Pina 116
Lesedi le Phatsimela Pele
1. Baprofeti ba ne ba bolelelwa,
Gore Jesu Mesia wa tla.
Mme ba ne ba senolelwa ka moya,
Gore o tla tlisa kgololo.
Jaanong ke nako ya gore Jesu a,
Buse ruri e le Kgosi.
Re anaanela bolaodi jwa ’gwe;
Ka metlha a re bo’ikobeleng!
(KHORASE)
’Sedi le ntse le a phatsima;
Mme re tsamaya go lone.
Jah o senotse dilo tsotlhe;
Wa re kaela mo botshelong.
2. Morena o re tlhometse motlhanka,
Yo o re fang dijo ka nako.
’Sedi la boammaaruri le’a phatsima,
Le re naya le tsholofelo.
A re tsweleleng re le mo go lone,
Re leboge Jah Modimo.
Ka tshono e ntle e’a re fileng yone,
Ya go ithuta boammaaruri.
(KHORASE)
’Sedi le ntse le a phatsima;
Mme re tsamaya go lone.
Jah o senotse dilo tsotlhe;
Wa re kaela mo botshelong.
(Bona le Bar. 8:22; 1 Bakor. 2:10; 1 Pet. 1:12.)