadiwa dingwaga di ka nna 2 000 tse di fetileng, jaanong o a tshela kwa legodimong, o neilwe maatla a go dira gore boikaelelo jo bogolo jwa Modimo bo diragadiwe ka phenyo!—Genesise 3:15.

8. Jaanong Jesu o eme sentle go tsaya kgato efe?

8 Jaanong go phepafetse sentle gore Jesu o eme sejaro go tsaya kgato jaaka Kgosi e e tlhomilweng. O tlhomilwe mo setilong sa Bogosi jaaka Moatlhodi yo Mogolo wa ga Jehofa go diragatsa dikatlholo tsa bofelo tsa ga Jehofa mo tsamaisong eno e kgologolo ya dilo, e e boikepo le modimo wa yone yo o bosulasula, e bong Satane. Gape o tloga a atlhola maloko a phuthego ya gagwe ya batlodiwa le balekane ba bone ba boidiidi jo bogolo, gammogo le go atlhola lefatshe.—Tshenolo 7:4, 9; Ditiro 17:31.

9. (a) Johane o tlhalosa Jesu Keresete yo o galaleditsweng yo o fa gare ga ditlhomo tsa dipone tsa gouta jang? (b) Ke eng se se supiwang ke seemo seno se se tshwanang le sa kwa tempeleng le seaparo se Jesu a se apereng? (c) Ke eng se se supiwang ke moitlamo wa gagwe wa gouta?

9 Johane o retologela kwa modumong wa lentswe le legolo, mme se a se bonang ke seno: “Ka retologa gore ke bone lentswe le le neng le bua le nna, mme, ya re ke sena go retologa, ka bona ditlhomo tsa lobone tsa gouta di le supa.” (Tshenolo 1:12) Moragonyana, Johane o lemoga se ditlhomo tseno tse supa di se tshwantshetsang. Mme matlho a gagwe a gapiwa ke motho yo o emeng fa gare ga ditlhomo tseno. Mo “gare ga ditlhomo tsa lobone ga bo go le mongwe yo o tshwanang le morwa motho, a apere seaparo se se fitlhang kwa dinaong, mme a tlamilwe mo sehubeng ka moitlamo wa gouta.” (Tshenolo 1:13) Mono, “morwa motho,” e bong Jesu, o ema ka boene fa pele ga mmogedi yono yo o gamaregileng fela thata, e bong, Johane, a le motho yo o tlotlometseng, yo o galalelang fela thata. O bonala ka kgalalelo e kgolo a le fa gare ga ditlhomo tsa lobone tse di tukang tsa gouta. Seemo seno se se tshwanang le sa kwa tempeleng se gatisetsa mo go Johane ntlha ya gore Jesu o gone a le mo boemong jwa Moperesiti yo Mogolo thata wa ga Jehofa, ka maatla a go atlhola. (Bahebera 4:14; 7:21-25) Seaparo sa gagwe se setelele, se se kgatlhang se tshwanela maemo a gagwe a boperesiti. Jaaka baperesiti ba bagolo ba Bajuda ba bogologolo, o itlamile ka moitlamo—moitlamo wa gouta fa godimo ga sehuba sa gagwe koo o apesitseng pelo ya gagwe. Seno se kaya gore o tla dira thomo ya gagwe ya bomodimo e a e neelwang ke Jehofa Modimo ka peloyotlhe.—Ekesodo 28:8, 30; Bahebera 8:1, 2.

10. (a) Ke eng se se bontshiwang ke moriri o mosweu jaaka kapoko wa ga Jesu le matlho a gagwe a a ntseng jaaka kgabo e e tukang? (b) Ke eng se se kaiwang ke dinao tsa ga Jesu tse di tshwanang le kgotlho e e lakaselang?

10 Tlhaloso ya ga Johane e tswelela jaana: “Mo godimo ga moo, tlhogo ya gagwe le moriri wa gagwe di ne di le ditshweu jaaka boboa jo bosweu, jaaka kapoko, le matlho a gagwe jaaka kgabo e e tukang.” (Tshenolo 1:14) Moriri wa gagwe o o bosweu jwa kapoko o supa botlhale ka baka la go bo a tshetse lobaka lo loleele. (Bapisa Diane 16:31.) Mme matlho a gagwe a a tshwanang le kgabo e e tukang ya molelo a bontsha gore o bofefo go lemoga, jaaka a tlhatlhoba, a leka, kana a bontsha bogale jwa gagwe. Le dinao tsa ga Jesu tota di gapa tlhokomelo ya ga Johane: “Mme dinao tsa gagwe di ne di tshwana le kgotlho e e borethe fa e tuka mo leubelong; mme lentswe la gagwe le ne e kete mosumo wa metsi a mantsi.” (Tshenolo 1:15) Mo ponatshegelong eno, dinao tsa ga Jesu di tshwana le kgotlho, di a galalela, di a phatsima—di tshwanela yo o tsamayang ka tlhagafalo a bile a na le boemo jo bontle fa pele ga ga Jehofa Modimo. Mo godimo ga moo, fa mo Baebeleng dilo tsa bomodimo gantsi di tshwantshediwa ke gouta, jalo dilo tsa setho fa gongwe di tshwantshediwa ke kgotlho.c Ka gone dinao tsa ga Jesu tse di galalelang jaaka kgotlho e ntle di re gakolola kafa dinao tsa gagwe di neng di le “dintle” ka teng fa a ne a tsamaya mo lefatsheng a rera dikgang tse di molemo.—Isaia 52:7; Baroma 10:15.

11. (a) Dinao tsa ga Jesu tse di galalelang di re gakolola eng? (b) Ke eng se se bontshiwang ke ntlha ya gore lentswe la ga Jesu e ne “e kete mosumo wa metsi a mantsi”?

11 Tota, jaaka motho yo o itekanetseng, Jesu o ne a na le kgalalelo e e neng e bonwa ke baengele le batho. (Johane 1:14) Gape dinao tsa gagwe tse di galalelang di re gakolola gore o tsamaya mo lefelong le le boitshepo mo phuthegong ya ga Jehofa, e a leng Moperesiti yo Mogolo mo go yone. (Bapisa Ekesodo 3:5.) Gape, lentswe la gagwe le utlwala le duma jaaka maru le jaaka mosumo wa metsi a mantsi. Le a kgatlha, le a tshosa, fela jaaka go tshwanela ka yo o bidiwang Lefoko la Modimo kafa molaong, yo o tlang go ‘atlhola lefatshe ka tshiamo.’—Ditiro 17:31; Johane 1:1.

12. Ke eng se se kaiwang ke “tšhaka e e bogale, e telele e e magalemabedi”?

12 “Mme mo seatleng sa gagwe sa moja o ne a tshotse dinaledi di le supa, mme mo molomong wa gagwe go ne go tswa tšhaka e e bogale, e telele e e magalemabedi, le sefatlhego sa gagwe se ne se tshwana le letsatsi fa le phatsima ka maatla a lone. Mme e rile ke mmona, ka wela fa dinaong tsa gagwe jaaka yo o suleng.” (Tshenolo 1:16, 17a) Jesu ka boene o tlhalosa se se kaiwang ke dinaledi tse supa moragonyana. Mme ela tlhoko se se tswang mo molomong wa gagwe: “tšhaka e e bogale, e telele e e magalemabedi.” A pono e e tshwanelang! Ka gonne Jesu ke ene yo o tlhomilweng go bolela dikatlholo tsa bofelo tsa ga Jehofa kgatlhanong le baba ba Gagwe. Mafoko a katlholo a a ka se kang a fetolwa a a tswang mo molomong wa gagwe a felela ka go bolawa ga baikepi botlhe.—Tshenolo 19:13, 15.

13. (a) Sefatlhogo sa ga Jesu se se galalelang, se se phatsimang se re gakolola eng? (b) Tlhaloso ya ga Johane kaga Jesu e re neela pono efe ka kakaretso ka ene?

13 Sefatlhego sa ga Jesu se se tsabakelang, se se phatsimang se re gakolola gore phatla ya ga Moshe e ne ya nna le marang a a phatsimang morago ga Jehofa a sena go buisana nae kwa thabeng ya Sinai. (Ekesodo 34:29, 30) Gape, gakologelwa gore fa Jesu a ne a fetolwa fa pele ga baaposetoloi ba gagwe ba bararo dingwaga di ka nna 2 000 tse di fetileng, “sefatlhego sa gagwe sa phatsima jaaka letsatsi, le diaparo tsa gagwe tsa kafa ntle tsa tsabakela jaaka lesedi.” (Mathaio 17:2) Jaanong, mo ponatshegelong ya tshwantshetso ya ga Jesu ka letsatsi la Morena, ka go tshwana sefatlhogo sa gagwe se bontsha go galalela mo go ntle ga yo o tswang kwa go Jehofa. (2 Bakorintha 3:18) E bile tota, sotlhe se se supiwang ke ponatshegelo ya ga Johane ke kgalalelo e kgolo. Go simolola fela ka moriri o o bosweu jwa kapoko, matlho a a ntseng jaaka kgabo e e tukang, le sefatlhogo se se phatsimang go ya kwa dinaong tse di galalelang, ke ponatshegelo e ntle thata ya Yo o agileng “mo leseding le le ka se kang la atamelwa.” (1 Timotheo 6:16) Pono eno e bonala sentle tota! Johane yo o neng a tshogile go feta selekanyo o ne a ikutlwa jang? Moaposetoloi o re bolelela jaana: “Mme e rile ke mmona, ka wela fa dinaong tsa gagwe jaaka yo o suleng.”—Tshenolo 1:17.

14. Re tshwanetse go amega jang fa re bala ponatshegelo ya ga Johane kaga Jesu yo o galaleditsweng?

14 Gompieno, tlhaloso e e kgatlhang, e e tletseng ya ponatshegelo ya ga Johane e dira gore batho ba Modimo ba tlale ka kanaanelo e e tswang mo dipelong. Re setse jaanong re na le dingwaga tse di fetang 70 re le mo letsatsing la Morena, leo ponatshegelo e ntseng e diragadiwa ka mo go kgatlhang mo go lone. Puso ya Bogosi jwa ga Jesu mo go rona ke boammaaruri jo bo tshelang, jwa gompieno, e seng tsholofelo fela ya nako e e tlang. Ka gone, go a tshwanela gore rona jaaka babusiwa ba ba ikanyegang ba Bogosi joo re lebelele pele ka kgatlhego se Johane a se tlhalosang mo ponatshegelong eno ya ntlha le go reetsa ka kutlo mafoko a ga Jesu Keresete yo o galaleditsweng.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Go bona tlhaloso ka botlalo, bona ditsebe 88-92, 215-18, tsa buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

b Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, fa phuthego e ne e amogela lekwalo go tswa kwa moaposetoloing, e ne e le tlwaelo gore lekwalo leo le fetisediwe kwa diphuthegong tse dingwe e le gore tsotlhe di tle di solegelwe molemo ke kgakololo eo.—Bapisa Bakolosa 4:16.

c Mekgabisa ya mo teng le dilwana tsa mo tempeleng ya ga Solomone di ne di dirilwe ka gouta kana di kgabisitswe ka yone, fa kgotlho yone e ne e dirisiwa mo dilong tsa lolwapa.—1 Dikgosi 6:19-23, 28-35; 7:15, 16, 27, 30, 38-50; 8:64.

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Masalela a diphatololo tsa dilo tsa bogologolo a metse e diphuthego tse supa di neng di le mo go yone a tlhomamisa rekoto ya Baebele. Ke gone mono mo Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba neng ba amogela melaetsa e e kgothatsang ya ga Jesu e gompieno e tlhotlheletsang phuthego ya lefatshe ka bophara

PEREGAMO

SEMERENA

THIATIRA

SAREDISA

EFESO

FILADELEFIA

LAODIKIA

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela