Pina 43
Nnang lo Tsogile, Emang lo Nitame, Nnang Thata
1. Tsogang, nitamang, nnang thata,
lo nne lo itshokile.
Lo lweng ka bopelokgale,
Mme ruri lo tla fenya.
Re utlwa taelo ya ga Jesu,
Mme re nna re mo eme nokeng.
(KHORASE)
Tsogang, nitamang, lo nne thata!
Go fitlha kwa bokhutlong!
2. Tsogang mme lo nne lo thantse,
Ka metlha lo ikobe.
Reetsang kaelo ya ga K’reste
E e tlang ka motlhanka.
Mme loutlwe kaelo ya banna,
Ba ba disitseng letsomane.
(KHORASE)
Tsogang, nitamang, lo nne thata!
Go fitlha kwa bokhutlong!
3. Tsogang lo nne seoposengwe,
Fa lo rera ka Puso.
Le fa baba ba re lwantsha,
Re tla nna re bolela.
A rotlhe re bakeng Jehofa.
Bonang! ’Tsatsi la ’gwe le gaufi!
(KHORASE)
Tsogang, nitamang, lo nne thata!
Go fitlha kwa bokhutlong!
(Bona le Math. 24:13; Baheb. 13:7, 17; 1 Pet. 5:8.)