Go Tswa mo Tirelong ya Sephiri go Tsena mo Tirelong e e Boitshepo
Jaaka go boletse Andrew Hogg
Mookamedimogolo wa rona wa sesole sa dikepe tsa kafa tlase ga metsi o ne a re: “Fa e le gore re tla tshwanelwa ke go romela dibomo tsa nuklea, re paletswe.” Seno se ne sa dira gore re simolole go tlotla ka gore a go siame go tsaya karolo mo ntweng ya nuklea. Le fa go ntse jalo, go ne go tlile jang gore ke nne mo tirelong ya sesole sa dikepe tsa kafa tlase ga metsi, tirelo e e neng e bidiwa ya sephiri ka ntlha ya maiteko a rona a gore re se ka ra itsege?
KE TSHOLETSWE kwa Philadelphia, Pennsylvania, U.S.A., ka 1944. Fa ke ntse ke gola ke ne ka tlhotlhelediwa ke rre, rremogolo le malome, ba ba neng ba direla mo bosoleng mme ke ne ke leba seo e le sengwe se segolo se motho a ka se fitlhelelang. Fa ke ne ke le mosimane, ke ne ka etela jarata ya sesole sa lewatle e e neng e le fa gaufi mme ke ne ka bona sekepe sa kafa tlase ga metsi ka lekgetlo la ntlha. Go tloga ka nako eo, mokgele wa me e ne ya nna go direla mo dikepeng tsa kafa tlase ga metsi. Mo ngwageng wa me wa bofelo kwa sekolong se segolwane, ke ne ka amogelwa kwa Sekolong sa Bosole Jwa Lewatle sa kwa United States. Ke ne ka aloga dingwaga di le nnè morago ga foo ka June 1966.
Ke ne ka tsenela thapiso ya Naval Nuclear Propulsion Program ya go nna moenjenere wa dibomo tsa nuklea le go dira mo dikepeng tsa kafa tlase ga metsi. Morago ga foo ka April 1967, ke ne ka nyala Mary Lee Carter, mosadi wa me yo ke sa ntseng ke mo rata le gompieno. Kgabagare ka March 1968, ke ne ka fitlhelela ditoro tsa me tsa bongwana fa ke ne ke abelwa go direla mo sekepeng sa me sa ntlha sa kafa tlase ga metsi se se bidiwang USS Jack. Mo e ka nnang ngwaga morago ga foo, Mary Lee o ne a tshola ngwana wa rona wa ntlha e leng morwadiarona Allison.
Ka 1971, ke ne ka nna Modiredimogolo wa Boenjeniri mo sekepeng sa USS Andrew Jackson, se kapotene wa sone a neng a bua mafoko a a tlhalositsweng kwa tshimologong. Fa re ntse re le mo lewatleng mo sekepeng sa kafa tlase ga metsi sa dimmisaele tsa Polaris, re ne ra nna le boemo jwa tshoganyetso jo bo boifisang mongwe le mongwe yo o dirang mo dikepeng tsa kafa tlase ga metsi—molelo. Nakwana morago ga bosigogare, fa ke iketlile le masole ka nna, re ne ra utlwa modumo wa sengwe se se itaaganang. Morago ga foo go ne ga latela modumo wa alamo le mantswe a a reng, “Molelo kwa phaposing ya ntlha ya metšhine!”
E re ka ke ne ke ikarabelela ka tsamaiso yotlhe ya metšhine le ya motlakase, ke ne ka sianela kwa pele go ya go bona gore tshenyo e kana kang. Molelo o o simologileng ka bonako o ne o le kwa go nngwe ya difetlhi tsa okosejene, tse di neng di thusa go ntsha moya o re o hemang. Ba le banè ba rona re ne ra tsenya diipipo tsa go hema tsa dinko le molomo mme ra bo re tlosa digase tse di neng di ka tshwara molelo tse di neng di le mo lefelong leo. Ka lesego, ga go na ope yo o neng a gobala. Le fa re ne ra nna le boemo jo bo sa itumediseng joo, re ne ra kgona go tswelela ka tiro e re neng re e abetswe—seno e ne e le bosupi jwa gore re ne re thapisitswe sentle.
Ke ne Ka Tlhopha go Bala ka Modirakagiso
E le go re thusa gore re kgone go lepalepana le kgatelelo ya kwa tirong, re ne re kgothalediwa gore re dirise diura di le mmalwa beke le beke re bala ka dilo dingwe tse di oketsang tshedimosetso ya rona. Gantsi ke ne ke bala dibuka tse di tlhalosang ka dipolelo tsa matshelo a batho ba ba neng ba dira ditiro tse di tlhomologileng tsa bosole. Le fa go ntse jalo, mo lekgetlong leno, ke ne ka swetsa go bala ka mongwe yo o itsegeng e le modirakagiso—Jesu Keresete. Ke ne ka simolola go bala Diefangele ke dirisa Baebele ya me e ke neng ke e neilwe fa ke ne ke aloga kwa sekolong sa bosole. Mme se ke neng ke se bala se ne sa tsosa dipotso tse dintsi go na le go araba dipotso tsa me. Ke ne ke tlhoka thuso.
Fa re ela kwa bofelong jwa tiro ya rona, mokaedimogolo wa rona o ne a bitsa kokoano ya masole kwa go nngwe ya diphaposi mme a re itsise jaana: “Borra, moenjeniri wa rona o abetswe tiro e e molemo go gaisa mo Bosoleng Jwa Lewatle jwa United States. O tla nna Modiredimogolo wa Boenjeniri mo sekepeng sa ntlha sa kafa tlase ga metsi se se tlhaselang sa masole a lewatle.” Ke ne ke gakgametse!
Tiro ya me e ntšha e ne ya dira gore lelapa la me le ye kwa Newport News kwa Virginia, kwa sekepe sa USS Los Angeles se neng se dirwa gone. Tiro ya me e ne e akaretsa go okamela go tlhatlhobiwa ga tsamaiso ya boenjeniri le go dira dithulaganyo tse di rutang go dirisa dilwana tsa botegeniki le tsa go thapisa batho. Tiro eno e ne e raraane thata mme gone e ne e kgotsofatsa. Go sa ntse go le jalo, Mary Lee o ne a tshola morwarona e bong Drew. Jaanong ke ne ke le rre wa bana ba babedi, mme ke ne ka akanya gape ka Modimo, ke ipotsa gore: ‘O ikutlwa jang ka ntwa? Go direga eng fa motho a tlhokafala? A go na le dihele?’
Kgabagare Ke ne Ka Bona Dikarabo!
Mo e ka nnang ka yone nako eo, mosadi wa me o ne a simolola go nna le dipuisano le Basupi ba ga Jehofa. Ka letsatsi lengwe fa ke ne ke leletsa mogala kwa gae go tswa kwa tirong, Mary Lee o ne a re, “Go na le ‘basadi ba Baebele’ ba babedi fano.”
Ke ne ka mmotsa jaana: “Ke ba kereke efe?”
O ne a araba jaana: “Ya Basupi ba ga Jehofa.”
Ke ne ke sa itse gore Basupi ke bomang mme ke ne ke batla go tlhaloganya Baebele. Ke ne ka mo raya ka re: “Ba kope gore ba tle maitseboa mangwe.” Ka bonako morago ga foo mongwe wa bone o ne a boa le monna wa gagwe mme nna le mosadi wa me re ne ra simolola go ithuta Baebele.
Kgabagare, ke ne ka simolola go bona dikarabo tsa dipotso tse di neng di ntshwenya ka dingwaga tse dintsi. Ka sekai, ke ne ka ithuta gore baswi “ga ba itse sepe gotlhelele” ba jaaka e kete ba mo borokong jo bogolo—papiso e Jesu a neng a e dirisa. (Moreri 9:5; Johane 11:11-14) Ka jalo, baswi ga ba itumele e bile ga ba boge mme ba “robetse” mo losong ba emetse tsogo.
Nna le Mary Lee re ne ra simolola go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete kwa Holong ya Bogosi ya mo lefelong la rona. Fa re le koo re ne ra bona Basupi—ba ba tswang mo ditsong tse di farologaneng, ba na le thutego e e farologaneng le ba merafe e e farologaneng—botlhe ba direla Modimo ka kagiso le kutlwano. Nna le mosadi wa me re ne ra dira tshwetso ya gore, “tota Baebele e ka tokafatsa matshelo a batho.”—Pesalema 19:7-10.
Nako ya go Dira Tshwetso
Fa ntwa magareng ga Baarabia le Baiseraele e ne e tlhagoga ka 1973, go ne ga romelwa Setlhopha sa Dikepe tsa kafa tlase ga metsi sa Atlantic sa kwa United States. Dilo di ka bo di ile tsa senyegela pele motlhofo fela mme ke ne ka simolola go lemoga gore ke Bogosi jwa Modimo fela jo bo tla tlisang kagiso ya boammaaruri le e e nnelang ruri, e seng dipuso tsa batho. Tota e bile, gantsi ke ne ke rapela gore “Bogosi jwa gago a bo tle. Go rata ga gago go dirwe mo lefatsheng,” mme ke ne ke sa itse gore seo se kaya eng. (Mathaio 6:9, 10 Baebele e e Boitshepo) Le fa go ntse jalo, gone jaanong ke ne ke tlhaloganya gore Bogosi jwa Modimo ke puso e e kwa legodimong mme gautshwane e tla busa lefatshe lotlhe, e tlosa bosula jotlhe le badirabosula.—Daniele 2:44; 7:13, 14.
Temana nngwe mo Dikwalong e e neng e ntshwenya thata e ne e le 2 Bakorintha 10:3, 4. E bolela gore Bakeresete ba boammaaruri, ga ba “tlhabane ntwa go ya ka se re leng sone mo nameng. Gonne dibetsa tsa ntwa ya rona ga se tsa senama, mme di maatla ka Modimo.” Ke ne ka ithuta gore “dibetsa” tseo ke tsa semoya mme di akaretsa “tshaka ya moya” e leng Baebele e e Boitshepo.—Baefeso 6:17.
Jaanong ke ne ke tshwanetse go dira tlhopho. A ke tla tswelela mo tirong ya me ya gone jaanong e ke neng ke e fitlhela e gwetlha mme gone e le monate kgotsa ke tla dira gore botshelo jwa me bo tsamaisane le boammaaruri jwa Baebele? Morago ga go akanyetsa kgang eno ka thapelo ke ne ka swetsa ka gore fa e le gore tota ke ne ke rata go nna modirakagiso ke tshwanetse go e dira ka tsela ya Modimo.
“Molaodimogolo” Wa me Yo Mosha
Nna le Mary Lee re ne ra bua ka isagwe ya rona ra ba ra rapela ka yone mme re ne ra ikaelela gore re tla direla “Molaodimogolo” a le mongwe fela—Jehofa Modimo. Mongwe le mongwe wa rona o ne a swetsa go ineela mo go Jehofa mme ke ne ka tsenya lekwalo la go tlogela tiro ya sesole sa lewatle. Morago ga foo ke ne ka romelwa kwa Norfolk, kwa Virginia go fitlha ke gololwa mo tirong. Bontsi jwa masole mmogo le nna ba ne ba gakgamaletse tshwetso ya me mme ba bangwe ba ne ba le kgatlhanong le yone. Ba bangwe bone ba ne ba kgatlhegela tshwetso ya me e e theilweng mo Baebeleng e bile ba e tlotla.
Ke ne ka letlelelwa go tlogela tiro ka 1974. Ka one ngwaga oo, nna le mosadi wa me re ne ra bontsha boineelo jwa rona mo Modimong ka go kolobediwa mo metsing kwa Kopanong ya Kgaolo ya Basupi ba ga Jehofa ya “Maikaelelo a Modimo” ya kwa Hampton, kwa Virginia. (Mathaio 28:19, 20) Botshelo jwa rona jo bosha bo ne bo simologile.
Go Lebana le Dikgwetlho Tse Disha
Nna le Mary Lee re ne re na le bana ba bannye ba babedi, re se na lotseno mme re ne re na le madi a a tla lekanang dikgwedi di le mmalwa fela. Ke ne ka romela makwalo a go batla tiro kwa bathaping ba le mmalwa ke bo ke tlogela dilo mo matsogong a Modimo. Go ise go ye kae, ke ne ka thapiwa ke khampani nngwe e e tlamelang ka ditirelo. Madi a ke neng ke a amogela a ne a ka nna halofo ya a ke neng ke a amogela kwa bosoleng mme le fa go ntse jalo tiro eo e ne ya thusa lelapa la rona gore le nne mo lefelong le ke berekelang mo go lone.
Fa nna le mosadi wa me re ntse re gatela pele semoyeng, re ne re batla go dira mo go oketsegileng mo tirelong ya ga Jehofa. Lelapa lengwe la Basupi le re neng re le itse le ne le fudugetse kwa bogareng jwa Virginia go ya go direla kwa go nang le tlhokego e kgolwane ya barutisi ba Baebele gone mme ba ne ba re laletsa gore re ba etele. Fa re sena go ba etela gangwe fela, re ne ra simolola go dira dithulaganyo tsa go fuduga. Ke ne ka kopa tetla ya go fudugela kwa lefelong le lengwe mme ka boitumelo kopo eo e ne ya amogelwa. Mo godimo ga moo, ke ne ka ba ka tlhatlosiwa le maemo mo tirong! Mme khampani e ke e berekelang e ne ya dumela go duelela madi a go fuduga. Re ne ra akanya gore ‘Ee ruri, Modimo o tlhokomela ba ba kgaratlhelang go dira thato ya gagwe.’—Mathaio 6:33.
E re ka lelapa la rona le ne la nna le tshela botshelo jo bo motlhofo, nna le Mary Lee re ne ra kgona go tswelela re le mo bodireding jwa ka metlha. Ka ntlha ya seo, re ne ra kgona go dirisa nako e ntsi le bana ba rona ba babedi fa ba ntse ba gola. Eleruri matswela a seo a dirile gore re nne le boitumelo jo bogolo ka gonne Allison le Drew ka bobedi ba tswelela ba “tsamaya mo boammaaruring.”—3 Johane 4; Diane 23:24.
Ee, go ile ga nna le dinako tse ka tsone re neng ra tlhobaediwa ke madi, lefelo la bonno, botsogo le go gola. Mme gone, Jehofa o ne a nna a ntse a re eme nokeng ka dinako tsotlhe. A ke ikwatlhaela go bo ke ile ka tlogela “tirelo ya sephiri”? Le e seng! Fa nna le Mary Lee re leba kwa morago mo botshelong jwa rona, re ka bua re sa belaele sepe gore kwantle ga pelaelo go direla Jehofa ke sengwe se se tlotlegang thata le se se duelang se motho a ka se dirang.—Moreri 12:13.
[Mafoko a a mo go tsebe 14]
Re ne ra swetsa go direla “Molaodimogolo” yo o ba gaisang botlhe
[Setshwantsho mo go tsebe 12, 13]
USS “Los Angeles”
[Motswedi wa Setshwantsho]
U.S. Navy photo
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Ke na le Mary Lee gompieno