Pina 56
Ka Kopo Utlwa Thapelo ya Me
E e Gatisitsweng
1. Jah Modimo, A ko’o nkutlwe tlhe.
Ke wa gago; Modimo wa me.
Leina la ’go ke le legolo.
(KHORASE)
Utlwa thapelo, ya me tlhe Jah.
2. Ke leboga letsatsi leno;
Botshelo bo tswa kwa go wena.
Ruri o a re tlhokomela.
(KHORASE)
Utlwa thapelo, ya me tlhe Jah.
3. Ke batla go dira molemo!
A ko’o nthuse, go dira tshiamo.
Mphe nonofo ya go itshoka.
(KHORASE)
Utlwa thapelo, ya me tlhe Jah.
(Bona le Ekes. 22:27; Pes. 106:4; Jak. 5:11.)