LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • bh ts. 199-ts. 201 ser. 5
  • Jesu Keresete—Mesia yo o Solofeditsweng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jesu Keresete—Mesia yo o Solofeditsweng
  • Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Jesu ke Ene a Diragaditseng Boporofeti jo bo Buang ka Mesia?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Go Bolelela Pele ka Mesia
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Ba Ne Ba Leta Mesia
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Jesu Keresete—Selotlele Sa Kitso Ya Modimo
    Kitso e e Isang botshelong Jo bo Sa Khutleng
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Totatota Baebele e Ruta Eng?
bh ts. 199-ts. 201 ser. 5

DINTLHA TSE DI OKETSEGILENG

Jesu Keresete—Mesia yo o Solofeditsweng

GO RE thusa go lemoga gore Mesia ke mang, Jehofa Modimo o ile a tlhotlheletsa baporofeti ba le bantsi mo Baebeleng go kwala dintlha tse di amanang le botsalo, bodiredi le loso lwa Mogolodi yono yo o solofeditsweng. Dipolelelopele tseno tsotlhe di ne tsa diragadiwa mo go Jesu Keresete. Di opa kgomo lonaka ka tsela e e gakgamatsang e bile di tlhalosa dilo fela jaaka di ne di tla direga. Ka sekai, mma re sekaseke dipolelelopele di le mmalwa tse di neng di bolelela pele ditiragalo tse di amanang le go tsalwa ga ga Mesia le nako ya fa a ne a sa ntse a le ngwana.

Moporofeti Isaia o ne a bolelela pele gore Mesia o ne a tla tswa mo losikeng lwa ga Kgosi Dafide. (Isaia 9:7) Eleruri, Jesu o ne a tsalwa mo losikeng lwa ga Dafide.—Mathaio 1:1, 6-17.

Mika, e leng moporofeti yo mongwe wa Modimo, o ne a bolelela pele gore ngwana yono o ne kgabagare a tlile go nna mmusi le gore o ne a tla tsalelwa kwa “Bethelehema Eferatha.” (Mika 5:2) Ka nako ya fa Jesu a tsalwa, go ne go na le metse e le mebedi kwa Iseraele e e neng e bidiwa Bethelehema. O mongwe o ne o le gaufi le Nasaretha kwa kgaolong e e kwa bokone jwa naga, mme o mongwe o le gaufi le Jerusalema kwa Juda. Bethelehema e e neng e le gaufi le Jerusalema e kile ya bo e bidiwa Eferatha. Jesu o tsaletswe kwa motseng oo, fela jaaka go ne go boletswe mo boporofeting!—Mathaio 2:1.

Boporofeti jo bongwe jwa Baebele bo ne jwa bolelela pele gore Morwa Modimo o ne a tla bidiwa ‘a ntshiwa kwa Egepeto.’ Fa Jesu a ne a sa ntse a le ngwana, o ne a isiwa kwa Egepeto. O ne a busediwa teng morago ga loso lwa ga Herode, e le go diragatsa boporofeti.—Hosea 11:1; Mathaio 2:15.

Mo tšhateng e e mo tsebeng ya 200, ditemana tse di kafa tlase ga setlhogwana se se reng “Boporofeti” di na le dintlha tse di buang ka Mesia. Tsweetswee bapisa ditemana tseo le ditemana tse di tlhomagantsweng kafa tlase ga setlhogwana se se reng “Tiragatso.” Go dira jalo go tla dira gore o bone gore Lefoko la Modimo le bua boammaaruri mme go tla nonotsha tumelo ya gago.

Fa o ntse o sekaseka ditemana tseno, gakologelwa gore ditemana tsa boporofeti di ne tsa kwalwa makgolokgolo a dingwaga pele Jesu a tsalwa. Jesu o ne a bolela jaana: “Dilo tsotlhe tse di kwadilweng mo molaong wa ga Moshe le mo Baporofeting le Dipesalema ka ga me di tshwanetse go diragala.” (Luke 24:44) Di ne tsa diragadiwa ka botlalo, fela jaaka le wena o kgona go iponela mo Baebeleng ya gago!

BOPOROFETI JO BO BUANG KA MESIA

TIRAGALO

BOPOROFETI

TIRAGATSO

O tsaletswe mo lotsong lwa ga Juda

Genesise 49:10

Luke 3:23-33

O tsetswe ke kgarebane

Isaia 7:14

Mathaio 1:18-25

O tswa mo losikeng lwa ga Kgosi Dafide

Isaia 9:7

Mathaio 1:1, 6-17

Jehofa o ne a bolela gore ke Morwawe

Pesalema 2:7

Mathaio 3:17

Batho ba ne ba sa dumele mo go ene

Isaia 53:1

Johane 12:37, 38

O tsene mo Jerusalema a palame esele

Sekaria 9:9

Mathaio 21:1-9

O ne a okiwa ke nngwe ya ditsala tsa gagwe tse dikgolo

Pesalema 41:9

Johane 13:18, 21-30

O ne a okiwa ka dipapetlana tsa selefera di le 30

Sekaria 11:12

Mathaio 26:14-16

O ne a didimala fela fa pele ga balatofatsi ba gagwe

Isaia 53:7

Mathaio 27:11-14

Diaparo tsa gagwe di ne tsa laolwa ka bola

Pesalema 22:18

Mathaio 27:35

O ne a gobololwa fa a ne a le mo koteng

Pesalema 22:7, 8

Mathaio 27:39-43

Ga go lerapo lepe la gagwele le neng la rojwa

Pesalema 34:20

Johane 19:33, 36

O ne a fitlhwa le bahumi

Isaia 53:9

Mathaio 27:57-60

O ne a tsosiwa pele a bola

Pesalema 16:10

Ditiro 2:24, 27

O ne a tlhatlosediwa kafa seatleng sa moja sa Modimo

Pesalema 110:1

Ditiro 7:56

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela