Pina 60
O Tla go Nonotsha
1. Go na le lebaka la go bo Jah a ile,
A go gogela mo ’seding la ’gwe.
O bone pelo e e mo ratang thata,
E e batlang go mo’itumedisa.
O’ikanne go dira thato’a gagwe;
O tla nna a go thusa ka metlha.
(KHORASE)
Jah o ne a go reka ka madi a Kwana.
O tla nna’a go thusa, le go go fa maatla.
O tla go sireletsa le go go kaela.
Ee, o tla go thusa, le go go fa maatla.
2. Jah o ntshitse Jesu go go rekolola;
A go bontsha gore wa go rata.
Fa a kgonne go ntsha morwa wa botlhokwa,
Ruri o tla go naya nonofo.
Ga a lebale ’tiro tsa gago;
O tla go tlhokomela ka metlha.
(KHORASE)
Jah o ne a go reka ka madi a Kwana.
O tla nna’a go thusa, le go go fa maatla.
O tla go sireletsa le go go kaela.
Ee, o tla go thusa, le go go fa maatla.
(Bona le Bar. 8:32; 14:8, 9; Baheb. 6:10; 1 Pet. 2:9.)