Go Lebelela mo go Jehofa ka Bopelotelele go Tloga mo Bosheng Jwa me go ya Pele
JAAKA GO BOLETSE RUDOLF GRAICHEN
Ka ponyo ya leitlho fela, matlhotlhapelo a ne a wela lelapa la gaetsho fa ke ne ke sa ntse ke le dingwaga di le 12. Sa ntlha, rre o ne a latlhelwa mo kgolegelong. Morago ga foo, nna le kgaitsadiake re ne ra tsewa ka dikgoka mo gae mme ra romelwa gore re ye go nna le batho ba re sa ba itseng. Moragonyana, nna le mmè re ne ra tshwarwa ke Ma-Gestapo. Ke ne ka ya kwa kgolegelong, mme ene o ne a felela a le kwa kampeng ya pogisetso.
DITIRAGALO tseo tse di latelanang di ne di tshwaya fela tshimologo ya nako ya pogiso e e botlhoko e e neng ya ntiragalela mo bosheng jwa me ke le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Ma-Gestapo a a neng a itsege ka bosula jwa bone a Banasi mme morago ga bone Ba-Stasi ba Jeremane Botlhaba ba ne ba leka go ntatlhisa bothokgami jwa me mo Modimong. Gone jaanong morago ga go mo direla ka boineelo ka dingwaga di le 50, ke kgona go bua fela jaaka mopesalema a ne a bua a re: “Ba sa le ba ntlhokofatsa gantsintsi mo bokaung jwa me go tla nakong eno; le fa go ntse jalo ga ba ise ba mphenye.” (Pesalema 129:2) A bo ke leboga Jehofa thata jang ne!
Ke ne ka tsholwa ka June 2, 1925, mo toropong e nnye ya Lucka gaufi le Leipzig, kwa Jeremane. Le e leng pele ga ke tsholwa, batsadi ba me, e leng Alfred le Teresa, ba ne ba lemoga boammaaruri jwa Baebele mo dikgatisong tsa Baithuti ba Baebele, jaaka fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itsewe ka nako eo. Ke gakologelwa letsatsi le letsatsi ke leba ditshwantsho tsa ditiragalo tsa Baebele tse di neng di pegilwe mo maboteng a kwa gae. Setshwantsho se sengwe se ne se bontsha phiri e dutse le kwanyana, lengau le potsane, namane le tau—tsotlhe di dutse ka kagiso, di gogwa ke mosimanyana yo monnye. (Isaia 11:6-9) Ditshwantsho tseo di ne di nkgatlha fela thata.
E ne e re fa go kgonega, batsadi ba me ba ne ba dira gore ke nne le seabe mo ditirong tsa phuthego. Ka sekai, ka February 1933, malatsi a le mmalwa fela morago ga gore Hitler a tseye puso, go ne ga bontshiwa “Photo-Drama of Creation”—ka diselaete, baesekopo, le polelo e e gatisitsweng—mo toropong ya rona e nnye. A bo ke ne ke itumetse thata jang, ke le mosimane fela wa dingwaga di le supa, ke tsamaya toropo yotlhe ke palame lori e nnye ka fa morago, ke ntse ke phasalatsa “Photo-Drama”! Ka nako eo le ka dinako tse dingwe, bakaulengwe ba ne ba ntira gore ke ikutlwe ke le leloko le le botlhokwa la phuthego le mororo ke ne ke le mmotlana. Ka jalo, go tloga ke sa ntse ke le mosha, ke ne ka rutwa ke Jehofa mme ka tlhotlhelediwa ke Lefoko la gagwe.
Go Thapisediwa go Ikanya Jehofa
Ka ntlha ya boitlhaodi jwa Bokeresete jo bo gagametseng, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba sa nne le seabe mo dipolotiking tsa Bonasi. Go ne ga felela ka gore ka 1933, Banasi ba ne ba ntsha melao e e neng e re thibela go rera, go kopana mmogo, le e leng go bala dikgatiso tsa rona tsa Baebele. Ka September 1937, bakaulengwe botlhe mo phuthegong ya rona, go akaretsa le rre, ba ne ba tshwarwa ke Ma-Gestapo. Seo se ne sa nkutlwisa botlhoko fela thata. Rre o ne a atlholelwa dingwaga di le tlhano kwa kgolegelong.
Dilo di ne tsa re ketefalela tota kwa gae. Mme ka bonako fela re ne ra ithuta go ikanya Jehofa. E rile ka letsatsi lengwe fa ke tsena kwa gae ke tswa sekolong, ka fitlhela mmè a bala Tora ya Tebelo. O ne a batla go ntirela dijo tsa motshegare ka bonako, ka jalo o ne a baya makasine fa godimo ga rakanyana e nnye. Fa re fetsa go ja, mme re ntse re phutha dijana, re ne ra utlwa motho a kokota thata mo setswalong. E ne e le lepodise le le neng le batla go phuruphutsha dikgatiso tsa Baebele mo foleteng ya rona. Ke ne ke tshogile fela thata.
Ka letsatsi leo go ne go fisa ka tsela e e sa tlwaelegang. Ka jalo, selo sa ntlha se lepodise le se dirileng e ne ya nna go rola helemete ya gagwe mme a e baya fa godimo ga tafole. Mme jaanong a simolola go phuruphutsha. E rile fa a ntse a leba ka fa tlase ga tafole, helemete ya gagwe e ne ya relela. Ka jalo mmè o ne a phamola helemete ka bonako mme a e baya fa godimo ga raka fela fa godimo ga Tora ya Tebelo! Lepodisi le ne la phuruphutsha folete ya rona yotlhe mme ga le a ka la fitlhela le fa e le buka e le nngwe. E bile, ga le a ka la akanya le go leba ka fa tlase ga helemete ya gagwe. E rile fa a setse a tsamaya, o ne a nna a ngunanguna a ikopa maitshwarelo mo go mmè a ntse a boela morago go tshwara helemete ya gagwe. A bo ke ne ka ikutlwa ke gololesegile jang ne!
Maitemogelo a a tshwanang le ao a ne a ntira gore ke ipaakanyetse diteko tse dingwe tse di thata. Ka sekai, kwa sekolong ke ne ka patelediwa go tsenela mokgatlho wa Basha wa ga Hitler, oo mo go one bana ba neng ba thapisediwa go nna masole le go rutiwa botlhajana jwa Bonasi. Barutabana bangwe ba ne ba ipeetse mokgele wa go dira gore baithuti botlhe ba nne le seabe. Morutabana wa me, e leng Herr Schneider, o tshwanetse a bo a ne a ikutlwa gore o paletswe tota gonne, go farologana le barutabana botlhe ba sekolo se ke neng ke tsena mo go sone, ke ene fela yo o neng a tlhaela ka moithuti a le mongwe gore baithuti botlhe ba ka nna le seabe. Moithuti yoo e ne e le nna.
Ka letsatsi lengwe Herr Schneider o ne a itsise tlelase yotlhe a re: “Basimane, ka moso re tla tswa re le tlelase go ya go iphokisa phefo.” Mongwe le mongwe o ne a rata mogopolo oo. Mme o ne a oketsa jaana: “Lotlhe lo tshwanetse lwa apara diaparo tsa lona tsa mokgatlho wa Basha wa ga Hitler e le gore fa re gwanta mo mebileng, batho botlhe ba kgone go bona gore lo basimane ba ga Hitler ba ba itshwereng sentle.” Mo mosong o o latelang basimane botlhe ba ne ba tla ka diaparo tsa bone kwantle ga me. Morutabana o ne a mpiletsa fa pele ga tlelase mme a nthaya a re: “Leba basimane ba bangwe o bo o iteba.” O ne a oketsa jaana: “Ke a itse gore batsadi ba gago ba humanegile e bile ga ba kgone go go rekela diaparo, mme e re ke go bontshe sengwe.” O ne a nkisa kwa tesekeng ya gagwe, mme a bula lae, a bo a re: “Ke batla go go naya diaparo tseno tse disha. A ga di dintle?”
Go ne go le botoka fa nka swa go na le gore ke apare diaparo tsa Bonasi. E rile fa morutabana wa me a bona gore ga ke a ikaelela go di apara, o ne a galefa, mme tlelase yotlhe e ne ya simolola go nkgoakaka. Mme o ne a re ntsha mme a leka go mphitlha ka go dira gore ke tsamaye fa gare ga basimane ba bangwe botlhe ba ba apereng diaparo tsa bone. Le fa go ntse jalo, batho ba bantsi mo toropong ba ne ba kgona go mpona gonne ke ne ke le moleele mo gare ga bana ba ke tsenang le bone mo tlelaseng. Mongwe le mongwe o ne a itse gore nna le batsadi ba me re ne re le Basupi ba ga Jehofa. Ke leboga Jehofa go bo a nneile nonofo e ke neng ke e tlhoka ya semoya fa ke ne ke sa ntse ke le monnye.
Pogiso E ne Ya Gakala
Letsatsi lengwe mo tshimologong ya 1938, nna le kgaitsadiake re ne ra tsewa kwa sekolong mme ra isiwa kwa sekolong sa diganana kwa Stadtroda, mo e ka nnang bokgakala jwa dikilometara di le 80 ka koloi ya mapodise. Ka ntlha yang? Kgotlatshekelo e ne e sweditse go re tlosa mo tlhotlheletsong ya batsadi ba rona mme e batla go re dira bana ba Banasi. Ka bonako fela modiri yo o neng a ikarabela mo bathong ba ba tlodileng molao o ne a tlhokomela gore nna le kgaitsadiake re ne re na le tlotlo e bile re le kutlo, le fa re ne re nna re bolokile boitlhaodi jwa rona jwa Bokeresete. Motsamaisi o ne a kgatlhega tota mo e leng gore o ne a batla go kopana le mmè ka namana. Go ne ga dirwa thulaganyo e e farologaneng, mme mmè o ne a letlelelwa go re etela. Nna, kgaitsadiake le mmè re ne ra itumela tota e bile ra leboga Jehofa go bo a re neile sebaka sa go nna mmogo e le gore re kgothatsane letsatsi lotlhe. Ruri re ne re se tlhoka.
Re ne ra nna kwa sekolong sa diganana mo e ka nnang ka dikgwedi di le nnè. Mme re bo re romelwa go ya go nna le lelapa lengwe kwa Pahna. Ba ne ba laelwa gore ba re boloke re le kgakala le ba masika a rona. Mmè o ne a sa letlelelwe le e leng go re etela. Le fa go ntse jalo, ka makgetlho a le mmalwa, o ne a kgona go kopana le rona. A dirisa ditshono tseo tse di neng di bonwa sewelo, mmè o ne a dira bojotlhe jo a ka bo kgonang go tsenya go ititaya sehuba mo go rona gore re nne re ikanyega mo go Jehofa, go sa kgathalesege diteko le maemo ao a ka a letlelelang.—1 Bakorinthe 10:13.
Mme diteko di ne tsa tla. Ka December 15, 1942, fa ke ne ke na le dingwaga di le 17 fela, ke ne ka tsewa ke Ma-Gestapo mme ka isiwa kwa kgolegelong kwa Gera. Mo e ka nnang beke moragonyana, mmè le ene o ne a tshwarwa mme a tla kwa kgolegelong e ke neng ke le kwa go yone. E re ka ke ne ke sa ntse ke le mmotlana, kgotlatshekelo ga ya ka ya nkatlhola. Ka jalo, nna le mmè re ne ra fetsa dikgwedi di le thataro kwa kgolegelong fa kgotlatshekelo e sa ntse e letetse gore ke tshware dingwaga di le 18. E rile fela ka letsatsi le ke tshwarang dingwaga di le 18 ka lone, nna le mmè re ne ra ya go sekisiwa.
Pele ga ke lemoga gore go diragala eng, tsheko e bo e setse e fedile. Ke ne ke sa itse gore ke ne ke se kitla ke tlhola ke bona mmè gape. Fa e sa le ke feleletsa ke mmona a dutse mo bankeng e ntsho ya legong gaufi le nna. Ka bobedi re ne ra bonwa molato. Ke ne ka atlholelwa dingwaga di le nnè mo kgolegelong mme mmè ene ngwaga e le nngwe le halofo.
Mo metlheng eo go ne go na le Basupi ba ga Jehofa ba le diketekete ba ba neng ba tshwerwe mo dikgolegelong le mo dikampeng. Le fa go ntse jalo, ke ne ka romelwa kwa kgolegelong kwa Stollberg, koo e neng e le nna fela Mosupi teng. Ke ne ka fetsa nako e e fetang ngwaga ke tswaletswe ke le nosi, le fa go ntse jalo Jehofa o ne a na le nna. Lerato le ke neng ke le tlhagoletse ka ene fa ke santse ke le mosha ke lone le le neng la mpoloka ke santse ke tshela semoyeng.
Ka May 9, 1945, morago ga dingwaga di le pedi le halofo ke le mo kgolegelong, re ne ra amogela dikgang tse di monate—ntwa e ne e fedile! Ke ne ka gololwa ka lone letsatsi leo. Morago ga go tsamaya dikilometara di le 110, ke ne ka fitlha kwa gae ke lwala tota ka ntlha ya letsapa le tlala. Go ne ga ntsaya dikgwedi di le mmalwa gore botsogo jwa me bo itekanele sentle.
E rile fela fa ke fitlha ke ne ka amiwa ke dikgang tse di botlhoko thata. Sa ntlha, ka ga mmè. Morago ga go nna gagwe kwa kgolegelong ngwaga le halofo, Banasi ba ne ba mo kopa gore a saene setlankana sa go latola tumelo ya gagwe mo go Jehofa. O ne a gana. Ka jalo, Ma-Gestapo a ne a mo isa kwa kampeng ya pogisetso ya basadi, kwa Ravensbrück. Ke koo o neng a bolawa ke letshoroma la mala gone ka bonakonyana fela pele ntwa e fela. E ne e le Mokeresete yo o pelokgale thata—motlhabani yo o tlhabanang tlhabano ka thata yo o neng a sa ineele. E kete Jehofa a ka mo gakologelwa ka bopelonomi.
Gape go ne go na le dikgang ka morwarre yo mogolo mo go nna, e leng Werner, yo o sa kang a ineela mo go Jehofa. O ne a tsena mo sesoleng sa Jeremane mme o ne a bolawa kwa Russia. Rre ene? O ne a tla gae, mme se se botlhoko ke gore, e ne e le mongwe wa Basupi ba le mmalwa ba ba neng ba saena setlankana se se neng se itsege sa go latola tumelo ya bone. E rile ke mmona o ne a sulafetse e bile a tshwenyegile thata mo mogopolong.—2 Petere 2:20.
Nakwana ya go Dira ka Tlhagafalo mo Dilong Tsa Semoya
Ka March 10, 1946, ke ne ka nna gone mo kopanong ya me ya ntlha morago ga ntwa kwa Leipzig. A bo go ne ga itumedisa jang ne fa go ne go itsisiwe gore kolobetso e tla nna gone ka lone letsatsi leo! Le fa ke ne ke neetse botshelo jwa me mo go Jehofa dingwaga di le mmalwa pele ga moo, seno e ne e le sebaka sa me sa ntlha se ke neng ke se bone gore ke kolobediwe. Ga ke na go lebala letsatsi leo.
Ka March 1, 1947, fa ke sena go bulatsela ka kgwedi e le nngwe, ke ne ka lalediwa go ya go direla kwa Bethele ya kwa Magdeburg. Diofisi tsa Mokgatlho di ne di sentswe thata ke bomo. A bo e ne e le tshiamelo jang ne go thusa ka tiro ya go baakanya! Morago ga selemo seo ke ne ka abelwa go ya go direla ke le mmulatsela yo o kgethegileng kwa toropongkgolo ya Wittenberge. Ka dikgwedi tse dingwe ke ne ke fetsa diura tse di fetang 200 ke rerela ba bangwe dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. A bo ke ne ke itumetse jang ne go bo ke gololesegile gape—go se na ntwa, go se na pogiso, go se na dikgolegelo!
Ka maswabi kgololesego eo ga ya ka ya tsaya sebaka. Morago ga ntwa Jeremane e ne ya kgaogana, mme lefelo le ke neng ke nna mo go lone le ne la nna ka fa tlase ga taolo ya Bokomonise. Ka September 1950 mapodise a sephiri a kwa Jeremane Botlhaba, a a itsegeng e le Ma-Stasi, a ne a simolola go tshwara bakaulengwe ka go latelana. Melato e ke neng ke latofatswa ka yone e ne e sa utlwale. Ke ne ke latofaletswa go nna setlhola sa puso ya Amerika. Ba ne ba nthomela kwa kgolegelong e e maswe tota ya Ma-Stasi e e mo nageng eo, mo Brandenburg.
Tshegetso e e Tswang mo Bakaulengweng Ba me Ba Semoya
Koo Ma-Stasi a ne a sa ntetle go robala motshegare. Mme ba bo ba nthamathamisa ka dipotso bosigo jotlhe. Morago ga go nna ke tlhokofatswa jalo ka malatsi a le mmalwa, dilo di ne tsa nna maswe le go feta. Ka letsatsi lengwe mo mosong go na le gore ba mpusetse kwa seleng ya me, ba ne ba nkisa kwa go nngwe ya di U-Boot Zellen tsa bone tse di tumileng (tse di neng di bidiwa disele tsa ka fa tlase ga lefatshe gonne di ne di le mo kamoreng e e ka fa tlase ga lefatshe). Ba ne ba bula kgoro e kgologolo, e e rusitseng ya tshipi mme ba kopa gore ke tsene mo teng. Ke ne ke tshwanelwa ke go tsena mo serepoding se se agetsweng kwa godimo. Fa ke baya lonao lwa me fa fatshe, ke ne ka lemoga gore boalo jotlhe bo ne bo tletse ka metsi. Setswalo se ne sa itaanngwa sa ba sa dira modumo o o thubang tsebe. Go ne go sena lebone le fa e le letlhabaphefo. Go ne go le lefifi le lentshontsho.
Gonne metsi a ne a le disentimitara di le mmalwa go tswa mo boalong, ke ne ke sa kgone go nna, go rapama, kana go robala. Morago ga go leta mo e ka nnang sebaka se seleele, ke ne ka busediwa go ya go botsolotswa gape ke bonesitswe ka mabone a a bogale. Ga ke itse gore ke eng se se neng se le maswe le go feta—go ema mo metsing letsatsi lotlhe mo lefifing le lentshontsho kana go itshokela mabone a a bogale jo bo botlhoko a a neng a lebisitswe mo go nna bosigo jotlhe.
Ka makgetlho a le mmalwa ba ne ba ntshosetsa ka go re ba tla nthunya. Morago ga go botsolodiwa jalo masigo a le mmalwa, mo mosong mongwe ke ne ka etelwa ke modiredimogolo yo o kwa godimo wa sesole sa Russia. Ke ne ka bona sebaka sa go mmolelela gore Ma-Stasi a Jeremane a ne a ntshwere ka tsela e e maswe go feta le Ma-Gestapo a Banasi. Ke ne ka mmolelela gore Basupi ba ga Jehofa ba ne ba sa tseye letlhakore ka fa tlase ga puso ya Bonasi e bile gape ba ne ba sa tseye letlhakore le ka fa tlase ga puso ya Bokomonisi le gore ga re itshunyatshunye mo dipolotiking gongwe le gongwe mo lefatsheng. Ke ne ka mmolelela gore go na le moo, ba le bantsi bao e neng e le badiredibagolo ba Ma-Stasi e ne e le maloko a mokgatlho wa Basha wa ga Hitler, koo go bonalang ba ne ba kgona go ithuta go bogisa batho ba ba neng ba se na molato ka tsela e e setlhogo. Fa ke ntse ke bua, mmele wa me o ne o roroma ka ntlha ya serame, tlala le letsapa.
Se se gakgamatsang ke gore, modiredimogolo wa Russia ga a ka a nkgalefela. Go farologana le moo, o ne a nkapesa kobo mme a ntshwara ka tsela e e molemo. Moragonyana fela ga loeto lwa gagwe, ke ne ka busediwa kwa seleng e e botoka. Malatsi a le mmalwa moragonyana, ke ne ka isiwa kwa dikgotlatshekelo tsa Jeremane. E rile fa ke sa ntse ke letetse gore kgetsi ya me e sekasekiwe, ke ne ka itumelela tshiamelo e e molemo ya go nna mo seleng e le nngwe le Basupi ba bangwe ba batlhano. Morago ga go itshokela go bogisiwa mo go setlhogo, a bo ke ne ka fitlhela go lapolosa jang ne go kopana le bakaulengwe ba me ba semoya!—Pesalema 133:1.
Kwa kgotlatshekelo ke ne ka bonwa molato wa go nna setlhola mme ka atlholelwa dingwaga di le nnè mo kgolegelong. Eo e ne e bidiwa katlholelo e e botoka. Bakaulengwe bangwe ba ne ba atlholetswe nako e e fetang dingwaga di le lesome. Ke ne ka romelwa kwa kgolegelong e e sireleditsweng go di feta tsotlhe. Ka tsela e ditswalo tsa yone di neng di kanetswe ka teng mo kgolegelong eo—ke akanya gore le e leng peba tota e ne e ka se ka ya kgona le go tsena kana go tswa mo teng. Le fa go ntse jalo, ka thuso ya ga Jehofa bakaulengwe bangwe ba ba pelokgale ba ne ba kgona go tsenya Baebele e feletse ka bokhukhuntshwane. E ne ya kgaoganngwa ka dibuka tsa yone mme ya tsamaisiwa mo bakaulengweng ba e neng e le magolegwa.
Re ne re dira seno jang? Go ne go le bokete tota. Nako fela e re neng re kopana ka yone e ne e le fela fa re isiwa go ya go tlhapa morago ga dibeke dingwe le dingwe tse pedi. Ka nako e nngwe, ke sa ntse ke tlhapa, mokaulengwe mongwe o ne a ntshebela mo tsebeng gore o fitlhile ditsebe dingwe tsa Baebele mo taulong ya gagwe. Fa ke fetsa go tlhapa ke ne ke tshwanetse go tsaya taulo ya gagwe mo boemong jwa ya me.
Mongwe wa balebedi o ne a bona mokaulengwe a ntshebela mme o ne a mmetsa botlhoko ka thobane. Ke ne ka tshwanela go phamola taulo ka bonako tota mme ka ya go tlhakatlhakana le magolegwa a mangwe. Ke leboga tota go bo ke sa tshwarwa ke tshwere ditsebe tsa Baebele. E seng jalo thulaganyo ya rona ya go iphepa semoyeng e ka bo e ne ya nna mo kotsing. Re ne ra nna le maitemogelo a mantsi a a batlileng go tshwana le ao. Ka metlha re ne re bala Baebele re iphitlhile e bile e le selo se se ka nnang sa re tsenya mo kotsing e kgolo. Ruri mafoko a ga moaposetoloi Petere a a reng, “Nnang lo thantse mo ditlhaloganyong, disang,” a ne a tshwanela.—1 Petere 5:8.
Ka mabaka mangwe, puso e ne ya swetsa gore e sutise bangwe ba rona nako le nako go tswa mo kgolegelong e nngwe go ya go e nngwe. Mo sebakeng se se fetang dingwaga di le nnè, ke ne ka romelwa kwa dikgolegelong tse di farologaneng tse di lesome. Le fa go ntse jalo, ka dinako tsotlhe ke ne ke kgona go bona bakaulengwe. Ke ne ka simolola go rata bakaulengwe bano thata, mme ke ne ke utlwa botlhoko thata mo pelong fa nako le nako ke ne ke tshwanela go ba tlogela ke romelwa kwa kgolegelong e nngwe.
Kwa bokhutlong ke ne ka romelwa kwa Leipzig, mme ke koo ke neng ka gololwa mo kgolegelong gone. Molebedi wa kgolegelo yo o neng a nkgolola ga a ka a re ke tsamaye sentle mme go na le moo o ne a re “Re tla boa re go bona gape morago ga lobakanyana.” Mogopolo wa gagwe o o bosula o ne o batla gore ke tshwarwe gape. Ka metlha ke ne ke akanya ka Pesalema 124:2, 3, moo e reng: “Fa e ka bo e se Jehofa, yo e rileng batho ba re tsogologela a bo a le ntlheng ya rona; ba ka bo ba re komeditse re sa ntse re utlwa, jale ka kgakalo ya bone e re tuketse.”
Jehofa o Golola Batlhanka ba Gagwe ba ba Ikanyegang ka Nitamo
Jaanong ke ne ke gololesegile gape. Kgaitsadiake wa lewelana le nna, e bong Ruth, le Kgaitsadi Herta Schlensog ba ne ba ntetetse kwa hekeng. Ka dingwaga tseno tsotlhe tsa fa ke ne ke le mo kgolegelong, Herta o ne a nthomelela sephuthelwana se se nnye sa dijo kgwedi le kgwedi. Ruri ke dumela gore fa e ka bo e se ka diphuthelwana tseo tse dinnye, ke ka bo ke swetse kwa kgolegelong. E kete Jehofa a ka mo gakologelwa ka bopelonomi.
Fa e sa le ka nako ya fa ke ne ke gololwa, Jehofa o ntshegofaditse ka ditshiamelo di le dintsi tsa tirelo. Ke ne ka direla gape ke le mmulatsela yo o kgethegileng, kwa Gronau, kwa Jeremane, e bile ke le molebedi wa potologo kwa German Alps. Moragonyana ke ne ka lalediwa go ikwadisa mo tlelaseng ya bo31 ya Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileate sa barongwa. Re ne ra aloga kwa Yankee Stadium ka nako ya kopano ya ditšhabatšhaba ya Basupi ba ga Jehofa ka 1958. Ke ne ka nna le tshiamelo ya go bua le boidiidi jo bogolo jwa bakaulengwe le bokgaitsadi le go anela mangwe a maitemogelo a me.
Morago ga go aloga ke ne ka ya kwa Chile ka ya go direla ke le morongwa gone. Ke koo gape ke neng ka direla ke le molebedi wa potologo gone, mo karolong e e kwa borwa jo bo kwa kgakala jwa Chile—ruri ke ne ka romelwa kwa dikhutlong tsa lefatshe. Ka 1962, ke ne ka nyala Patsy Beutnagel, morongwa yo o rategang yo o neng a tswa kwa San Antonio, kwa Texas, kwa U.S.A. Ke ne ka itumelela dingwaga tse dintsi tse di molemo tsa go direla Jehofa mmogo le ene.
Mo dingwageng tsa me tse di fetang 70 ke tshela, ke nnile le dinako tse di itumedisang le tsa masetlapelo a mantsi. Mopesalema o ne a re: “Dipatikego tsa mosiami di dintsi; mme Jehofa o mo golola mo go tsone tsotlhe.” (Pesalema 34:19) Ka 1963, fa ke ne ke sa ntse ke le kwa Chile, nna le Patsy re ne ra tlhagelwa ke loso lo lo botlhoko lwa ngwana wa rona wa mosetsana. Moragonyana, Patsy o ne a lwala fela thata, mme re ne ra fudugela kwa Texas. E rile fa a le dingwaga di le 43 fela, o ne a tlhokafala, le ene e le ka ntlha ya maemo a a botlhoko. Gantsi ke rapela gore e kete Jehofa a ka gakologelwa mosadi wa me yo o rategang ka bopelonomi.
Gone jaanong, le fa ke lwala e bile ke tsofetse, ke itumelela tshiamelo ya go direla ke le mmulatsela wa ka metlha e bile ke le mogolwane mo Brady, mo Texas. Ke boammaaruri gore ga se ka metlha botshelo bo neng bo ntse bo le motlhofo, e bile go ka nna le diteko tse dingwe tse ke sa ntseng ke tlile go lebana le tsone. Le fa go ntse jalo, fela jaaka mopesalema ke kgona go re: “Modimo o sa le wa nna wa nthuta le mo bokaung jwa me, ke ntse ke bolela ditiro tsa gago tse di gakgamatsang, nako e sa le eno.”—Pesalema 71:17.
[Ditshwantsho mo go tsebe 23]
(1) Gompieno jaana ke direla ke le mogolwane le mmulatsela, (2) le Patsy, pele fela ga lenyalo la rona, (3) mo tlelaseng ya ga Herr Schneider, (4) mmè wa me, e bong Teresa, yo o tlhokafaletseng kwa Ravensbrück