LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w11 1/1 ts. 18
  • O ne “A Nolofatsa Sefatlhego sa ga Jehofa”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O ne “A Nolofatsa Sefatlhego sa ga Jehofa”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Boitshwarelo Jwa ga Jehofa bo go Solegela Molemo Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Go Ikwatlhaya ga Mmatota go Kaya Eng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
  • A Ruri Nka Nna Tsala ya Modimo?
    Tsogang!—1995
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
w11 1/1 ts. 18

Atamalana le Modimo

O ne “A Nolofatsa Sefatlhego sa ga Jehofa”

MONNA mongwe yo o neng a tlogela go tshela ka melao ya Modimo e a neng a godisitswe ka yone o ne a re: “Ke ne ke ikutlwa ke sa tshwanelege gotlhelele.” Fa a simolola go tsaya kgato gore a fetole botshelo jwa gagwe, o ne a boifa gore Modimo o ne a ka se tlhole a mo itshwarela. Mme moleofi yono yo o ikwatlhayang o ne a nna le tsholofelo fa a sena go bala pego ya Baebele e e buang ka Manase e e mo go 2 Ditiragalo 33:1-17. Fa e le gore o kile wa ikutlwa o sa tshwanelege ka ntlha ya maleo a o a dirileng, le wena o ka nna wa gomodiwa ke sekao sa ga Manase.

Manase o goletse mo lelapeng le le ikobelang Modimo. Rraagwe e bong Hesekia e ne e le nngwe ya dikgosi tse di molemo thata tsa Juda. Manase o ne a tsholwa dingwaga di ka nna tharo morago ga gore Modimo a okeletse rraagwe malatsi a botshelo ka kgakgamatso. (2 Dikgosi 20:1-11) Kwantle ga pelaelo Hesekia o ne a tsaya morwawe e le mpho e a e filweng ka ntlha ya bopelotlhomogi jwa Modimo mme a leka go mo tlhotlheletsa gore a rate kobamelo e e itshekileng. Mme ga se ka dinako tsotlhe bana ba batsadi ba bone ba ratang Modimo ba latelang sekao sa bone. Go ne ga nna fela jalo ka Manase.

Manase o ne a ise a fete dingwaga tse 12 fa rraagwe a ne a tlhokafala. Ka maswabi, Manase o ne “a dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa.” (Temana 1, 2) A kgosi eno ya lekawana e ne e tlhotlheleditswe ke bagakolodi ba ba neng ba sa kgathalele kobamelo ya boammaaruri? Baebele ga e tlhalose. Mme gone e re bolelela gore Manase o ne a nwelelela mo kobamelong ya medingwana le mo ditirong tsa bosetlhogo. O ne a agela medimo ya maaka dibeso, a ntsha bomorwawe setlhabelo, a dira ditiro tsa bodimona a bo a tlhoma setshwantsho se se setilweng kwa tempeleng ya ga Jehofa kwa Jerusalema. Manase yo o tlhogoethata o ne a gana go reetsa ditlhagiso tse a neng a di newa gangwe le gape ke Jehofa Modimo, le mororo a ile a tsholwa ka go bo Modimo a ile a okeletsa rraagwe malatsi a botshelo ka kgakgamatso.—Temana 3-10.

Kgabagare, Jehofa o ne a letla gore Manase a isiwe kwa Babelona a bofilwe ka dikeetane. Fa Manase a le kwa botshwarwa, o ne a nna le sebaka sa go akanya ka botshelo jwa gagwe. A jaanong o ne a lemoga gore medingwana ya gagwe e e se nang maatla, e e sa tsheleng e ne e sa kgona go mo sireletsa? A o ne a akanya ka dilo tse rraagwe yo o ratang Modimo a neng a mo rutile tsone a sa le ngwana? Go sa kgathalesege gore Manase o ne a akanya ka eng, o ne a fetola tsela e a neng a leba dilo ka yone. Pego ya re: “A nolofatsa sefatlhego sa ga Jehofa Modimo wa gagwe a ba a nna a ikokobetsa thata . . . Mme a nna a Mo rapela.”a (Temana 12, 13) A ruri Modimo o ne a ka itshwarela monna yo o neng a dirile maleo a a masisi jalo?

Jehofa o ne a amiwa ke go ikwatlhaya ga ga Manase go tswa pelong. Modimo o ne a mo utlwa fa a ntse a rapelela gore a utlwelwe botlhoko mme “a mmusetsa kwa Jerusalema kwa bogosing jwa gagwe.” (Temana 13) Go tswa foo, Manase o ne a supa boikwatlhao jwa gagwe ka go dira sotlhe se a ka se kgonang gore a baakanye diphoso tsa gagwe, a fedisa kobamelo ya medingwana mo pusong ya gagwe mme a rotloetsa batho ba gagwe gore ba “direle Jehofa.”—Temana 15-17.

Fa e le gore o ikutlwa o sa tshwanelege go itshwarelwa ke Modimo ka ntlha ya maleo a o a dirileng, e kete o ka kgothadiwa ke sekao sa ga Manase. Pego eno ke karolo ya Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng. (Baroma 15:4) Ruri Jehofa o batla gore re itse gore “o iketleeleditse go itshwarela.” (Pesalema 86:5) O amega ka seemo sa pelo ya moleofi e seng boleo jo a bo dirileng. Moleofi yo o ikwatlhayang a bo a rapela go tswa pelong, mme a tlogela ditiro tsa gagwe tse di bosula a bo a leka bojotlhe go dira se se siameng a ka ‘nolofatsa sefatlhego sa ga Jehofa,’ fela jaaka Manase a ne a dira.—Isaia 1:18; 55:6, 7.

Dikgaolo tsa Baebele tse di ka balwang ka January:

◼ 2 Ditiragalo 29-36–Esera 1-10

[Ntlha e e kwa tlase]

a Baebele ya Young’s Literal Translation e balega jaana fano: “O ne a . . . reba bogale jwa sefatlhego sa ga Jehofa Modimo wa gagwe.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela